Go Tshola Baeng ga Batho ba Melita Go Tlisa Masego
MELITA e ne ya nna yone naga ya ntlha eo moaposetoloi Paulo a neng a e bona fa a ne a thubegetswe ke sekepe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Baagi ba setlhaketlhake seo ba ne ba mo amogela le ba a neng a tsamaya le bone ba bo ba ba “chola.” Ebile tota, batho ba Melita ba ne ba ba “dihèla ka yo e señ botsalanōnyana hèla.”—Ditihō 28:1, 2.
Moragonyana, monna yo e neng e le molaodi wa setlhaketlhake seo, Pubelio, o ne a amogela Paulo le ditsala tsa gagwe sentle mme a ba “babalèla sentlè ka malatsi a le mararo.” Fa dikgang tsa gore moaposetoloi o fodisitse rraagwe Pubelio letshoroma le go taboga ga madi di utlwelwa, “bañwe ba ba nañ le malwetse mo setlhakiñ ba tla, me ba hodisiwa.” (Ditihō 28:7-9) Mme Paulo o ne a dira mo go oketsegileng. O ne a jala peo ya boammaaruri mo dipelong tsa batho, mme seno se ne sa felela ka gore baagi ba setlhaketlhake seo ba bone masego. Gompieno, go diragala selo se se tshwanang kwa Melita. Tla o bone gore jang.
Baeng Ba Lere Mafoko A A Molemo
Fa e lejwa go tswa kwa godimo, Melita e e bonesitsweng ke letsatsi e phatsima jaaka leje le le benyang mo gare ga botala jwa Mediterranean. Fa a goroga fa Boemelafofaneng jwa Luqa, moeng o bona naga e e fisitsweng ke letsatsi le e e lebegang e sena dijalo tse dintsi. Fa a le fa fatshe, o lemoga gore setlhaketlhake seno se se boleele jwa dikilometara di le lesomelebongwe le bophara jwa dikilometara di le lesomeleborataro ke legae la batho ba ba fopholediwang go nna 347 000. Dirotobolo le ditorio tsa dikereke tse dintsi tsa Melita mmogo le dikereke tse di boitshegang di senola gore batho ba gone ba rata bodumedi. Mme batho ba Melita ba ile ba solegelwa molemo jang mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga ke maeto a Basupi ba ga Jehofa?
Molebedi mongwe yo o etang yo o bidiwang David o ne a etela kwa legaeng la ga Juliana mme o ne a amogela molaetsa wa Bogosi ka bonako fela. “Ke ile ka se ka ka itumedisiwa ke go tsenelela mo dipolotiking ga kereke,” go bua jalo Juliana, “mme ka gone ke ne ka leka go batla boammaaruri kaga puso ya Modimo mo Bibeleng. Mme fa ke ntse ke e bala, go ne go na le dilo dingwe tse ke neng ke sa kgone go di tlhaloganya. Akanya gore ke ne ka itumela jang fa moeng yo a neng a kokota fa mojakong wa me a ne a mpotsa gore a ke ne ke itse gore Bogosi jwa Modimo ke eng! Ka bonako fela, ke ne ka mo kopa gore a mpontshe karabo mo Bibeleng ya me ya Katoliki. O ne a dira. Ke ne ka itse ka lone letsatsi leo fela gore ke bone boammaaruri.”
Mosupi mongwe wa mo tikologong o ne a rulaganyetsa go ithuta Bibela le Juliana. Fa David a ne a boela kwa Melita dikgwedi tse thataro moragonyana, abo a ne a itumela jang ne fa Juliana a ne a mo amogela kwa Holong ya Bogosi! O ne a setse a tla nna mmoledi wa mafoko a a molemo a Bogosi.
Monna wa ga Juliana, Francis, le ene o ne a sa tlhaloganye dithuto tsa kereke. Fa a ne a mo etela ka nako ya fa a ne a le kwa kokelong, o ne a mo fitlhela a reeditse ditheipi tsa dipuo tsa phatlalatsa tsa Bibela tse di neng di neelwa kwa Holong ya Bogosi. Fa a utlwa setlhogo se se neng se bua ka lelapa, Francis o ne a lemoga gore kgakololo ya Bibela ruri e a utlwala, mme ga felela ka gore a swetse ka gore o tla simolola go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go ise go e kae o ne a lemoga gore go na le bothata bongwe jo a tla tshwanelang go bo rarabolola. E ne e le bofe?
Francis o ne a setse a na le dingwaga di le 20 a dira jaaka motshamekisi wa metshameko ya go betšha kwa kasinong. O ne a lemoga gore tiro e e amanang le go betšha e ne e sa dumalane le melaometheo ya Bokeresete e e neng e ganana le bogagapa le bohula. (Baroma 13:9, 10; 1 Bakorintha 6:9, 10) “Lemororo kwa tshimologong ke ne ke sena tumelo e e kalo e e nonofileng gore nka fetola tiro ya me,” go dumela jalo Francis, “ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse. Kgabagare, ke ne ka bona tiro e nngwe e e neng ya nkgonisa go tlamela mosadi wa me le morwaake, Sandro.” Gompieno Francis o direla jaaka mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa mo lefelong laabo.
Kgomotso E E Tswang mo Dikwalong
Rose o ne a setse a na le dingwaga di le thataro a nyetswe ke George mme ba ne ba itumetse go fitlha fa a swa loso lo lo botlhoko mo kotsing ya koloi. Ga a ka a gomodiwa ke seo moperesiti a neng a se bolela sa gore Modimo o ne o tsere George ka gonne o ne o fufegela lorato lo a neng a rata monna wa gagwe ka lone. Rose o ne a tshwenyega thata mo boikutlong mo a bileng a ne a akanya go bolaya bana ba gagwe ba bararo a bo a ipolaya.
Mme abo Rose a ne a fetoga jang ne fa Mosupi yo o agileng go bapa nae yo o bidiwang Helen a ne a simolola go ithuta le ene Bibela! Rose o ne a gomodiwa ke thuto ya Dikwalo ya tsogo ya baswi ka bonako. (Yohane 5:28, 29) Ka yone nako eo, o ne a gomodiwa gape ke Peter, molebedi yo mongwe gape yo o etang. O ne a solegelwa molemo thata ke dipuo tsa gagwe tse di neng di bua ka tsogo ya baswi. A tlhotlhelediwa ke tsholofelo eno ya gagwe e ntšha, Rose o ne a pata Helen mo go neeleng bosupi phatlalatsa, mme gompieno ba direla boobabedi jaaka babulatsela ba ka metlha, kana baboledi ba nako e e tletseng ba Bogosi.
Go Kgothalediwa Go Nna Tlhaga
Joe o tswa kwa lelapeng le legolo, ka a na le bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba le 12. O neela bosupi mo go ba le bantsi ba losika lwa gagwe, go latela kgothatso e a e neilweng ke molebedi mongwe yo o etang. “Kwa tshimologong,” o a bua, “lelapa la etsho le ne le itse gore seo ke neng ke se ba tlhalosetsa go tswa mo Bibeleng se ne se utlwala. Mme fa ba ne ba lemoga gore kgatlhego ya me ya go nna Mosupi e a gola, ba ne ba fetola mogopolo, mme botlhe ba nna kgatlhanong le nna—segolobogolo rre.” A boikutlo jwa bone bo ne jwa koafatsa tlhagafalo ya ga Joe?
Gotlhelele nnyaa! Ka sekai, Joe o ne a neela kgaitsadie bosupi fa losea lwa gagwe lo ne lo lwala ebile lo tloga lo tlhokafala, a bua le ene ka tsholofelo ya tsogo ya baswi. Gompieno kgaitsadie yono ke Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. Morago ga foo, mongwe wa bomogoloa Joe le lelapa la gagwe ba ne ba kgatlhegela boammaaruri. Morago morwarraagwe yo mogolo mo go bone botlhe le lelapa la gagwe le bone ba ne ba emela Bogosi jwa Modimo. Fa go ntse go diragala seno, rraagwe Joe o ne a ntse a galefela kwa pele. Fa kgaitsadia Joe yo mmotlana mo go bone botlhe le ene a simolola go ithuta Bibela, rraagwe Joe o ne a mo koba mo lapeng. A sa kgobiwe marapo ke seno, Joe o ne a tswelela go etela bamasika a gagwe a bua le bone ka molaetsa wa Bibela. Lefa go le jalo, rraagwe o ne a galefela kwa pele a bo a re: “Ke ka ntlhayang fa o sa bue le moperesiti? O itse Bibela go gaisa!” Joe o ne a araba ka gore o tla itumelela go dira jalo fa fela rraagwe a ka tsamaya le ene. Loeto lwa bone lo ne lwa felela jang?
“Re ne ra rulaganya letsatsi le nako,” Joe o a anela, “mme moperesiti o ne a batla go itse gore re tlile go bua ka eng gore a ipaakanye, a tlhalosa gore ereka a ne a setse a na le dingwaga tse supa a dule kwa sekolong sa boruti, o tla tshwanela go dira patlisiso. . . . Mme morago ga beke, kgwedi, le eleng dikgwedi tse pedi, moruti o ne a ise a boloke dinako tse di beilweng. Fa rre a lemoga seno, o ne a fetola mogopolo wa gagwe ka kereke mme a lemoga ka bonya ka bonya gore se ke neng ke se ithuta mo Bibeleng e ne e le boammaaruri.” Kgabagare rraagwe Joe o ne a amogela boammaaruri, a oketsa palo ya maloko a a 29 a lelapa la gagwe a a leng mo tirelong ya ga Jehofa.
Kgakololo E E Molemo E Lere Masego
Modihedi mongwe wa mmulatsela yo o nyetsweng yo o bidiwang Ignatio o ne a tlhalosa ka matlhagatlhaga jaana ka molebedi mongwe yo o etang yo a neng a ba etetse: “Paul le mosadi wa gagwe ba ne ba tla go nna le rona. Ba ne ba re thusa ka bobedi jwa rona ka kamano ya rona ya lenyalo mmogo le mo bodiheding jwa tshimo. O ne a tlhola a gatelela botlhokwa jwa go rera.”
Ignatio o gakologelwa sengwe se se neng sa diragala fa Paul a ne a kopana le bagolwane le batlhanka ba bodihedi mo loetong lo lo fetileng. “Fa ke ne ke bolela gore ga ke ne ke ya kwa tirong ya go rera mo mosong oo gore ke tle ke baakanye karolo ya me mo thulaganyong ya dipokano,” go bua jalo Ignatio, “Paul o ne a bolela gore o tla ya kwa tirelong ya tshimo le eleng lefa ke sa mo pate. Fa a rialo, ke ne ka swetsa ka gore le nna ke tsamaye. Abo Jehofa a ne a segofatsa tshwetso eo ya me jang ne! Ke ne ka simolola thuto ya Bibela mo go one moso oo, mme go tswa mo go yone, go na le batho ba le barataro ba ba leng mo boammaaruring jaanong.”—Bapisa 3 Yohane 4.
Go Kgothatsana
Nako le nako fa molebedi yo o etang a etela Basupi ka ene kwa Melita, ba mo amogela ka bothito mme ba tlhagafalela go solegelwa molemo ke kgothatso ya gagwe le thotloetso ya gagwe. (Bapisa 3 Yohane 5-8.) Go felela ka gore batho ba ba oketsegileng ba Melita ba emele Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe ba nonofile. Baagi ba le 389 ba setlhaketlhake seno ba ne ba setse ba dirile jalo kwa bokhutlong jwa ngwaga wa tirelo wa 1989. Ereka jaanong ba rulagantswe ka diphuthego di le tlhano tse di golang (tse nnè mo Melita le e le nngwe mo setlhaketlhakeng se se fa gaufi sa Gozo), ba rera mafoko a a molemo ka bopelokgale.
Balebedi botlhe ba ba etang ba ba neng ba etela Melita mo dingwageng tsa bosheng ba ile ba ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo, yo a neng a raya Bakeresete ba Baroma a re: “Gonne ke tlhologelecwe go lo bōna, gore ke lo abèlè nèō ñwe ea semōea, gore lo tlè lo nitamisiwè.” Eleruri maeto a bone a ne a felela ka ‘go gomotsana mmogo.’ (Baroma 1:11, 12) Mo godimo ga moo, tiro ya go rera ka Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e tlisa masego a a nonofileng a semoya mo bathong ba ba tsholang baeng bano ba Melita.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
(For fully formatted text, see publication)
GOZO
COMINO
MELITA
Valletta
Lewatle la Mediterranean
8 km
5 mi