LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 44
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rahabe O ne A Dumela mo go Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • Rahabe O ne A Reetsa Dikgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne “A Bolelwa a Siame ka Ditiro”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 44
Rahabe le mongwe wa ditlhola mo fensetereng ka mogala o mohibidu

POLELO 44

Rahabe o Fitlha Ditlhola

BANNA bano ba mo kotsing. Ba tshwanetse go tshaba, go seng jalo ba tla bolawa. Ke ditlhola tsa Baiseraele, mme mosadi yo o ba thusang ke Rahabe. Rahabe o nna fano mo ntlong e e mo loboteng lwa motse wa Jeriko. A re bone gore ke ka ntlha yang fa banna bano ba le mo kotsing.

Baiseraele ba setse ba siametse go kgabaganya Noka ya Joredane le go tsena mo lefatsheng la Kanana. Mme pele ga ba ka kgabaganya, Joshua o romela banna ba le babedi ba ditlhola. O ba raya a re: ‘Tsamayang mme lo tlhole lefatshe le motse wa Jeriko.’

Mongwe wa ditlhola o fologa lobota a dirisa mogala o mohibidu wa ga Rahabe

Fa banna ba ditlhola ba goroga kwa Jeriko, ba ya kwa ntlong ya ga Rahabe. Mme mongwe o bolelela kgosi ya Jeriko a re: ‘Baiseraele ba le babedi ba tlile mono bosigong jono go tla go tlhola lefatshe la rona.’ Fa kgosi e utlwa ka seno, e romela banna kwa go Rahabe, mme ba mo laela jaana: ‘Ntsha banna ba ba mo ntlong ya gago!’ Rahabe o fitlhile ditlhola kwa borulelong jwa ntlo. Le fa go ntse jalo, o ba raya a re: ‘Banna bangwe ba ne ba tla mo ntlong ya me, mme ga ke itse gore ba ne ba tswa kae. Ba ne ba tsamaya fa go nna lefifi, pele ga kgoro ya motse e tswalwa. Fa lo ka itlhaganela, lo ka ba tshwara!’ Ka jalo, banna ba a ba lelekisa.

Fa ba sena go tsamaya, Rahabe o itlhaganelela kwa borulelong. O raya ditlhola a re: ‘Ke a itse gore Jehofa o tla lo naya lefatshe leno. Re utlwile kafa a kgadisitseng Lewatle le Lehibidu ka gone fa lo ne lo tswa Egepeto, le kafa lo bolaileng kgosi Sihone le Oge ka gone. Ke lo diretse ka bopelonomi, ka jalo tsweetswee, ntsholofetseng gore lo tla nna pelonomi mo go nna. Bolokang rre le mmè, le bokgaitsadiake le bomorwadiarre.’

Ditlhola di mo solofetsa gore di tla dira jalo, mme Rahabe le ene o tshwanetse go dira sengwe. Ditlhola di mo raya di re: ‘Tsaya mogala ono o mohibidu mme o o bofelele mo fensetereng ya ntlo ya gago, mme o phuthele ba masika a gago botlhe mo ntlong ya gago. Mme fa re boa re tla go gapa Jeriko, re tla bona mogala ono mo fensetereng ya gago mme ga re kitla re bolaya ope mo ntlong ya gago.’ Fa banna ba ditlhola ba boela kwa go Joshua, ba mmolelela sengwe le sengwe se se diregileng.

Joshua 2:1-24; Bahebera 11:31.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela