LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/1 ts. 23
  • Go Amogela Mafoko a a Molemo kwa Belgium

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Amogela Mafoko a a Molemo kwa Belgium
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/1 ts. 23

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Amogela Mafoko a a Molemo kwa Belgium

“KE MANG yo o kileng a bona dilo tse di tshwanang le tseno?” go bua jalo ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Belgium. (Bapisa Isaia 66:8.) Naga e ntle eno e begile tlhora ya baboledi ba le 24 464 mo ngwageng wa tirelo wa 1989. Gape go ne go na le koketsego ya 4-lekgolong mo palogareng ya bao ba nnang le seabe mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi.

◻ Mafoko a a molemo a a rerwang ke Basupi ba ga Jehofa a ne a dumelwa ke moperesiti mongwe wa Mokatoliki yoo a neng a raya batsenakereke ba gagwe kwa Mmiseng wa Sontaga a re: “Fa Basupi ba ga Jehofa ba tla fa mojakong wa gago, o ba bulele. Ba tshotse boammaaruri!” Seno ke se mosadi mongwe a neng a se dira. Fa Basupi ba tla, o ne a bula mojako wa gagwe mme a amogela buka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Moragonyana o ne a kopa buka O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene, mme monna wa gagwe o ne a seka a ithuta le ene. Ka jalo mokaulengwe mongwe o ne a mo leletsa mogala a mmotsa gore a ga a rate go tshela le mosadi wa gagwe mo lefatsheng le le botoka? Go ne ga felela ka gore le ene a ithute. Balekane bano ba ne ba tshela mmogo fela ba sa nyalana kafa molaong, mme ba ile ba ikwadisa kafa molaong mme ba kolobediwa go ise go e kae.

◻ Boammaaruri bo ne jwa fetola botshelo jwa mosetsana mongwe. O ne a tlogelwa a le nosi a santse a le kafa tlase ga dingwaga di le 14. O ne a kopana le mosimane mongwe mme a tshela le ene ba humanegile, ba dirisa diokobatsi, ba bile ba na le moya wa bothubaki. Mosimane yoo o ne a tlhokafala mo kotsing ya koloi. Seno se ne sa tlogela mosetsana yono a tshwenyegile thata mo tlhaloganyong, mme o ne a akanya go ipolaya. ‘Nka bona kae se se ka rarabololang mathata a me?’ o ne a ipotsa. O ne a kopana le motho mongwe yo a neng a dirisa tirisabadimo me a dira gore a dumele gore a ka kgona go kopana le molekane wa gagwe yo o tlhokafetseng. Ba ne ba lekeletsa kidibatso le mereo ya tshereanyo. Fa a ne a sa bone kgomotso, o ne a tshwenyega thata mo boikutlong. O ne a nna a le nosi ka dikgwedi di le mmalwa. Morago ga foo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kopana le ene mme a leka go mo thusa mo semoyeng. O ne a dira seno ka lokwalo ka lobakanyana, mme fa nako e ntse e tsamaya o ne a simolola go tlhamalatsa dilo morago ga go dira maiteko le go nna pelokgale. Jaanong o ne a golotswe mo go tlhotlhelediweng ke badimona, a tlogetse mokgwa wa gagwe wa go goga, le go ikutlwa ga gagwe a le molato. Fa nako e ntse e tsamaya, kitso e e oketsegileng ya Bibela le moya wa ga Jehofa di ne tsa mo thusa thata. Gape o ne a nonotshiwa ke dipokano jaaka a ne a di baakanyetsa ka tlhoafalo. Jaanong o kolobeditswe mme o na le moya wa bobulatsela. O setse a tsamaisa dithuto di le mmalwa tsa Bibela, eo nngwe ya tsone eleng le mmaagwe, yoo jaanong a tlang kwa dipokanong. Jehofa eleruri o mo thusitse!

◻ Bao ba dirisang ditshono tsa kwa sekolong ba ipelela go atlega mo go phatlalatseng mafoko a a molemo. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo o tsenang sekolo kwa Belgium o ne a abelwa go bua sengwe ka setlhogo se a se ratang. O ne a dira tshwetso ya gore a bue ka Basupi ba ga Jehofa le seo ba se dumelang, o ne a thaile kgang ya gagwe mo boroutšhareng jwa Basupi ba ga Jehofa mo Lekgolong la bo-20 la dingwaga. Porofesa wa gagwe o ne a kgatlhega tota. Morago ga puo ya gagwe, baithuti ba ne ba letlwa go botsa dipotso. Morago ga foo ba sekae ba ba mo tlelaseng ya gagwe ba ne ba mmotsa gore ba ka dira eng gore ba tle ba tshele mo paradaiseng ya Modimo eo e umakilweng mo puong ya gagwe. Ba bantsi, go akareletsa le porofesa, ba ne ba kopa dikaelo tsa diboroutšhara tse di farologaneng tseo kgaitsadi yono a neng a di tshotse. Ba ditlelase tse dingwe le bone ba ne ba kopa diboroutšhara le tshedimosetso e e oketsegileng, mme porofesa wa bodumedi o ne a sekaseka diboroutšhara tseno mme a akantsha tlelase gore e nne le tsone.

Tiro eno ya bopelokgale ya kgaitsadi yo mmotlana yono wa rona e ne ya segofadiwa. O ne a tsamaisa diboroutšhara di le 23 mo go boporofesa ba babedi le baithuti ba bantsi; moithuti yo mongwe o ne a kopa buka gore a tle a tlhalosetse tlelase ya gagwe ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka a ne a utlwile ka puo eno.

Bontsi bo ntse bo amogela mafoko a a molemo kwa Belgium. Ba amogela Lefoko la Modimo, “e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla, yaka e le yeōna rure.”—1 Bathesalonia 2:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela