Go “Batlwa” Eng?
CODEX W eno ya Diefangele e ne ya thusa mo go ranolweng ga kakgelo ya ga Jesu mo go Maratha, kgaitsadia tsala ya gagwe e kgolo Lasaro. Fa Jesu a ne a etela lelapa leno, Maratha o ne a akanya gore selo se se botlhokwa ke gore Jesu a je dijo tse di monate, mme ka bonolo fela o ne a akantsha gore a dire jaaka morwadiarraagwe ebong Marie, yo a neng a nna fa dinaong tsa gagwe mme a mo reetsa. O ne a re: “[“Lefa go le jalo, go batlega dilo di le mmalwa, kana,” NW] go batliwa selo se le señwe hèla: gonne Marie o itshenketse kabèlo e e molemō, e o se ketlañ a e tlosediwa.”—Luke 10:42.
Mafoko ano a ranola temana ya Segerika ya 1881 eo e neng ya kwalwa ke Westcott le Hort, eo New World Translation e thailweng mo go yone. Ntlhanyana e e kwa tlase ya 1984 Reference Edition ya Bibela eno e bontsha gore go balwa ka tsela eno go ne go tswa go mokwalo wa Sinai (א) le wa Vatican (B) eo e nang le temana e le nngwe ya mofuta o o tshwanang. Mme mokwalo wa Alexandria (A) o balega jaana: “Lefa go le jalo, go tlhokega selo se le sengwe. Mo go ene . . . ” Jaaka ntlhanyana e e kwa tlase e bontsha, Codex W, mmogo le papyrus ya Chester Beatty (P45) le papyrus ya Bodmer (P75), tsotlhe tseo eleng tsa lekgolo la boraro la dingwaga C.E., di dumalana le go kwalwa ga moragonyana. Mme mekwalo yotlhe eno e ne ya bonwa morago ga Westcott le Hort ba phasalatsa kgatiso ya bone ka ngwaga wa 1881, mo eleng gore ba ne ba seka ba nna le tshiamelo ya go sekaseka tsela eno e nngwe gape ya go kwala seno. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore re dirisa thanolo efe ya temana eno gompieno, Jesu o re bolelela ka phepafalo gore re beye dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a rona—kgakololo eo re tla bong re dira sentle fa re e latela.