Go Abalana Letlotlo le le Tlhwatlhwakgolo
JAAKA GO BOLETSE GLORIA MALASPINA
Fa losi lwa Sicily lo ne lo nyelela mo ponong ya rona, nna le monna wa me re ne ra simolola go akanya thata ka kwa re neng re ya teng, kwa setlhaketlhakeng sa Mediterranean se se bidiwang Malta. A bo re ne re lebile pele ka boitumelo jang ne! Jaaka sekepe se ne se kgabaganya lewatle, re ne ra akanya ka boitemogelo jwa ga moaposetoloi Paulo kwa Malta mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—DITIRO 28:1-10.
ENE e le ka ngwaga wa 1953 mme tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ne e sa letlelelwa semolao kwa Malta. Re ne re alogile mo Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade mo ngwageng o o neng o feta mme re ne ra abelwa go ya go direla kwa Italy. Morago ga go ithuta Setadiana ka lobaka lo lokhutshwane fela, re ne re lebile pele go bona se se neng se re emetse kwa Malta.
Go tlile jang gore nna, ke le mosadi yo mmotlana ke nne morongwa kwa nageng e sele? Mma ke tlhalose.
Sekao sa ga Mmè se se Rotloetsang
Ka 1926, fa lelapa la rona le ne le nna kwa Fort Frances, kwa Ontario, kwa Canada, mmè o ne a amogela bukana ya Millions Now Living Will Never Die mo Moithuting wa Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo). O ne a e bala ka kgatlhego e kgolo, mme mo bekeng yone eo o ne a kopanela mo setlhopheng sa thuto ya Baebele, a dirisa makasine wa Watch Tower. Mmè e ne e le mmadi wa Baebele yo o matlhagatlhaga, mme o ne a amogela molaetsa wa Bogosi jwa Modimo jaaka letlotlo le a neng a ntse a le batla. (Mathaio 6:33; 13:44) O ne a emela se a neng a se ithuta, le mororo Rre a ne a ganetsa thata e bile a na le basetsana ba le bararo ba bannye go ba tlhokomela.
Tumelo ya ga Mmè e e sa tshikhinyegeng mo dingwageng tse 20 tse di neng tsa latela e ne ya dira gore nna le bomorwadiarre ba babedi, Thelma le Viola, re itse ka tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo. (2 Petere 3:13) O ne a lebane le diteko tse dintsi tse di botlhoko, mme le ka motlha ga re ise re ke re belaele gore tsela e a neng a e tlhophile e ne e le e e siameng.
Ka 1931, fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome fela, re ne ra fudugela kwa polasing kwa Minnesota bokone, kwa U.S.A. Koo re ne ra kgaotsa go kopanela ka metlha le Basupi ba ga Jehofa mme Mmè o ne a nna a re ruta Baebele. Tirelo ya gagwe a ineetse jaaka morekisi wa dibuka, kgotsa modiredi wa nako e e tletseng, e ile ya nkgothaletsa go batla go dira le ene. Ka 1938 nna le bomorwadiarre ba babedi re ne ra supa boineelo jwa rona go Jehofa ka go kolobediwa kwa kopanong kwa Duluth, kwa Minnesota.
Fa ke sena go aloga mo sekolong se segolo ka 1938, Mmè o ne a nkgothaletsa go dira khose ya tsa kgwebo gore ke tle ke kgone go itlamela fa ke ntse ke le mmulatsela (leina le lesha la morekisi wa dibuka). Seno e ne e le kgakololo e e molemo, segolobogolo ka gore Rre o ne a tsamaya a re tlogela re le nosi.
Go Abelana Letlotlo la Rona ka Nako e e Tletseng
Ke ne ka felela ke fudugetse kwa California, mme ka 1947, ke ne ka simolola go bula tsela kwa San Francisco. Fa ke ne ke thusa mo go baakanyetseng Kopano ya “Koketsego ya Ditšhaba Tsotlhe” kwa Los Angeles ke ne ka kopana le Francis Malaspina. Mokgele wa rona o o tshwanang wa go batla go dira tiro ya borongwa o ne wa dira gore re felele re ratana. Re ne ra nyalana ka 1949.
Ka September 1951, nna le Francis re ne ra lalediwa go tsenelela tlelase ya bo18 ya Gileade. Ka letsatsi la kaloso, ka February 10, 1952 morago ga go thapisiwa thata ka dikgwedi tse tlhano, dinaga tse re neng re ya go romelwa kwa go tsone di ne tsa balwa ka go tlhomagana ga tsone ke poresidente wa sekolo, Nathan H. Knorr. Re ne re setse re akanya ka mosepele fa a ne a re, “Mokaulengwe le Kgaitsadi Malaspina ba ya kwa Italy!”
Dibeke di se kae moragonyana, re ne ra pagama sekepe kwa New York go tsaya loeto la malatsi a le lesome mo lewatleng go ya kwa Genoa, kwa Italy. Giovanni DeCecca le Max Larson, ba ba direlang kwa ntlokgolong ya kwa Brooklyn, ba ne ba le fa boemakepeng go re tsamaisa sentle. Kwa Genoa, re ne ra kgatlhantshiwa ke barongwa ba ba neng ba setse ba itse ditsamaiso tse di raraaneng tsa go tsena mo nageng eo.
Re ne re kgatlhilwe ke sengwe le sengwe se re neng re se bona mme morago re ne ra pagama terena go ya kwa Bologna. Se re neng ra se bona fa re ne re goroga e ne e le toropo e e neng e sentswe ke dibomo tsa Ntwa ya Lefatshe II. Mme go ne go na le dilo tse dintsi tse di neng di kgatlha jaaka monko o o monate wa kofi mo mosong le monko wa mero e e monate e e neng e apeetswe mefuta e mentsintsi ya pasta.
Go Fitlhelela Mokgele
Re ne ra simolola bodiredi ka go tshwara se re neng re ya go se bua ka tlhogo, mme re bo re se bua go fitlha molaetsa o amogelwa kgotsa lebati le tswalwa. Keletso ya go itlhalosa sentle fa re bua e ne ya re tlhotlheletsa go ithuta puo eno ka tlhoafalo. Morago ga dikgwedi tse nne, re ne ra abelwa go ya go direla kwa legaeng le lesha la barongwa kwa Naples.
Toropo eno e kgolo e itsege ka mafelo a yone a mantle. Re ne ra itumelela go direla koo mme e ne ya re morago ga dikgwedi tse nne, monna wa me a abelwa tiro ya go potologa, kgotsa ya go eta, re etela diphuthego go tswa kwa Roma go ya kwa Sicily. Fa nako e ntse e tsamaya re ne ra etela Malta le Libya kwa Afrika Bokone.
Mesepele ya terena go tswa mo Naples go ya kwa Sicily mo dingwageng tseo e ne e lapisa tota. Re ne re tlhola re pagama terena e e tletseng thata mme re ema mo diphasiking, ka dinako tse dingwe ka diura tse thataro go ya go tse robedi. Lefa go ntse jalo, go ne go re fa sebaka se se molemo sa go ithuta batho ba re neng re bapile nabo. Gantsinyana motho o ne a nna mo godimo ga lebotlele le letona la beine e e dirilweng mo gae, mme a bo a nna a e nwa go intsha lenyora fa mosepele o ntse o tsweletse. Bapagami ba ba botsalano gantsi ba ne ba re fa borotho jwa bone le diboroswana, mokgwa wa go amogela baeng o o omosang pelo o re neng re o anaanela.
Kwa Sicily re ne ra kgatlhantshiwa ke ditsala tsa rona tse di neng di rwala disutukeisi tsa rona go pagamela kwa godimo ga thaba ka diura di le tharo le sephatlo go ya kwa phuthegong e e kwa godimo. Kamogelo e e bothito ya bakaulengwe ba rona ba Bakeresete e ne ya dira gore re lebale gore ne re lapile thata. Ka dinako tse dingwe re ne re a tle re pagame meboulo e e neng e ka se ka ya wa, mme re ne re se ka re leba kwa tlase koo re neng re tla wela teng fa mmoulo o ne o ka fosa kgato. Go nitama ga bakaulengwe ba rona mo boammaaruring jwa Baebele le mororo ba ne ba na le mathata go ne ga re nonotsha le lorato lo re neng re lo bontshitswe le ne la dira gore re lebogele go bo re ne re na le bone.
Malta le Libya
Re ne ra tsamaya ka sekepe go ya Malta re santse re gopotse bakaulengwe ba rona ba kwa Sicily thata. Moaposetoloi Paulo o ne a fitlhetse batho ba ba pelonomi koo, mme le rona re ne ra ba fitlhela. Matsubutsubu a a neng a le kwa St. Paul’s Bay a ne a re lemotsha kotsi e dikepe tse dinnye di neng di lebane le yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Ditiro 27:39–28:10) Mme re ne re santse re tshwanetse go ya kwa Libya. Re ne re tla kgona go dira jang mo nageng e ya Afrika kwa tiro ya rona e neng e thibetswe teng?
Gape re ne ra kopana le ngwao e e neng e farologane gotlhelele. Fa re ne re tsamaya mo mebileng e e nang le dipilara ya karolo e e kwa tlase ya toropo, ke ne ka kgatlhiwa ke dilo tse ke neng ka di bona le medumo ya toropokgolo ya Tripoli. Banna ba ne ba apere diaparo tse di neng di logilwe ka boboa jwa kamele go itshireletsa mo mogoteng wa letsatsi la Sekaka sa Sahara motshegare le go itshireletsa mo botsididing bosigo. Re ne ra tlhaloganya le go tlotla tsela e batho ba neng ba dira dilo ka yone go dumelana le tlelaemete ya kwa ba neng ba nna teng.
Tsela e bakaulengwe ba rona ba neng ba le tlhaga ka yone mme ba le kelotlhoko e ne ya re ruta go le gontsi ka go ikaega thata ka Jehofa le go sala morago dikaelo tsa ba ba itseng go re feta ka go rera mo maemong a a ntseng jalo. Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete e ne e le ba merafe e e farologaneng; mme lefa go ntse jalo ba ne ba direla Jehofa ka kutlwano.
Kabelo e Ntšha
Ka lebaka la go ganediwa ga tiro ya go rera, re ne ra tshwanelwa go tswa mo Italy mme re ne ra amogela kabelo e ntšha kwa Brazil ka 1957. Nna le Francis re ne ra tlwaela botshelo jwa dingwao tsa teng mme e ne ya re morago ga dikgwedi tse robedi, Francis o ne a bilediwa go dira tiro ya go potologa. Re ne re tsamaya ka bese, ka sefofane le ka dinao. Fa re ne re tsamaya mo nageng eno e ntle e ne e kete re ne re rutiwa thutafatshe.
Potologo ya rona ya ntlha e ne e akaretsa diphuthego di le lesome mo toropokgolong ya São Paulo, mmogo le ditoropo dingwe tse dinnye di le lesome mo teng ga naga eo le go bapa le lotshitshi lwa naga ya São Paulo. Go ne go sena diphuthego mo ditoropong tseo ka nako eo. Re ne re a tle re batle lefelo le re ka nnang mo go lone mme e re re sena go tlwaela, re tsamaye ka ntlo le ntlo re bolela molaetsa wa Bogosi. Gape re ne re tlogela ditaletso tsa go bontsha nngwe ya dibaesekopo tsa Mokgatlho wa Watch Tower tse di rutang.
Go pagama bese re tshotse porojeketara, teransefomara, difaele, dibuka, ditaletso le didirisiwa tsa go kwala lefelo le baesekopo e yang go bontshediwa kwa go lone go ne go se motlhofo. Fa re lekanya fela, sutukeisi ya rona ya diaparo e ne e le nnye. Re ne re tshwanela go baya porojeketara mo diropeng tsa rona gore e se ka ya tshikhinyega fa re tsamaya mo ditseleng tse di maswe.
Fa re sena go bona lefelo la go supa baesekopo re ne re tsamaya ka ntlo le ntlo re tlogela ditaletso tsa go bona baesekopo. Ka dinako tse dingwe re ne re bona tetla ya go bontshetsa baesekopo mo resetšhurenteng kgotsa mo hoteleng. Ka dinako tse dingwe re ne re ala shiti fa gare ga dipale tse pedi kwa ntle. Bareetsi ba ba anaanelang ba bontsi jwa bone ba neng ba ise ba ko ba bone baesekopo, ba ne ba ema ka dinao mme ba reetsa ka kelotlhoko fa Francis a ntse a bala polelo. Morago re ne re aba dibuka tsa Baebele.
Re ne re tsamaya ka bese go ya kwa motseng. Melapo e mengwe e ne e sena borogo ka jalo bese e ne e pegiwa mo dikoteng tse ditona tse di kopantsweng e bo e tsamaya fa godimo ga metsi go ya kwa letlhakoreng le lengwe. Re ne ra laelwa gore re tswe mo beseng fa re bona bese e relelela mo nokeng, re tlolele kafa letlhakoreng le e sa weleng kafa go lone gore re tile go nwela mo metsing. Ka lesego bese ga e ise e ko e wele mo molapong—mo go neng go le molemo ka gore molapo o ne o itsiwe o na le tlhapi e e bidiwang piranha e e jang nama!
Morago ga go nna teng kwa kopanong ya boditšhabatšhaba kwa New York ka 1958, re ne ra boela kwa Brazil, kwa re neng ra boela mo tirong ya go eta ka bonako fela morago ga foo. Kgaolo e re neng re direla mo go yone e ne e fitlha kwa molelwaneng wa Uruguay kwa borwa, Paraguay kwa bophirima le kwa nageng ya Pernambuco kwa bophirima le kwa Lewatleng la Atlantic kafa botlhaba jwa Brazil.
Bonno Jwa Balepero
Mo bogareng jwa bo1960, re ne ra amogela taletso ya go ya go bontsha nngwe ya dibaesekopo tsa Mokgatlho kwa balepero ba nnang teng. Ke tshwanetse go dumela gore ke ne ke tshaba. Re ne re na le kitso e nnye thata ka lepero kwantle ga se re neng re se badile mo Baebeleng kaga lone. Fa re tsena mo bonnong joo, jo bo neng bo pentilwe bosweu, re ne a isiwa kwa holong e kgolo. Karolo e nngwe e ne e kgaogantswe le e nngwe ka mogala gore re nne teng le didirisiwa tsa rona.
Ramotlakase yo o neng a re thusa o ne a na le dingwaga tse 40 a ntse a nna koo. O ne a sena mabogo le dikarolo tse dingwe tsa mmele mo a neng a golafetse tota. Ke ne ke utlwa ke tshogile mme ke ne ka simolola go phuthologa fa ke mmona a itumetse le bofefo jo a neng a dira tiro ya gagwe ka jone. E ne ya re ka bonako fela ra bo re setse re bua ka dilo tse dintsi jaaka fa re ne re fetsa go baakanya dilo tse di tlhokegang. Mo bathong ba le sekete ba ba nnang moo go ne ga tla ba ba fetang makgolo a mabedi. Fa ba ne ba ntse ba tsena ba tlhotsa mo teng, re ne ra lemoga maemo a mantsi a a farologaneng a bolwetsi jo bo neng bo ba tshwere. A bo e ne e le boitemogelo jo bo amang maikutlo jang ne!
Re ne ra akanya ka se Jesu a neng a se bolelela molepero yo o neng a kopa jaana, “Morena, fa o rata, o na le thata ya go nntlafatsa.” Jesu o ne tlhomamisetsa monna jaana fa a ne a mo tshwara, “Ke a rata, o ntlafale.” (Mathaio 8:2, 3) Moragonyana fa thulaganyo e sena go fela ba le bantsi ba ne ba tla kwa go rona go re lebogela go bo re ne re tlile, mebele ya bone e e omeletseng e supa sentle gore batho ba boga tota. Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba ithuta Baebele le ba ba neng ba batla go ithuta mo go oketsegileng.
Ka 1967, re ne ra boela kwa United States ka ntlha ya mathata a a masisi a botsogo. Fa re ntse re itshoketse mathata ao re ne ra nna gape le tshiamelo ya go direla mo tirong ya go potologa. Mo dingwageng tse 20 tse di neng tsa latela, ke ne ka dira le Francis mo tirong ya go eta mo United States. Ka nako eo gape o ne a ruta Sekolo sa Bodiredi Jwa Bogosi.
A bo go ne go kgothatsa jang ne go nna le monna yo o lorato le molekane yo o ikanyegang yo o neng a dira kabelo nngwe le nngwe e a neng a e fiwa! Re ne re na le tshiamelo ya go abela ba bangwe letlotlo la boammaaruri jwa Baebele mo dikarolong dingwe tsa dikontinente tse nne.
Re ne ra Tshegediwa ke Letlotlo
Ka 1950, Mmè o ne a nyala David Easter, mokaulengwe yo o ikanyegang yo o neng a kolobediwa ka 1924. Ba ne ba direla mmogo ka dingwaga tse dintsi mo bodireding jwa nako e e tletseng. Lefa go ntse jalo, mo karolong ya bofelo ya botshelo jwa ga Mmè bolwetsi jwa Alzheimer bo ne jwa simolola go itshupa. O ne a tlhoka go tlhokomelwa thata fa bolwetsi bo ntse bo koafatsa nonofo ya gagwe ya go akanya. Bomorwadiarre ba ba neng ba thusa thata mmogo le David ba ne ba rwala boikarabelo jo bo bokete jwa go mo tlhokomela, gonne ba ne ba sa batle gore re tlogele ditshiamelo tsa rona tse di kgethegileng tsa tirelo ya nako e e tletseng. Sekao sa ga Mmè sa boikanyego se a neng a se tlhoma go fitlha a swa ka 1987 se ne sa re thusa go rulaganya tsela e re ka e tsayang mo botshelong, le tsholofelo e a neng a na le yone ya go ya legodimong e ne ya re gomotsa.
Ka 1989, ke ne ke kgona go lemoga gore Francis o ne a se na nonofo e a kileng a bo a na le yone pele. Re ne re sa lemoge gore letshoroma la kgopana, bolwetsi jo bo itseweng thata mo mafelong a mantsi mo lefatsheng, bo ne bo mo tlhasetse. Ka 1990, mmaba yono yo o sa ineeleng o ne a mo fekeetsa mme ke ne ka latlhegelwa ke molekane wa me yo o rategang yo ke dirileng mmogo le ene ka dingwaga tse di fetang 40 mo tirelong ya ga Jehofa.
Go dira diphetogo ke karolo ya botshelo. Tse dingwe di motlhofo mme tse dingwe di thata. Mme Jehofa, Monei wa letlotlo le le tlhwatlhwakgolo la boammaaruri jwa Baebele, o ne a ntshegetsa ka phuthego ya gagwe le ka lorato le go nkgothatsa ka lelapa la me. Ke santse ke ikutlwa ke kgotsofetse jaaka ke lebile pele go bona ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di ka se kang tsa palelwa di diragadiwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa nna le monna wa me re ne re le barongwa kwa Italy