LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 7/15 ts. 8-9
  • Go Tsoga Kgogakgogano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsoga Kgogakgogano
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsoga Kganetsano
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ba Ngangisana ka Gore ke Mang yo Mogolo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgothatso E A E Fang Baaposetoloi Ba Gagwe Fa A Tsamaya
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Rata Bana ba Bannye
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 7/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Go Tsoga Kgogakgogano

JESU o ne a ruta thuto e e molemo ka tiro ya go tlhapisa baaposetoloi dinao, pelenyana mo bosigong joo. Morago ga foo, o ne a ba itsise ka Segopotso sa loso lo lo atamelang lwa gagwe. Jaanong, go diragala sengwe se se gakgamatsang, segolobogolo malebana le se se sa tswang go diragala. Baaposetoloi ba tsosa kgogakgogano e e botlhoko ya gore ke mang yo a lebegang a le mogolo go gaisa mo go bone! Go lebega gore, seno ke kgogakgogano e e nnang e ntse e tsoga.

Gakologelwa gore fa Jesu a sena go fetolwa ponalo mo thabeng, baaposetoloi ba ne ba tatalalana ka gore ke mang yo mogolo go gaisa mo go bone. Mo godimo ga moo, Jakobe le Johane ba ne ba ikopela maemo a a kwa godimo mo Bogosing, seo se neng sa dira gore go nne le kgogakgogano e nngwe gape mo baaposetoloing. Jaanong, mo bosigong jono jwa gagwe jwa bofelo le ene, abo Jesu a utlwile botlhoko jang ne fa a ba bona ba omana gape! O dira eng?

Go na le gore a omanye barutwa ba gagwe ka ntlha ya boitshwaro jwa bone, go lebega Jesu a bua le bone gape ka bopelotelele jaana: “Dikgosi tsa Badichaba di diha ka bogōma mo go bōnè, le ba ba ba busañ ba bidiwa Badihamolemō. Me lona, ga loa nna yalo; . . . Ka gonne, eo mogolo ke ohe? A ke eo o dutseñ a ya, kgotsa ke eo o dihelañ? A ga se eo o dutseñ a ya?” Jaanong o ba gakolola ka sekao sa gagwe, a re: “Me nna, ke nntse mo go lona yaka eo o dihelañ.”

Lemororo ba ne ba sa itekanela, baaposetoloi ba ne ba ile ba itshoka le Jesu mo ditekong. Ka jalo o bua jaana: “Me ke lo baea bogosi, yaka Rrè a bo mpeile.” Kgolagano eno e e dirilweng ka namana ke Jesu le barutwa ba gagwe e ba golaganya le ene gore ba tle ba buse mmogo nae. Ke palo e e lekanyeditsweng fela ya ba ba 144 000 bao kgabagare ba tsenngwang mo kgolaganong eno ya Bogosi.

Lemororo baaposetoloi ba newa tebelelo eno ya go busa mmogo le Keresete mo Bogosing, ka nako eno ba bokoa thata mo semoyeng. “Lona lotlhe lo tla kgocwa kaga me sigoñ yono,” Jesu o bua jalo. Jesu o bolelela Petere gore O mo rapeletse, a bo a mo kgothatsa jaana: “U re u sena go shokologa, u tlo u thatahatsè bakauleñwe ba gago.”

“Banyana,” Jesu o a tlhalosa, “ke sa nntse ke na le lona ka lobakanyana, Lo tla mpatla: me yaka ke reile Bayuda, ka re, Kwa ke eañ gōna, ga lo kake loa ea go hitlha gōna; le gompiyeno ke bua yalo le lona. Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratane; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”

“Morèna, u ea kae?” Petere o a botsa.

“Kwa ke eañ gōna, ga u kake ua ntshala morago gompiyeno,” Jesu o a araba, “me u tla nama u ntatèla.”

“Morèna, ke bo ke sa kake ka gu sala moragō leha e le gompiyeno go bo go dihile yañ?” Petere o batla go itse. “Aitse ke tla gu beèla botshelō yoa me.”

“A ua bo u tla mpeèla botshelō yoa gago?” Jesu o a botsa. “Amarure, amarure, kea gu raea, koko e tona ga e ketla e lela, u e se u bo u intatole gararo.”

“Leha nkabo ke na le go shwa nau,” Petere o a ganela, “ga nketla ke gu itatola.” Mme fa baaposetoloi ba bangwe le bone ba bua se se tshwanang, Petere o ipelafatsa jaana: “Leha botlhe ba ka kgocwa, nna nya.”

Fa a bua ka nako ya fa a ne a roma baaposetoloi mo loetong lwa go ya go rera kwa Galilea ba sa tshola madi lefa e le dijo, Jesu o ba botsa jaana: “A lo ile loa tlhōka señwe?”

“Nya,” ba araba jalo.

“Me yanoñ, eo o nañ le patana ea madi a a e tseè, le eōna kuana,” o bua jalo, “le eo o senañ chaka, a a rekisè kobō ea gagwè, a rèkè ñwe. Gonne kea lo raea, selō se, se se kwadilweñ, se na le go dihala mo go nna, yaka go twe, O balecwe le batlodi: ka gonne dilō tse di kwadilweñ kaga me, dia dihala.”

Jesu o bua ka nako ya fa a tla bo a bapotswe le badirabosula, kana baikepi. O supa gape gore morago ga foo balatedi ba gagwe ba tla bogisiwa botlhoko. “Morèna, bōna, dichaka ke tse, di pedi,” ba bua jalo.

“Go lekanye,” o a araba. Jaaka re tlile go bona, Jesu o tlile go kgona go ba ruta thuto e nngwe ka ditšhaka tse ba di tshotseng. Mathaio 26:31-35; Mareko 14:27-31; Luke 22:24-38; Yohane 13:31-38; Tshenolō 14:1-3.

◆ Ke ka ntlhayang fa go ganetsana ga baaposetoloi go gakamatsa?

◆ Jesu o go rarabolola jang?

◆ Ke eng se kgolagano e Jesu a e dirang le barutwa ba gagwe e se fitlhelelang?

◆ Jesu o ba naya molao ofe o mosha, mme o botlhokwa go le kana kang?

◆ Petere o supa jang gore o itshepa go feta selekanyo, mme Jesu o bua eng ka seo?

◆ Ke ka ntlhayang fa ditaolo tsa ga Jesu kaga go tshola patana ya madi le kgetsana ya dijo jaanong di farologana le tse a neng a di naya pele?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela