LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 6/1 ts. 15-20
  • Sepela ka go Boifa Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sepela ka go Boifa Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikanyega go ya Kwa Bokhutlong
  • Pogiso E Anamisa Mafoko A A Molemo
  • Go Sokololwa ga Mmogisi
  • Baditšhaba ba Fetoga Badumedi!
  • Ga Tlhomiwa Phuthego ya Baditšhaba
  • Pogiso ga e Thuse Sepe
  • Setefane—O ne “A Amogelwa ke Modimo e Bile Modimo a mo Naya Maatla”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Setefane o Kgobotlediwa ka Maje
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • “Modimo Ga a Na Tlhaolele”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 6/1 ts. 15-20

Sepela ka go Boifa Jehofa

“Me ereka [phuthego] e sepela mo poihoñ ea Morèna, le mo kgomocoñ ea Mōea o o Boitshèpō, ea kōkōtlègèla.”—DITIHŌ 9:31.

1, 2. (a) Go ne ga diragala eng fa phuthego ya Bokeresete e ne e tsena mo pakeng ya kagiso? (b) Lemororo Jehofa a letla pogiso, ke eng gape seo a se dirang?

MORUTWA mongwe o ne a lebane le teko e kgolo. A o ne a tla tshegetsa bothokgami jwa gagwe mo Modimong? Ee, eleruri! O ne a sepetse ka go boifa Modimo, a sisimoga Modiri wa gagwe, mme o ne a tla swa e le mosupi yo o ikanyegang wa ga Jehofa.

2 Mmolokabothokgami yo o boifang Modimo yoo e ne e le Setefane, “monna eo o tletseñ tumèlō le Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 6:5) Go bolawa ga gagwe go ne ga tlisa pogiso, mme morago ga foo phuthego yotlhe go ralala Judea, Galilea, le Samaria e ne ya tsena mo lobakeng lwa kagiso mme ya nonotshiwa mo semoyeng. Mo godimo ga moo, fa e ntse e “sepela mo poihoñ ea Morèna, le mo kgomocoñ ea Mōea o o Boitshèpō, ea kōkōtlègèla.” (Ditihō 9:31) Jaaka Basupi ba ga Jehofa gompieno, re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re segofatsa re le mo kagisong kana re bogisiwa, jaaka go bontshiwa mo go Ditihō dikgaolo 6 go ya go 12. Ka jalo a re sepeleng re boifa Modimo ka go mo tlotla fa re bogisiwa kana fa pogiso e seyo re ikage mo semoyeng le go direla Modimo ka botlhaga.—Duteronome 32:11, 12; 33:27.

Go Ikanyega go ya Kwa Bokhutlong

3. Ke bothata bofe jo bo neng jwa fenngwa kwa Jerusalema, mme jang?

3 Le eleng lefa mathata a tsoga mo nakong ya fa go na le kagiso, thulaganyo e e molemo e ka thusa go a rarabolola. (6:1-7) Bajuda ba ba neng ba bua Segerika mo Jerusalema ba ne ba ngongoregela gore batlholagadi ba bone ba ne ba sa newe dijo tsa letsatsi le letsatsi jaaka badumedi ba Bajuda bao ba neng ba bua Sehebera. Bothata jono bo ile jwa rarabololwa fa baaposetoloi ba ne ba tlhopha banna bangwe ba le supa go tlhokomela “tihō e.” Mongwe wa bone e ne e le Setefane.

4. Setefane o ne a itshwara jang fa a ne a latofadiwa ka maaka?

4 Lefa go ntse jalo, Setefane yo o boifang Modimo o ne a lebagana le teko ka bonako fela. (6:8-15) Go ne ga nna le banna bangwe bao ba neng ba le kgatlhanong le Setefane. Bangwe e ne e le “ba leshomō ye go tweñ ya Baleberetina,” gongwe e ne e le Bajuda bao ba neng ba thopilwe ke Baroma mme moragonyana ba gololwa kana bao pele e neng e le batlhanka bao ba neng ba sokologela mo Bojudeng morago ga go gololwa. Ka ba ne ba sa kgone go itshwara ka ntlha ya botlhale le moya oo Setefane a neng a bua ka one, baba ba gagwe ba ne ba mo isa fa pele ga Sanehederine. Basupi bao ba maaka ba ne ba re: ‘Re utlwile monna yo a re Jesu o tla senya tempele a bo a fetola melao e Moshe o e tlhomileng.’ Lefa go le jalo, le eleng baganetsi ba gagwe ba ne ba kgona go bona gore Setefane o ne a sa dira phoso epe le gore o ne a ritibetse ebile a tshwana le moengele, morongwa wa Modimo yo o tlhomamisegileng gore o tla mo tshegetsa. Abo sefatlhego sa gagwe se ne se farologana jang ne le difatlhego tsa bone tseo di neng di tletse bosula ka gonne ba ne ba ineetse mo go Satane!

5. Ke dintlha dife tseo Setefane a neng a di umaka fa a ne a neela bosupi?

5 Fa a ne a botsolotsiwa ke Moperesiti yo Mogolo Kaiafase, Setefane o ne a naya bosupi ka bopelokgale. (7:1-53) Go boeletsa ga gagwe hisitori ya Baiseraele go ne ga bontsha gore Modimo o ne o ikaeletse go beela Molao le tirelo ya tempele kwa thoko fa Mesia a tla. Setefane o ne a akgela ka gore Moshe, mogolodi yo Mojuda mongwe le mongwe a neng a iphaka gore o a mo tlotla, o ne a ganwa ke Baiseraele, fela jaaka ba ne ba sa amogele Ene yo a neng a ba tlisetsa kgololo e kgolwane. Ka go bolela gore Modimo ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla, Setefane o ne a bontsha gore tempele le thulaganyo ya yone ya kobamelo e ne e tla fela. Mme ereka baatlhodi ba gagwe ba ne ba sa boife Modimo kana ba sa batle go itse go rata ga Gagwe, Setefane o ne a re: ‘Lona ba lo thamo e thata, lo ntse lo ganela le moya o o boitshepo. Ana ke ofe wa baperofeti yo borraeno ba sekang ba mmogisa? Mme ba bolaile ba ba supileng gale kaga go tla ga Mosiami: yo lona gompieno lo duleng baoki le babolai ba gagwe.’

6. (a) Pele a swa, Setefane o ne a naya boitemogelo bofe jo bo nonotshang tumelo? (b) Ke ka ntlhayang fa Setefane a ne a ka bua jaana ka tshwanelo: “Morèna Yesu, amogèla mōea oa me”?

6 Polelo eno ya ga Setefane ya bopelokgale e ne ya dira gore a bolawe. (7:54-60) Baatlhodi bao ba ne ba shakgadiwa ke fa a senola molato wa bone mo losong lwa ga Jesu. Mme abo tumelo ya ga Setefane e ne ya nonotshiwa jang ne fa a ne a “lelalèla legodimoñ hèla, me a bōna kgalalèlō ea Modimo, le Yesu a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo”! Setefane jaanong o ne a ka lebagana le baba ba gagwe a tlhomamisegile gore o dirile go rata ga Modimo. Lemororo Basupi ba ga Jehofa ba sa bone diponatshegelo, re ka nna le thetebalo e e tshwanang e re e newang ke Modimo fa re bogisiwa. Morago ga gore ba latlhele Setefane kwa ntle ga Jerusalema, baba ba gagwe ba ne ba mo kgobotletsa ka maje, mme o ne a rapela jaana: “Morèna Yesu, amogèla mōea oa me.” Seno se ne se tshwanela ka gonne Modimo o ne o neile Jesu taolo ya go tsosetsa ba bangwe mo botshelong. (Yohane 5:26; 6:40; 11:25, 26) A khubame ka lengole, Setefane o ne a tlhaeletsa jaana: “Morèna, u se ka ua ba balèla boleo yo.” Morago o ne a robala mo losong jaaka moswelatumelo, jaaka balatedi ba bantsi ba ga Jesu fa esale ka nako eo, le eleng mo metlheng ya segompieno.

Pogiso E Anamisa Mafoko A A Molemo

7. Pogiso e ne ya felela ka eng?

7 Loso lwa ga Setefane tota lo ne lwa felela ka go anamisiwa ga mafoko a a molemo. (8:1-4) Pogiso e ne ya phatlalatsa barutwa botlhe kwantle ga baaposetoloi go ralala Judea le Samaria. Saulo, yo a neng a ntsha tetla ya go bolawa ga ga Setefane, o ne a tlhasela phuthego jaaka sebatana, a tlhasela ntlo nngwe le nngwe a ntsha balatedi ba ga Jesu gore ba tsenngwe mo kgolegelong. Jaaka barutwa ba ba faloditsweng bao ba ne ba ntse ba rera, maano a ga Satane a go emisa baboledi ba ba boifang Modimo ba Bogosi ka go ba bogisa a ne a palelwa. Gompieno, le gone, gantsi pogiso e ile ya anamisa mafoko a a molemo kana ya dira gore batho ba tsibogele tiro ya go rera ka Bogosi.

8. (a) Go ne ga diragala eng ka ntlha ya go rera go go neng go dirwa mo Samaria? (b) Petere o ne a dirisa sekopololo sa bobedi seo Jesu a neng a se mo neetse jang?

8 Moefangele Filipo o ne a ya kwa Samaria go ba “bolèlèla Keresete.” (8:5-25) Go ne go le boitumelo fela mo motseng oo jaaka go ne go rerwa mafoko a a molemo, go lelekwa meya e e bosula, le batho ba ne ba fodisiwa. Baaposetoloi ba ba kwa Jerusalema ba ne ba romela Petere le Johane kwa Samaria, mme fa ba ne ba rapelela le go baya ba ba sa kolobediwang bao diatla, barutwa ba basha ba ne ba amogela moya o o boitshepo. Simone yo pele a neng a dira ka boselamose yo a neng a sa tswa go kolobediwa o ne a leka go reka kgono eno ya bone, mme Petere o ne a mo raya a re: ‘A selefera ya gago e nyelele nao, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.’ Fa a bolelelwa gore a ikwatlhae mme a rapele Modimo gore o mo itshwarele, o ne a kopa baaposetoloi gore ba mo rapelele. Seno se tshwanetse go tlhotlheletsa botlhe ba ba boifang Jehofa gompieno gore ba rapele Modimo gore o ba thuse go dibela dipelo tsa bone. (Diane 4:23) Go tswa mo tiragalong eno go ne ga tswa lefoko “simone,” “go reka kana go rekisa boemo bongwe jwa kereke kana jwa go rera.” Petere le Johane ba ne ba bolela mafoko a a molemo mo metseng e mentsi ya Samaria. Ka gone, Petere o ne a dirisa sekopololo sa bobedi seo Jesu a neng a se mo neetse go bula kgoro ya kitso le tshiamelo ya go tsena mo Bogosing jwa selegodimo.—Mathaio 16:19.

9. Moithiopia yo Filipo a neng a mo neela bosupi e ne e le mang, mme ke ka ntlhayang fa monna yoo a ne a ka kolobediwa?

9 Moengele wa Modimo o ne a naya Filipo kabelo e ntšha. (8:26-40) “Moopahadiwa,” molaodi yo a neng a okametse khumo ya kgosigadi ya Ethiopia Kandase o tsamaya ka kara mo tseleng go tswa kwa Jerusalema go ya Gasa. E ne e se moopahadiwa mo nameng, yo a neng a sa letlelelwe go tsena mo phuthegong ya Bajuda, mme o ne a ile kwa Jerusalema go obamela jaaka mosokologela Bojudeng yo o rupisitsweng. (Duteronome 23:1) Filipo o ne a fitlhela moopahadiwa yono a bala buka ya ga Isaia. Fa a mo laletsa gore a tle go pagama koloi, Filipo o ne a tlotla nae ka boperofeti jwa ga Isaia mme a “mo rèrèla Yesu.” (Isaia 53:7, 8) Go ise go e kae Moithiopia yoo o ne a tlhaeletsa jaana: “Bōna, metse ke a; ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Go ne go se sepe, ereka a ne a itse ka Modimo mme jaanong a dumela mo go Keresete. Ka jalo Filipo o ne a kolobetsa Moithiopia yono, yoo a neng a tsamaya a itumetse. A go na le sengwe seo se go kgoreletsang gore o se kolobediwe?

Go Sokololwa ga Mmogisi

10, 11. Go ne ga diragala eng ka Saulo wa Tareso a le mo tseleng e e yang kwa Damaseko le moragonyana ga foo?

10 Ka nako eo, Saulo o ne a batla go dira gore balatedi ba ga Jesu ba latlhe tumelo ya bone ba tshosediwa ka go tsenngwa mo kgolegelong kana go bolawa. (9:1-18a) Moperesiti yo mogolo (yo go lebegang e le Kaiafase) o ne a mo naya makwalo a a yang kwa sinagogeng ya kwa Damaseko ao a neng a mo laola gore a tlise banna le basadi bao e neng e le ba “Tsela” kana bao ba neng ba tshela botshelo jo bo neng bo thailwe mo sekaong sa ga Keresete ba golegilwe kwa Jerusalema. Mo e ka nnang ka sethoboloko gaufi le Damaseko, lesedi le ne la phatsima mo legodimong mme lentswe la botsa jaana: “Saulo, u mpogisetsañ?” Bao ba neng ba na le Saulo ba ne ba “utlwa lencwe” mme ba seka ba tlhaloganya seo se neng se buiwa. (Bapisa Ditihō 22:6, 9.) Go itshenola ka bontlhanngwe goo ga ga Jesu yo o galaleditsweng go ne go lekane go ka foufatsa Saulo. Modimo o ne a dirisa morutwa Ananiase gore a mo foufolole.

11 Morago ga go kolobediwa ga gagwe, mmogisi yono wa pele le ene o ne a bogisiwa. (9:18b-25) Bajuda ba ba kwa Damaseko ba ne ba batla go bolaya Saulo. Lefa go ntse jalo, mo bosigong, barutwa ba ne ba mo folosetsa kwa tlase ka letshoba lengwe mo loboteng, go lebega e ne e le ka seroto se se dirilweng ka megala kana dikala tse di otlhilweng. (2 Bakorintha 11:32, 33) Letshoba leo e ka nna ya bo e ne e le fensetere ya ntlo ya morutwa eo e neng e agetswe mo loboteng. E ne e se tiro ya bogatlapa ya go tila baba mme e ne e le gore ba tswelele ba ntse ba rera.

12. (a) Saulo o ne a diragalelwa ke eng kwa Jerusalema? (b) Phuthego e ne ya tswelela pele jang?

12 Barenabase o ne a thusa barutwa ba kwa Jerusalema go amogela Saulo jaaka modumedikabone. (9:26-31) Ke gone koo Saulo ka bopelokgale a neng a ganetsana le Bajuda ba ba buang Segerika gone, bao le bone ba neng ba leka go mmolaya. Fa ba lemoga seno, bakaulengwe ba ne ba mo tseela kwa Kaesarea mme ba mo romela kwa Tareso, kwa legaeng la gagwe kwa Kilikia. Phuthego yotlhe go ralala Judea, Galilea, le Samaria “ea bōna kagishō, ka go chosholosiwa” mo semoyeng. Jaaka e ne e “sepela mo poihoñ ea Morèna, le mo kgomocoñ ea Mōea o o Boitshèpō, ea kōkōtlègèla.” Abo seno e le sekao se se molemo jang ne mo diphuthegong tsotlhe gompieno fa di batla go amogela tshegofatso ya ga Jehofa.

Baditšhaba ba Fetoga Badumedi!

13. Ke dikgakgamatso dife tseo Modimo o neng wa kgonisa Petere go di dira kwa Lida le kwa Jopa?

13 Petere le ene o ne a dira ka natla. (9:32-43) Kwa Lida (e jaanong e leng Loda) mo Molapong wa Sharona, o ne a fodisa Eneasa yo a neng a sule ditokololo gone. Phodiso eno e ne ya dira gore ba le bantsi ba sokologele mo Moreneng. Kwa Jopa, morutwa yo o rategang Tabitha (Dorekase) o ne a tsenwa ke bolwetsi mme a swa. Fa Petere a ne a goroga, batlholagadi bao ba neng ba lela ba ne ba mmontsha diaparo tseo Dorekase a neng a di ba diretse tseo ba ka tswang ba ne ba ntse ba di apara. O ne a tsosa Dorekase, mme fa dikgang tseo di ne di anama, bontsi bo ne jwa dumela. Petere o ne a nna kwa Jopa le Simone mosugi wa matlalo, yo ntlo ya gagwe e neng e le fa thoko ga lewatle. Basugi ba matlalo ba ne ba ina matlalo a diphologolo mo lewatleng mme ba a tshasa ka kalaka pele ba ka fala bobowa jo bo mo go one. Matlalo ano a ne a dirwa diphate ka go sugiwa ka seedi sengwe se se tsewang mo dijalong.

