LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/1 ts. 26-31
  • Re Ile Ra Godisetsa Bana Ba le Robedi mo Kwatlhaong ya ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Ile Ra Godisetsa Bana Ba le Robedi mo Kwatlhaong ya ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ithuta Ditsela tsa ga Jehofa
  • Mokgele wa Bodihedi jwa Nako E E Tletseng
  • Go Godisa Bana—Tshiamelo E Nngwe Gape
  • Go Bulatsela Gape!
  • Maungo A A Lereng Tuelo E Kgolo
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Direla Jehofa re le Lelapa le le Seoposengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Jehofa O Ne A Segofatsa Maikaelelo A Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Gopolang Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/1 ts. 26-31

Re Ile Ra Godisetsa Bana Ba le Robedi mo Kwatlhaong ya ga Jehofa

JAAKA GO BOLETSE OVERLAC MENEZES

“Ba gorogile ka baesekele e e palangwang ke batho ba babedi.”

Ke kafa Jornal de Resende e neng ya simolola pego ya yone e e boleele jwa tsebe ka lelapa la rona ka gone ka 1988, fa re ne re tloga kwa Resende re ya kwa Lages kwa bokone jwa Brazil.

PEGO eo e ne ya tswelela jaana: “Ga go belaetse, gore batho ba bagolo ba tla gakologelwa banyalani ba ba neng ba gapa tlhokomelo ya batho ba Resende ka sepalangwa sa bone sa ntlha le se se sa tlwaelegang: baesekele e tona e e nang le disale tse pedi. Yo a neng a le kwa pele, a kgweetsa, e ne e le ‘mokgweetsi,’ Overlac Menezes; mo saleng ya bobedi, e ne e le mosadi wa gagwe, Maria José. Ngwaga e ne e le wa 1956.”

Setlhogo seno se ne se kwadilwe ke monna mongwe yo a neng a bidiwa Arisio Maciel, yo gape e neng e le mookamedi wa seteishane sa radio sa mo lefelong leo. O ne a kopana le rona la ntlha ka 1956 fa nna le mosadi wa me re ne re tsaya karolo mo thulaganyong ya beke le beke ya radio ya Mokgatlho wa Watch Tower, e e neng e re Dilo Tse Batho Ba Akanyang Ka Tsone. Mo setlhogong seo, o ntsopotse ke bua gore fa re ntse re nna fano “re ne ra etela matlo otlhe a Resende mo mmileng mongwe le mongwe.”

A ga o batle go itse gore go tlile jang gore re itsege thata jaana mo Resende? Le gore re kgonne jang go godisetsa bana ba le robedi ‘mo kwatlhaong ya ga Jehofa’ fa re ntse re etela ‘matlo otlhe a Resende’ ka mafoko a a molemo a Bogosi?—Baefesia 6:4.

Go Ithuta Ditsela tsa ga Jehofa

Maria Minc, ebong mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a simolola go ithuta Bibela le kgaitsadiake ebong Adeilde kwa São Paulo ka 1950. Ke ne ke na le dingwaga di le 16 ka nako eo mme ke ne ke kolobeditswe jaaka Mokatoliki, mme ke ne ke setse ke na le lobakanyana ke sa tlhole ke ya kwa kerekeng. Lefa go ntse jalo, ke ne ke santse ke dumela mo Modimong ebile ke batla go mo direla. Ka jalo, bosigo bongwe, ke ne ka ya kwa ntlong ya ga Adeilde go batlisisa ka bodumedi jo bosha jo a neng a bo ithuta. Maria Minc o ne a ntaleletsa go kopanela mo thutong eo, mme e ne e le lantlha mo botshelong jwa me, ke bona Bibela. Mo dithutong tse di latelang ke ne ka gakgamadiwa ke go ithuta go tswa mo Bibeleng gore leina la Modimo ke Jehofa, gore go ise go e kae lefatshe leno le tlile go nna paradaise, gore ga go na molelo wa dihele le pakatori, le gore moya wa motho o a swa. Balosika lwa me ba ne ba nthaya ba re: “O tlile go tsentshiwa ke go bala Bibela thatathata jaana!”

Ke ne ka tswelela pele sentle mo thutong ya me ya Bibela mme ka simolola go ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ya Phuthego ya Belém kwa São Paulo. Ereka ke ne ke solofetse go bona batho ba bagolo fela, ke ne ka gakgamala tota go bona basha ba bantsi ba ba lekanang le nna. Ke ne ka nna le seabe mo tirong ya go rera lantlha ka February 5, 1950, mme ke ne ka supa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing ka November 4 mo go one ngwaga oo.

Go ise go e kae morago ga foo ke ne ka tlhophiwa jaaka sebui sa phatlalatsa. Ka nako eo, seo se ne se raya gore ke tlile go bua mo mebileng le mo diphakeng ka sebuelakgakala se se tlhomilweng mo tshiping e e fa nkong ya koloi. Tiro e nngwe e ne e le ya dimakasine. Mo malatsing ao re ne re tlhola re ema mo makgabaganyong a ditsela ka dikgetse tsa rona tsa dimakasine re tlhaeletsa re re: “Tora ya Tebelo le Tsogang!” Di Itsise Bogosi jwa ga Jehofa!” Ke ne ke sa tsamaise dimakasine tse dintsi, mme ke ne ka nna pelokgale go bua phatlalatsa.

Mokgele wa Bodihedi jwa Nako E E Tletseng

Ka bonako fela ke ne ka lemotshiwa kafa tirelo ya bobulatsela e leng botlhokwa ka gone, kana tiro ya nako e e tletseng ya go rera. Tokololo ya April 1, 1950 ya Tora ya Tebelo (ya Seesemane) e ne e na le setlhogo se se reng “Palo E E Oketsegileng Thata ya Babulatsela ba Mafoko A A Molemo.” E ne ya bua jaana: “Go batla Bogosi pele go raya gore ka dinako tsotlhe motho o akanya ka dilo tsa Bogosi pele. Motho yo o ntseng jalo o batla ditshono tsa go bo direla, mme a sa nne fela ka metlha a batla dilo tse di bonalang tse a di tlhokang le go ikgobokanyetsa dilo tsa lefatshe leno go mo thusa mo isagweng.” Mafoko ano a ne a jala moya wa bobulatsela mo pelong ya me.

Go ise go e kae, botshelo jwa me bo ne jwa fetolwa ke lekgarebe lengwe la marata go lejwa le le bidiwang Maria José Precerutti. O ne a dira botswelelopele jo bo kgatlhang tota mo thutong ya gagwe ya Bibela le banyalani bangwe ba Basupi, José le Dília Paschoal. O ne a nna mosadi wa me yo ke mo ratang, mopati, tsala le mothusi wa me, ka January 2, 1954. Mokgele wa gagwe le ene e ne e le go bulatsela. Ka jalo, re ne ra dira kopo ya go tsena mo tirelong ya bobulatsela ka re ne re rotloeditswe ke dikao tsa barongwa jaaka Harry Black, Edmundo Moreira, le Richard Mucha. Akanya fela ka boipelo jwa rona—le ka go akanya ka se se tlileng go diragala—fa re ne re amogela karabo e e reng: “Puelelo ya gore o nne molebedi yo o etang e amogetswe”!

Ke ne ka tshoga tota fa ke ne ke amogela kabelo ya me ya ntlha ya potologo. Potologo ya me e ntšha e ne e akaretsa diphuthego tse di lesome tse di mo moshateng wa Brazil wa nako eo, Rio de Janeiro, go akaretsa le tse dingwe gaufi le Bethele. Legae la barongwa ba kwa Sekolong sa Bibela sa Gileade sa Watchtower le ne le le mo phuthegong ya ntlha e ke neng ke abetswe go e etela. Ke ne ke ikutlwa ke tlhaela ka ke ne ke na le dingwaga di le 22 fela mme ke ne ka raya Mokaulengwe Mucha, yoo a neng a okametse tiro ka nako eo kwa Brazil ka re: “Ke tlile go ruta batho bano eng?” O ne a araba ka go re: “Mokaulengwe, wena dirisa kgakololo ya Bibela le ya phuthego.” Kgakololo e e molemo eleruri!

Ngwaga moragonyana, Maria José o ne a ithwala, mme re ne ra tshwanela go tlogela tiro ya potologo. Se se itumedisang ke gore re ne ra nna re ntse re bulatsela. Fa o araba kopo ya malapa mangwe a mabedi a Ba-Finland, la ga Edvik le la ga Leiniö, Mokgatlho o ne wa re romela kwa Resende jaaka babulatsela ba ba kgethegileng, mo tshimong e go ka tweng e ne e ise e dirwe gotlhelele ya baagi ba ba 35 000. Ba ga Leiniö ke bone ba neng ba re naya baesekele e e pegang batho ba babedi e e umakilweng mo setlhogong sa Jornal de Resende. Re ne ra e dirisa mme ra jala dipeo tse dintsi tsa boammaaruri mo tshimong e e nonneng eo, mme re ne ra tswelela re dira koo ka dikgwedi di sekae go fitlha morwadiarona Alice a tsholwa ka 1956. Fa re tloga koo, bokgaitsadi ba babedi, Anita Ribeiro le Marian Weiler, ba ne ba tla go nosetsa peo eo mme ‘Modimo o ne wa nna wa e ungwisa.’ Gompieno Resende e na le diphuthego di le robong le baboledi ba ba fetang 700.—1 Bakorintha 3:7.

Mongwe wa batho ba ntlha ba ke neng ka kopana le bone kwa Resende e ne e le Manoel Queiroz. Ke ne ka mo naya dibuka di le pedi kwa a dirang gone ke santse ke emetse bese. Ene mmogo le mosadi wa gagwe Piedade moragonyana ba ne ba dira botswelelopele jo bo molemo mme ba ne ba kolobediwa boobabedi. Manoel o ne a nna mogolwane mo phuthegong mme a tswelela jalo a ikanyega go fitlha a tlhokafala. Ke ne ka ithuta gape le Álvaro Soares. O ne a gakgamadiwa ke go bona go na le batho ba le barataro fela kwa pokanong ya ntlha e a neng a ya kwa go yone, mme gompieno ke molebedi wa motsemogolo wa Resende koo go nang le batho ba ba fetang sekete ba ba yang kwa dipokanong tse di farologaneng. Morwa wa ga Álvaro ebong Carlos o ne a nyala morwadiarona Alice ka 1978. Gompieno ba ba fetang 60 ba lelapa la ga Soares ke Basupi.

Go tloga ga rona kwa Resende go ne go raya gore tirelo ya rona ya nako e e tletseng jaanong e ne e tla tseelwa sebaka ke boikarabelo jo bongwe gape jwa Bokeresete, go ‘tlamela ba ntlo ya rona.’ (1 Timotheo 5:8) Lefa go ntse jalo, re ne ra lwela go nna re ntse re na le moya wa bobulatsela, re tshola tirelo ya nako e e tletseng jaaka mokgele wa rona. Ke ne ka bona tiro kwa madirelong mangwe kwa Saõ Paulo mme mo lobakeng lwa ngwaga ke ne ke tsaya loeto lwa dikilometara di le 300 go ya kwa Resende go ya go thusa setlhopha sa baboledi ba ba 15 ba ba neng ba le koo beke nngwe le nngwe. Mme re ne ra fudugela gape kwa Resende ka 1960.

Go Godisa Bana—Tshiamelo E Nngwe Gape

Tota re ne re sa ikaelela go nna le bana ba bantsi jaana, mme lefa go le jalo ba ne ba tla, ba latelelana. Morago ga ga Alice, go ne ga tla Léo, ga latela Márcia, Maércio, Plínio, André, mme kwa bofelong, ka 1976, ga latela mawelana, Sônia le Sofia. Mongwe le mongwe wa bone o ne a amogelwa ka boitumelo jaaka “boshwa yoa ga Yehofa.” (Pesalema 127:3) Mme mongwe le mongwe o ne a godisediwa mo “koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.

