LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 February ts. 23-28
  • Ke Mang yo o Kaelang Batho ba Modimo Gompieno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Kaelang Batho ba Modimo Gompieno?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JESU O KAELA SETLHOPHA SE SE LAOLANG
  • “ENO GA SE TIRO YA MOTHO”
  • “TOTA MOTLHANKA YO O BOIKANYEGO LE YO O BOTLHALE KE MANG?”
  • “GAKOLOGELWANG BA BA ETELELANG PELE”
  • Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale” ke Mang Mme o Dira Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • “Motlhanka Eo O Boikañō” le Setlhopha sa Gagwe Se Se Laolang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 February ts. 23-28

Ke Mang yo o Kaelang Batho ba Modimo Gompieno?

“Gakologelwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona.”—BAHEB. 13:7.

PINA: 125, 43

A O KA TLHALOSA?

Go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga go fitlha jaanong, ke ka tsela efe ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya Modimo ba ntseng ba . . .

  • thusiwa ke moya o o boitshepo?

  • thusiwa ke baengele?

  • kaelwa ke Lefoko la Modimo?

1, 2. Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, baaposetoloi ba gagwe ba ka tswa ba ile ba ipotsa eng?

BAAPOSETOLOI ba ga Jesu ba ne ba eme mo Thabeng ya Motlhware ba lebile kwa godimo. Ba ne ba sa tswa go bona Jesu yo e neng e le mong wa bone le tsala ya bone, a tlhatlogela kwa legodimong a serilwe ke leru. (Dit. 1:9, 10) Go ne go fetile dingwaga di le pedi Jesu a ba ruta, a ba kgothatsa e bile a ba kaela. E re ka jaanong Jesu a ne a sa tlhole a na le bone, ba ne ba tlile go dira eng?

2 Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Ba ne ba tla dira seo jang? Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a ba solofeditse gore moya o o boitshepo o ne o tla ba thusa. (Dit. 1:5) Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba tshwanetse go rera mo lefatsheng lotlhe, ba ne ba tlhoka go kaelwa le go rulaganngwa sentle. Mo metlheng ya bogologolo, Jehofa o ne a dirisa batho gore ba kaele le go rulaganya batho ba gagwe. Mme gone, baaposetoloi ba ka tswa ba ile ba ipotsa go re, ‘A jaanong Jehofa o tlile go tlhoma moeteledipele yo mosha?’

3. (a) Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ne ba dira tshwetso efe ya botlhokwa? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Mo e ka nnang dibeke di le pedi moragonyana, barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhatlhoba Dikwalo, ba kopa kaelo ya Modimo ba bo ba tlhopha Mathiase gore a tsene mo boemong jwa ga Judase Isekariota e le moaposetoloi wa bo12. (Dit. 1:15-26) Ke eng fa tshwetso eno ya go tlhopha moaposetoloi e ne e le botlhokwa thata mo go bone le mo go Jehofa? Mathiase o ne a na le seabe sa botlhokwa mo phuthegong.a Jesu o ne a sa tlhopha baaposetoloi ba gagwe gore ba tsamaye fela le ene mo bodireding, go na le moo o ne a batla gore ba dire tiro nngwe ya botlhokwa mo bathong ba Modimo. Ke tiro efe eo, mme Jehofa o ne a dirisa Jesu jang go ba thusa go e dira? Ke thulaganyo efe e e tshwanang le eo e e leng gone gompieno mo bathong ba Modimo? Mme ke jang re ka “gakologelwang ba ba etelelang pele” mo gare ga rona, segolobogolo “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?—Baheb. 13:7; Math. 24:45.

JESU O KAELA SETLHOPHA SE SE LAOLANG

4. Baaposetoloi le bagolwane ba bangwe ba kwa Jerusalema ba ne ba dira tiro efe ka lekgolo la ntlha la dingwaga?

4 Ka Pentekosete ya 33 C.E., baaposetoloi ba ne ba simolola go etelela pele phuthego ya Bokeresete. Ka nako eo, “Petere [o ne a] ema ka dinao a na le ba ba lesome le bongwe” mme ba simolola go bolelela setlhopha se segolo sa Bajuda le basokologi boammaaruri. (Dit. 2:14, 15) Bontsi jwa bone e ne ya nna Bakeresete. Morago ga moo, Bakeresete bano ba basha “ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi.” (Dit. 2:42) Baaposetoloi ba ne ba rulaganya tsela e madi a dirisiwang ka yone. (Dit. 4:34, 35) Ba ne ba thusa Bakeresete ka dilo tse di neng di tla dira gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo, ba ne ba re: “Re tla ineela mo thapelong le mo bodireding jwa lefoko.” (Dit. 6:4) Mme ba ne ba tlhopha Bakeresete ba ba nang le maitemogelo gore ba anamise tiro eno ya go rera kwa mafelong a mangwe. (Dit. 8:14, 15) Fa nako e ntse e ya, bagolwane ba bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba thusa baaposetoloi mo go eteleleng pele phuthego. Bakaulengwe bano botlhe e ne e le setlhopha se se laolang se se kaelang diphuthego tsotlhe.—Dit. 15:2.

5, 6. (a) Moya o o boitshepo o ne wa thusa setlhopha se se laolang jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Baengele ba ile ba thusa setlhopha se se laolang jang? (c) Lefoko la Modimo le ile la kaela setlhopha se se laolang jang?

5 Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba ne ba itse gore setlhopha se se laolang se kaelwa ke Jehofa Modimo a dirisa Moeteledipele wa bone e bong Jesu. Ba ne ba tlhomamisegile jang ka seno? Sa ntlha, setlhopha se se laolang se ne se thusiwa ke moya o o boitshepo. (Joh. 16:13) Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ne ba na le moya o o boitshepo, mme o ne o thusa baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema gore ba dire maikarabelo a bone a go nna balebedi. Ka sekai, ka 49 C.E., moya o o boitshepo o ne wa thusa setlhopha se se laolang go dira tshwetso e e malebana le go rupa. Diphuthego di ne di latela kaelo ya bone mme “tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.” (Dit. 16:4, 5) Gape lekwalo le le tlhalosang tshwetso eo le bontsha gore setlhopha se se laolang se ne se bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang, tse di jaaka lorato le tumelo.—Dit. 15:11, 25-29; Bagal. 5:22, 23.

6 Sa bobedi, setlhopha se se laolang se ne se thusiwa ke baengele. Korenelio ke Moditšhaba wa ntlha go kolobediwa go nna Mokeresete mme pele ga seo se direga, moengele o ne a mo roma gore a ye go bitsa Petere. Fa Petere a sena go rerela Korenelio le ba lelapa la gagwe, ba ne ba newa moya o o boitshepo le fa gone banna ba mo lelapeng la gagwe ba ne ba ise ba rupisiwe. Seno se ile sa dira gore baaposetoloi le bakaulengwe ba bangwe ba ikobele molao wa Modimo le go amogela Baditšhaba ba ba sa rupang mo phuthegong ya Bokeresete. (Dit. 11:13-18) Mo godimo ga moo, baengele ba ne ba rotloetsa batho le go ba thusa go dira tiro ya go rera e e neng e okametswe ke setlhopha se se laolang. (Dit. 5:19, 20) Sa boraro, setlhopha se se laolang se ne se kaelwa ke Lefoko la Modimo. Bagolwane bano ba ba tloditsweng ba ne ba kaelwa ke Dikwalo fa ba rarabolola dikgang tse di amanang le bodumedi le fa ba ntsha kaelo.—Dit. 1:20-22; 15:15-20.

7. Ke eng fa re ka re Jesu o ne a eteletse pele Bakeresete ba bogologolo?

7 Le fa gone setlhopha se se laolang se ne se na le taolo mo phuthegong ya bogologolo, ba ne ba tsaya Jesu e le Moeteledipele wa bone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Keresete] o ne a aba bangwe go nna baaposetoloi.” O ne a oketsa jaana: “A ka lorato re goleng mo dilong tsotlhe mo go ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete.” (Baef. 4:11, 15) “Barutwa ba [ne] ba bidiwa Bakeresete . . . ka kaelo ya bomodimo,” go na le gore ba ipitse ka leina la moaposetoloi mongwe yo o tseelwang kwa godimo. (Dit. 11:26) Gone ke boammaaruri gore Paulo o ne a itse botlhokwa jwa go ‘ngangatlela dingwao’ kgotsa dithuto tse di theilweng mo Dikwalong tse di neng di rutiwa ke baaposetoloi le banna ba bangwe ba ba neng ba eteletse pele. Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Mme ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe [go akaretsa le maloko otlhe a setlhopha se se laolang] ke Keresete; . . . Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakor. 11:2, 3) Eleruri Jehofa Modimo o ne a dirisa Keresete Jesu go etelela pele phuthego.

“ENO GA SE TIRO YA MOTHO”

8, 9. Go simologa kwa bowelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, Mokaulengwe Russell o ne a na le tiro efe ya botlhokwa?

8 Kwa bowelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, Charles Taze Russell le ditsala tse di atamalaneng thata le ene ba ne ba leka ka natla go busetsa kobamelo ya boammaaruri ya Bokeresete. Go ne ga kwadisiwa semolao mokgatlho wa Zion’s Watch Tower Tract Society ka 1884, mme Mokaulengwe Russell e ne e le poresidente ya one, mokgatlho ono o ne wa ba thusa gore ba anamise dithuto tsa Baebele.b Mokaulengwe Russell e ne e le moithuti yo o tlhagafetseng wa Baebele e bile o ne a senola dithuto tsa maaka tse di jaaka Tharonngwe le gore moya ga o swe. O ne a ithuta gore Keresete o tla boela mo lefatsheng a sa bonale le gore “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di tla fela ka 1914. (Luke 21:24) Mokaulengwe Russell o ne a tshelela go bolelela ba bangwe dithuto tseno tsa boammaaruri. Go a bonala gore ka nako eo ya botlhokwa, Mokaulengwe Russell o ne a dirisiwa ke Jehofa le tlhogo ya phuthego e bong Jesu.

9 Mokaulengwe Russell o ne a sa batle gore batho ba mo tlotlomatse. Ka 1896, o ne a kwala jaana: “Ga re batle go tseelwa kwa godimo kgotsa go tlotlomadiwa ka ntlha ya tiro e re e dirang, ga re batle go bidiwa Moruti kgotsa Rabi. Mo godimo ga moo, ga re batle gore ope a bidiwe ka maina a rona.” Moragonyana o ne a re: “Eno ga se tiro ya motho.”

10. (a) Jesu o ne a tlhoma leng “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (b) Tlhalosa gore Setlhopha se se Laolang se farologana jang le Mokgatlho wa Watch Tower.

10 Ka 1919, dingwaga di le tharo morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell, Jesu o ne a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Ka ntlha yang? Gore a tle a neye ba ntlo ya gagwe “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” (Math. 24:45) Tota le ka dingwaga tseo, setlhopha se sennye sa bakaulengwe ba ba tloditsweng se se neng se direla kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, New York, se ne se baakanya le go naya balatedi ba ga Jesu dithuto tsa boammaaruri. Mafoko a a reng, “setlhopha se se laolang” a ne a simolola go tlhaga mo dikgatisong tsa rona ka bo1940, ka gonne go ne go tlhaloganngwa gore a amana le mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society. Le fa go ntse jalo, ka 1971, Setlhopha se se Laolang se ne sa farologanngwa le mokgatlho wa Watch Tower Society le balebedi ba one ka gonne ono ke mokgatlho fela wa semolao mme ga se sengwe se se simologileng ka ntlha ya se Dikwalo di se buang. Ka jalo, maloko a Setlhopha se se Laolang e ne e le bakaulengwe ba ba tloditsweng ba e neng e se balebedi ba Watch Tower Society. Bosheng jaana, bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo ba e leng ba “dinku tse dingwe,” ba ntse ba direla e le balebedi ba Mokgatlho ono wa semolao le mekgatlho e mengwe e e dirisiwang ke batho ba Modimo, mme seno se thusa Setlhopha se se Laolang gore se kgone go naya batho ba Modimo kgakololo le kaelo e e tswang mo Dikwalong. (Joh. 10:16; Dit. 6:4) Makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013, o ne wa tlhalosa gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke setlhopha se sennye sa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba bidiwang Setlhopha se se Laolang.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Setlhopha se se Laolang ka bo1950

11. Setlhopha se se Laolang se dira dilo jang?

11 Setlhopha se se Laolang se dira ditshwetso tsa botlhokwa mmogo. Se dira seo jang? Maloko a sone a kopana beke le beke, mme seo se dira gore ba kgone go buisana le gore ba nne seoposengwe. (Dia. 20:18) E re ka go se na leloko lepe la Setlhopha se se Laolang le le botlhokwa go feta a mangwe, ngwaga le ngwaga go nna le modulasetulo yo o farologaneng kwa dipokanong tsa bone. (1 Pet. 5:1) Dikomiti tsotlhe tse thataro tsa Setlhopha se se Laolang di dira se se tshwanang. Maloko a setlhopha seno ga a itseye e le baeteledipele ba bakaulengwe ba bone, go na le moo, ba itsaya e le “ba ntlo” ba ba fepiwang ke motlhanka yo o boikanyego e bile ba tshwanetse go ikobela kaelo ya gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Fa e sa le motlhanka yo o boikanyego a tlhomiwa ka 1919, o ntse a rulaganyetsa batho ba Modimo dithuto tsa boammaaruri (Bona serapa 10 le 11)

“TOTA MOTLHANKA YO O BOIKANYEGO LE YO O BOTLHALE KE MANG?”

12. E re ka maloko a Setlhopha se se Laolang e le banna ba ba sa itekanelang, go tsoga dipotso dife?

12 Maloko a Setlhopha se se Laolang ke banna ba ba sa itekanelang. Ka jalo, ba kgona go dira diphoso fa ba tlhalosa dithuto dingwe tsa Baebele kgotsa fa ba ntsha kaelo nngwe mo phuthegong. Tota e bile, kgatiso ya Watch Tower Publications Index e na le setlhogo se se reng, “Go Tlhalosa Se re Se Dumelang” se se nang le lenaane la dithuto dingwe tse di tokafaditsweng tse di tswang mo Dikwalong fa e sa le ka 1870.c Gone Jesu o ne a sa re motlhanka yo o boikanyego o tla re naya dithuto tsa boammaaruri tse di se nang diphoso dipe. Mme gone, re ka araba potso eno ya ga Jesu jang: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang?” (Math. 24:45) Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Setlhopha se se Laolang se dira tiro ya motlhanka yono? Mma re sekaseke dilo tse tharo tse di neng di thusa setlhopha se se laolang ka lekgolo la ntlha la dingwaga.

13. Moya o o boitshepo o thusitse jang Setlhopha se se Laolang?

13 Bosupi jwa gore se thusiwa ke moya o o boitshepo. Moya o o boitshepo o ne wa thusa Setlhopha se se Laolang go tlhaloganya sentle dithuto tsa Baebele tse pele di neng di sa tlhaloganngwe. Ka sekai, akanya ka lenaane la dithuto tse di tokafaditsweng le go builweng ka lone mo serapeng se se fetileng. Eleruri, ga go motho ope yo o tshwanelwang ke go tlotlomadiwa ka go bo a ile a fitlhelela le go tlhalosa “dilo tse di boteng tsa Modimo.” (Bala 1 Bakorintha 2:10.) Setlhopha se se Laolang se dumalana le mafoko ano a a neng a buiwa ke moaposetoloi Paulo: “Dilo tseno le tsone re a di bua, e seng ka mafoko a a neng a rutwa ka botlhale jwa batho, fa e se ka a a neng a rutwa ka moya.” (1 Bakor. 2:13) E re ka go fetile dingwaga di le dintsi go na le botlhanogi e bile batho ba sa tlhaloganye dithuto tsa Baebele, go a utlwala go swetsa ka gore fa e sa le ka 1919 moya o o boitshepo ke one o thusitseng batho go tlhaloganya dithuto tsa Baebele.

14. Go ya ka Tshenolo 14:6, 7, baengele ba re thusa jang gompieno?

14 Bosupi jwa gore se thusiwa ke baengele. Setlhopha se se Laolang se na le tiro e e seng kana ka sepe ya go kaela tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e e dirwang ke bareri ba ba fetang dimilione di le robedi. Goreng tiro eno e atlegile thata jaana? Ke ka gonne re thusiwa ke baengele. (Bala Tshenolo 14:6, 7.) Ka dinako dingwe, baboledi ba ne ba etela batho ba ba neng sa tswa go rapelela gore ba bone thuso!d Koketsego ya tiro ya go rera le go dira batho barutwa e nnile gone mo dinageng tse mo go tsone batho ba Modimo ba ganediwang thata ka gonne ba ne ba thusiwa ke baengele.

15. Setlhopha se se Laolang se farologana jang le baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete? Naya sekai.

15 Se kaelwa ke Lefoko la Modimo. (Bala Johane 17:17.) Akanya ka se se ileng sa direga ka 1973. Makasine wa Tora ya Tebelo wa June 1 ka Seesemane, o ne wa botsa go re: “A batho ba ba sa ntseng ba goga motsoko ba tshwanelegela go kolobediwa?” O ne wa araba jaana: “Dikwalo di bontsha gore ga ba tshwanelege.” Makasine ono o ne wa nopola ditemana dingwe tse di tshwanelang kgang eno, go tswa foo o bo o tlhalosa lebaka la go bo motho yo o ganang go tlogela motsoko a tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong. (1 Bakor. 5:7; 2 Bakor. 7:1) O ne wa oketsa jaana: “Seno se bontsha gore ga go na ope yo o itlhametseng molao ono kgotsa yo o lekang go gatelela ba bangwe. Kgang eno tota e tswa kwa Modimong, mme o re bolelela yone a dirisa Lefoko la gagwe le le kwadilweng.” A go na le bodumedi bope jo bongwe jo bo ileng jwa ikaega ka Lefoko la Modimo ka botlalo le fa gone seo se ne se gwetlha maloko mangwe a jone? Buka nngwe e e buang ka bodumedi ya kwa United States e ne ya re: “Gangwe le gape baeteledipele ba madumedi a Bokeresete ba fetola dithuto tsa bone gore di dumalane le dikgopolo tse maloko a bone a di ratang kgotsa tse di ratiwang thata ke batho mo setšhabeng.” Fa e le gore Setlhopha se se Laolang se letla Lefoko la Modimo gore le kaele ditshwetso tsa bone go na le go ikaega ka dikgopolo tsa batho, tota re ka re ke mang yo o kaelang batho ba Modimo?

