A Ruriruri Re Tlhoka Dikwalo tsa Ntlhantlha?
DINGWAGA dingwe tse 3 500 tse di fetileng monna mongwe yo o godileng wa kwa Botlhaba Gare o ne a kwala hisitori ya lefatshe go tloga kwa tshimologong go fitlha ka nako ya gagwe. Tiro eo, e e neng ya felela ka dibuka tse tlhano tse di kwadilweng ka boleele, e tshwanetse ya bo e ne e le tiro e tona tota. Monna yoo o ne a na le dingwaga tse di fetang 80 fa a ne a simolola pego ya gagwe. Ene mmogo le morafe wa gagwe ba ne ba sena legae mme ba ne ba tsamayatsamaya ba tloga fa ba ya fale mo Sekakeng sa Sinai. Lefa go ntse jalo, kgabagare, seo se neng sa kwalwa ke monnamogolo yono e ne ya nna karolo e e botlhokwa thata ya dikwalo e lefatshe le kileng la e bona.
Monna yoo e ne e le Moshe, yoo Modimo a neng a mo naya tshiamelo ya go etelela morafe wa Iseraele pele a o ntsha kwa botshwarong kwa lefatsheng la Egepeto. Dibuka tse tlhano tse a neng a di kwala gompieno di bidiwa Pentateuch, karolo ya ntlha ya Bibela e e Boitshepo. Moshe o ne a kaelwa ke moya wa Modimo o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang. Ka gone, le eleng gompieno re kgona go bala dikwalo tsa gagwe mme di re solegela molemo tota. Mme ka dinako dingwe batho ba botsa jaana: ‘A ruri re ka ikanya mafoko a ga Moshe le bakwadi ba bangwe ba Bibela? A re na le mekwalo ya bone ya ntlhantlha? Fa go sa nna jalo, go diragetseng ka yone? Mme re ka tlhomamisa jang gore se se mo Bibeleng eleruri ke se se kwadilweng ke bakwadi ba yone ba ntlhantlha?’
Dilo tse Ba Neng Ba Di Dirisa
Go na le mabaka a mantsi ao ka one re ka tlhomamisegang gore Bibela ga e a fetoga fa esale e kwalwa. Go boammaaruri gore ga re na dikwalo tsa ntlhantlha tsa bakwadi ba Bibela. Mme eleruri ga re a tshwanela go lebelela gore re ka nna le dikwalelo tseo. Ka ntlhayang? Ka ntlha ya dilo tse di neng di kwaletswe mo go tsone, ngwao nngwe ya bogologolo ya Bajuda, le hisitori ya metlha ya fa esale di kwalwa.
Lantlha, tsweetswee tlhokomela dilo tse ba neng ba di dirisa. Go na le dilo dingwe tse di santseng di le gone tse di neng tsa kwalwa fa Bibela e ne e kwalwa. Mme bontsi jwa tseno bo ne bo kwadilwe mo letlapanakwalelong la leje kana la mmopa, leo le kgonang go nna lobaka lo loleele. Lefa go ntse jalo, go lebega gore Bibela e ne ya kwalwa lantlhantlha mo dilong tse di neng di senyega ka bonako. Ka sekai, mekwalo e mengwe ya Bibela e e kwadilweng ke Jeremia e ne ya tshubiwa ke Kgosi Jehoiakime. (Yeremia 36:21-31) Letlapanakwalelo la leje kana la mmopa le ne le ka se ka la senngwa motlhofo ka tsela eno.
Ka jalo, bakwadi ba Bibela ba ne ba kwalela mo go eng? Mme gone, ‘Moshe o ne a rutilwe ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto,’ mme selo se se tlwaelegileng thata se go neng go kwalelwa mo go sone kwa Egepeto ke kwatsi. (Ditihō 7:22) Ka gone, Moshe a ka tswa a ne a kwalela mo sekwalelong seno se se senyegang ka bonako. Sekwalelo sengwe se se neng se tlwaelegile thata kwa Botlhaba Gare e ne e le matlalo a diphologolo—letlalo kana letlalo le le boleta la nku kana podi. Gongwe Jeremia o ne a kwalela mo letlalong. Letlalo le kwatsi di ne di ka sha fa Kgosi Jehoiakime a ne a latlhela momeno wa ga Jeremia mo molelong.
