Ntwa ya Kwa Jeriko—A Ke Tlhamane Kana Ke ya Mmatota?
BAITHUTAMAROPE ga ba bolo go leka go dira gore go belaelwe dipego tsa Bibela tsa ga Joshua le tsa ntwa ya Jeriko. Go ya ka Bibela, Joshua le masole a Baiseraele ba ne ba dikologa Jeriko ka malatsi a le supa, go fitlha fa Modimo o ne o diga dithako tse di boitshegang tsa motse oo. Seno se ne sa kgonisa Baiseraele go tsena le go “hisa motse ka molelō, le cotlhe tse di mo go ōna.”—Yoshue 6:1-24.
Mme baithutamarope ba bantsi ba ne ba tlhatswegile pelo ba fapositswe ke dikwalo tsa ga Kathleen Kenyon tsa bo 1950, ka gone ba tsaya gore Jeriko e ne e se gone fa Baiseraele ba tlhasela. Ka go bo ba ne ba bolela gore motse oo o ne o sentswe dingwaga tse di fetang tse di lekgolo pele ga foo! Ka gone, pego ya Bibela ya ga Joshua le Baiseraele e ne ya kgaphelwa kwa thoko. Lefa go le jalo, bosheng jaana, Dr. Bryant G. Wood, eleng moithutamarope go tswa kwa Yunibesithing ya kwa Toronto, kwa Canada, o ne a sekaseka bosupi jo bo mabapi le Jeriko sesha. Go ya ka The New York Times, o ne a feditse ka go re Dr. Kenyon “o ne a lebile mofuta o o phoso wa dilo tsa letsopa, le mafelo a a phoso,” le gore tota bosupi “bo dumalana ka mo go gakgamatsang” le Bibela.
Dr. Wood o bua ka molora o o bogodimo jwa metara o le mongwe o o nang le dikarolwana tse dinnye tsa dilo tsa letsopa, ditena tse di thubegileng tsa lorako lo lo oleng, dikota tse dintsho tse eketeng di ne di fisiwa ke molelo o o neng o aparetse motse otlhe. Dipapetlana tseno tsa letsopa go bolelwa e le tsa letlha (go ya ka mekgwa e e dirisiwang e go dumelwang fa e sa tlhomama) la 1410 pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, fa o tsaya kana o ntsha dingwaga tse 40—gaufi le 1473 B.C.E., re bona letlha la ntwa ya Jeriko la Bibela.
Bafatolodi ba ile ba fitlhela gore matlo a Jeriko wa bogologolo a ne a na le mabele a mantsi a a bolokilweng. Seno se a kgatlhisa, ereka Bibela e bontsha gore Jeriko e ne ya senngwa fela fa morago ga thobo ya dikgakologo mme go ne ga se ka ga nna le tlala ka ba ne ba se ka ba dikaganyediwa. (Yoshue 3:14-16) Mabaka otlhe ano ke a a molemo ka a tlhalosa gore ke ka ntlhayang matlo a Jeriko a ne a na le mabele a a bolokilweng fa motse oo o ne o senngwa.
Borasaense tota ga ba batle go dumela gore Bibela e tlhomame. Ka gone, Times e tsopola mokanoki mongwe wa maemo a a kwa godimo yo a neng a arabela seo Wood a neng a se bolela jaana: “Ga go na pelaelo ya gore tshedimosetso e ntsi e e bonwang mo Bibeleng e boammaaruri.” Lefa go le jalo, jaaka dipego tse di oketsegileng tsa Dikwalo di ntse di tshegediwa ke dilo tse di bonwang bosheng tsa saense le tsa baithutamarope, go phepafetse sentle mo bathong ba ba akanyang sentle gore Bibela ga se maaka fela a a kgobokantsweng a a nang le ditlhakanyana tsa boammaaruri fale le fale. Go ntse fela jaaka Bibela ka boyone e re: “A Modimo o hitlhèlwè o le boamarure, me motho moñwe le moñwe a le moaki.”—Baroma 3:4.
Lemororo dithanolo tsa baithutamarope tsa dilo tse di epolotsweng bosheng kwa Jeriko di kgatlha, Bakeresete ba boammaaruri ba “sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō.” (2 Bakorintha 5:7) Tumelo ya bone ga e a ikaega ka thutamarope. Bibela e itshupa kgapetsa kgapetsa gore ke motswedi o o ka ikanngwang wa tshedimosetso ya nako e e fetileng, ya jaanong, le ya nako e e tlang bosupi jwa thutamarope bo le teng kana bo seyo.—Pesalema 119:105; 2 Petere 1:19-21.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Marope a Jeriko, koo Jehofa a neng a dira gore Baiseraele ba fenye gone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial archive (Near Eastern History) Est.