“GAKOLOGELWANG BA BA ETELELANG PELE”

16. Re ka gakologelwa Setlhopha se se Laolang ka tsela efe?

16 Bala Bahebera 13:7. Lefoko le le ranotsweng e le go ‘gakologelwa’ le ka ranolwa gape e le go ‘umaka.’ Ka jalo, tsela nngwe e ka yone re ka “gakologelwang ba ba etelelang pele,” ke ka go umaka Setlhopha se se Laolang mo dithapelong tsa rona. (Baef. 6:18) Akanya ka tiro e ba e dirang ya go abela batho dithuto tsa boammaaruri, go okamela tiro ya go rera le go rulaganya kafa meneelo e tla dirisiwang ka gone. Ruri ba tlhoka gore re ba rapelele!

17, 18. (a) Re ka dirisana jang le Setlhopha se se Laolang? (b) Tiro ya rona ya go rera e bontsha jang gore re ema nokeng motlhanka yo o boikanyego le Jesu?

17 Gape ga re gakologelwe Setlhopha se se Laolang fela ka go ba umaka mo dithapelong tsa rona, go na le moo, re latela kaelo ya bone. Setlhopha se se Laolang se re naya kaelo mo dikgatisong tsa rona, kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Mo godimo ga moo, se tlhoma balebedi ba potologo ba le bone ba tlhomang bagolwane mo diphuthegong. Balebedi ba potologo le bagolwane ba gakologelwa Setlhopha se se Laolang ka go ikobela kgakololo e ba e newang. Rotlhe re bontsha gore re tlotla moeteledipele wa rona e bong Jesu ka go ikobela banna ba a ba dirisang go re kaela.—Baheb. 13:17.

18 Tsela nngwe e re ka gakologelwang Setlhopha se se Laolang ka yone ke ka go dira ka natla mo tirong ya go rera. Tota e bile, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go etsa tumelo ya ba ba eteletseng pele mo gare ga bone. Motlhanka yo o boikanyego o ile a bontsha tumelo ka go rotloetsa batho ba Modimo gore ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go thusa gore di anamisiwe. A o mongwe wa ba dinku tse dingwe yo o emang nokeng batlodiwa mo tirong eno ya botlhokwa? Ruri o tla itumela fa Moeteledipele wa gago e bong Jesu a go raya a re: “Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa bomorwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.”—Math. 25:34-40.

19. Goreng o ikemiseditse go latela Moeteledipele wa rona e bong Jesu?

19 Fa Jesu a sena go boela kwa legodimong, ga a ka a latlha balatedi ba gagwe. (Math. 28:20) O ne a iponetse kafa moya o o boitshepo, baengele le Lefoko la Modimo di neng tsa mo thusa ka gone go etelela batho pele fa a ne a le mo lefatsheng. Ka jalo, o neile motlhanka yo o boikanyego thuso e e tshwanang. E re ka maloko a motlhanka yoo e le Bakeresete ba ba tloditsweng, “ba [nna] ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae.” (Tshen. 14:4) Ka jalo, fa re ikobela kaelo ya bone, re a bo re ikobela Moeteledipele wa rona e bong Jesu. Go ise go ye kae, o tla re kaela go ya kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Tshen. 7:14-17) Ga go na moeteledipele ope yo o ka kgonang go re direla seo!

a Bosupi bo bontsha gore Jehofa o ne a batla gore baaposetoloi ba le 12 ba nne “maje a le lesome le bobedi a motheo” a Jerusalema yo Mosha mo isagweng. (Tshen. 21:14) Ka jalo, go ne go sa tlhokege gore go tlhomiwe mongwe yo o neng a tla tsena mo boemong jwa moaposetoloi yo o ikanyegang yo o tlhokafetseng.

b Fa e sa le ka 1955, mokgatlho ono, o ntse o bidiwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

c Bona gape setlhogo se se reng “Go Tlhalosa Se re Se Dumelang” mo bukeng ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa.

d Bona buka ya Go “Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo, ts. 58-59.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela