LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 6/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dipotso Tse Di Tswang go BabadI
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 6/1 ts. 30-31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ A Basupi ba ga Jehofa ba amogela mekento ya dire dingwe tse di ntshitsweng mo mading, jaaka globulin kana albumin eo e thibelang malwetsi?

Bangwe ba a dira, ba dumela gore Dikwalo ga di gane ka tlhamalalo go amogela mekento e e nang le karolwana e nnye, kana e tlhakantswe, le dire dingwe tse di ntshitsweng mo mading.

Mmopi o ne a laela batho kwa tshimologong gore ba tile go ja madi a re: “Dilō cotlhe tse di tsamaeañ tse di tshelañ, di tla nna diyō tsa lona; . . . Me nama e e tlhakanyeñ le botshelō yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya.” (Genesise 9:3, 4) Madi a ne a le boitshepo mme ka gone a ne a ka dirisetswa setlhabelo fela. Fa a ne a sa dirisiwe ka tsela eno, a ne a tshwanelwa gore a tshololelwe mo mmung.—Lefitiko 17:13, 14; Duteronome 12:15, 16.

Seno e ne e se thibelo fela ya nakwana mo Bajudeng. Botlhokwa jwa seno bo ne jwa otlelelwa gape le mo Bakereseteng. (Ditihō 21:25) Mo tikologong ya bone mo Mmusomogolong wa Roma, molao wa Modimo o ne o tlhola o robiwa, ereka batho ba ne ba ja dijo tse di tsentsweng madi. O ne o robiwa gape ka mabaka a “kalafi”; mme Tertullian o bega gore banna bangwe ba ne ba nwa madi ba akanya gore a fodisa bolwetsi jwa go wa. ‘Ba ne ba nwa madi a dinokwane tseo di neng di bolaelwa mo lefelong leo la metshameko ka go a nyorelwa.’ O ne a oketsa jaana: “Tlhabelwang ke ditlhong ditiro tsa lona tse di leswe fa pele ga Bakeresete, bao go senang lefa e le madi a diphologolo mo dijong tsa bone.” Basupi ba ga Jehofa gompieno le bone ka go tshwana ba ikaeletse gore ba se ka ba tlola molao wa Modimo, go sa kgathalesege ka moo ba bangwe ba tlwaetseng go ja dijo tse di nang le madi ka gone. Ka bo 1940, go tshelwa ga madi go ne ga simolola go tlalatlala, mme Basupi ba ne ba bona gore go utlwa Modimo go ne go raya gore ba tshwanetse go tila go tshelwa madi, le eleng lefa dingaka di ne di ba kgothaletsa seno.

Lantlha, ditshelo tse dintsi e ne e le tsa madi a ntse fela jaaka a ntse. Moragonyana, babatlisisi ba ne ba simolola go kgaoganya madi ka dikarolo tsa one tse dikgolo, ka go bo dingaka di ne tsa swetsa ka gore balwetsi ba bangwe ga ba kake ba tlhoka dikarolo tsotlhe tsa madi. Fa ba ne ba mo naya karolo e le nngwe fela go ne go tla fokotsa dikotsi, mme dingaka di ne di tla kgona go dirisa madi a ba nang nao ka mo go oketsegileng.

Madi a motho a ka kgaoganngwa ka disele tse dintsho le borerepa jo bo serolwana (plasma, kana serum). Karolo e e nang le disele (45 lekgolong ya seedi sotlhe) e dirwa ke seo ka tlwaelo se itsiweng jaaka disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, le disele tse dinnye. Mo go one 55 lekgolong ke plasma. Eno e dirwa ke 90 lekgolong ya metsi, mme e na le dikarolwana di le dintsi tsa diporoteine, dihoromone, matswai, le diensaeme. Gompieno, bontsi jwa madi a a tshelwang a kgaoganngwa ka dikarolo tseno tse dikgolo. Molwetsi mongwe o ka nna a tshelwa plasma (gongwe FFP, eleng plasma e e gatseditsweng) go alafa letshogo. Mme molwetsi yo madi a gagwe a senang disele tse dikhibidu o ka fiwa disele tse dikhibidu tse di pakilweng, ke gore, disele tse dikhibidu tseo di bolokilweng mme tsa tsenngwa mo seeding sengwe mme tsa tshelwa mo go ene. Dipolatelete le disele tse ditshweu le tsone di a dirisiwa mme ga go a tlwaelega thata.

Mo dinakong tsa Bibela batho ba ne ba ise ba nne le mekgwa ya go dirisa dikarolwana tseno jalo. Modimo o ne o buile fela jaana: ‘Lo ithibe mo mading.’ (Ditihō 15:28, 29) Mme ke ka ntlhayang fa ope fela a ka akanya gore go dirisa madi a a tletseng kana dikarolwana tsa madi tse di kgaogantsweng go farologane? Lemororo batho ba bangwe ba ne ba nwa madi, Bakeresete ba ne ba gana le eleng lefa seo se ne se raya gore ba ne ba tla bolawa. A o akanya gore ba ne ba ka itshwara ka mo go farologaneng fa mongwe a ne a ka goga madi, a a kgaoganya, mme a ba fa fela plasma kana e le karolwana fela e e remileng, kana e le boroso e e tsentsweng madi? Nnyaa ruri! Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele ditshelo tsa madi a a tletseng kana dikarolo tsa one tse dikgolo (disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete, kana plasma) tseo di dirisediwang go fitlhelela boikaelelo jo bo tshwanang.

Lefa go le jalo, jaaka potso eno e akantsha, borasaense ba ile ba ithuta ka dikarolwana tse di kgethegileng tsa madi le gore di ka dirisiwa jang. Kgang e e tlwaelegileng e ama plasma e e nang le diporoteine—globulin, albumin, le fibrinogen. Go lebega tsela e e tlwaelegileng thata ya tiriso ya madi e le go dirisa globulin e e lwang le malwetsi. Ke ka ntlhayang fa go dirwa jalo?

Mmele wa gago o kgona go ntsha dilo tseo di lwantshang malwetsi a a rileng, mme go go dire gore o nne o itekanetse. Seno se thailwe mo go kentiweng ka mokento (toxoid) wa go thibela bolwetsi jwa go swa mhama, makidiane, mmoko, diphtheria-tetanus-pertussis, le letshoroma la mala. Lefa go ntse jalo, fa mongwe bosheng a ne a kile a tshwarwa ke malwetsi mangwe a a rileng a a masisi, dingaka di ka nna tsa akantsha gore a kentiwe ka serum (e e dirang dilwantshaditwatsi) go dira gore mmele wa gagwe o kgone go lwa le malwetsi. Go fitlha gompieno mekento e e ntseng jalo e ile ya dirwa ka go dirisa dikarolwana tsa globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi, eo e nang le dilo tse di bolayang malwetsi, tsa motho yo o itekanetseng.a Go lwa kgatlhanong le bolwetsi ga mmele go go bonwang ka mokento ga se ga nako e telele, ka go bo morago ga nako dilwakgatlhanong le malwetsi tseo di tsentsweng mo go ene di a tswa mo mmeleng wa gagwe.

Ka ntlha ya taolo e e reng ‘lo ithibe mo mading,’ Bakeresete ba bangwe ba ile ba ikutlwa gore ga ba kake ba amogela mokento wa globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi (diporoteine), le eleng lefa e ne e le karolwana fela ya madi. Boemo jwa bone bo phepafetse ebile bo motlhofo—ga ba batle karolwana epe ya madi ka tsela nngwe kana ka selekanyo sepe.

Ba bangwe ba ne ba ikutlwa gore serum (e e dirang dilwantshaditwatsi), jaaka globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi, e e nang le karolwana e nnye fela ya plasma ya madi a motho mongwe ao a dirisiwang go rotloetsa mmele gore o kgone go lwa kgatlhanong le malwetsi ga e tshwane le go tshelwa madi a a bolokang botshelo. Ka jalo digakolodi tsa bone di ka nna tsa seka tsa ba thibela gore ba amogele globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi kana dikarolwana dipe fela tse di tshwanang.b Ba ka nna ba swetsa ka gore mo go bone tshwetso e tla nna mo goreng a tota ba amogela mathata ape fela a botsogo ao a amanang le mokento o o ntseng jalo wa madi a batho ba bangwe ao a ka ba tlhagelang.

Go a tlhaloganyesega gore tsamao ya madi a mosadi yo o moimana e farologana gotlhelele le ya lesea le le mo sebopelong sa gagwe; le mefuta ya madi a bone gantsi e a farologana. Madi a ga mmè ga a fetele mo mading a lesea. Dikarolo tse di bopegileng (disele) tseo di tswang mo mading a ga mmè ga di fetele mo mading a lesea, kana le fa e le yone plasma. Ebile tota, fa ka kotsi madi a mmè le a lesea a ka tlhakana, go nna le mathata mangwe a boitekanelo (go sa tshwaneng sentle ga Rh kana ABO). Lefa go ntse jalo dire tse dingwe go tswa mo plasma di ka tsena mo tsamaong ya madi a lesea. A diporoteine tsa plasma, jaaka globulin le albumin tse di lwang kgatlhanong le malwetsi di ka dira jalo? Ee, dingwe di a dira.

Mosadi yo o moimana o na le tsamao nngwe e e dirang eo ka yone globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi e tsamayang go tswa mo mading a ga mmè go ya mo go a lesea. Masea a tsholwa a itekanetse ka ntlha ya go bo a sirelediwa mo malwetsing mangwe ke tsamao eno ya dithibela malwetsi tseo di fetelang mo leseanyaneng leno fa le imilwe.

Go tshwana fela le ka albumin, eo dingaka di ka nnang tsa akantsha gore e fiwe batho ba ba alafelwang letshogo kana maemo a mangwe fela.c Babatlisisi ba ile ba tlhomamisa gore albumin e e tserweng go plasma e ka tsamaisiwa, lefa e se ka katlego, go tswa mo go mmè go ya mo ngwaneng.

Gore dikarolwana dingwe tsa diporoteine tsa plasma di kgona go tswa mo tsamaong ya madi a motho yo mongwe di ya mo go a yo mongwe (lesea) ka tlholego fela ke sengwe seo Mokeresete a ka nnang a se akanyetsa fa a batla go amogela globulin e e lwantshang malwetsi, albumin, kana mekento e mengwe fela ya dikarolwana tsa plasma. Motho mongwe o ka ikutlwa gore ka segakolodi se se molemo o ka dira jalo; mongwe o ka nna a swetsa gore ga a kake a dira jalo. Mongwe le mongwe o tshwanetse go dira phetso ka namana fa pele ga Modimo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka DNA e e tlhakanngwang, kana boranyane jwa go dira dijine, borasaense ba dira dilo dingwe tse di tshwanang mme e se ka madi.

b Sekai sengwe ke Rh globulin e e lwang kgatlhanong le malwetsi, eo dingaka di ka e akantshang fa go na le go sa tshwaneng ga Rh mo go mmè le losea lwa gagwe. Karolwana e nngwe ke Factor VIII, eo e fiwang batho ba ba tshologang madi.

c Bosupi bo bontsha gore dire dingwe tse di senang madi tseo di tsenngwang (jaaka hetastarch [HES]) di ka dirisiwa ka katlego go alafa letshogo le maemo a mangwe ao mo go one go neng go kile ga dirisiwa dire tsa albumin.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela