LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 11/15 ts. 15
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ntwa ya Kwa Jeriko—A Ke Tlhamane Kana Ke ya Mmatota?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Tesetamente E Kgologolo” E Ikanyega Go Le Go Kana Kang?
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Dipota Tsa Jeriko
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 11/15 ts. 15
Baperesiti ba letsa dinaka, Joshua o goeletsa gore ntwa e simologe mme dipota tsa Jeriko di simolola go wa

DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING

Baithutamarope ba fitlhetse eng se se bontshang gore Jeriko e ne ya thopiwa mo nakong e khutshwane?

Joshua 6:10-15, 20 ya re masole a Iseraele a ne a gwanta go dikologa Jeriko gangwe ka letsatsi mo malatsing a le marataro. Mo letsatsing la bosupa, a ne a e dikologa makgetlo a le supa. Go tswa foo, Modimo o ne a diga dipota tsa Jeriko, mme Iseraele ya thopa motse ono. A baithutamarope ba fitlhetse sengwe se se bontshang gore Baebele e bua boammaaruri fa e re Jeriko e ne ya thopiwa mo nakong e khutshwane?

Mo metlheng ya bogologolo, masole a ne a gapa motse ka go dikaganyetsa dipota tsa one. Fa masole a dikaganyetsa motse ka lobaka lo loleele, batho ba motse oo ba ne ba ja bontsi jwa dijo tse di mo mabolokelong. Fa kgabagare masole a gapa motse oo, a ne a tsaya sengwe le sengwe go akaretsa le dijo tse di setseng. Ke ka moo baithutamarope ba sa fitlheleng dijo tse di kalo kgotsa ba sa fitlheleng sepe fa ba epa matlotla a metse e e kwa Palesetina e e neng ya tlhaselwa ka one mokgwa ono. Mme matlotla a kwa Jeriko one a farologane. Biblical Archaeology Review ya re: “Bontsi jwa dilo tse di fitlhetsweng moo, ntle le matsopa, e ne e le dijo tsa ditlhaka.” Gape ya re: “Ga go a tlwaelega go bona dijo tsa ditlhaka tse dintsi jaana.”

Baebele ya re Jehofa o ne a laetse Baiseraele gore ba se ka ba tsaya dijo tsa motse wa Jeriko. (Joshua 6:17, 18) Gape ya re Baiseraele ba ne ba tlhasela Jeriko ka dikgakologo, morago ga thobo, ka nako ya fa go ne go na le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo motseng oo. (Joshua 3:15-17; 5:10) E re ka go fitlhetswe dijo tse dintsi tsa ditlhaka, seno se raya gore Baebele e opa kgomo lonaka fa e re Jeriko e ne ya thopiwa ka lobaka lo lokhutshwane.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela