LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 30 ts. 76
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rahabe O ne A Dumela mo go Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • Rahabe O ne A Reetsa Dikgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Rahabe o Fitlha Ditlhola
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne “A Bolelwa a Siame ka Ditiro”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 30 ts. 76
Rahabe o sireletsa ditlhola ka go romela masole a Jeriko go sele

THUTO 30

Rahabe o Fitlha Ditlhola

Fa banna ba Baiseraele ba ne ba ile go tlhola motse wa Jeriko, ba ile ba gorogela kwa ntlong ya mosadi mongwe yo o bidiwang Rahabe. Kgosi ya Jeriko e ne ya bolelelwa mme ya romela masole gore a ye kwa ntlong ya ga Rahabe. Rahabe o ne a fitlha banna bao mo marulelong a ntlo mme a romela masole go sele. O ne a raya banna bao a re: ‘Ke lo thusa jaana ka gonne ke itse gore Jehofa ke ene a lo thusang le gore lo tlile go gapa motse wa rona. Ke kopa lo ntsholofetse gore lo tla sireletsa ba lelapa la gaetsho.’

Banna bao ba ne ba raya Rahabe ba re: ‘Motho yo o tla bong a le mo ntlong ya gago fa re tla go senya motse ono ga a kitla a bolawa. Bofa thapo e khibidu mo fensetereng ya ntlo ya gago mme ba lelapa la gago ba tla bolokwa.’

Ntlo ya ga Rahabe e e nang le thapo e khibidu ke yone fela e emeng fa Jeriko e phutlhama

Rahabe o ne a dirisa thapo eo go ntsha banna bao ka fensetere. Ba ne ba ya kwa thabeng mme ba iphitlha malatsi a le mararo pele ba boela kwa go Joshua. Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba kgabaganya Noka ya Joredane mme ba ipaakanyetsa go gapa motse oo. Jeriko e ne e le motse wa ntlha o ba neng ba o gapa. Jehofa o ne a raya Baiseraele a re ba dikologe motse malatsi a le marataro mme ba dire jalo gangwe ka letsatsi. Mo letsatsing la bosupa, ba ne ba dikologa motse ga supa. Go tswa foo, baperesiti ba ne ba letsa diterompeta tsa bone mme masole a ne a goela kwa godimo thata. Mabota a motse wa Jeriko a ile a wa! Mme ntlo ya ga Rahabe e e neng e ageletswe mo leboteng ga e a ka ya wa. Rahabe le ba lelapa la gagwe ba ne ba sirelediwa ka gonne Rahabe o ne a tshepa Jehofa.

“Ka tsela e e tshwanang, a. . . Rahabe . . . o ne a siame ka ntlha ya ditiro tsa gagwe fa a sena go amogela barongwa a bo a ba tshabisa ka tsela e nngwe?”​—Jakobe 2:25

Dipotso: Ke eng fa Rahabe a ile a thusa banna ba ba neng ba tlile go tlhola motse? Baiseraele ba ile ba tlhasela Jeriko jang? Go ile ga diragalang ka Rahabe le ba lelapa la gagwe?

Joshua 2:1-24; 6:1-27; Bahebera 11:30, 31; Jakobe 2:24-26

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela