Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang Gompieno
“O tla mmaea molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.”—LUKE 12:44.
1.Keresete o ne a simolola go busa mo bogosing bofe ka 33 C.E., mme jang?
KA PENTEKOSETE 33 C.E., Tlhogo ya phuthego, Jesu Keresete, o ne a simolola go busa ka tlhagafalo mo bogosing jwa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya. Jang? Ka moya o o boitshepo, baengele, le ka setlhopha se se bonalang se se laolang. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a supile, Modimo ‘o ne o golotse batlodiwa mo taolong ya lefifi mme o ba isitse mo bogosing jwa Morwa wa gagwe yo a mo ratang.’—Bakolosa 1:13-18; Ditihō 2:33, 42; 15:2; Bagalatia 2:1, 2; Tshenolō 22:16.
2. Keresete o ne a simolola go busa mo Bogosing bofe jo bogolwane ka 1914?
2 Kwa bokhutlong jwa “metlha ea Badichaba,” Jehofa o ne a oketsa taolo ya ga Keresete ya segosi a e atolosetsa ka kwa ga phuthego ya Bokeresete. (Luke 21:24) Ee, Modimo o ne wa naya Morwa taolo ya segosi mo godimo ga “merahe,” “bogosi yoa lehatshe,” le batho botlhe ka 1914.—Pesalema 2:6-8; Tshenolō 11:15.
Go Tlhomiwa mo Godimo ga “Dilō Cotlhe”
3, 4. (a) Mo setshwantshong sa ga Jesu sa diponto, ke mang yo a neng a emelwa ke monna wa segosi? (b) Go ne ga diragala eng mabapi le Bogosi ka 1918 le 1919?
3 Se re se tlhokomelang fano ke setshwantsho sa ga Jesu sa monna wa segosi. (Luke 19:11-27) Pele a ya kwa lefatsheng le le kgakala go ya go amogela maatla a segosi, monna yono o ne a neela batlhanka ba gagwe madi (diponto) ao ba neng ba tla bapala ka one. Fa a boa, monna yono yo o emelang Keresete, o ne a biletsa kwa go ene ‘batlhanka ba a neng a ba file madi a selefera, go bona kafa ba bapetseng ka gone.’ (Luke 19:15) Seno se ne sa diragala jang morago ga gore Jesu a amogele maatla a segosi?
4 Ka 1918, Kgosi e e tlhomilweng Jesu Keresete e ne ya fitlhela setlhopha se sennye sa Bakeresete bao ba neng ba setse ba tlogetse dikereke tsa La-Bodumedi mme jaanong ba tshwaregile mo go tlhokomeleng dikgatlhego tsa selefatshe tsa Mong wa bone. Morago ga go ba phepafatsa jaaka ekete ke ka molelo, Jesu o ne a naya batlhanka bano taolo e e oketsegileng ka 1919. (Malaki 3:1-4; Luke 19:16-19) O ne a ba tlhoma mo godimo ga “dilō cotlhe tse o nañ nacō.”—Luke 12:42-44.
‘Dijo ka Nako e e Tshwanetseng’
5, 6. (a) Ke tiro efe e e atolositsweng eo molebalebi wa ga Keresete a neng a e amogela? (b) Ke boperofeti bofe jo bo neng bo setse bo tla diragadiwa morago ga 1914, mme setlhopha sa molebalebi se ne sa tsaya karolo efe ka botlhaga mo go diragadiweng ga jone?
5 Kgosi e e busang Jesu Keresete e ne ya naya molebalebi wa gagwe, kana molaodi wa ntlo ya gagwe yo o mo lefatsheng tiro e kgolwane. Bakeresete ba ba tloditsweng e ne e tla nna ‘baemedi’ ba Modimo bao ba neng ba emetse kgosi e e tlhomilweng le e e neetsweng thata ya go busa batho botlhe ba lefatshe. (2 Bakorintha 5:20; Daniele 7:14) Boikarabelo jwa bone jaaka setlhopha e ne e sa tlhole e tla nna fela go naya ba ntlo ya ga Keresete “diyō mo lobakeñ lo e leñ lōna.” (Luke 12:42) Ba ne ba tshwanetse go nna le seabe se segolo mo go diragatseng boperofeti jo bo neng bo setse bo tla diragadiwa morago ga go tlhomiwa ga Bogosi ka 1914.
6 Seno tota se ne se tla kaya go dira eng? Se ne se kaya go atolosetsa go rerwa ga ‘mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe.’ (Mathaio 24:14) Mo godimo ga moo, go ne ga raya go rera melaetsa e e nonofileng ya katlholo kgatlhanong le tsamaiso ya ga Satane e e boikepo le batshegetsi ba yone. Seno se ne sa nna le seabe mo go ‘reketliseng merafe.’ Ka gone, “dilō tse di elètsègañ,” “dinku di sele” tsa ga Keresete, di ne tsa simolola go tla. (Hagai 2:7; Yohane 10:16) Go tloga ka 1935 go ya pele, “boidiidi yo bogolo” bo ne jwa simolola go thologela mo phuthegong ya lefatshe lotlhe ya ga Jehofa. (Tshenolō 7:9, 10) Seno se ne sa dira gore thulaganyo e nne e tokafadiwe kgato ka kgato. Fa re bua ka tshwantshetso, maje a ne a emisediwa ka tshipi, logong ka kgotlho, tshipi ka selefera, le kgotlho ka gouta. (Isaia 60:17) Sotlhe seno se ne sa diragala fa esale ka 1919 kafa tlase ga kaelo e e tlhaga le e e tlhoafetseng ya ga Jesu Keresete, yo a neng a beile dikgatlhego tsotlhe tsa Bogosi tse di mo lefatsheng, kana dilo tsa gagwe, kafa tlase ga setlhopha sa motlhanka wa gagwe yo o boikanngo le Setlhopha sa gagwe se se Laolang.
7. Boikarabelo jo bo okeditsweng jwa molebalebi bo ne bo kopanyeletsa eng?
7 Re kgona go tlhaloganya motlhofo gore mokgweleo ono o o okeditsweng wa boikarabelo o o neetsweng motlhanka wa Mong, molebalebi, kana molaodi wa ntlo o ne o kopanyeletsa go kwala go gogolo le ditiro tse dintsi tsa go gatisa. Dijo tsa semoya di ne tsa tshwanela go phasaladiwa ka metlha ka nako e e tshwanetseng go Tora ya Tebelo. Ka 1919, The Golden Age (makasine o o tsamayang le ono oo moragonyana o neng wa bidiwa Consolation, mme morago wa bidiwa Tsogang!) o ne wa simolola go gatisiwa go dira gore batho ba ba kwantle ba kgatlhege, fa o ntse o agelela “bantlo ya gagwe.” (Mathaio 24:45) Go ne ga gatisiwa dibuka, dibukana, le dipampitshana di le dintsi thata go ralala dingwaga.
Go Phepafadiwa go go Tswelelang
8. Maloko a Setlhopha se se Laolang a ne a tlhaolwa le eng pele, mme The Watchtower e ne ya bolela eng ka 1944?
8 Fa re lebelela kwa morago jaanong mo “motlheñ wa bokhutlō,” ga re gakgamadiwe ke go bo maloko a Setlhopha sa pele se se Laolang a ne a tlhaolwa le bakwadi ba Mokgatlho wa Watch Tower. (Daniele 12:4) Setlhogo “The Theocratic Alignment Today,” se se gatisitsweng mo go The Watchtower ya November 1, 1944, se ne sa re: “Ka mo go utlwalang, bao ba neng ba neilwe boikarabelo jwa go phasalatsa boammaaruri jo bo senotsweng jwa Bibela ba ne ba lejwa jaaka setlhopha se se laolang se se tlhophilweng ke Morena go kaela botlhe ba ba neng ba batla go obamela Modimo ka moya le ka boammaaruri le go mo direla ka kutlwano mo go anamiseng boammaaruri jono jo bo senotsweng mo bathong ba bangwe ba ba bolailweng ke tlala le lenyora.”
9. Moragonyana Setlhopha se se Laolang se ne sa tlhaolwa le eng, mme ka ntlhayang?
9 Go ne go na le ditlhokafalo dingwe tsa semolao tseo di kopanyelediwang mo go phasalatseng dimakasine le dithuso tse dingwe tsa go ithuta Bibela. Ka gone, Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya tlhomiwa mme ya kwadisiwa kwa nageng ya Pennsylvania, kwa U.S.A. Ka dingwaga di le dintsi Setlhopha se se Laolang se se bonalang se ne sa lejwa jaaka maloko a le supa a boto ya bakaedi ba Mokgatlho ono oo o neng o tlhometswe go phasalatsa dikgatiso tse di thusang go ithuta Bibela tse di neng di tlhokiwa le go dirisiwa ke batho ba Morena mo lefatsheng lotlhe.
10, 11. Ke eng se se neng sa tokafadiwa ka 1944, mme The Watchtower e ne ya akgela jang ka seno?
10 Bakaedi ba ba supa ba Mokgatlho e ne e le Bakeresete ba ba ikanyegang. Mme tiro ya bone mo lekgotleng leno la semolao e ka nna ya bo e ne e akantsha gore ba ne ba tshwanetse go nna ba Setlhopha se se Laolang ka go bo ba ne ba tlhophiwa ke maloko a semolao a Mokgatlho wa Watch Tower. Mo godimo ga moo, go ya ka molao go nna leloko le go nna le tshiamelo ya go bouta kwa tshimologong go ne go newa fela batho ba ba rileng ba ba neng ba ntshetsa Mokgatlho meneelo. Thulaganyo eno e ne ya tlhoka go fetolwa. Seno se ne sa dirwa kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla la Pennsylvania la Mokgatlho wa Watch Tower e e neng e tshwerwe ka October 2, 1944. Melawana ya Mokgatlho e ne ya fetolwa gore go nna leloko go seka ga tlhola go ikaega ka madi. Maloko a ne a tla tlhophiwa gareng ga batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, mme bano ba ne ba akareletsa bontsi jwa bao ba neng ba direla ka nako e e tletseng kwa ntlokgolong ya Mokgatlho kwa Brooklyn, kwa New York le kwa makaleng a yone go ralala lefatshe lotlhe.
11 Fa e bega ka go tokafatsa gono, The Watchtower ya November 1, 1944, e ne ya bua jaana: “Madi, jaaka a emelwa ke meneelo ya madi, ga a a tshwanela go laola dilo, ebile tota ga a a tshwanela go ama go tladiwa ga setlhopha se se laolang sa basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng. . . . Moya o o boitshepo, maatla a a dirang a a tswang kwa go Jehofa Modimo ka Keresete Jesu, ke one o o tshwanetseng go laola le go kaela mo kgannyeng eno.”
Se Farologana le Boto ya Bakaedi
12. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a segofatsa go tokafadiwa gono goo go neng go kaelwa ke Setlhopha se se Laolang?
12 Tsela eo tiro e neng ya tswelela ka yone mo masomeng a dingwaga a a neng a latela e ne ya supa gore Jehofa o ne a segofatsa go tokafadiwa go go tswelelang mo go tlhaloganyeng Setlhopha se se Laolang. (Diane 10:22) Ebu, palo ya baboledi ba Bogosi go ralala lefatshe e ne ya tlhatloga go tswa go ba ba kafa tlase ga 130 000 ka 1944 go ya go 1 483-430 ka 1970! Mme go ne go santse go na le ditokafatso tse dingwe tseo di neng di santse di tla dirwa.
13. (a) Go fitlha ka 1971, boemo e ne e le bofe malebana le Setlhopha se se Laolang? (b) Go ne ga diragala eng kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho ka 1971?
13 Go fitlha ka 1971, ba Setlhopha se se Laolang ba ne ba santse ba tlhaolwa le maloko a le supa a boto ya bakaedi ba Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania. Mookamedi wa Mokgatlho o ne a rwele maikarabelo a mantsi a magolo a go dira ditshwetso tseo di neng di ama go dira ga makala a Mokgatlho go ralala lefatshe. Mme go ne ga newa dipuo tseo di ka sekang tsa lebalwa kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga eo e neng ya tshwarwa ka October 1, 1971. Mookamedi wa Mokgatlho o ne a bua mo setlhogong se se reng “Go Tlisa Lefelo le le Boitshepo mo Boemong jo bo Tshwanetseng,” mme motlatsamookamedi o ne a bua ka setlhogo se se reng “Setlhopha se se Laolang se Farologane le Lekgotla la Semolao.” Setlhopha se se Laolang se farologana jang le lekgotla la semolao?
14. Lekgotla la semolao le farologana jang le Setlhopha se se Laolang?
14 Jaaka go setse go boletswe, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e na le boto ya bakaedi eo maloko a yone a leng supa fela. Banna bano ba ba ineetseng ba Bakeresete ba tlhophiwa go direla ka dingwaga di le tharo ke maloko a lekgotla leno a a sa feteng 500, ao bontsi jwa one e seng Bakeresete ba ba tloditsweng. Mo godimo ga moo, ereka go nna gone ga lekgotla leno e le ga semolao, le bile le na le ntlokgolo e e tlhomilweng felo gongwe, le ka nna la senngwa ke Kaesare, ke gore, Naga. (Mareko 12:17) Lefa go ntse jalo, Setlhopha se se Laolang ga se sedirisiwa sa semolao. Maloko a sone ga a tlhophiwe ka bouto. Mme a tlhophiwa ka moya o o boitshepo kafa tlase ga kaelo ya ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Bapisa Ditihō 20:28.) Mo godimo ga moo, bao ba dirang Setlhopha se se Laolang ke banna ba ba tlhophilweng ka moya bao ba sa patelesegeng go bo ba le mo lefelong lengwe kana kwa ntlokgolo.
15. Go ne ga buiwa eng ka phuthego mo go Tora ya Tebelo ya June 1, 1972, mme go ka tweng ka Setlhopha sa motlha wa segompieno se se Laolang?
15 Malebana le kutlwisiso e e ntseng jalo e e tokafaditsweng, Tora ya Tebelo, ya June 1, 1972, e ne ya re: “Re a leboga go bo basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba itse ebile ba dumela gore phuthego eno ga se bodumedi jwa motho a le mongwe, mme gore e na le setlhopha se se laolang sa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya.” Setlhopha se se Laolang sa setlhopha se se tloditsweng sa motlhanka le ditsala tsa bone tse di dimilione tse di leng gareng ga dinku di sele se ile sa nna sa itlhomelela kgato ka kgato go tlhokomela tiro ya sone ya bolebedi.
16. Dilo tse di mo lefatsheng tsa ga Keresete di ne tsa oketsega jang fa esale ka 1971, mme dingwe tsa tseo di tsentsweng kafa tlase ga tlhokomelo ya motlhanka yo o botlhale le yo o boikanngo, a emetswe ke Setlhopha sa gagwe se se Laolang ke dife?
16 Dilo tse di mo lefatsheng tsa ga Kgosi Jesu Keresete di ile tsa tswelela pele go gola. Palo ya Basupi e ne ya gola go tloga go ba ba kafa tlase ga 1 600 000 fa esale ka 1971, go ya tlhoreng ya ba ba fetang 3 700 000 ka 1989. A sesupo sa tshegofatso ya Modimo ruri! (Isaia 60:22) Kgolo eno e ne ya dira gore didirisiwa tsa kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho le kwa makaleng a yone di godisiwe, le eleng go dirisa mekgwa ya segompieno ya go gatisa le go anamisa. E ne ya dira gore go agiwe Diholo tse dintsi tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano go ralala lefatshe. Ka nako eno yotlhe, Setlhopha se se Laolang se ne se ntse se tswelela go diragatsa boikarabelo jwa sone jwa go okamela tiro ya go rera, go gatisa dibuka tsa go ithuta Bibela, le go tlhoma balebedi ba makala, ba dikgaolo, ba dipotologo, le ba diphuthego. Tseno ke dikgatlhego tsa Bogosi tseo Keresete a di beileng kafa tlase ga tlhokomelo ya motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale jaaka a emelwa ke Setlhopha sa gagwe se se Laolang.
17. Go ne ga dirwa ditokafatso dife tse di oketsegileng mo bolebeding ka 1971, 1974, le 1976?
17 Setlhopha sa lekgolo la ntlha la dingwaga se se laolang se ne sa atolosiwa go akareletsa ba ba fetang baaposetoloi ba ga Jesu. Fa go ne go dirwa tshwetso ka kgang ya go rupisiwa, setlhopha seo go lebega se ne se akareletsa ‘baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema.’ (Ditihō 15:1, 2) Fa re tshwantsha, Setlhopha se se Laolang se ne sa atolosiwa ka 1971 gape le ka 1974. Go re tiro ya bone ya bolebedi e tsamaye sentle, Setlhopha se se Laolang se ne sa rulaganya gore go nne le dikomiti tse tlhano tse di neng tsa simolola go dira ka January 1, 1976. Komiti nngwe le nngwe e na le maloko a a tlogang go a le mararo go ya go a le marataro, ao a nang le maatla a a lekanang mo dikgannyeng dipe fela tse ba di sekasekang. Modulasetilo wa komiti nngwe le nngwe o direla ka ngwaga o le mongwe, mme leloko lengwe le lengwe la Setlhopha se se Laolang le direla mo go nngwe ya dikomiti tseno kana tse di fetang e le nngwe. Nngwe le nngwe ya dikomiti tse tlhano tseno e tlhokomela karolo nngwe e e kgethegileng ya dilo tsa ga Keresete tse di mo lefatsheng. Komiti ya borataro—Komiti ya Modulasetulo, eo maloko a yone a fetolwang ngwaga le ngwaga e dirisana le mathata a tshoganyetso.
Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang ka Tlhagafalo
18. Setlhopha se se Laolang se dira jang, mme tsela e nngwe eo re ka bontshang tirisanommogo ya rona le sone ka yone ke efe?
18 Dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang di tshwara dipokano beke le beke go tlhatlhoba dikgang tsa botlhokwa, go dira ditshwetso morago ga go sekaseka ka thapelo, le go rulaganyetsa ditiro tsa mo isagweng tsa bolegodimo. Jaaka go bonwe pele, Ditihō kgaolo 15, e supa gore dipotso tse di masisi tse di neng di batla go rarabololwa di ne di isiwa kwa Setlhopheng se se Laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga go di sekaseka. Fela jalo le gompieno, dipotso tse di botlhokwa di lebisiwa kwa Setlhopheng se se Laolang seo se kopanang beke le beke kana go feta foo fa go tlhokega. Maloko a Setlhopha se se Laolang, a jaanong a leng 12 ka palo a kopa kaelo ya ga Jehofa Modimo ka Dikwalo le ka thapelo. Tsela nngwe ya go supa go dirisana mmogo ga rona le Setlhopha se se Laolang ke ka go gakologelwa bao ba tlhophilweng ka mo go kgethegileng bano mo dithapelong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi.—Baroma 12:12.
19. Dikaelo tse di tswang kwa Setlhopheng se se Laolang di fitlha jang kwa diphuthegong?
19 Dikaelo le ditshwetso tsa Setlhopha se se Laolang di fitlha jang kwa diphuthegong? Morago ga gore maloko a setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga a dire tshwetso ka thuso ya moya wa Modimo, se ne sa romelela diphuthego lokwalo. (Ditihō 15:22-29) Lefa go ntse jalo, tsela e kgolo e e dirisiwang gompieno ke ka dikgatiso tsa Bokeresete.
20. (a) Ke go tokafadiwa gofe mo phuthegong go gongwe goo go neng ga dirwa ka 1976? (b) Dikomiti tsa Makala di dirisana jang le Setlhopha se se Laolang?
20 Fa esale ka February 1, 1976, lekala lengwe le lengwe la Mokgatlho wa Watch Tower le ile la nna le Komiti ya Lekala e e dirilweng ke banna ba ba tshwanelegang ba ba tlhophilweng ke Setlhopha se se Laolang. Jaaka baemedi ba Setlhopha se se Laolang sa naga eo kana dinaga tse di tlhokometsweng ke lekala la bone, bakaulengwe bano e tshwanetse go nna banna ba ba ikanyegang, ba ba ikanngwang. Seno se re gakolola banna ba ba nonofileng, ba ba boifang Modimo, le ba ba neng ba ikanngwa ba ba neng ba thusa Moshe go atlhola batho kwa Iseraeleng wa bogologolo. (Ekesodo 18:17-26) Maloko a Komiti ya Lekala a dirisa dikaelo tse ba di amogelang ka dibuka tsa Mokgatlho le dimakasine le Tirelo ya Rona ya Bogosi, le eleng ka makwalo a kakaretso fela le a a kgethegileng ao a dirisanang le mathata a mo lefelong la bone. Dikomiti tsa lekala di itsise Setlhopha se se Laolang kafa tiro e tswelelang ka gone mo nageng nngwe le nngwe le ka mathata a a ka nnang a tsoga. Dipego tse di ntseng jalo tse di tswang mo lefatsheng lotlhe di thusa Setlhopha se se Laolang go swetsa gore ke ditlhogo dife tse di tshwanetseng go kwalwa mo dikgatisong tsa Mokgatlho.
21. Balebedi ba ba etang ba tlhophiwa jang, mme ditiro tsa bone di akareletsa eng?
21 Di kaelwa ke moya o o boitshepo, Dikomiti tsa Makala di buelela banna ba ba godileng, ba semoya, go direla jaaka balebedi ba potologo le ba kgaolo. Morago ga go tlhophiwa ka tlhamalalo ke Setlhopha se se Laolang ba direla jaaka balebedi ba ba etang. Bakaulengwe bano ba etela dipotologo le diphuthego gore ba di age mo semoyeng le go di thusa go dirisa dikaelo tse di tswang kwa Setlhopheng se se Laolang. (Bapisa Ditihō 16:4; Baroma 1:11, 12.) Balebedi ba ba etang ba isa dipego kwa Ofising ya lekala. Ba thusiwa ke moya o o boitshepo le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ba thusana le bagolwane ba mo lefelong leo mo go akantsheng Setlhopha se se Laolang kana baemedi ba sone go tlhopha bakaulengwe ba ba nonofileng jaaka batlhanka ba bodihedi le bagolwane.—Bafilipi 1:1; Tito 1:5; bapisa 1 Timotheo 3:1-13; 4:14.
22. (a) Bagolwane ba phuthego ba dirisana mmogo jang le Setlhopha se se Laolang? (b) Ke eng se se supang gore Jehofa o segofatsa thulaganyo eno ya bolegodimo?
22 Mo godimo ga moo, bao ba dirang setlhopha sa bagolwane ba ‘a itisa le go disa letsomane lotlhe leo moya o o boitshepo o ba tlhophileng go nna balebedi ba lone.’ (Ditihō 20:28) Balebedi bano ba iketleeleditse ka boikanyegi go dirisa dikaelo tse di tswang kwa go Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale le Setlhopha sa gagwe se se Laolang. Jehofa o segofatsa thulaganyo eno ya bolegodimo, gore ‘diphuthego di nonotshiwe mo tumelong le gore di gole letsatsi le letsatsi.’—Ditihō 16:5.
23. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng malebana le Setlhopha se se Laolang?
23 Abo go le molemo jang ne go bo Jehofa Modimo, le Mong, Jesu Keresete, ba itshupa ba tshegetsa batho ba Modimo ka Setlhopha se se Laolang! (Pesalema 94:14) Rona ka bongwe re solegelwa molemo ke tshegetso eo jaaka karolo ya phuthego ya ga Jehofa. (Pesalema 145:14) Seno se tshwanetse go nonotsha maikaelelo a rona a go dirisana mmogo le dithulaganyo tsa Modimo. Eleruri, a ka metlha re fitlhelwe re dirisana mmogo le Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa jaaka re tswelela pele go ya kwa nakong ya fa “lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:9.
Dintlha tse Dikgolo tse di Tshwanetseng go Gakologelwa
◻ Ke boikarabelo bofe jo bo oketse-gileng joo setlhopha sa molebalebi se ileng sa bo amogela ka 1919?
◻ Setlhopha se se Laolang se ile sa tlhaolwa le eng ka dingwaga tse dintsi?
◻ Ke ditokafatso dife tse di neng tsa dirwa kgato ka kgato mo go tlhophiweng ga maloko a Setlhopha se se Laolang?
◻ Ke dilo dife tse dingwe tsa ga Keresete tse di mo lefatsheng tseo a di neetseng setlhopha sa motlhanka le Setlhopha se se Laolang?
◻ Re ka dirisana mmogo jang le Setlhopha se se Laolang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Go tswa ntlokgolong ya yone ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, Setlhopha Se Se Laolang se etelela pele mo tirong ya go gatisa le ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa mo makaleng a le 93 a Mokgatlho wa Watch Tower
Jeremane
Japane
Afrika Borwa
Brazil