LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 8/1 ts. 24-25
  • Rahabe O ne A Reetsa Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rahabe O ne A Reetsa Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rahabe O ne A Dumela mo go Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • O ne “A Bolelwa a Siame ka Ditiro”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Rahabe—O Ne A Bolelwa Gore O Siame ka Ditiro tsa Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 8/1 ts. 24-25

Ruta Bana ba Gago

Rahabe O ne A Reetsa Dikgang

A RE re ke dingwaga tse 3 500 tse di fetileng. Re mo motseng wa Jeriko, mo lefatsheng la Kanana. Mosetsana yo go tweng Rahabe o nna mo motseng ono. O ne a tsholwa morago ga gore Moshe a ntshe Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto le gore ba kgabaganye Lewatle le Lehibidu ba tsamaya mo go omileng! Go ne go se na diradio, dithelebishene kgotsa Internet mme Rahabe o itse ka kgakgamatso eno—tota le fa e ile ya direga kgakala le kwa a neng a nna teng. A o itse gore o ne a utlwa kae ka tiragalo eo?—a

Ga go pelaelo gore batho ba ba tsayang maeto ba ne ba tle ba tlotle ka dikgakgamatso tseno. Fa Rahabe a ntse a gola o ne a gopola se Jehofa a neng a se direla batho ba gagwe. Go tswa foo, o ne a utlwa dilo tse dingwe tse di gakgamatsang ka Baiseraele. Morago ga dingwaga di le 40 ba le mo nageng, ba ne ba tsena mo lefatsheng la Kanana mme Modimo o ne a ntse a ba thusa go fenya ope fela yo o neng a ba ganetsa. Jaanong Rahabe o utlwa gore Baiseraele ba thibeletse ka kwa ga Noka ya Joredane go tswa kwa Jeriko!

Maitseboa mangwe, go tla baeng ba babedi kwa go Rahabe ka gonne ba itse gore o ne a bereka kwa lefelong le go ka nnang baeng kwa go lone. Ka jalo o a ba amogela. Bosigo, kgosi ya Jeriko e utlwa gore ditlhola tsa Baiseraele di tlile mo Jeriko mme di ile kwa ntlong e Rahabe a berekang kwa go yone. Ka jalo kgosi e roma barongwa kwa go Rahabe go ya go mmolelela gore a ntshe banna ba ba neng ba tlile kwa go ene. A o itse gore ke eng se Rahabe a neng a setse a se itse le gore o ne a dirile eng ka gone?—

Tota le pele barongwa ba kgosi ba fitlha, Rahabe o ne a setse a itse gore baeng ba gagwe e ne e le ditlhola tsa Baiseraele. Ka jalo o ne a ba fitlha mo marulelong, mme a bolelela barongwa ba kgosi jaana: “Ee, banna bao ba ne ba tla kwa go nna . . . Mme go ne ga diragala gore fa go ne go tswalwa kgoro fa go nna lefifi, banna bao ba tswe.” Rahabe o ba rotloetsa jaana: “Ba lelekiseng.”

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Rahabe a ne a fitlha ditlhola?— O tlhalosa lebaka la seo ka go ba bolelela jaana: “Ruri ke a itse gore Jehofa o tla lo naya lefatshe leno . . . Gonne re utlwile kafa Jehofa a neng a kgadisa metsi a Lewatle le Lehibidu ka gone fa pele ga lona fa lo ne lo tswa kwa Egepeto.” Gape o ne a utlwile kafa Jehofa a neng a thusa Baiseraele ka gone gore ba fenye baba ba bone.

Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a itumeletse gore Rahabe o ne a sireleditse ditlhola, jaaka Baebele e re bolelela mo go Bahebera 11:31. Gape o ne a itumela fa a ne a kopa ditlhola jaana: ‘Ke lo diretse molemo, jaanong ntsholofetsang tsweetswee gore fa Jeriko e senngwa lo tla boloka rre, mmè, bomorwarre le bomorwadiarre.’ Ditlhola di ne tsa solofetsa Rahabe gore di tla dira jalo fa fela a ne a ka dira se ba neng ba mo laela go se dira. A o itse gore ba ne ba mo laela gore a direng?—

Ditlhola di ne tsa mo raya jaana: ‘Tsaya thapo e khibidu eno o e bofelele mo fensetereng ya gago mme o phuthe batho botlhe ba losika lwa gago mo ntlong ya gago. Fa o dira jalo batho botlhe ba ba mo ntlong ya gago ba tla bolokwa.’ Rahabe o ne a dira fela jaaka ditlhola di ne di mmoleletse. A o itse gore go ne ga diragala eng morago ga moo?—

Baiseraele ba ne ba goroga kwa ntle ga dipota tsa Jeriko. Ba dikologa motse ka tidimalo gangwe ka letsatsi mo malatsing a le marataro. Mo letsatsing la bosupa, ba o dikologa ga supa mme morago ga moo ba tlhaba mokgosi o mogolo. Dipota di ne tsa wa—ntlo e go neng go akgega thapo e khibidu mo fensetereng ke yone fela e neng ya se ka ya wa! Rahabe le ba lelapa la gagwe ba sireleditswe.—Joshua 2:1-24; 6:1-5, 14, 15, 20-25.

Re ka ithuta eng mo go se Rahabe a se dirileng?—Ga a ka a reetsa fela dikgang tsa dilo tse Modimo a di dirileng go sireletsa batho ba gagwe mme gape o ne a ba thusa fa a ne a nna le tshono ya go dira jalo. Ee, Rahabe o ne a tlhopha go direla Jehofa le batho ba gagwe! A le wena o tla dira jalo?—Re rapelela gore le wena o dire jalo.

a Fa o bala le bana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o ba kgothaletse go ntsha maikutlo a bone.

Dipotso:

  • Rahabe o ne a utlwa dikgang dife tse di botlhokwa fa a ne a sa le monnye?

  • O ne a tshwara ditlhola tsa Baiseraele jang, mme ka ntlha yang?

  • Rahabe o ne a re ditlhola di mo solofetse eng?

  • Re itse jang gore Rahabe o ne a itumedisitse Jehofa, mme o ka tshwana jang le ene?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela