LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/1 ts. 10-15
  • Buka ya Batho Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Batho Botlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka e e Anamisitsweng go di Feta Tsotlhe mo Lefatsheng
  • Pego e e Tlhomologileng ya Kafa e Neng ya Bolokwa ka Gone
  • Mo Dipuong Tse di Dirisiwang Tsa Batho
  • E Tshwanelwa ke go Ikanngwa
  • A Ruriruri Re Tlhoka Dikwalo tsa Ntlhantlha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kafa Baebele e Tlileng Mo go Rona ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Dithanolo tsa Bibela tsa mo Afrika
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ntwa E E Lolweng ke Bibela Gore E Tswelele Pele E Le Teng
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/1 ts. 10-15

Buka ya Batho Botlhe

“Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.”—DITIRO 10:34, 35.

1. Porofesa nngwe e ne ya arabela jang fa a ne a bodiwa gore o akanya eng ka Baebele, mme o ne a swetsa go dira eng?

MOPOROFESARA mongwe o ne a le kwa gae ka Sontaga thapama, a sa lebelela moeti ope. Mme e rile mongwe wa bokgaitsadi ba rona wa Mokeresete a mo etela, o ne a mo reetsa. O ne a bua ka kgotlelo le isagwe ya lefatshe—e leng dikgang tse monna yono a neng a di kgatlhegela. Le fa go ntse jalo, e rile kgaitsadi yono a umaka Baebele mo motlotlong, monna yono o ne a bonala a na le pelaelonyana. Ka jalo kgaitsadi o ne a mmotsa gore o akanyang ka Baebele.

“Ke buka e e molemo e e kwadilweng ke batho bangwe ba ba tlhalefileng,” a araba jalo, “mme Baebele ga e a tshwanelwa go tseelwa tlhogong go le kalo.”

“A o kile wa bala Baebele?” o ne a mmotsa jalo.

A gakgametse, moporofesara yono o ne a tshwanelwa ke go dumalana gore ga a ise a e bale.

Mme o ne a mmotsa jaana: “Go tla jang gore o bue o tlhomamisegile jaana ka buka e o iseng o e bale?”

Kgaitsadi wa rona o ne a bua boammaaruri. Moporofesara yono o ne a swetsa gore a sekaseke Baebele mme e re morago ga foo e bo e le gone a ka bonang gore o ikutlwa jang ka yone.

2, 3. Ke ka ntlha yang fa Baebele e le buka e batho ba le bantsi ba sa e itseng, mme seno se dira gore re nne le kgwetlho efe?

2 Moporofesara yono ga se ene fela. Batho ba le bantsi ba na le dipono tse di tlhomameng ka Baebele tota le fa ba ise ba ko ba e bale ka bobone. Ba ka nna ba bo ba na le Baebele. E bile ba ka nna ba bo ba dumela gore e kwadilwe ka bokgeleke kana gore hisitori ya yone ke ya maemo a a kwa godimo. Mme mo go ba le bantsi ke buka e e se keng e balwa. Bangwe ba re, ‘Ga ke na nako ya go bala Baebele.’ Ba bangwe ba ipotsa gore, ‘Buka ya bogologolo jaana e ka ama jang botshelo jwa me?’ Dipono tse di ntseng jalo di re naya kgwetlho tota. Basupi ba ga Jehofa ba dumela ba tlhomamisegile gore Baebele e “tlhotlheleditswe ke Modimo e bile [e] tswela mosola mo go ruteng.” (2 Timotheo 3:16, 17) Le fa go ntse jalo, re ka dira jang gore re tlhatswe batho pelo gore go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe, setšhaba, kana lotso, ba tshwanetse go sekaseka Baebele?

3 A re tlotleng ka mabaka mangwe a go bo Baebele e tshwanetse go sekasekiwa. Go e sekaseka jalo go tla re thusa gore re kgone go ntshetsa ba re kopanang le bone mo bodireding jwa rona mabaka, gongwe re ba tlhatswe pelo gore ba tshwanetse go sekaseka se Baebele e se bolelang. Mo godimo ga moo, go sekaseka mabaka ka tsela eno go tshwanetse ga nonotsha tumelo ya rona gore eleruri Baebele ke se e ipolelang go nna sone—“lefoko la Modimo.”—Bahebera 4:12.

Buka e e Anamisitsweng go di Feta Tsotlhe mo Lefatsheng

4. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Baebele ke buka e e anamisitsweng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng?

4 La ntlha, Baebele e tshwanetse go sekasekiwa ka gonne ke buka e e anamisiwang go gaisa tse dingwe tsotlhe e bile ke buka e e ranotsweng go gaisa tse dingwe tsotlhe mo hisitoring yotlhe ya batho. Mo dingwageng tse di fetang 500 tse di fetileng, kgatiso ya ntlha e e ileng ya gatisiwa ka motšhini o go bewang ditlhaka mo go one ka seatla e ne ya gatisiwa mo bogatisetsong jwa ga Johannes Gutenberg. Fa e sale ka nako eo, go ile ga gatisiwa Dibaebele tse di fopholediwang go dimilione di le dikete tse nnè, di feletse kana e le dikarolo dingwe tsa yone. Ka 1996 Baebele e e feletseng kana dikarolo tsa yone e ne e ranoletswe mo dipuong le mo ditemeng di le 2167.a Batho ba feta diperesente di le 90 ba na le bobotlana karolo ya Baebele ka puo ya bone ka namana. Ga go na buka epe e nngwe—ya bodumedi kana e sele—e e ka bapisiwang le yone!

5. Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela gore Baebele e tshwanetse go kgona go bonwa ke batho mo lefatsheng lotlhe?

5 Dipalopalo tseno ka botsone ga di neele bosupi jwa gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, gone re tshwanetse go lebelela gore pego e e kwadilweng e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e kgone go fitlhelelwa ke batho mo lefatsheng lotlhe. Mo godimo ga moo, Baebele ka boyone e re bolelela gore “Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Go farologana le buka lefa e le efe, Baebele e kgabagantse melelwane ya bosetšhaba mme e fentse dikgoreletsi tsa bomorafe le setso. Eleruri, Baebele ke buka ya batho botlhe!

Pego e e Tlhomologileng ya Kafa e Neng ya Bolokwa ka Gone

6, 7. Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo go se na mekwalo epe ya ntlhantlha ya Baebele e e itsegeng e e leng teng, mme seno se tsosa potso efe?

6 Go na le lebaka le lengwe gape la go bo Baebele e tshwanelwa ke go sekasekiwa. E ile ya falola dikgoreletsi tsa tlholego le tsa batho. Pego ya kafa e neng ya bolokwa ka gone le fa e ne e lebane le dikgoreletsi tse dintsintsi e tlhomologile tota mo dikwalong tsa bogologolo.

7 Go bonala bakwadi ba Baebele ba ile ba kwala mafoko a bone ka enke mo komeng (e e dirilweng ka setlhare sa kwa Egepeto se se neng se bidiwa jalo) le dikwalelo tsa letlalo (tse di dirilweng ka matlalo a diphologolo).b (Jobe 8:11) Le fa go ntse jalo, dilo tse di ntseng jalo tse go neng go kwalelwa mo go tsone di na le baba ba tlholego. Mokanoki Oscar Paret o tlhalosa jaana: “Didirisiwa tseno tsa go kwalela ka bobedi di senngwa ke bongola, mouta le diboko tsa mefuta e e farologaneng. Go ya ka se re se tlwaetseng se direga letsatsi le letsatsi re a itse gore pampiri, tota le letlalo le le thata, di onala motlhofo jang fa di tlogetswe fela mo phefong kana mo phaposing e e bongola.” Ka jalo ga go gakgamatse go bo go sa itsiwe ka dikwalo dipe tsa ntlhantlha; go bonala di ile tsa bola bogologolo. Mme fa e le gore dikwalo tsa ntlhantlha di ile tsa ineela mo babeng ba tlholego, Baebele e ile ya falola jang?

8. Mo makgolong a dingwaga a a fetileng, mekwalo ya Baebele e ne ya bolokiwa jang?

8 Ka bonako fa dikwalo tsa ntlhantlha di sena go kwalwa, go ne ga dirwa dikhopi tse di kwadilweng ka seatla. Tota e bile, go kwalolola Molao le dikarolo tse dingwe tsa Dikwalo tse di Boitshepo e ne ya nna tiro e e neng e ithutelwa kwa Iseraeleng wa bogologolo. Ka sekai, moperesiti Esera, o tlhalosiwa e le “mokwadi yo o bobebe mo molaong wa ga Moše.” (Esera 7:6, 11; bapisa Pesalema 45:1.) Mme dikhopi tseno tse di neng di kwalolotswe le tsone di ne di senyega; kgabagare di ne di tshwanelwa ke go emisediwa ka dikhopi tse dingwe tse di kwadilweng ka seatla. Tiro eno ya go kwalolola dikhopi e ne ya tswelela ka makgolokgolo a dingwaga. E re ka batho ba sa itekanela, a diphoso tsa bakwalolodi di ile tsa fetola mokwalo wa Baebele thata? Bosupi jo bontsi bo supa gore ga go a nna jalo!

9. Sekai sa Bamasora se supa jang go nna kelotlhoko thata le go tlhomama ga bakwalolodi ba Baebele?

9 Ga se fela gore bakwalolodi bano e ne e le ditswerere mme gape ba ne ba tlotla mafoko a ba neng ba a kwala thata. Lefoko la Sehebera le le rayang “mokwalolodi” le kaya go bala palo ya dilo le go boloka rekoto ya tsone. Go tshwantsha kafa bakwalolodi bano ba neng ba le kelotlhoko thata ka teng le kafa ba neng ba kwala dilo fela jaaka di ne di ntse ka teng, akanya ka Bamasora, bakwalolodi ba Dikwalo tsa Sehebera ba ba neng ba tshela mo magareng a lekgolo la borataro le la bolesome la dingwaga C.E. Go ya ka mokanoki Thomas Hartwell Horne, ba ne ba bala “gore tlhaka nngwe le nngwe ya alafabethe ya [Sehebera] e tlhaga ga kae mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera.” A o ke o akanye fela gore seo se kayang! Go tila go fosa tota le tlhaka e le nngwe, bakwalolodi ba ba ineetseng bano ba ne ba bala e seng fela mafoko a ba neng ba a kwalolola mme le ditlhaka. Ebu, go ya ka tsela e mokanoki mongwe a neng a bala ka yone, go bolelwa gore ba ne ba bala ditlhaka dingwe le dingwe di le 815 140 tsa Dikwalo tsa Sehebera! Matsapa a makalokalo a a neng a dirwa ka tlhoafalo a ne a tlhomamisa gore e nna e ntse e tlhomame ka selekanyo sa maemo a a kwa godimo.

10. Ke bosupi bofe jo bo nonofileng jo bo leng teng jwa gore mekwalo ya Sehebera le ya Segerika e dithanolo tsa segompieno di theilweng mo go yone di supa mafoko a bakwadi ba ntlhantlha ka boikanyegi?

10 Totatota, go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore mekwalo ya Sehebera le ya Segerika e dithanolo tsa segompieno di theilweng mo go yone, ka boikanyego jo bogolo thata, e na le mafoko a bakwadi ba ntlhantlha. Bosupi joo ke jwa dikhopi di le diketekete tse di kwadilweng ka seatla tsa mokwalo wa Baebele—e le palo e e fopholediwang go 6000 ya Dikwalo tsa Sehebera di feletse kana dikarolo tsa tsone le tse di ka nnang 5000 tsa Dikwalo tsa Bokeresete ka Segerika—tse di ileng tsa falola go fitlha mo motlheng wa rona. Go sekaseka mekwalo e mentsi e e leng teng ka kelotlhoko, e bile e bapisiwa le e mengwe, go ne ga dira gore bakanoki ba mekwalo ba kgone go bona diphoso dipe fela tsa bakwalolodi le go bona gore e ne e balega jang kwa tshimologong. Fa mokanoki William H. Green a ne a akgela ka mokwalo wa Dikwalo tsa Sehebera o ne a bolela jaana: “Re ka bolela re sa belaele sepe gore ga go na mokwalo ope wa bogologolo o o ileng wa kwalololwa ka tsela e e tlhomameng jaana.” Go ka buiwa fela jalo le ka mokwalo wa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.

11. Go ya ka 1 Petere 1:24, 25, ke ka ntlha yang fa Baebele e ile ya falola go fitlha mo motlheng wa rona?

11 A bo Baebele e ka bo e ile ya nyelela motlhofo jang ne, ka molaetsa wa yone o o botlhokwatlhokwa, fa e ka bo e se ka dikhopi tse di kwalolotsweng ka seatla go emisetsa tsa ntlhantlha! Go na le lebaka le le lengwe fela la go bo e falotse—Jehofa ke Mmoloki le Mosireletsi wa Lefoko la gagwe. Jaaka Baebele ka boyone e bolela mo go 1 Petere 1:24, 25: “Nama yotlhe e tshwana le tlhaga, e bile kgalalelo yotlhe ya yone e tshwana le sethunya sa tlhaga; tlhaga e a swaba, mme sethunya se tlhotlhorege, mme lefoko la ga Jehofa lone le nnela ruri.”

Mo Dipuong Tse di Dirisiwang Tsa Batho

12. Mo godimo ga makgolokgolo a dingwaga e ntse e kwalololwa, Baebele e ne ya lebana le bothata bofe jo bongwe?

12 Go falola ka makgolokgolo a dingwaga e ntse e kwalololwa e ne e le kgwetlho ka bogone, mme Baebele e ne e lebane le bothata jo bongwe gape—go ranolelwa mo dipuong tse di dirisiwang. Baebele e tshwanetse go bua puo ya batho e le gore e kgone go bua le dipelo tsa bone. Le fa go ntse jalo, go ranola Baebele—ka dikgaolo tsa yone tse di fetang 1100 le ditemana di le 31 000—ga se kgetse e potlana. Le fa go ntse jalo, ka makgolokgolo a dingwaga baranodi ba ba ineetseng ba ne ba lebana le kgwetlho eo ka boitumelo, ka dinako tse dingwe ba tshwanelwa ke go lebana le dikgoreletsi tse di neng di bonala di le dikgolo thata.

13, 14. (a) Moranodi wa Baebele e bong Robert Moffat o ne a lebana le kgwetlho efe mo Afrika mo masimologong a lekgolo la dingwaga la bo19? (b) Batswana ba ne ba itshwara jang fa ba ne ba bona Efangele ya ga Luke ka puo ya bone?

13 Ka sekai, akanya kafa Baebele e ileng ya ranolelwa mo dipuong tsa Afrika ka teng. Ka ngwaga wa 1800, go ne go na le dipuo tse di ka nnang 12 fela tse di kwalwang mo Afrika yotlhe. Dipuo tse dingwe di le makgolokgolo tse di buiwang di ne di se na tsela e di neng di kwalwa ka yone. Eno e ne e le kgwetlho e moranodi wa Baebele Robert Moffat a neng a lebane le yone. Ka 1821, fa a ne a le dingwaga di le 25, Moffat o ne a simolola tiro ya borongwa mo gare ga Batswana ba ba mo borwa jwa Afrika. Gore a tle a ithute puo ya bone e e neng e sa kwalwe, o ne a itlhakatlhakanya le batho bano. Moffat o ne a itshoka mme, a sa dirise le fa e le buka e e dirisiwang go ruta batho go kwala kana dibukantswe, kgabagare o ne a itse puo eno sentle, a dira gore go nne le mokgwa wa go e kwala mme a ruta Batswana bangwe go bala mokwalo oo. Ka 1829, morago ga go bereka mo gare ga Batswana ka dingwaga di le robedi, o ne a wetsa go ranola Efangele ya ga Luke. Moragonyana o ne a bolela jaana: “Ke bone batho ba ba tswang bokgakala jwa dikilometara di le makgolokgolo go tla go itseela dikhopi tsa ga St. Luke. . . . Ke ba bone ba amogela dikarolo tsa St. Luke, ba bo ba lelela mo go tsone, mme ba di tlamparela mo dihubeng tsa bone, e bile ba tsholola dikeledi tsa boitumelo, go fitlha ke raya ba le mmalwa ba bone ke re, ‘Lo tla senya dibuka tsa lona ka dikeledi tsa lona.’” Moffat gape o ne a bolela ka monna mongwe wa Moafrika yo o neng a bona batho bangwe ba bala Efangele ya ga Luke mme a ba botsa gore ba tshotse eng. Ba ne ba araba ka gore, “Ke Lefoko la Modimo.” “A le a bua?” monna yoo o ne a botsa jalo. Ba re “Ee, le bua le pelo.”

14 Baranodi ba ba ineetseng ba ba jaaka Moffat ba ne ba naya Baafrika ba le bantsi tshono e ba iseng ba ko ba nne le yone pele ya gore ba kgone go buisana ka go kwala. Mme baranodi bano ba ne ba naya Baafrika mpho e e tlhwatlhwakgolo le go feta—Baebele ka puo ya bone. Mo godimo ga moo, Moffat o ne a itsise Batswana leina la Modimo, mme o ne a dirisa leina leo mo thanolong ya gagwe yotlhe.c Ka jalo, Batswana ba ne ba bitsa Baebele ba re ke “molomo wa ga Jehofa.”—Pesalema 83:18.

15. Ke ka ntlha yang fa Baebele e dira thata gompieno?

15 Baranodi ba bangwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe le bone ba ne ba lebana le dikgoreletsi tse di tshwanang le tseo. Bangwe ba bile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba kgone go ranola Baebele. Akanya ka seno: Fa Baebele e ka bo e ile ya nna fela ka Sehebera le Segerika sa bogologolo, e ka bo e ile ya “swa” bogologolo, ka gonne fa nako e ntse e ya dipuo tseo di ne tsa lebalwa ke bontsi jwa batho mme ga di ise di ko di itsiwe mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, Baebele e a tshela thata ka gonne, go farologana le dibuka tse dingwe, e kgona go “bua” le batho mo lefatsheng lotlhe ka puo ya bone ka namana. Ka ntlha ya seo, molaetsa wa yone o nna ‘o dira mo badumeding ba one.’ (1 Bathesalonika 2:13) The Jerusalem Bible e ranola mafoko ano jaana: “E sa ntse e le maatla a a dirang mo gare ga lona ba ba e dumelang.”

E Tshwanelwa ke go Ikanngwa

16, 17. (a) Gore Baebele e tle e ikanngwe, go tshwanetse ga nna le bosupi jwa eng? (b) Neela sekai se le sengwe se se supang kafa mokwadi wa Baebele Moshe a ileng a kwala a sa fitlhe sepe ka teng.

16 ‘A tota Baebele e ka ikanngwa?’ bangwe ba ka ipotsa jalo. ‘A e bua ka batho ba ruri ba kileng ba tshela, mafelo a a neng a le teng tota le ditiragalo tse ruri di diragetseng?’ Fa re tshwanetse go e ikanya, go tshwanetse ga nna le bosupi jwa gore e kwadilwe ke bakwadi ba ba kelotlhoko, ba ba ikanyegang. Seno se re tlisa mo lebakeng le lengwe la go bo re tshwanetse go sekaseka Baebele: Go na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore e boammaaruri e bile e ka ikanngwa.

17 Bakwadi ba ba ikanyegang ba ne ba sa kwale fela ka go atlega ga bone mme gape le ka go palelwa ga bone, e seng fela ka dinonofo tsa bone mme gape le ka makoa a bone. Bakwadi ba Baebele ba ne ba kwala fela jalo ba sa fitlhe sepe. Ka sekai, akanya ka tsela e Moshe a neng a bua dilo ka tlhamalalo ka teng. Fa gare ga dilo tse a neng a bua puo phaa mo go tsone e ne e le go sa kgone go bua sentle ga gagwe, e leng selo se go ya ka pono ya gagwe se neng se dira gore a se ka a tshwanelega go nna moeteledipele wa Baiseraele (Ekesodo 4:10); phoso e e masisi e a neng a e dira e e neng ya dira gore a se ka a tsena mo Nageng e e Solofeditsweng (Dipalo 20:9-12; 27:12-14); go fapoga ga morwarraagwe, e bong Arone, yo o neng a dirisana mmogo le Baiseraele ba ba tsuologang mme a dira setshwantsho sa namane ya gouta (Ekesodo 32:1-6); go tsuologa ga ga kgaitsadie, e bong Miriame, le kotlhao e a neng a e newa e e tlhabisang ditlhong (Dipalo 12:1-3, 10); go itshekologa ga ditlogolo tsa gagwe e bong Nadabe le Abihu (Lefitiko 10:1, 2); le go ngongorega le go balabala ga batho ba Modimo gangwe le gape. (Ekesodo 14:11, 12; Dipalo 14:1-10) A go kwala dilo jalo ka tshosologo, go sa fitlhiwe sepe ga go bontshe gore mokwadi o ne a amegile thata ka boammaaruri? E re ka bakwadi ba Baebele ba ne ba iketleeditse go kwala dilo tse di sa bueng sentle ka baratiwa ba bone, batho ba gabone, tota le e leng ka bone ka bobone, a seo ga se lebaka le le utlwalang la go tshepa dilo tse ba di kwadileng?

18. Ke eng se se tlhomamisang ntlha ya gore dilo tse bakwadi ba Baebele ba di kwadileng di ka ikanngwa?

18 Go kwala dilo ka tsela e e tshwanang ga bakwadi ba Baebele le gone go gatelela gore dilo tse ba di kwadileng di ka ikanngwa. Go a gakgamatsa tota gore banna ba le 40 ba kwala mo sebakeng sa dingwaga di le 1600 ba a dumalana, tota le fa go tla mo dilong tse dipotlana. Le fa go ntse jalo, go dumalana gono ga go a rulaganngwa ka kelotlhoko jaana mo e bileng go dira gore motho a ipotse gore a bakwadi ga ba ithera kafa sephiring. Go farologana le moo, go bonala sentle gore go ne go sa dirwa maano ape a gore go dumalanwe ka dilo tse di farologaneng; gantsi go a bonala sentle gore go dumalana gono go itiragaletse fela.

19. Dipego tsa Efangele tsa go tshwarwa ga ga Jesu di supa jang tumalano e go bonalang sentle gore e ne e sa rulaganngwa?

19 Go tshwantsha, akanya ka tiragalo e e neng ya diragala mo bosigong joo Jesu a neng a tshwarwa ka jone. Bakwadi botlhe ba le banè ba Efangele ba kwala gore mongwe wa barutwa o ne a ntsha tšhaka ya gagwe mme a tlhasela motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a kgaola tsebe ya monna yoo. Le fa go ntse jalo, ke Luke fela yo o bolelang gore Jesu o ne “a ama tsebe a mo fodisa.” (Luke 22:51) A mme ga se se re neng re ka se lebelela mo mokwading yo o neng a itsege e le “ngaka e e rategang”? (Bakolosa 4:14) Pego ya ga Johane e re bolelela gore mo barutweng botlhe ba ba neng ba le gone, yo o neng a somola tšhaka e ne e le Petere—e leng selo se se sa gakgamatseng fa re gakologelwa gore Petere e ne e le motho yo o mafega e bile a le matlhagatlhaga thata. (Johane 18:10; bapisa Mathaio 16:22, 23 le Johane 21:7, 8.) Johane o kwala ka ntlha e nngwe e go neng go ka twe ga e tlhokege: “Leina la motlhanka yono e ne e le Maleko.” Ke ka ntlha yang fa e le Johane fela yo o bolelang leina la monna yoo? Tlhaloso e neelwa ke ntlha e nnye e e umakiwang go fetwa fela mo pegong ya ga Johane fela—Johane “o ne a itsiwe ke moperesiti yo mogolo.” Le ba lelapa la moperesiti yo mogolo ba ne ba mo itse; batlhanka ba ne ba mo tlwaetse mme le ene a ba tlwaetse.d (Johane 18:10, 15, 16) Go a tshwanela he, gore Johane a umake leina la monna yo o gobetseng, fa bakwadi ba bangwe ba Efangele, ba go bonalang fa ba ne ba sa itse monna yono ba sa dira jalo. Tsela e dintlha tseno di dumalanang ka yone e a gakgamatsa, le fa go ntse jalo go a bonala sentle gore ba ne ba sa rulaganya gore go nne jalo. Go na le dikai tse dintsi tse di tshwanang le tseo mo Baebeleng yotlhe.

20. Batho ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetse go itse eng ka Baebele?

20 Ka jalo a re ka ikanya Baebele? Kwantle ga pelaelo! Tsela e bakwadi ba Baebele ba neng ba kwala ka yone ba sa fitlhe sepe, le tsela e Baebele yotlhe e utlwanang ka teng ka boyone, e dira gore go utlwale sentle gore e bua boammaaruri. Batho ba dipelo di ikanyegang ba tlhoka go itse gore ba ka ikanya Baebele, ka gonne ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la ga “Jehofa, . . . Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) Go na le mabaka a mangwe gape a go bo Baebele e le buka ya batho botlhe, jaaka go tla bontshiwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Seno se theilwe mo dipalopalong tse di gatisitsweng ke United Bible Societies.

b Ka nako ya fa a le mo kgolegelong ka lekgetlho la bobedi kwa Roma, Paulo o ne a kopa Timotheo go tlisa “dikwalomomeno, segolobogolo dikwalelo tsa letlalo.” (2 Timotheo 4:13) Go bonala Paulo a ne a kopa dikarolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera gore a tle a di ithute fa a ntse a le mo kgolegelong. Polelwana e e reng “segolobogolo dikwalelo tsa letlalo” e ka tswa e supa gore go ne go na le dikwalomomeno tsa koma le tse dingwe tsa letlalo.

c Ka 1838, Moffat o ne a wetsa thanolo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. A thusiwa ke modirikaene, o ne a wetsa go ranola Dikwalo tsa Sehebera ka 1857.

d Tsela e Johane a neng a itsane ka yone le moperesiti yo mogolo le ba lelapa la gagwe e bontshiwa gape moragonyana mo pegong eno. Fa motlhanka yo mongwe wa moperesiti yo mogolo a latofatsa Petere gore ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, Johane o tlhalosa gore motlhanka yono e ne e le “wa losika lwa monna yo Petere a neng a kgaola tsebe ya gagwe.”—Johane 18:26.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela gore Baebele e nne buka e e tshwanetseng go fitlhelelwa ke botlhe mo lefatsheng?

◻ Ke bosupi bofe jo bo leng teng jwa gore Baebele e ile ya bolokiwa e le boammaaruri?

◻ Batho ba ba neng ba ranola Baebele ba ne ba lebana le mathata afe?

◻ Ke eng se se tlhomamisang gore mekwalo ya Baebele e ka ikanngwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela