LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 1/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setefane—O ne “A Amogelwa ke Modimo e Bile Modimo a mo Naya Maatla”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Setefane o Kgobotlediwa ka Maje
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Sepela ka go Boifa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 1/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A mafoko a ga Setefane a a mo go Ditiro 7:59 a bontsha gore dithapelo di tshwanetse go lebisiwa kwa go Jesu?

Ditiro 7:59 ya re: “Mme ba tswelela go konopa Setefane ka maje fa a ne a dira boikuelo a re: ‘Morena Jesu, amogela moya wa me.’” Mafoko ao a dirile gore go tsoge dipotso mo megopolong ya bangwe, ka gonne Baebele yone ya re Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) A tota Setefane o ile a rapela Jesu? A seno se bontsha gore Jesu o lekana le Jehofa?

King James Version ya re Setefane o ne a “bitsa Modimo.” Go a utlwala he go bo ba le bantsi ba feleletsa ba dirile tshwetso e e ileng ya dirwa ke mokanoki wa Baebele e bong Matthew Henry, yo o ileng a re: “Setefane fano o rapela Keresete, ka jalo le rona re tshwanetse go mo rapela.” Le fa go ntse jalo, kgopolo eo e phoso. Ka ntlha yang?

Barnes’ Notes on the New Testament e dumela fela jaana ka tlhamalalo: “Lefoko Modimo le ne le seyo mo mafokong a ntlhantlha a a neng a dirisiwa fano, e bile ga le a tshwanela go ka bo le tsentswe mo thanolong eno. Le ne le seyo mo [mekwalong ya seatla] kgotsa mo dithanolong tsa bogologolo.” Go tlile jang gore lefoko “Modimo” le tsenngwe mo temaneng eo? Mokanoki Abiel Abbot Livermore o ne a re seno ke “sekai fela sa kafa makoko mangwe a baranodi a neng a ranola go ya kafa a dumelang ka gone.” Ka jalo, dithanolo di le dintsi tsa segompieno ga di tsenye lefoko Modimo mo temaneng eno ka gonne le sa tshwanela go nna teng mo go yone.

Le fa go ntse jalo, dithanolo di le dintsi di a re Setefane “o ne a rapela” Jesu. Mme ntlha e e kwa tlase mo Baebeleng ya New World Translation e bontsha gore mafoko a a reng “a dira boikuelo” gape a ka raya “go kopa thuso; go rapela.” A seno se ne se kitla se bontsha gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe? Nnyaa. Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words e tlhalosa gore mo boemong jono, lefoko la ntlhantlha la Segerika, e·pi·ka·leʹo, le bolela: “Go bitsa, go kopa; . . . go ikuela kwa molaoding.” Paulo o ne a dirisa lefoko le le tshwanang le leno fa a ne a re: “Ke ikuela kwa go Kaesara!” (Ditiro 25:11) Ka jalo, go a tshwanela go bo The New English Bible e re Setefane “o ne a bitsa” Jesu.

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Setefane go dira boikuelo joo? Go ya ka Ditiro 7:55, 56, Setefane, “ka a tletse moya o o boitshepo, a leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” Ka tlwaelo fela, Setefane a ka bo a ile a rapela Jehofa ka leina la ga Jesu. Mme fa Setefane a ne a bona Jesu yo o tsositsweng mo ponatshegelong, go bonala a ne a ikutlwa a gololesegile go ikuela kwa go ene ka tlhamalalo, a re: “Morena Jesu, amogela moya wa me.” Setefane o ne a itse gore Jesu o neilwe maatla a go tsosa baswi. (Johane 5:27-29) Ka jalo, o ne a kopa Jesu go sireletsa moya wa gagwe, kgotsa maatla a botshelo, go fitlhela ka letsatsi le Jesu a tla mo tsosetsang kwa botshelong jwa bosasweng kwa legodimong ka lone.

A kopo e khutshwane ya ga Setefane e tlhoma molao wa gore go rapelwe Jesu? Legoka. Selo sa botlhokwa ke gore Setefane o ne a farologanya Jehofa sentle mo go Jesu, ka go bo pego eno ya re o ne a bona Jesu “a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” Gape, maemo ano a ne a sa tshwane le ape. Nako e nngwe e Jesu a ileng a kopiwa ka tlhamalalo ka yone ke ka nako ya ga moaposetoloi Johane, yo le ene a neng a buisana le Jesu ka tlhamalalo fa a ne a mmona mo ponatshegelong.—Tshenolo 22:16, 20.

Le fa Bakeresete gompieno ba lebisa dithapelo tsa bone kwa go Jehofa Modimo ka tsela e e tshwanetseng, le bone ba na le tumelo e e nonofileng ya gore Jesu ke “tsogo le botshelo.” (Johane 11:25) Fela jaaka go ile ga direga ka Setefane, go dumela mo go Jesu gore o tla kgona go tsosa balatedi ba gagwe mo baswing go ka re thusa le go re nonotsha ka dinako tsa diteko.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela