LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 46
  • Dipota Tsa Jeriko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipota Tsa Jeriko
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Rahabe O ne A Dumela mo go Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • O ne “A Bolelwa a Siame ka Ditiro”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 46
Joshua o eteletse pele Baiseraele ba ba goang e bile ba letsa dinaka fa dipota tsa Jeriko di ntse di wa

POLELO 46

Dipota Tsa Jeriko

KE ENG se se dirang gore dipota tseno tsa Jeriko di we? Go ntse jaaka e kete di iteilwe ke bomo e kgolo. Mme mo metlheng eo ba ne ba se na dibomo; ba ne ba se na ditlhobolo. Ke kgakgamatso e nngwe ya ga Jehofa! A re ithute kafa e diregileng ka gone.

Reetsa se Jehofa a se bolelelang Joshua: ‘Wena le masole a gago lo gwante go dikologa motse. Lo o dikologe gangwe letsatsi le letsatsi lo ntse lo gwanta ka malatsi a le marataro. Lo dire jalo lo tshotse letlole la kgolagano. Baperesiti ba le supa ba tsamaye kwa pele ga lone mme ba letse dinaka tsa bone.

‘Mo letsatsing la bosupa lo gwante go dikologa motse ka makgetlo a le supa. Go tswa foo, lo letse dinaka lobaka lo loleele, mme mongwe le mongwe a goe ka mokgosi o mogolo wa ntwa. Mme dipota di tla gosomana fa fatshe!’

Dipota tsa Jeriko di a wa, ntle le ntlo ya ga Rahabe e go lepeleditsweng mogala o mohibidu mo go yone

Joshua le batho ba dira se Jehofa a reng ba se dire. Fa ba ntse ba gwanta, mongwe le mongwe o didimetse. Ga go na ope yo o buang. Go utlwala fela modumo wa dinaka le wa dinao tse di gwantang. Batho ba Jeriko ba e leng baba ba batho ba Modimo ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshogile. A o bona mogala o mohibidu o o lepeletseng mo fensetereng? Ke fensetere ya ga mang eo? Ee, Rahabe o dirile se ditlhola tse pedi di mmoleletseng gore a se dire. Botlhe ba lelapa la gagwe ba na le ene mo ntlong mme ba lebeletse.

Kgabagare mo letsatsing la bosupa, fa ba sena go gwanta go dikologa motse ka makgetlo a le supa, go utlwala modumo wa dinaka, masole a a goa, mme dipota di a gosomana. Go tswa foo, Joshua a re: ‘Bolayang mongwe le mongwe yo o mo motseng mme lo o fise. Fisang sengwe le sengwe. Lo tlogele fela selefera, gauta, kgotlho le tshipi, mme lo di tsenye mo matlotlong a tente ya ga Jehofa.’

Joshua o raya ditlhola tse pedi a re: ‘Yang kwa ntlong ya ga Rahabe, mme lo mo ntshetse kwa ntle ene le ba lelapa la gagwe.’ Rahabe le ba lelapa la gagwe ba bolokesegile, fela jaaka ditlhola di ne di mo solofeditse.

Joshua 6:1-25.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela