Batlhanka Ba Basha Ba Ba Bolelwang mo Bibeleng
BIBELA e re bolelela ka basha ba bantsi ba ba molemo bao ba neng ba tsaya go direla Modimo masisi le bao ba neng ba segofadiwa segolo ka go dira jalo. Go sa kgathalesege gore a re basha, kana re godile ebile ditlhogo tsa rona di pududu, dikao tse di molemo tseno tsa Bibela di ka re kgothatsa tota.
Josefa o ne a na le dingwaga di le 17 fela fa a ne a rekisiwa jaaka lekgoba kwa Egepeto. Fa a le koo, Josefa o ne a supa bothokgami jwa gagwe a le kgakala thata jalo le lelapa laabo ebile a ka seka a bonwa ke ope yo o mo itseng. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go hepisa Josefa, o ne a mo raya a re: “Boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?” Josefa o ne a tlotlomatsa Modimo le fa pele ga Faro yo o maatla, kgosi e e neng e le maatla go gaisa mo metlheng ya yone, ka go ranola ditoro tsa ga Faro. O ne a segofadiwa tota. Modimo o ne wa mo dirisa go falotsa Baegepeto mmogo le lelapa laabo gore ba seka ba bolawa ke leuba le go lere rraagwe, Jakobe, le lelapa la gagwe kwa Egepeto.—Genesise 37:2; 39:7-9; 41:15, 16, 32.
Moshe le Ba Bangwe Ba Ba Neng Ba Ikanyega mo Bosheng jwa Bone
Morwadia Faro o ne a itseela Moshe go nna ngwana wa gagwe, mme mmaagwe Moshe le rraagwe Moshe ba ne ba kgona go mo ruta ka Modimo wa boammaaruri. Bibela e bolela gore fa a setse a godile, Moshe o ne “a gana go bidiwa morwa morwadia Farwe; A itshenkèla go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka.” Modimo o ne wa dirisa Moshe go ntsha batho ba one kwa Egepeto, go ya go amogela Molao kwa Sinai, le go kwala karolo e kgolo ya Bibela. Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga tse kae, a o tlhagolela boiketleetso jwa go direla Modimo jaaka Moshe?—Bahebera 11:23-29; Ekesodo 2:1-10.
Dikwalo di re bolelela ka “banyana” ba ba neng ba reetsa le morafe otlhe fa Baiseraele ba ne ba balelwa Molao wa Modimo. (Duteronome 31:10-13) “Ba ba ka utlwañ ka tlhaloganyō” ba ne ba ema “go simolola ka maphakèla le go ea motshegariñ o mogolo” go utlwa Molao mo metlheng ya ga Nehemia. (Nehemia 8:1-8) Le eleng lefa ba babotlana ba ne ba sa tlhaloganye sengwe le sengwe, ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go rata, go obamela, le go ikobela Jehofa Modimo. Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae, a o kile wa reetsa fa o ne o le kwa dikopanong koo Lefoko la Modimo le neng le tlhalosiwa gone? A o setse o ithutile botlhokwa jwa go mo ikobela, jaaka Baiseraele bao ba ne ba dira?
Dafide, Josia, le Jeremia
Modimo o ne wa tlhopha Dafide, yo a neng a le mmotlana thata mo go bomorwarraagwe botlhe ba ba robedi go tla go dira tiro e e kgethegileng wa bo wa bua jaana ka ene: “Ke bonye Dafide morwa Yese, monna eo o kaha peduñ ea me, eo o tla dihañ go rata ga me gotlhe hèla.” Modimo o ne wa mo tlhopha gore a nne “modisa,” wa batho ba gagwe, mme Dafide o ne a dira tiro eo, a supa fa a rata Jehofa ka dingwaga tse dintsi. O ne a kwala Dipesalema tse di fetang 70 mme a nna rremogologolwane wa ga Jesu Keresete. O le mogolo kana o le monnye, a o anaanela ditsela tsa Modimo, mme a o dira dilo tse a di ratang, jaaka Dafide a ne a dira?—Ditihō 13:22; Pesalema 78:70, 71, NW; 1 Samuele 16:10, 11; Luke 3:23, 31.
Josia o ne a nna kgosi fa a ne a na le dingwaga di le robedi. Fa a na le dingwaga di le 15 o ne “a simolola go batla Modimo oa ga Dafide rragwè.” Josia o ne a simolola go lwa kgatlhanong le kobamelo ya maaka pele a nna le dingwaga di le 20. Moragonyana, o ne a baakanya tempele a bo a tsosolosa kobamelo e e itshekileng mo nageng yotlhe. Re bala jaana: “Metlheñ eotlhe ea gagwè ga baa ka ba kgaogana le go sala Yehofa Modimo oa borrabō moragō.” Rotlhe ga re kake ra nna kgosi e e tshwanang le Josia, mme re ka direla Modimo ra bo ra ema re nonofile kgatlhanong le kobamelo ya maaka, go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae.—2 Ditihalō 34:3, 8, 33.
Modimo mothatayotlhe o ne a bolelela Jeremia jaana: “E rile ke e se ke gu bopele mo mpeñ ka bo ke gu itse, le u e se u cwe mo sebopeloñ ka bo ke gu itshepisitse; ke gu laoletse go nna moperofeti mo merahiñ.” Jeremia o ne a gana jaana a re o mmotlana thata go nna moperofeti: “Ao, Yehofa Modimo! bōna, ga ke itse go bua: gonne ke ñwanyana hèla.” Jehofa o ne a mo araba jaana: “Se re, Ke ñwanyana hèla; gonne leha e le bomañ ba ke tla gu romañ kwa go bōnè u na le go ea hèla, me leha e le eñ se ke se gu laolèlañ u na le go se bua hèla.” Jeremia o ne a dira seo ka dingwaga tse di fetang 40, mme le eleng fa a ne a batla go tlogela, o ne a sa kgone go emisa. Lefoko la Modimo e ne “ekete molelō o o shañ o cwalecwe mo marapoñ [a gagwe].” O ne fela a tshwanetse go bua! Go sa kgathalesege dingwaga tsa gago, a o godisa tumelo e e ntseng jaaka eo Jeremia a neng a na le yone, o tswelela pele mo tirelong ya Modimo fela jaaka a ne a dira?—Yeremia 1:4-8; 20:9.
Daniele, Jesu, le Timotheo
A o kile wa utlwa Daniele? A ka tswa a ne a le kafa tlase thata ga dingwaga tse 20 fa a ne a tsewa le “bana” ba bangwe jaaka ditshwarwa ba isiwa kwa ntlong ya segosi ya ga Nebukadenesare yo o maatla, kgosi ya Babelona. Go sa kgathalesege gore Daniele o ne a le mosha, o ne a iketleeditse go ikobela Modimo. Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba gana go iitshekolola ka dijo tseo di neng di ka tswa di nyenyefatsa Molao wa Modimo, kana di leswefaditswe ke ditiro dingwe tsa boheitane. Daniele o ne a nna a nonofile ka dingwaga tse di fetang 80, a tshegeditse bothokgami jwa gagwe mo a neng a gana le go emisa go rapela Modimo, le eleng lefa seo se ne se ka felela ka gore a latlhelelwe ditau. A o leba go direla Modimo le dithapelo tsa gago ka bomasisi jalo? O tshwanetse.—Daniele 1:3, 4, 8; 6:10, 16, 22.
Jesu o ne a fitlhelwa a ntse fa gare ga baruti ba bodumedi kwa tempeleng kwa Jerusalema fa a na le dingwaga di le 12, “a ba utlwa, a ba a ba botsa dipocō. Me botlhe ba ba mo utlwañ ba gakgamadiwa ke tlhaloganyō ea gagwè, le diphetolō tsa gagwè.” A o ne o ka kgatlhiwa ke motlotlo wa banna ba ba godileng kwa tempeleng ba tlotla ka Dikwalo jaaka Jesu? A batho ba ne ba ka gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gago le dikarabo tsa gago? Gompieno, Basupi ba bantsi ba babotlana ba ba ithutang, ebile ba reetsa ka kelotlhoko, le go nna le seabe kwa dipokanong tsa Bokeresete ba na le kitso e ntsi ya Dikwalo e e gakgamatsang batho ba bagolo.—Luke 2:42, 46, 47.
A o tshwana le Timotheo, yoo a neng a rutiwa “dikwalō tse di boitshèpō” e santse e le ngwana? Fa e ne e santse e le lekawana, Timotheo o ne a “bolèlwa ka molemō ke bakauleñwe” mo diphuthegong tse di ka nnang pedi. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhopha Timotheo go tsamaya le ene, eseng gore e nne ene yo a neng a mo tshodisa merwalo fela, mme go thusa Paulo go ruta ba bangwe. A o ne o ka tlhophelwa tshiamelo e e ntseng jalo? A tiro ya gago e “bolèlwa ka molemō,” eseng mo phuthegong ya lona fela mme le mo go tse dingwe.—2 Timotheo 3:15; Ditihō 16:1-4.
O Batla Isagwe ya Mofuta Ofe?
A go ka kgonega gompieno gore basha ba nne ba ba ikanyegang jaaka Josefa, Moshe, Dafide, le ba bangwe? Ee, go jalo. Go boammaaruri gore bontsi jwa basha bo kgatlhegela fela go ijesa monate. Mme ba bangwe ba dirisa bosha jwa bone ka botlhale, ba ithuta ka Modimo le se a se batlang mo go bone. Bano ba diragatsa boperofeti jono jwa Bibela: “Batho ba gago ba italetsa ka pelo e e thamileñ mo letsatsiñ ya thata ea gago: . . . U na le monyō oa bokau yoa gago.”—Pesalema 110:3.
Basha ba ba ntseng jalo ba ba molemo ba supa botlhale jo bo fetang dingwaga tsa bone, ereka Modimo o ba thusa gore ba atlege mo botshelong jwa bone jwa jaanong mmogo le go ba naya isagwe e e galalelang mo lefatsheng le lesha le le tlang. (1 Timotheo 4:8) Mme gone, mosha wa segompieno a ka nna le tumelo e e tshwanang le ya basha ba ba umakilweng mo Bibeleng jang? Fa o batla go itse, re go kopa gore o bale setlhogo “Basha Ba Ba Itumetseng Ba Ba mo Tirelong ya ga Jehofa,” se se simololang mo go tsebe ya 10 ya makasine ono.
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Moshe yo mmotlana ga a ka a kgatlhiwa ke dikhumo tsa Egepeto
Dafide wa mosha o ne a ratiwa ke pelo ya ga Jehofa
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Lemororo Jeremia a ne a ikutlwa gore ke “ñwanyana hèla” o ne a rera molaetsa oo o o sa rategeng ka bopelokgale
Jesu o ne a gakgamatsa ba bagolo mo go ene ka go tlhaloganya ga gagwe Lefoko la Modimo fa a na le dingwaga di le 12
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Kwa Iseraele le eleng ba bannye ba ne ba reetsa fa go balwa Molao wa Modimo. A wena o dira jalo?