LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/1 ts. 3-4
  • Basha Ba Ba Direlang Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha Ba Ba Direlang Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basha ba ba Tshwanang le Monyo o o Lapolosang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Batlhanka Ba Basha Ba Ba Bolelwang mo Bibeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Basha Ba Ba Itumetseng Ba Ba mo Tirelong ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Go Basha
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/1 ts. 3-4

Basha Ba Ba Direlang Modimo

A O FITLHELA go sa tlwaelega go bona basha ba ba molemo ba dirisa nako ya bone, ba sa duelwe, go tla kwa mojakong wa gago go bua ka Modimo? A go a gakgamatsa, mo motlheng ono o go tlhoka tumelo go golang, go bona bana ba patile batsadi ba bone mo go bueng le ba bangwe ka ditsholofetso tse di molemolemo tsa Bibela tsa boitumelo jo bo tla nnang gone mo isagweng?a

O tla fitlhela basha ba le bantsi mo diphuthegong tse di fetang 60 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe. Ga ba ye fela kwa sekolong sa Sontaga kana kwa ditlelaseng tsa katekasima tsa beke le beke. Go na le moo, basha bano ba solegelwa molemo go tswa mo dipokanong tsa phuthego tse ba bileng ba nna le seabe mo go tsone. Ba babotlana ba ka naya dikarabo tse di motlhofo. Ba ba setseng ba tla tsena mo dingwageng tsa bosome ba nna le seabe mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Ba bantsi ba ba mo dingwageng tsa bosome ba senya malatsi a bone a sekolo a boikhutso ba thusa baagelani ba bone go ithuta ka Modimo le ditsholofetso tsa gagwe tse di molemolemo ka isagwe.

Eleruri tiro e e ntseng jalo ya basha ga e ntšha. Bibela e re bolelela ka banna le basadi ba babotlana ba ba ikanyegang, mmogo le basha le bana ba bannye, ba ba neng ba tlhoma dikao tse di tlhomologileng thata mo go direleng Modimo.

Buka ya Bibela ya Dipesalema e ne ya bolelela pele ka “setlhopha sa makau a gago, [NW]” a a lapolosang le a mantsi jaaka “monyo,” mo tirelong ya bomodimo. E ne ya bua gape ka “makau” le “basetsana” ba ba galaletsang leina la Modimo. (Pesalema 110:3; 148:12, 13) Go lebega gore batho bangwe ba babotlana ba ne ba le gone fa gare ga bao ba neng ba le gone fa moya wa Modimo o o boitshepo o ne o tshololelwa badumedi ka Pentekosete 33 C.E. Mo go lone letsatsi leo ba ba ka nnang 3 000 ba ne ba amogela Lefoko mme ba kolobediwa. Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore tiragalo eno e e gakgamatsang e ne e diragatsa boperofeti jono jwa ga Joele: “Bomorwa lona, le bomorwadia lona ba tla perofesa, le makau a lona a tla bōna dipōnatshègèlō, le banna bagolo ba lona ba tla lōra ditōrō.”—Ditihō 2:4-8, 16, 17, 41.

Dikai tse dingwe tsa Bibela tsa batho ba ba neng ba direla Jehofa Modimo mo bosheng jwa bone di akaretsa Samuele, Kgosi Dafide yo o siameng, baperofeti ba ba itsegeng thata ba Bibela Jeremia le Daniele, mmogo le Timotheo yo o ikanyegang. Tokololo eno e na le ditlhogo tse tharo tse di buang ka dingwe tsa dikai tseno tsa Bibela. O tla bona go tswa mo ditlhogong tseno gore ke ka ntlhayang fa basha, mmogo le batho ba bagolo, ba tsaya go direla Modimo masisi le gore ke ka ntlhayang fa ba senya nako e ntsi jaana ba thusa baagelani ba bone go dira se se tshwanang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Patlisiso ya Gallup ya 1985 e ne ya fitlhela gore ke 12 lekgolong fela ya Baamerika ba ba tshotsweng go tloga ka 1946 ba ba neng ba bolela gore ba ne ba na le “tumelo e e nonofileng sentle” fa ba ne ba santse ba na le dingwaga di le 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela