Alexandrine Codex
ALEXANDRINE Codex e ne ya nna mokwalo wa ntlha wa mekwalo e megolo ya Bibela eo bakanoki ba neng ba kgona go nna le yone. Go bonwa ga yone go ne ga gogela kwa go tlhatlhobisiweng mo go nang le mosola ga mekwalo ya Bibela ya Segerika go solegela molemo baranodi botlhe ba ba neng ba tla tla kwa morago ba Dikwalo tse di Boitshepo. E ne ya bonala jang le leng?
Kyrillos Loukaris, ebong monna wa tumelo wa kwa Alexandria, Egepeto, e ne e le mmapadi yo mogolo wa dibuka, mme ka ngwaga wa 1621, fa a ne a nna monna wa tumelo kwa Constantinople, kwa Turkey, o ne a tsamaya ka Codex Alexandrinus. Lefa go ntse jalo, ka go bo go ne go na le dikhuduego kwa BotlhabaGare, ebile go ne go ka kgonega gore mokwalo oo o senngwe fa lefatshe leo le ne le ka gapiwa ke Bamoselema, Loukaris o ne a bona fa o ne o tla bo o babalesegile kwa Ennyelane. Ka gone, ka 1624 o ne a o neela moemedi wa Britain kwa Turkey e le mpho ya kgosi ya Moesemane, ebong James I. Kgosi eo e ne ya swa pele ga e ka neelwa mokwalo oo, jalo mo boemong jwa gagwe o ne wa neelwa motlhatlhami wa yone, ebong Charles I, dingwaga di le tharo moragonyana.
A mokwalo ono o ne o na le mosola jaaka Kyrillos Loukaris a ne a bona o na le one? Ee. Ke wa bogologolo jwa karolo ya ntlha ya lekgolo la botlhano la dingwaga C.E. Go lebega bakwadi ba le mmalwa ba ne ba nna le seabe mo go o kwaleng, mme ditemana tsa one di nnile tsa baakanngwa fa esale go tloga nakong eo. O kwadilwe mo matlalong a dihutshane, mme mo tsebeng nngwe le nngwe mokwalo oo o makgamu mabedi, o kwadilwe ka monwana ka ditlhaka tse ditona go sena phatlha fa gare ga mafoko. Karolo e kgolwane ya buka ya Mathaio ga eyo, fela jaaka go ntse ka dikarolwana dingwe tsa Genesise, Pesalema, y ohane, le 2 Bakorintha. Jaanong ka leina leo e le neilweng kafa semolaong la Codex A, e na le ditsebe di le 773 mme e santse e le bosupi jwa bogologolo jo 00 ootlhokwa fela thata.
Bontsi jwamekwalo ya Bibela e ka bewa ka ditlhophana, kana methale, go ya ka go tshwana ga yone. Seno se ne sa diragala fa bakwadi ba ne ba itirela dikaelo tsa mokwalo o o tshwanang kana o o batlileng go tshwana le one. Lefa go ntse jalo, fa e le ka Alexandrine Codex, go lebega bakwadi ba ne ba amegile ka go kopanya mekwalo e e tswang mo ditlhopheng tse di farologaneng mmogo e le gore ba dire mokwalo o o molemo kafa ba neng ba ka kgona ka teng. Ebile tota, o itshupile fa e le wa bogologolo ebile o le botoka go gaisa mekwalo lefa e le epe ya Segerika eo e neng ya dirisiwa jaaka motheo wa King James Version ya 1611.
Go balega ga 1 Timotheo 3:16 mo go Alexandrine go ne ga tsosa kganetsano e kgolo fa e ne e gatisiwa. Fano King James Version e balega jaana: “Modimo o bonetse o le mo nameng,” e lebisitse mo go Keresete Jesu. Mme mo mokwalong ono wa bogologolo, khutshwafatso ya “Modimo,” eo e kwadilweng ka ditlhaka tse pedi tsa Segerika “ΘC,” santlha e ne e lebega e balega “OC,” eleng lefoko la “mang.” Ka phepafalo, sena se ne se kaya gore Keresete Jesu e ne e se “Modimo.”
Go ne ga tsaya dingwaga tse di fetang 200 le morago ga go bonwa ga mekwalo e mengwe go tiisetsa gore thanolo ya “mang” kana “eng” e boammaaruri. Bruce M. Metzger mo go Textual Commentary on the Greek New Testament e digela jaana: “Ga go na mokwalo ope wa ditlhaka tse dikgolo tsa Segerika (o o kwadilweng ka monwana) wa pele ga lekgolo la borobabobedi la dingwaga kana la borobabongwe . . . o o emang nokeng θεός [the·osʹ]; diphetolelo tsotlhe tsa bogologolo di kwala ὅς kana ὅ fa pele; ebile ga go na rara ope wa mokwadi wa pele ga sephatlo sa boraro sa lekgolo la bone la dingwaga yo o dumalanang le go balega ga θεός [the·osʹ].” Gompieno, dithanolo di le dintsi di maikutlo a a tshwanang mo go tlogeleng sepe fela se se lebisitseng go “Modimo” mo ditemaneng tseno.
Ka 1757 Royal Library ya kgosi e ne ya nna karolo ya British Library, mme mokwalo ono o o molemo wa bogologolo jaanong o beilwe ka mo go bonalang sentle mo kamoreng ya mekwalo ya bogologolo ya British Museum. Ke letlotlo leo go nang le mosola go le bona.