14. (a) Korenelio e ne e le mang? (b) Go ne ga diragala eng ka dithapelo tsa ga Korenelio?

14 Ka nako eo, (36 C.E.), go ne go na le tswelelo pele e e bonalang felo gongwe gape. (10:1-8) Kwa Kaesarea go ne go nna moditšhaba yo o ineetseng Korenelio, yo e neng e le molaodi wa mophato yo o neng a laola banna ba ba ka nnang lekgolo. O ne a eteletse pele “mophatō o go tweñ oa Itale,” oo o neng o dirwa ke banna ba ba tswang mo baaging ba Roma le banna ba ba golotsweng ba Itale. Lefa Korenelio a ne a boifa Modimo, o ne a sa sokologela mo Bojudeng. Mo ponatshegelong, moengele o ne a mmolelela gore dithapelo tsa gagwe di “tlhatlogile, di ile go nna segopoco ha pele ga Modimo.” Le eleng lefa Korenelio a ne a ise a ineele mo go Jehofa ka nako eo, thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa. Mme jaaka moengele a ne a kaela, o ne a roma Petere.

15. Go ne ga diragala eng fa Petere a ne a rapela mo godimo ga ntlo ya ga Simone?

15 Fa go ntse jalo, Petere o ne a bona ponatshegelo fa a ne a rapela a le mo godimo ga ntlo ya ga Simone. (10:9-23) O ne a bona, ekete mo torong, sengwe se eketeng letsela se fologa kwa legodimong se tletse dibopiwa tsa maoto a manè, tse di gagabang le dinonyane. Fa a laelwa gore a tlhabe a je, Petere o ne a bolela gore ga a ise a ko a je sepe se se itshekologileng. “Se Modimo o se ntlahaditseñ, u se ka ua se kaea selō hèla,” o ne a bolelelwa jalo. Ponatshegelo eno e ne ya gakgamatsa Petere, mme o ne a latela kaelo ya moya. Ka gone, ene le bakaulengwe ba barataro ba Bajuda ba ne ba tsamaya le barongwa ba ga Korenelio.—Ditihō 11:12.

16, 17. (a) Petere o ne a bolelela Korenelio le bao ba neng ba phuthegetse kwa ntlong ya gagwe eng? (b) Ke eng seo se neng sa diragala fa Petere a santse a bua?

16 Jaanong Baditšhaba ba ntlha ba ne ba setse ba tla utlwa mafoko a a molemo. (10:24-43) Fa Petere le ditsala tsa gagwe ba fitlha kwa Kaesarea, Korenelio, balosika lwa gagwe, le ditsala tsa gagwe tse di mo ratang thata ba ne ba ba emetse. Korenelio o ne a wela fa dinaong tsa ga Petere, mme moaposetoloi yoo ka boikobo o ne a gana gore a mo obamele. O ne a bolela kafa Jehofa a neng a tloditse Jesu ka moya o o boitshepo a bile a mo neile maatla jaaka Mesia mme a tlhalosa gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o itshwarelwa dibe.

17 Jehofa o ne a tsaya kgato jaanong. (10:44-48) Fa Petere a santse a bua, Modimo o ne a tshololela Baditšhaba bao ba ba dumelang moya o o boitshepo. Gone fela foo, ba ne ba tsalwa ke moya wa Modimo mme ba ne ba tlhotlhelediwa go bua ka dipuo di sele ba mmaka. Ka gone, ba ne ba kolobediwa kafa tshwanelong mo leineng la ga Jesu Keresete. Ka gone ke kafa Petere a neng a dirisa sekopololo sa boraro go bulela Baditšhaba ba ba boifang Modimo kgoro ya kitso le tshono ya go tsena mo Bogosing jwa selegodimo.—Mathaio 16:19.

18. Bakaulengwe ba Bajuda ba ne ba itshwara jang fa Petere a ne a ba tlhalosetsa gore ‘Baditšhaba ba ne ba kolobeditswe ka Moya o o Boitshepo’?

18 Moragonyana, kwa Jerusalema, bao ba tshegetsang go rupisiwa ba ne ba ganetsa Petere. (11:1-18) Fa a ne a ba tlhalosetsa kafa Baditšhaba ba neng ba “kolobediwa ka Mōea o o Boitshèpō” ka gone bakaulengwe ba gagwe ba Bajuda ba ne ba akabala fela mme ba baka Modimo, ba re: “Yalo Badichaba le bōnè, Modimo o ba neile boikwatlhaō yoa go bōna botshelō.” Le rona re tshwanetse go iketleetsa go amogela sepe fela fa re tlhalosediwa go rata ga Modimo.

Ga Tlhomiwa Phuthego ya Baditšhaba

19. Go ne ga tla jang gore barutwa ba bidiwe Bakeresete?

19 Phuthego ya ntlha ya Baditšhaba jaanong e ne e tlhomilwe. (11:19-26) Fa barutwa ba ne ba phatlaladiwa ke pogiso eo e neng ya tsoga ka ntlha ya ga Setefane, bangwe ba ne ba ya kwa Antioka, kwa Siria, tse di neng di itsege ka kobamelo e eseng phepa le go bola mo boitsholong. Fa ba ntse ba bua mafoko a a molemo mo bathong ba ba buang Segerika koo, “seatla sa Morèna sa nna nabō,” mme bontsi jwa fetoga badumedi. Barenabase le Saulo ba ne ba ruta koo ka lobaka lwa ngwaga, “me . . . barutwa ba simologile ba bidiwa Bakeresete loa ntlha mo Antioka [“ka kaelo ya bomodimo,” NW].” Ga go belaetse gore Jehofa o ne a laotse gore ba bidiwe jalo, ereka lefoko la Segerika khre·ma·tiʹzo, le raya go ”bidiwa ka kaelo ya bomodimo.” gantsi le dirisiwa mo Dikwalong fa go buiwa ka se se tswang mo Modimong.

20. Agabo o ne a bolelela pele eng, mme phuthego ya Antioka e ne ya arabela jang?

20 Baperofeti ba ba boifang Modimo ba ne ba ya kwa Antioka ba tswa Jerusalema. (11:27-30) Mongwe wa bone e ne e le Agabo, yo a neng a bontsha “ka Mōea ha go tla nna leuba ye legolo mo lehatshiñ yeotlhe.” Boperofeti joo bo ne jwa diragadiwa fa go ne go busa mmusi wa Roma Claudius (41-54 C.E.), mme raditiragalo Josephus o umaka “leuba leno le legolo.” (Jewish Antiquities, XX, 51 [ii, 5]; XX, 101 [v, 2]) E tlhotlhelediwa ke lorato, phuthego ya Antioka e ne ya romelela bakaulengwe ba ba tlhokang kwa Judea moneelo.—Yohane 13:35.

Pogiso ga e Thuse Sepe

21. Herode Ageripa o ne a tsaya kgato efe kgatlhanong le Petere, mme go ne ga felela jang?

21 Paka ya kagiso e ne ya khutla fa Herode Ageripa I a ne a simolola go bogisa batho ba ba boifang Jehofa mo Jerusalema. (12:1-11) Herode o ne a bolaya Jakobe ka tšhaka, gongwe a mo kgaola tlhogo jaaka moaposetoloi wa ntlha yo o neng a swela tumelo. Fa a bona gore seno se ne se itumedisitse Bajuda, Herode o ne a tsenya Petere mo kgolegelong. Go lebega moaposetoloi yoo a ne a golagantswe le lesole mo matlhakoreng oomabedi, fa ba bangwe ba le babedi ba ne ba disa ntlwana e a neng a le mo go yone ya kgolegelo. Herode o ne a rulaganyetsa go mmolaya morago ga Tlolaganyo le malatsi a dinkgwe tse di sa bedisiwang (Nisane 14-21), mme dithapelo tsa phuthego tseo a neng a di rapelelwa di ne tsa arabiwa fela ka nako fela jaaka gantsi go diragala ka tsa rona. Seno se ne sa diragala fa moengele wa Modimo ka kgakgamatso a ne a golola moaposetoloi.

22. Go ne ga diragala eng fa Petere a ne a ya kwa ntlong ya ga mmaagwe Mareko, ebong Maria?

22 Ka bonako fela Petere o ne a le kwa ntlong ya ga Maria (mmaagwe Johane Mareko), gongwe e le koo Bakeresete ba neng ba phuthegela gone. (12:12-19) Mo lefifing, mosetsana mongwe wa motlhanka ebong Roda o ne a lemoga lentswe la ga Petere mme a mo tlogela kwa kgorong e e lotletsweng. Gongwe kwa tshimologong barutwa ba ka tswa ba ne ba akanya gore Modimo o ne a ba romeletse morongwa wa moengele yo a neng a emela Petere, mme a bua ka lentswe le le tshwanang le la gagwe. Lefa go ntse jalo, fa ba ne ba bulela Petere, o ne a ba bolelela gore ba ye go begela Jakobe le bakaulengwe ba gagwe (gongwe bagolwane) kaga go gololwa ga gagwe. O ne a tsamaya mme a ngongwaela a sa ba bolelele kwa a yang gone gore a seka a ba baya mo kotsing kana a ipaya mo kotsing fa go ka batlisisiwa. Go batla ga ga Herode Petere go ne ga seka ga mo thusa sepe, mme o ne a otlhaya badisa ba gagwe, gongwe le eleng go ba bolaya.

23. Puso ya ga Herode Ageripa I e ne ya khutla jang, mme re ithuta eng go tswa mo go seno?

23 Ka 44 C.E. puso ya ga Herode Ageripa e ne ya khutla ka bonako mo Kaesarea fa a ne a le dingwaga di le 54. (12:20-25) O ne a batla go lwa kgatlhanong le Bafonekia ba Ture le Sidone, bao ba neng ba naya motlhanka wa gagwe Belaseto pipamolomo ya go dira gore go nne le kokoano eo mo go yone ba neng ba tla batla kagiso. Mme “ka letsatsi leñwe ye le laocweñ,” (leo le neng gape e le la moletlo o o neng o tlotla Kaesare Kelaodio), Herode o ne a apara diaparo tsa gagwe tsa segosi, mme a nna mo setulong sa gagwe sa boatlhodi, mme a simolola go bua le batho. Fa ba araba batho ba ne ba tlhaeletsa jaana: “Ke lencwe ya modimo moñwe, ga se ya motho.” Ka bonako fela, moengele wa ga Jehofa o ne a mo itaya “ka a sa nee Modimo tlotlō.” Herode o ne a “yèwa ke diboko, a shwa.” A sekao seno sa tlhagiso se re tlhotlheletse gore re tswelele pele re sepela ka go boifa Jehofa, re bifela boikgogomoso bope mme re mo naya tlotlo ka seo re se dirang jaaka batho ba gagwe.

24. Ke eng seo setlhogo sa nako e e tlang se tla se bontshang ka koketsego?

24 Go sa kgathalesege go bogisiwa ke Herode, “lehoko ya Modimo ya tota, ya ata.” Ebile tota, jaaka setlhogo sa nako e e tlang se tla bontsha, barutwa ba ne ba ka lebelela go oketsega gape mo isagweng. Ka ntlhayang? Ka gonne ba “sepela mo poihoñ ea Morèna.”

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Setefane o ne a bontsha jang gore o ne a boifa Jehofa, fela jaaka batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba dira go tloga ka nako eo?

◻ Loso lwa ga Setefane lo ne lwa ama jang tiro ya go rera ka Bogosi, mme a seno se a diragala le gompieno?

◻ Mmogisi Saulo wa Tareso o ne a fetoga yo o boifang Jehofa jang?

◻ Baditšhaba ba ntlha bao ba neng ba dumela e ne e le bomang?

◻ Ditihō kgaolo 12 e bontsha jang gore pogiso ga e emise batho ba ba boifang Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Lesedi le ne la phatsima go tswa kwa legodimong mme lentswe la utlwiwa le re: “Saulo, Saulo, u mpogisetsañ?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela