Kagiso ya Lefatshe—E Tla Kaya Eng Tota?
KAGISO e Modimo o e akantseng e kopanyeletsa se se fetang fela go emisiwa ga dintwa mo kgolokweng kana go emisa nuklea gotlhelele. Seno se bonala ka tsela eo Bibela e dirisang lefoko “kagiso” ka yone.
Ka sekai, mo Dikwalong tsa Sehebera (“Tesetamente E Kgologolo”) lefoko le le dirisediwang kagiso ke sha·lohmʹ. Lefoko leno le dirisiwa ka popego e nngwe ya lone mo go Genesise 37:14, koo tlhogo ya lotso Jakobe a neng a raya morwawe Josefa a re: “A u ko u tsamaeè yana, u eè go bōna bomogoloo go re, a ba sa tshedile sentlè le lecomane a le ntse sentlè; u itse go ba u tla u mpolèlèla.a Sha·lohmʹ e dirisiwa gape mo go Genesise 41:16, (NW) koo e dirisitsweng jaaka “boitumelo.”
Ka gone, go ya ka tlhaloganyo ya Bibela, kagiso ya mmatota e kopanyeletsa eseng fela go emisiwa ga dintwa mme gape boitekanelo, pabalesego, le go tshela sentle. Setlhogo sa rona se se fetileng se ne se bontsha gore batho ga ba kgone go rarabolola mathata a ka moo ba ka tlisang kagiso ka gone. Ke Jesu Keresete fela, “Kgōsana ea Kagishō,” yo o tla kgonang go rarabolola mathata ao mme a tlise kagiso ya mmatota mo lefatsheng. (Isaia 9:6, 7) Ka sekai, tlhokomela seo Bibela e se perofesang mo go Pesalema 72:7, 8 kaga puso ya gagwe: “Mo metlheñ ea gagwè basiami ba tla thama; me go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure. O bile o tla [n]na le pushō go cwa lewatleñ go ea lewatleñ, le go cwa Nokeñ le go ea dikhutloñ tsa lehatshe.” Akanya fela—boitekanelo, pabalesego, le go tshela sentle go tletse mo lefatsheng ka bophara! Ga go ditumalano dipe tsa dipolotiki tseo di neng di ka fitlhelela seo. Bogosi jwa Modimo ke bone fela bo ka kgonang, mme bo tla fitlhelela le dilo tse di oketsegileng. Bibela e re naya boperofeti jo bontsi jo bo kgatlhang kaga ka moo lefatshe leno la kagiso le le tlang mo isagweng le tla nnang ka gone. A re tlhatlhobeng bongwe jwa bone.
Go Latlha Dibetsa Mo Kgolokweng Yotlhe—Tsela ya Modimo!
Pesalema 46:8, 9 ya re: “Tlañ, lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa, eboñ dichwahaco tse o di dihileñ mo lehatshiñ. O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.” Mafoko “bora,” le “lerumō,” le ‘kara,’ a tshwantshetsa mofuta ope fela wa dibetsa tsa ntwa kana dingwe fela tse di dirisediwang ntwa. Ka gone Jehofa o dira se se fetang go fokotsa kana le eleng go latlha dibetsa gotlhelele. O tla tlosa dibetsa tsa nuklea, dikanono, dikepe tse dikgolo, didirisiwa tseo go bewang marumo mo go tsone, dibomo tsa letsogo, dithunyi tsa polasetiki, dithunya, dithunya tsa letsogo—sengwe le sengwe seo se ka tshosetsang kagiso ya mo kgolokweng!
Lefa go ntse jalo, ntwa ga e bakiwe ke dibetsa fela. Gantsi, ntwa e nna gone ka ntlha ya letlhoo, bogagapa, kana go rata ntwa ga motho yo o sa itekanelang. (Bapisa Yakobe 4:1-3.) Ka gone Bogosi jwa Modimo bo tla tlhasela modi ono wa ntwa ka go tlosa dinonofo tse di ntseng jalo mo bathong. Jang? Ka thulaganyo ya thuto mo kgolokweng yotlhe. “Lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”—Isaia 11:9.
Ka ba tla bo ba ‘rutilwe ke Jehofa,’ batho ga ba kitla ba tlhola ba nna le go kgaogana ka bomorafe go go bakang ntwa, letlhoo, kana go sotliwa. (Yohane 6:45) Ereka “Modimo e se motlhaodi oa batho,” baagi ba lefatshe ba tla supa go sa tlhaoleng ga gagwe. (Ditihō 10:34) Bogosi bo tla tlosa gape le dikgogakgogano tsa merafe ka go tlosa melelwane ya bomorafe. ‘Go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go ya dikhutlong tsa lefatshe,’ botlhe ba tla bo ka go rata ba supa boikanyegi jwa bone mo pusong ya ga Keresete ka tlhomamo.—Pesalema 72:8.
E le gore kagiso e e ntseng jalo e nne lobaka lo loleele, Bogosi gape bo tla tlosa maatla mangwe ao a sa boleng go kgaoganya batho mo hisitoring ya motho: bodumedi jwa maaka. (Sefania 2:11) Batho jaanong ba tla utlwana mo kobamelong ya Modimo o o osi wa boammaaruri. (Isaia 2:2, 3) Go tla nna le bokaulengwe mo lefatsheng ka bophara!
Kagiso mo Legaeng
Lefa go ntse jalo, kagiso ya lefatshe e tla bo e thusang fa magae e tla bo e le koo go lwelwang gone, koo go sotla, mafoko a a seng monate, le go tshosetsa ka metlha go ntseng go dirwa. Magae a mantsi a ntse jalo gompieno. Magae a mangwe a fitlhile bobaba jo bo medileng medi ka lesira la tidimalo.
Kagiso ya boammaaruri he e tshwanetse go akaretsa boitumelo jwa mo legaeng. Kafa tlase ga thulaganyo eo ya thuto ya Bogosi, banna le basadi ba tla rutiwa go dirisana ka lorato le tlotlo. (Bakolosa 3:18, 19) Bana ba tla rutiwa go ‘utlwa batsadi ba bone mo dilong tsotlhe.’ (Bakolosa 3:20) Go tla bo go sena bana ba dingwaga tsa bolesome ba diganana bao ba tla bong ba tlhakatlhakanya le go tshwenya batsadi ba bone. Kutlo e tla bo e le selo se se tlwaelegileng, tirisanommogo e le molao. Go tla itumedisa go leba bana mme e tla nna boipelo go nna nabo.
Gompieno, mathata a tsa itsholelo gantsi a oketsa mathata a malapa, jaaka batsadi ba babedi gantsi ba tshwanetse go rwala mokgweleo o o bokete wa tiro. Mme kafa tlase ga puso ya ga Keresete, malapa a tla bo a tlhofofaleditswe merwalo e e bokete ya madi—madi a khiro ya matlo a a tlhatlosediwang kwa godimo, dituelo tse di kwa godimo tsa go duelela matlo, madi a makgetho a a kwa godimo, le go tlhoka ditiro. Go tla bo go na le tiro e ntsi e e kgotsofatsang, le e e gwetlhang. Mme ga go ope yo o tla bong a sena legae. Tlhokomela ka moo boperofeti jwa ga Isaia 65:21-23, bo tlhomololang dintlha tseno ka gone: “Ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna . . . Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele. Ga ba ketla ba kgokgolèla lehèla, leha e le go tsalèla thekisègō bana; gonne bōnè ke losika loa basegōhadiwi ba ga Yehofa, le matlhogèla a bōnè nabō.”
Akanya o tshela mo tikologong eo o sa boneng, o sa utlweng, ebile o sa dupe dilo tse di senyegileng! Akanya o tshela mo nageng e tala—naga ya gago—e o e lemileng, e jetswe ditlhare, ebile e kgabisitswe sentle. Akanya o hema moya o o phepa le o o sa kgotlelwang; o utlwa, eseng medumo e e mogwata ya tlhabologo ya segompieno, mme medumo e e fodisang, ya tlhago. Ka boammaaruri, batho bangwe ba ba lesego ba setse ba ipelela dingwe tsa dilo tseno. Mme mo Bogosing jwa Modimo, botlhe ba tla ipelela maemo a botshelo a kagiso. Go tla bo go sena batho ba ba humanegileng, ba ba bolailweng ke tlala, ba ba tlhokang dilo dingwe mo botshelong.—Pesalema 72:13, 14, 16.
Bibela e solofetsa gape gore “baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ.” (Diane 2:22) Seo se raya go tlosiwa ga bokebekwa. Fa ngwana wa gago yo monnye a tsamaya a ya go tshameka, ga o kitla o tshwenyega ka batho ba ba thubetsang bana kana ba ba utswang bana ba ba iphitlhang mo mafifing, dikoloi tseo di kgweediwang ke batho ba ba noleng bojalwa di bile di tswa mo taolong, kana digopa tsa basha bao ba dirisang diokobatsi bao ba ebelang mo mebileng. Bana ba gago ba tla tshameka ba babalesegile ebile ba bolokesegile.
Kagiso le Boitekanelo jwa Gago
Kgabagare, go na le ntlha e nngwe gape ya boitekanelo jwa motho. Mme le eleng maemo a Paradaise ga a okobatse botlhoko jwa kankere kana go opa ga marapo. Ka gone kagiso ya boammaaruri e tshwanetse go akaretsa go tlosiwa ga malwetsi, go bobola, le loso. A selo se se ntseng jalo se ka kgonega? Fa a le mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a supa kgapetsa kgapetsa gore o kgona go fodisa malwetsi a batho. (Mathaio 8:14-17) A le kwa boemong jwa gagwe jo bo kwa godimo kwa legodimong, Keresete o tla kgona go dira dikgakgamatso mo lefatsheng ka bophara! “Ediha gōna,” Bibela e solofetsa jaana, “matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa baboshushu di tla thibololwañ. Ediha gōna setlhotsa se tla tlolañ yaka kwalata, le loleme loa semumu lo tla ōpèla.”—Isaia 33:24; 35:5, 6.
Lefa go ntse jalo, tiro eno ya ga Keresete ya go tlosa dilo tse di tshwenyang batho ga e kitla e ema foo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana mabapi le puso ya ga Keresete: “Gonne o na le go busa hèla, a ba a tla a tsamaee a beè baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.” (1 Bakorintha 15:25, 26) Seno se raya go dirolola tshotlo eo loso lo e dirileng mo bathong go tloga fela kwa tshimologong. Ke fela jaaka Jesu a ne a tlhalosa jaana ka boene: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè [Keresete] ka lōna, Me ba tla cwa.” (Yohane 5:28, 29) Dimilione tse di senang palo tse di kileng tsa tshela tsa ba tsa swela mo kutlobotlhokong ka gone di tla bona tshiamelo ya go tshela mo kagisong e e tlang ya lefatshe.
A le wena o tla e ipelela? Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsa go ithuta mo go oketsegileng ka seo Bibela e se rutang kaga seno.b Tebelelo ya kagiso ya lefatshe e kgatlha tota, ke selo sa mmatota seo se ka sekeng sa itlhokomolosiwa. Tlhomamisega gore fa o leka ka natla go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo, “Modimo oa kagishō o tla nna le [wena]”—ka bosakhutleng!—Bafilipi 4:9.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa e ranolwa jaaka fa e ntse: “Bona kagiso ya bakaulengwe ba gago le kagiso ya letsomane”
b O ka rulaganyetsa go nna le thuto ya legae ya Bibela ya mahala ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Jehofa o tla khutlisa dintwa “go ea kwa bokhutloñ yoa lehatshe”
[Motswedi wa Setshwantsho]
USAF Official Photo
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Banna le basadi ba tla rutiwa go dirisana mmogo ka kagiso