Codex Bezae—Mokwalo o o sa Tshwaneng le Ope
THÉODORE DE BÈZE, mokanoki yo o itsegeng thata wa Mofora wa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, e ne e le tsala e e atamalaneng le motlhatlhami wa motlisadiphetogo wa Moporotesetanta John Calvin. Mo ngwageng wa 1562, Beza, jaaka a itsege ka tlwaelo, o ne a tlhagisa mokwalo mongwe wa bogologolo o o sa tlwaelegang. O ne a bolela gore o ne a o tsere kwa ntlong ya baitlami ya “Moitshepi” Irenaeus kwa Lyons, kwa Fora, morago ga gore Ba-Huguenot ba thope motse oo. Ga go itsege sentle gore o ne o tswa kae, mme o ka nna wa bo o ne o tswa kwa Afrika Bokone kana kwa Egepeto.
Codex eno e bogolo jwa disentimetara di le 25 ka boleele le di le 20 ka bophara mme ka kakaretso go dumelwa fa letlha la yone le ka balwa go tloga ka lekgolo la botlhano la dingwaga C.E., ebile e le ya moragonyana ga mekwalo ya Sinai, Vatican, le Alexandria. E na le matlhare a le 406 mme e na le Efangele tse nnè le Ditihō tsa Baaposetoloi, mme go na le dingwe tse di tlhaelang. Mme Codex Bezae e ka tswa kwa tshimologong e ne e na le dikwalo tse dingwe ka go bo go na le karolwana ya lekwalo la boraro la ga Johane. Diefangele tsa ga Mathaio le Johane di tla fa pele ga ya ga Luke le ya ga Mareko.
Mokwalo ono ke sekai sa bogologolo sa gore dikwalo di ne di kwadilwe ka dipuo tse pedi, ka Segerika kafa letsogong la molema, mme Selatine se le kafa mojeng. Go lebega ebile e le sekaelo sa mokwalo wa papyrus o o nang le ditemana tsa bogologolo, o o tshwanang le e mengwe ya lekgolo la boraro le la bonè la dingwaga e e bidiwang P29, P38, le P48.
E kwadilwe ka mokwalo o mokima, le ditlhaka tse dintle tse di sekameng (tse dikgolo), mme Codex Bezae ga e a kwalwa go tlala tsebe yotlhe. Mela ya yone ga e lekane ka boleele, mo eleng gore bokhutlo jwa mola mongwe le mongwe o bontsha gore go tshwanetswe ga ikhudiwa foo fa go balwa. Selatine sa yone se kwadilwe ka mokgwa wa Segerika wa go kwala, mme ditemana di ne tsa fetolwa go dumalana le Segerika mo makgetlong a le mantsi. Ditemana tsa Segerika, kafa letlhakoreng le lengwe di farologane thata jaaka di ile tsa nna tsa baakanngwa ke ba le bantsi, go akareletsa le bao e neng e le bone ba e kwadileng kwa tshimologong.
Codex Bezae e na le sesupo sa yone sa semolao ebong “D.” E farologanye tota ebile ga e amane ka gope le mekwalo e mengwe e megolo. Jaaka mokwalo o o kwa tlase wa New World Translation of the Holy Scriptures o bontsha, codex eno gantsi e a dumalana mme ka dinako dingwe ga e dumalane le di-codex tsa Sinai (א), Vatican (B), le Alexandria (A). Codex eno e botlhokwa ka go bo e tlhomamisa mekwalo e mengwe gape go sa kgathalesege dilo dingwe tse di sa tlwaelegang le dilo dingwe tseo di tlogetsweng kana tseo go okeditsweng ka tsone.—Bona mekwalo e e kwa tlase ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References, e e mo go Mathaio 23:14; 24:36; 27:49; Mareko 7:16; 9:44, 46; 11:26; Luke 15:21; Yohane 5:4.
Go sa kgathalesege ditsela tse di sa tlwaelegang tsa ka moo e balegang ka gone le dipharologano dingwe, Codex Bezae ke bosupi jo bongwe gape jo bo molemo jwa gore Bibela e ile ya bolokiwa go fitlha mo motlheng wa rona.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Above: By permission of the Syndics of Cambridge University Library
Left: Courtesy of the Trustees of the British Museum