Go boammaaruri gore mo maemong a a mogote le a a omileng a loapi a Egepeto, dikwalelo tse dintsi tsa kwatsi di ne tsa nna ka diketekete tsa dingwaga. Mme seo ga se a tlwaelega. Gantsi, kwatsi le letlalo di senyega ka bonako. Mokanoki Oscar Paret o bua jaana: “Dikwalelo tseno tsoopedi di ka senngwa ke bongola, mouta, le diboko tse di farologaneng. Re itse go ya ka boitemogelo jwa letsatsi le letsatsi kafa pampiri, le letlalo le le thata, di kgonang go senyega ka gone fa di le kwa ntle kana mo kamoreng e e bongola.
Kwa Iseraeleng wa bogologolo, koo bontsi jwa dibuka tsa Bibela bo neng jwa kwalelwa gone, maemo a gone a loapi a ne a sa siamela gore go ka bolokelwa dikwalelo gone. Ka gone, bontsi jwa dikwalelo tsa ntlhantlha tsa Bibela go lebega di ne tsa senyega bogologolo. Le eleng lefa di ne di ile tsa se ka tsa senyega, go na le ngwao nngwe ya bogologolo ya Bajuda eo e dirang gore di bo di ne di ka se ka tsa bo di le gone gompieno. Ngwao eo ke efe?
Go Fitlhiwa ga Mekwalo
Mokanoki mongwe o ne a bona mekwalo ya bogologolo e le 90 000 e e neng ya fetola thuto ya hisitori ya Botlhaba Gare fa a ne a fatolola genizah kwa Cairo ka 1896. Genizah ke eng? Mme e amana jang le mekwalo ya ntlhantlha ya Bibela?
Genizah ke kamorenyana eo Bajuda ba bogologolo ba neng ba baya mekwalo e e neng e onetse e e neng e sa tlhole e dirisiwa mo go yone. Mokanoki Paul E. Kahle o kwala jaana: “Bajuda ba ne ba tlhola ba latlhela mefuta yotlhe ya dilo tse di kwadilweng ka letsogo le tse di gatisitsweng mo dikamoreng tse di ntseng jalo tseo di neng di le mo teng kana gaufi le disinagoge tsa bone; mme boikaelelo e ne e se go di boloka jaaka mo mafelong a botlhe ao mekwalo e bewang mo go one, mme di ne di tshwanetse go nna koo fela di sa dirisiwe ka lobaka lo lo rileng. Bajuda ba ne ba boifa gore mekwalo e e ntseng jalo e e neng e ka tswa e na le leina la Modimo e ka nna ya leswefadiwa fa e sa dirisiwe sentle. Ka jalo mekwalo e e ntseng jalo e e neng e kwadilwe—le e e neng ya gatisiwa moragonyana—nako le nako e ne e tsewa mme e tsenngwa mo mmung o o tlhaoletsweng go baya dilo tse di itshekileng mo go one oo e fitlhiwa; ka gone e ne ya senyega. Ke ka lesego fela go bo Cairo Geniza e ne ya lebalwa mme dilo tse di neng di le mo go yone di ne tsa falola se se tlhagetseng tse di neng di le mo teng ga Di-Geniza tse dingwe.”—The Cairo Geniza, tsebe 4.
Go tweng fa e le gore mokwalo wa ntlhantlha wa Bibela o ne wa falola go fitlha fa ngwao eno e nna gone? Ga go belaetse gore mokwalo oo o ne o tla onala ka ntlha ya go dirisiwa mme o ne o ka fitlhiwa.
Dilo Tse Di Neng Tsa Diragala mo Hisitoring
Fa re sekaseka se se ka tswang se diragaletse mekwalo ya ntlhantlha ya Bibela, ntlha ya bofelo e e tshwanetseng go gakologelwa ke hisitori e e sa iketlang ya dinaga tsa Bibela. Ka sekai, tlhokomela se se neng sa diragalela dikwalo tseo di neng tsa kwalwa ke monna yo o neng a setse a tsofala Moshe. Re bolelelwa jaana: “Me ga dihala ea re Moshe a sena go wetsa go kwala mahoko a molaō o mo lokwaloñ, a tsamaea a hèla, Moshe a laola Balefi, ba ba rwalañ letlole ya kgōlaganō ea ga Yehofa, a re, Tsaeañ lokwalō lo loa molaō, lo lo beè lo bapè le letlole ya kgōlaganō ea ga Yehofa Modimo oa lona.”—Duteronome 31:24-26.
Letlole la kgolagano e ne e le lebokoso le le boitshepo le le neng le tshwantshetsa go nna gone ga Modimo mo gare ga Baiseraele. Le ne la isiwa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng (mmogo le mekwalo ya ga Moshe), koo le neng la bewa mo mafelong a a farologaneng. Ka nako nngwe le ne la thopiwa ke Bafilisitia. Moragonyana, kgosi ya Iseraele Dafide e ne ya tlisa Letlole leno mo Jerusalema, mme kgabagare le ne la bewa mo tempeleng e e neng ya agiwa koo ke Kgosi Solomone. Mme Kgosi Ahase o ne a aga sebeso sa seheitane mo tempeleng eo mme kgabagare o ne a e tswala. Kgosi Manase o ne a e tlatsa ka kobamelo ya maaka.
Ka nako eno, go ne ga diragala eng ka letlole la kgolagano le dikwalo tsa ga Moshe? Ga re itse, mme dingwe tsa tsone di ne tsa latlhega. Ka nako ya ga Kgosi Josia, bangwe ba badiri ba tempele ba ne ka tshoganetso fela ba bona “lokwalō loa molaō,” gongwe tota e le lone lokwalo lo lo neng lo kwadilwe ke Moshe. (2 Dikgosi 22:8) Kgosi e ne e sa itse bontsi jwa dilo tse di neng di le mo go lone, mme fa di balwa di ne tsa dira gore e tsosolosiwe mo semoyeng.—2 Dikgosi 22:11–23:3.
Morago ga loso lwa ga Josia, batho ba Juda ba ne ba tlhoka boikanyegi gape mme kgabagare ba ne ba isiwa kwa Babelona. Tempele e ne ya senngwa, mme sengwe le sengwe se se botlhokwa se ne sa tseelwa kwa Babelona. Ga go a begwa sepe sa gore go ne ga diragala eng ka Letlole kana ka lokwalo lwa botlhokwa leo le neng la bonwa ka nako ya ga Josia. Lefa go ntse jalo, dingwaga tse dintsi morago ga foo fa Bajuda ba bantsi ba ba neng ba boetse kwa nageng ya bone ba ne ba kgothalediwa go aga Jerusalema sesha le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri, moperesiti Esere le ba bangwe ba ne ba ba balela “lokwalō loa molaō oa ga Moshe.” (Nehemia 8:1-8) Ka gone, ba ne ba na le dikaelo tsa mekwalo ya ntlhantlha. Di ne di tswa kae?
Go Dira Dikaelo Tse Dingwe tsa Lefoko la Modimo
Moshe o ne a bolelela pele nako ya fa Baiseraele ba tla bo ba busiwa ke kgosi mme o ne a kwala taolo eno e e kgethegileng: “Me go tla dihala, go re, ha a dula mo setuloñ sa bogosi yoa gagwè, a a ikwalèlè malebèla a molaō o mo lokwaloñ, a a tseè mo go lo lo ha pele ga baperisiti eboñ Balefi.” (Duteronome 17:18) Ka gone, go ne go tshwanetse gore go dirwe dikaelo tse dingwe tsa Dikwalo.
Kgabagare go dira dikaelo tsa Dikwalo e ne ya nna tiro mo Iseraele. Eleruri, Pesalema 45:1 e bua jaana: “Loleme loa me ke sekwala sa mokwadi eo o boheho mo go kwaleñ.” Bakwadi ba ba ntseng jalo ba ba neng ba kwalolola jaaka Shafane le Sadoke ba ne ba umakiwa ka maina. Mme mokwadi mongwe yo o itsiweng thata wa metlha eo ya bogologolo e ne e le Esere, yo le ene e neng e le mokwadi wa mekwalo ya ntlhantlha ya Bibela. (Esere 7:6; Nehemia 13:13; Yeremia 36:10) Le eleng lefa dikarolo tsa moragonyana tsa Bibela di ne di ntse di kwalwa, dibuka tse di neng di setse di weditswe di ne di kwalololwa di bo di abiwa.
Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, dikaelo tsa Dikwalo tsa Sehebera (Genesise go fitlha ka Malaki) di ne di le teng eseng fela mo Jerusalema mme le kwa gongwe gape le kwa sinagogeng ya Galilea. (Luke 4:16, 17) Ke gone ka moo, Bajuda ba ba neng ba le botlhale thata ba kwa Berea kwa Makedonia ba neng ba kgona go “lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe”! (Ditihō 17:11) Go na le dikaelo tsa dibuka tsa Bibela e e ka nnang 1 700 gompieno e e kwadilweng pele ga go tsholwa ga ga Jesu, mmogo le e le 4 600 eo e neng ya kwalwa ke barutwa ba gagwe (Mathaio go fitlha ka Tshenolō).
A dikaelo tseo di ne di tlhomame? Ee, fela thata. Bakwalolodi ba ditswerere ba Dikwalo tsa Sehebera (ba ba neng ba bidiwa Sopherim) ba ne ba amegile thata ka go tila go dira diphoso. Ba ne ba bala palo ya mafoko le ditlhaka tsa mokwalo mongwe le mongwe o ba neng ba o kwalolola go sekaseka tiro ya bone gore a e ne e sena diphoso. Ka gone, Jesu, moaposetoloi Paulo, le ba bangwe ba gantsi ba neng ba tsopola se se kwadilweng ke bakwadi ba bogologolo ba Bibela ba ne ba sa belaele gore dikaelo tse ba neng ba di dirisa di ne di sena phoso.—Luke 4:16-21; Ditihō 17:1-3.
Go boammaaruri gore bakwalolodi ba Bajuda le ba moragonyana ba Bakeresete ba ne ba dira diphoso. Go ne ga nna le diphoso dingwe, mme dikaelo tse dintsi tse di santseng di le gone di re thusa go batlisisa diphoso tseo. Jang? Gone mme, bakwalolodi ba ba farologaneng ba ne ba dira diphoso tse di farologaneng. Ka gone, re kgona go bona diphoso tse dintsi ka go bapisa tiro ya bakwalolodi ba ba farologaneng.
Lebaka la Go Bo Re Ka Di Tshepa
Go ne ga bonwa memeno mengwe ya bogologolo fela go sa lebelelwa ka 1947 kwa dikgageng tse di gaufi le Lewatle le le Suleng. Memeno eno e ne ya supa kafa Dikwalo di neng tsa kwalololwa ka tlhomamo ka gone. Mo memenong eno go ne go na le sekaelo sa buka ya Bibela ya Isaia e e neng e na le dingwaga tse di ka nnang sekete go feta mekwalo epe fela e e neng ya bonwa pele. Lefa go le jalo, fa di bapisiwa go ne ga bonala gore mekwalo ya Lewatle le le Suleng le e e neng ya kwalololwa morago e ne e farologana fela ka tsela e mafoko a neng a tlhomagana ka yone le thutapuo. Bokao jwa ditemana tsa yone bo ne bo sa fetoga le morago ga go kwalololwa dingwaga di le sekete! Ke gone ka moo mokanoki William Henry Green a neng a ka bua jaana mabapi le Dikwalo tsa Sehebera: “Go ka bolelwa fela gore ga go buka epe ya bogologolo e e kileng ya tlisiwa mo bathong e tlhomame jaana.” Go ile ga dirwa dikakgelo tse di tshwanang ka go tlhomama ga Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.
Go boammaaruri gore go ka kgatlhisa tota go bona dikwalo tse Moshe kana Isaia a neng a di kwala. Mme eleruri ga re tlhoke dikwalo tseo tsa ntlhantlha. Selo sa botlhokwa ga se dikwalo mme ke se se leng mo go tsone. Mme se se gakgamatsang ke gore, go sa kgathalesege makgolokgolo a mantsi a dingwaga a dikhuduego a a neng a feta le go kwalololwa gantsintsi, re ka tlhomamisega gore Bibela e santse e na le tshedimosetso e e fitlhelwang mo mekwalong eo ya ntlhantlha ya bogologolo. Ka gone, polelo eno ya Dikwalo e ile ya itshupa e le boammaaruri: “Nama eotlhe ke boyañ, le go kgaba gotlhe ga eōna go etsa sethunya sa boyañ. Boyañ boa shwaba, me sethunya se we: Me lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ.”—1 Petere 1:24, 25.