LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 94
  • O Rata Bana ba Bannye

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Rata Bana ba Bannye
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsoga Kgogakgogano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kgothatso E A E Fang Baaposetoloi Ba Gagwe Fa A Tsamaya
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Tsoga Kganetsano
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Kgothatso E Nngwe Gape ya Fa A Tsamaya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 94
Jesu o tlamparetse ngwana yo monnye

POLELO 94

O Rata Bana ba Bannye

BONA jaaka Jesu a tshwere mosimanyana. O kgona go bona gore tota Jesu o rata bana. Banna ba ba mo lebileng bano ke baaposetoloi ba gagwe. Jesu o ba raya a reng? A re bone.

Jesu le baaposetoloi ba gagwe ke gone ba gorogang morago ga loeto lo loleele. Fa ba le mo tseleng, baaposetoloi ba ne ba ngangisana. Ka jalo, fa ba sena go goroga Jesu o ba botsa jaana: ‘Lo ne lo ngangisana ka eng mo tseleng?’ Tota Jesu o a itse gore ba ne ba ngangisana ka eng. Le fa go ntse jalo, o ba botsa potso eno go bona gore a ba tla mmolelela.

Baaposetoloi ga ba mo arabe ka gonne fa ba le mo tseleng ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone. Baaposetoloi bangwe ba batla go nna botlhokwa thata go gaisa ba bangwe. Jesu o tla ba bolelela jang gore ga go a siama go batla go nna mogolo mo go ba bangwe?

O bitsa mosimanyana a bo a mo emisa fa pele ga bone botlhe. Go tswa foo o raya barutwa ba gagwe a re: ‘Ruri ke batla gore lo itse seno, fa lo sa fetoge mme lwa tshwana le bana ba bannye, ga lo kitla lo tsena mo bogosing jwa Modimo. Motho yo mogolo mo bogosing ke yo o nnang jaaka ngwana yono.’ A o itse gore ke eng fa Jesu a bua jalo?

Ke ka gonne bana ba bannye ga ba tshwenyege ka go nna mogolo kgotsa go nna botlhokwa thata go gaisa ba bangwe. Ka jalo, baaposetoloi ba tshwanetse go ithuta go nna jaaka bana ka tsela eno, mme ba se ka ba omanela go batla go nna mogolo kgotsa botlhokwa.

Gape go na le dinako tse dingwe tse ka tsone Jesu a bontshang gore o rata bana ba bannye. Dikgwedi di se kae moragonyana, batho bangwe ba tlisa bana ba bone go tla go bona Jesu. Baaposetoloi ba leka go ba thibela. Jesu o raya baaposetoloi ba gagwe a re: ‘Lesang bana ba tle kwa go nna, mme lo se ka lwa ba thibela, ka gonne bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba ba tshwanang le bone.’ Go tswa foo Jesu o tshola bana ka mabogo a bo a ba segofatsa. A ga go itumedise go itse gore Jesu o rata bana?

Mathaio 18:1-4; 19:13-15; Mareko 9:33-37; 10:13-16.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela