Dithanolo tsa Bibela tsa mo Afrika
Bibela e ne ya ronolwa la ntlha e feletse ka puo ya mo Afrika kwa Egepeto. Di itsege jaaka dithanolo tsa Coptic mme go dumelwa gore letlha la tsone ke la go tloga ka lekgolo la boraro kana la bone la dingwaga C.E. Mo e ka nnang dingwaga di le makgolo a mararo morago ga moo, Bibela e ne ya ranolelwa mo dipuong tsa kwa Ethiopia.
Makgolokgolo a dipuo tse di neng di sa kwalwe tse di neng di buiwa kwa borwa jwa Ethiopia le Sahara di ne tsa tshwanelwa ke go leta go fitlha barongwa ba goroga mo lekgolong la bo 19 la dingwaga. Go ne ga diragala sengwe sa botlhokwa ka 1857 fa Robert Moffat a ne a fetsa go ranolela Bibela mo Setswaneng eleng puo nngwe ya mo borwa jwa Afrika. O ne a bo a e gatisa ka dikarolo mo motšhining wa letsogo. Eno e ne e le Bibela ya ntlha e e feletseng e e neng ya gatisiwa mo Afrika ebile gape e ne e le thanolo ya ntlha go fediwa ya puo e e neng e sa kwalwe ya mo Afrika. Se se kgatlhang ke gore, Moffat o ne a dirisa leina la Modimo eleng Yehofa fa a ne a e ranola. Mo thanolong ya 1872 e e gatisitsweng ke British and Foreign Bible Society, leina Yehofa le dirisiwa mo dipolelong tsa ga Jesu tsa botlhokwa jaaka e e kwadilweng mo go Mathaio 4:10 le Mareko 12:29, 30.
Ka 1990 Bibela yotlhe e ne e setse e ranoletswe mo dipuong di le 119 tsa mo Afrika, mme e ranotswe ka dikarolo ka dipuo tse dingwe gape tse 434.