Lefa go ntse jalo, seno e ne e se tiro e e motlhofo. Ka dinako dingwe re ne re lela ka ntlha ya mathata. Mme go ne go duela. Re ne ra ba godisa jang? Ka thuto ya lelapa, ka go tsamaya le bone kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo go tswa fela ba sale babotlana, ka go dira dilo mmogo, ka go tlhomamisa gore ba na le ditsala tse di siameng, ka go ba kgalema re nonofile, le ka go ba beela sekao ka borona.

Re ne ra botsolotsiwa ke molebedi yo o etang dingwaga di sekae tse di fetileng mo thulaganyong ya kopano kwa Cruzeiro, kwa São Paulo. Fa re sena go bua ka thuto ya rona ya lelapa, molebedi yo o etang o ne a mpotsa jaana: “Mosadi wa gago o ne a nna le seabe sefe mo go seno?” Ke gakologelwa matlho a me a gelela dikeledi ka ke ne ke ikutlwa ke kgangwa ke selo mo mometsong mo ke neng ke palelwa ke go araba. Ka ntlhayang? Ka gonne eleruri ke ne ke anaanela seabe se Maria José a neng a nna le sone sa boiketleetso mo go tsholeng lelapa la rona e le la bolegodimo. Fa a ka bo a sekile a nkema nokeng ka boikanyegi, go ka bo go ile ga nna bokete tota!

Nna le Maria José re ne ra simolola go ithuta Bibela mmogo go tloga fela fa re sena go beeletsana. Fa bana ba tsholwa, go ne ga nna bokete tota go nna re ntse re ithuta ka metlha. Go thusa mo go seno, ke ne ke manega nako e re tla ithutang ka yone mo bekeng e e latelang le seo se tlileng go ithutiwa mo lobating lwa setsidifatsi beke le beke. Ke ne ke dira dikabelo tse di kgethegileng fa go tlhokega. Ka sekai, letsatsi lengwe Márcia le Plínio ba ne ba lwa kwa tafoleng. Ka jalo mo letsatsing le le latelang, ba ne ba fitlhela kabelo e e reng “Nka dirisana jang le bokgaitsadiake” mo setsidifatsing. Ba ne ba bua se ba batlang go se bua mo thutong e e latelang mme bothata bo ne jwa rarabololwa.

Bothata jo bongwe e ne e le Sontaga mesong fa basimane gantsi ba ne ba tlhola ba re ba a lwala mme ga ba kake ba ya kwa tirelong ya tshimo. Léo le Plínio e ne e le ditswerere mo go itshwariseng mala le malwetsinyana a mangwe go tila go ya kwa tirong ya go rera. Nako le nako fa ke ne ke belaela gore a tota ba a lwala ke ne ke tlhola ke re: ‘Fa e le gore lo lwala tota gore lo ka se ye mo tirelong, he go raya gore ga lo kake lwa kgona go tshameka kgwele moragonyana.’ Gantsi ba ne ba fola ka bonako.

Ka nako nngwe re ne re tshwanelwa ke go dirisana le seemo ka kelotlhoko. Fa Léo a na le dingwaga di le 11, o ne a ya kwa pikiniking le Basupi ba bangwe, mme o ne a reka kwantle ga tetlelelo kilogerama ya nama ya kolobe go e ja. Moragonyana fa re amogela pampiri ya molato, Maria José o ne a botsa Léo a re: “A o ka ne o lebetse gore o rekile nama ya kolobe?” “Nnyaa,” o ne a araba fela jalo. “Ga ke a e reka.” “Ebu, a re ye go bua le mong wa lebenkele,” a mo raya jalo. Mo tseleng Léo o ne a gakologelwa ka a ne a lebaditswe ke letshogo. “Jaanong ke a gakologelwa,” o ne a ipobola jalo, “Ke ne ke sa tshola madi a a lekaneng, ka jalo ke ne ka e kolota mme ka lebala go e duelela.” Ke ne ka duela madi ao mme ka kopa mong gore a thape Léo, a dire go fitlha a nna le madi a a lekaneng go ntuela. Seo e ne e le kotlhao ya gagwe. Léo e ne e le ene wa ntlha go goroga kwa tirong moso mongwe le mongwe ka ura ya bonè mo mosong, mme o ne a setse a ntuetse madi otlhe mo kgweding e le nngwe.

Ntlo ya rona e ne e tlhola e tlala ka babulatsela, balebedi ba ba etang, barongwa, le badiri ba Bethele. Re ne re sena thelebishene mo ntlong, mme seno se ne sa re thusa go nna le mekgwa e e molemo thata ya go ithuta le go nna le boikutlo jwa Bokeresete. Re ne ra godisetsa bana ba rona mo boemong jo bo ntseng jaana. Mangwe a makwalo a ba a re kwaletseng fa ba sena go gola a tlhomamisa gore seo se ne sa dira.—Bona lebokoso mo tsebeng ya 30.

Go Bulatsela Gape!

Fa bontsi jwa bana ba rona bo sena go gola, ke ne ka gakologelwa setlhogo se se mo go March 1, 1955, sa tokololo ya The Watchtower se se neng se re, “A O Ka Nna Modihedi wa Nako E E Tletseng?” Bontlhanngwe jwa sone bo ne bo re: “Bangwe ba ka leba bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka sengwe se se ka se dirweng ke mang le mang. Mme ba dira phoso mo go seno, ka gonne Mokeresete mongwe le mongwe fa a ineela o ikana a ithwesa boikarabelo jwa gore o tla direla ka nako e e tletseng kwantle le fa maemo mangwe a a sa kgoneng go a laola a mo thibela.”

Bosigo bongwe ke ne ka rapela Jehofa gore a mpulele gape kgoro ya tirelo ya nako e e tletseng gore ke tsene. Lelapa la me le ne la dirisana mmogo le nna, mme ditsala tsa me di ne tsa nkgothatsa. Se se neng sa nkgakgamatsa le go feta ke gore molaodi wa madirelo a ke neng ka dira kwa go one ka dingwaga tse 26 o ne a dumela gore ke dire tiro e e sa tseyeng nako yotlhe mo ke neng ka kgona go dira jaaka mmulatsela wa ka metlha. Ka gone ke ne ka simolola ka boitumelo tiro e ke neng ka tshwanela go e tlogela dingwaga tse dintsi tse di fetileng gape. Mme bana ba bararo ba rona ba ne ba latela sekao sa me.

Re ne ra dira ka dingwaga tse pedi kwa Itatiaia, koo ke setseng ke nnile mogolwane gone ka dingwaga tse 15, mme re ne ra swetsa go fuduga go ya go direla kwa tlhokego e leng kgolwane gone. Seno se ne se raya gore re tlile go tshela ka phenshene e e seng ya sepe, e e ka nnang nngwennèng ya madi a a bonwang ke modiri fa a duelwa sentle. Lefa go ntse jalo, re ne ra kwalela Mokgatlho ka dithulaganyo tsa rona re ikantse tsholofetso ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:33. Re ne ra tlola ka boitumelo beke morago ga foo, fa re ne re amogela karabo e e reng: “Go lebega go utlwala gore re akantshe gore lo fudugele kwa motsemogolong wa Lages. Lefa o na le baagi ba ba fetang 200 000, go na le baboledi ba le 100 fela mo diphuthegong tse tharo tse dinnye. Lo tla thusa thata mo tshimong eo.”

Re ne ra fuduga ka February 1988. Mme re santse re le fano, dikilometara tse di fetang 1 000 kgakala le bana ba rona le ditsala tsa rona. Re sa tswa go tswa mo marigeng a a tsididi thata go feta otlhe fa e sale mo dingwageng tse 20 tse di fetileng. Ke nna mogolwane fela mo phuthegong ya rona, ka jalo go na le tiro e le ntsi fela thata. Lefa go le jalo, re segofadiwa tota. Se se kgatlhang thata ke tshimo ya rona. Fa re kokota mo mejakong ya bone, batho ba re: “Tsweetswee tsenang!” Dithuto tsa Bibela di simololwa motlhofo. Re amogela dilo tse di farologaneng jaaka meneelo koo madi a seyong gone, mme re tla gae re tshotse sesepa, dinkgisamonate, dikgare, diaparo tsa masea (go di naya bana ba bana ba rona), mabele, merogo, maungo, yokate, beine, le eleng lobebetsididi. Ka nako nngwe re ne ra amogela ditilo tsa logong!

Maungo A A Lereng Tuelo E Kgolo

Gompieno, ke na le dingwaga di le 56 mme ke itumela tota fa ke akanya ka lelapa la rona. Bana ba ne ba sa “tsholelwa mo boammaaruring.” Ba ne ba tsholetswe mo lelapeng la Bokeresete, mme boammaaruri bo ne jwa tshwanelwa ke go tsenngwa mo dikakanyong le mo dipelong tsa bone tse dinnye. Bao ba neng ba nyala ba ne ba nyala “mo Moreneñ.” (1 Bakorintha 7:39; Duteronome 6:6, 7) Ke boammaaruri gore re ne ra dira diphoso le dikatlholo tse di phoso. Ka nako nngwe re ne re dira ka go tlhoka tshiamo. Ka dinako dingwe ke ne ke palelwa ke go tlhoma sekao kana ke sa dire boikarabelo jwa me jaaka rre le monna yo o nyetseng sentle. Fa ke ne ke lemoga se ke se dirileng, ke ne ke kopa boitshwarelo mo go Jehofa le mosadi wa me kana banake, mme ke lwela go baakanya phoso eo.

Lemororo re sa itekanela, lelapa—leo jaanong le okeditsweng ke dingwetsi le bagwe, le bana ba banake—le na le badihedi ba le barataro ba nako e e tletseng, bagolwane ba banè, le motlhanka wa bodihedi a le mongwe. Botlhe kwantle ga bana ba bana ba kolobeditswe. Ba bararo ba bana ba rona ba bannye ba ba santseng ba nna le rona ba rulaganyetsa go dira tirelo ya nako e e tletseng tiro ya bone ya botshelo. Ke tuelo efe e kgolwane e motho a ka e solofelang? Ke leboga Jehofa go bo a re thusitse go godisetsa bana ba rona mo kwatlhaong ya gagwe. Re kgatlhiwa ke go ba bona ba santse ba latela dithuto tsa gagwe. Mme ke rapelela gore rona le bone, le ka motlha re se ka ra tlogela tsela eno ya botshelo.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

Fa ba sena go gola, bana ba rona ka dinako dingwe ba ne ba supa go anaanela ga bone tsela e re ba godisitseng ka yone ka go re kwalela. Dikakgelo dingwe tsa bone ke tseno:

“Rra, tlhomamisegang wena le Mmè gore le re diretse sengwe se se gaisang tota, le eleng lefa lo ka tswa lo ne lwa dira diphoso—seo ke se se re diragalelang thata nna le Carlos fa re dirisana le morwaarona Fabrício.”

Morwadiarona Alice, yo o dingwaga di 33, mmaagwe basimane ba babedi.

“Re tshwanetse go dumela gore lo ne lo tshwaraganetse go re godisetsa mo kwatlhaong ya ga Jehofa. Mme abo e re solegelwa molemo jang ne jaanong!”

Morwadiarona Márcia, yo o dingwaga di 27, le monna wa gagwe, yo a leng mo tirong ya go potologa.

“Ke lemoga gore tshiamelo e ke nang le yone jaanong ke ka bo ke sa e bona fa e ne e se ka thuso e bobedi jwa lona bo e nneileng gore ke nne le motheo o o nonofileng wa semoya le go rata Jehofa le tirelo ya gagwe.”

Morwaarona Maércio, yo o dingwaga di 23, ke mmulatsela yo o kgethegileng.

“André, dirisa go nna ga gago le Rre le boitemogelo jwa gagwe. Le ka motlha o se ka wa tlhokomologa kgakololo ya gagwe. Ke itumetse go gaisa pele jaanong.”

Morwaarona Plínio, yo o dingwaga di 20, yo o kwa Bethele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Foto: MOURA

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

Foto: CALINO

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela