Go Ikanya Jehofa go Lere Boitumelo
JAAKA GO BOLETSE JACK HALLIDAY NATHAN
Gongwe o setse o kile wa utlwa seane seno, “Go jela ka mogopo o mosweu.” Ee, fa ke ne ke tsholwa bogologolo ka 1897, go ne go batlile go nna jalo ka nna.
E NE E le ngwaga wa bo 60 wa puso ya ga Kgosigadi Victoria, e le ngwaga o a ketekang dingwaga tsa gagwe ka boitumelo. Bana ba ba neng ba tsholwa mo ngwageng oo kwa Ennyelane ba ne ba tsholelwa mo letlepung. Puso ya Boritane e ne e atlega tota, e ja maungo a Phetogo ya Diintaseteri kwa gae le kgwebo e e neng e atlega ya dikolone tsa yone tse di neng di gola tse di kwa moseja ga mawatle.
Rremogolo e ne e le Mojuda, mme rre o ne a ithuta Sehebera, a itse Dikwalo tsa Sehebera tota. Mme mmèmogolo e ne e le morwadia Bishopo wa Anglican, mme ka ntlha ya dikgothatso tsa ga mmè, rre o ne a amogela Jesu Keresete jaaka Mesia. Batsadi ba me boobabedi ba ne ba kgatlhwa thata ke dibuka tsa ga Charles Taze Russell, ka jalo ga re ise re ko re dumele thuto ya Tharonngwe kana molelo wa dihele.
Dipitse di ne di santse di dirisiwa thata jaaka dipalangwa mo Ennyelane fa ke ne ke santse ke le ngwana, mme dikolotsana kana dikara tseo di neng di sa gogwe ke dipitse di ne di se dintsi thata. Ke ne ka dira mo lephataneng la dipalangwa la dipitse la bosole jwa mo tikologong, ka 1913, fela ka go bo ke ne ke rata dipitse. Fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e tlhagoga, ke ne ka tsenngwa mo bosoleng mme ka isiwa kwa Gerika, koo ke neng ka tshwarwa ke malaria gone. Moragonyana, ke ne ka romelwa kwa Fora ke le mo mophatong wa masole a ditlhobolo tsa motšhine mme kgabagare ke ne ka nna legolegwa la Bajeremane ka 1917.
Go Batla Mosola wa Botshelo mo India
Fa ntwa e sena go khutla ka 1918, go ne go sena tiro epe mo Ennyelane, ka jalo ke ne ka nna lesole gape mme ka ya kwa India. Ke ne ka tshwarwa ke malaria gape ka May 1920, mme ke ne ka romelwa kwa dithabeng go ya go ikokela gone. Fa ke le koo ke ne ka bala dibuka tsotlhe tse ke neng ke kgona go di bona, go akaretsa le Bibela. Fa ke ntse ke bala Dikwalo kgatlhego ya me kaga go tla ga Morena e ne ya nonofa.
Dikgwedi moragonyana ga foo, fa ke le kwa Kanpur, ke ne ka simolola setlhopha sa go ithuta Bibela, ke solofetse go ithuta go le gontsi ka go tla ga Morena. Ke gone koo ke neng ka kopana le Fredrick James gone, yoo pele e neng e le lesole la Boritane mme jaanong e ne e le Moithuti yo o tlhaga tota wa Bibela. O ne a ntlhalosetsa gore Jesu o ne a ntse a le gone fa esale ka 1914, mme batho ba sa mmone. Tseno e ne e le dikgang tse di kgatlhang tota tseo ke neng nkile ka di utlwa. Sa ntlha ke ne ka eletsa go tlogela bosole. Ke ne ke setse ke lapisitswe ke tshololo ya madi le dipolao tsa ntwa ya Yuropa. Ke ne ke batla go nna morongwa wa kagiso mme ke rere mafoko a a molemo a go nna gone ga ga Keresete.
Lefa go ntse jalo, ba ne ba gana go nkgolola mo bosoleng. Go na le moo, ba ne ba nthomela kwa bophirima jwa India, koo jaanong go bidiwang Pakistan. Fa ke le koo, ke ne ka bala Studies in the Scriptures, e e kwadilweng ke Charles Taze Russell, mme ka tlhatswega pelo le go feta gore ke arabele pitso ya go rera. Ke ne ka simolola go nna le ditoro tse di tshosang tse di neng di tshwenya maikutlo a me thata. Fa ke tlaletswe jalo ke ne ka kwalela Mokaulengwe James, mme o ne a ntaletsa gore ke tle kwa legaeng la gagwe kwa Kanpur. Ke ne ka goroga ka letsatsi la Segopotso sa loso lwa Morena. Letsatsi leo le ne la nkama thata—ke ne ka swetsa gore ke tla nna ke sa nyala le go dira bodihedi jwa nako e e tletseng mokgele wa me mo botshelong.
Kwa Ennyelane
Ke ne ka romelwa gape kwa Ennyelane kwa bokhutlong jwa 1921, mme ke ne ka gololwa mo bosoleng ka dikgakologo tsa 1922. J. F. Rutherford, mookamedi wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a tla kwa Ennyelane mo selemong sa ngwaga oo, mme nna le batsadi ba me re ne ra ya go reetsa puo ya gagwe kwa Royal Albert Hall, kwa Lontone. Morago ga foo, ke ne ka tlhotlheletsega go ya go dira kwa Bethele, jaaka diofisi tsa lekala tsa Mokgatlho wa Watch Tower di bidiwa, mme ke ne ka gakololwa ka bopelonomi fela gore ke dire jaaka mmulatsela (go rera ka nako e e tletseng) pele. Ka jalo ke ne ka tlogela tiro mme ka abelwa go ya go dira kwa borwa jwa Ennyelane. Ke ne ka simolola tiro ya me jaaka modihedi wa nako e e tletseng, ke sena boitemogelo bope, ke tshotse korone (R1,30), le go ikanya ga me Jehofa fela. Ke ne ka laleletswa kwa Bethele mo e ka nnang ka March 1924.
Lefa go le jalo, ke ne ka kopiwa go tlogela Bethele mo ngwageng o o latelang, mme ke ne ke utlwile botlhoko thata, ke gopola gore ke ne ke otlhaelwa sengwe seo ke neng ke sa se dira. Mo nakong e khutshwane eo, Bethele e ne e fetogile botshelo jwa me. Mme ka go baya bothata joo mo go Jehofa ka thapelo le go solofela gore go tla diragala fela kafa a ratang ka gone, ke ne ka kgona go tswelela ke itumetse jaaka mmulatsela mo kabelong e ke neng ka e newa. Ke ne ka lalediwa go boela gape kwa Bethele ka May 1926, mme ke ne ka nna koo ka dingwaga di le 11.
Mokaulengwe Rutherford o ne a etela Ennyelane gape ka 1936 mme a ntaletsa go ya go nna le seabe mo tirong ya Bogosi kwa Canada. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlhoka go tlhaloganyana sentle, ke ne ka ntsha dikgang dingwe tse e neng e le sephiri, ka gone, Mokaulengwe Rutherford a se ka a tlhola a nkamogela. Ke santse ke gakologelwa mafoko ano a gagwe sentle: “Jack, ga nkake ka go tshepa. Kgagola dithekete tsa gago!” A boitemogelo jo bo botlhoko! Mme eo e ne e le kotlhao e e neng e tlhokega tota, mme morago ga foo, ke ne ka abelwa go dira jaaka mmulatsela le mokaulengwe mongwe ka dikgwedi tse di latelang tse robedi. Tshiamelo eno ya tirelo e ne ya nthusa go fenya go tshwenyega ga me mo boikutlong, mme ke ne ka ithuta go tswa mo kotlhaong eo.
Bodihedi jo Bogolwane kwa Canada
Mo e ka nnang, mo ngwageng o le mongwe moragonyana, mo loetong lwa gagwe lo lo latelang, Mokaulengwe Rutherford o ne a bua gape ka kgang ya go ya kwa Canada. Ke ne ke batla tota go ya koo mme ke ne ka amogela kabelo eo kwantle ga go senya nako. Fa ke sena go dira ka lobakanyana mo Bethele ya kwa Canada, ke ne ka romelwa jaaka moemedi yo o etang wa Mokgatlho kwa borwabophirima jwa Ontario. Diphuthego tse dintsi di ne di le dinnye mme di batla kgothatso tota. Mme abo dingwaga tseo tsa pele di ne di itumedisa jang ne, go sa kgathalesege kafa mmele o neng o nna ka gone ka ntlha ya maemo a a maswe a loapi le go tlhoka dipalangwa!
Ga nkitla ke lebala lorato le kanaanelo ya semoya ya phuthego nngwe ya Baindia gaufi le Brantford. E ne e le mariga, semathane se ne se wele thata, se dira gore Model T Ford ya me e se ka ya tsamaya motlhofo. Ba ne ba sa ntebelela, mme fa ke goroga, ke ne ka fitlhela bakaulengwe ba ile kwa sekgweng go ya go batla dikgong tsa go gotsa molelo. Ka jalo ke ne ka tsamaya go ya go ba batla, ke totomela mo semathaneng se fitlha mo lethekeng. Fa kgabagare ke ba bona, ba ne ba gakgametse, mme ba itumeletse go mpona. Ba ne ba tlogela sengwe le sengwe ba tla gae, mme ba baakanyetsa gore go nne le pokano one maitsiboa ao.
Gaufi le foo kwa Beamsville, nna le bakaulengwe bangwe ba ba ikanyegang re ne ra tshwara bothata ka dikgwedi di le dintsi ka bagolwane ba ba tlhophiwang ka boutu le ka batenegi. Abo e ne e le tshiamelo jang ne go bona kafa moya wa ga Jehofa o neng o dira ka gone go siamisa boemo joo! Go ikanya Jehofa le go ikanyega mo phuthegong ya gagwe go ne ga leretse diphuthego tsa dingwaga tseo tsa pele masego a mantsi. Bana ba bantsi go tswa mo diphuthegong tseo ba ne ba nna babulatsela, ba ya kwa Bethele, ba ipelela dikabelo tsa borongwa, ba bo ba nna balebedi ba ba etang. Ga nkake ka lebala kafa ke neng ke itumelela ka gone go nna le malapa a a ikanyegang a Bakeresete a a neng a nna le bana ba ba molemo jalo. Malapa ano a ne a nna lelapa la me, le bana ba one e ne ya nna bana ba me.
Dingwaga tsa go Thibelwa
Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa ka nako ya ntwa ka 1940. Abo e ne e le selo se se tshosang jang ne! Dikitsiso tsa diradio tse di duelelwang ke goromente di ne tsa re itsise gore re ise dibuka tsotlhe tsa rona, direkoto tsa phuthego, le dinotlolo tsa Holo ya Bogosi kwa mapodising. Ka go lemoga kafa seemo se neng se le ka gone, ke ne ka tsamaya mo diphuthegong mme ka ba kopa gore ba fitlhe dibuka tsa bone le direkoto tsa bone. Bakaulengwe ba ne ba kgothadiwa ke go kopanela mo magaeng, ba ya kwa legaeng le le farologaneng beke nngwe le nngwe. Fa nako e ntse e tsamaya diphuthego di ne tsa simolola gape tiro ya go rera ka ntlo le ntlo, di dirisa Bibela fela. Seno se ne sa thusa tota ka gonne rotlhe re ne ra ithuta go dirisa Bibela botoka.
Moragonyana mo ngwageng oo re ne ra amogela palo e ntsi ya dibukana End of Nazism go tswa kwa United States. Go ne go tlhokega go loga maano ka botlhale gore dibuka tseno tse di thibetsweng di tsenngwe mo Canada. Bakaulengwe ba bangwe ba ne ba pega masole a a neng a kopa go pegiwa fa thoko ga tsela, mme a ne a nna mo godimo ga mabokoso ano, gore a tle a sire dibukana tse di thibetsweng tseno. Mo mosong mongwe ka November, fa gare ga ura ya boraro le ya borataro, Basupi ba ne ba tlhasela naga yotlhe mme ba tlogela sekaelo sa bukana eno mo mejakong ya matlo a mantsi mo Canada.
Mo dingwageng tseo tsa fa re thibetswe, ke ne ka tswelela ke ntse ke bulatsela mo porofensing e e kafa bophirima ya Canada ya British Columbia. Pele re thibelwa, bakaulengwe ba ne ba etela batho ba ba mo metseng e e gasaganeng ka sekepe go tswa kwa Vancouver go ya kwa Alaska. Ka nako ya fa tiro e ne e thibelwa go ne go na le dibuka tse dintsi mo sekepeng, ka jalo Basupi ba ne ba di folosa mo bathong ba ba kgatlhegang mo tseleng fa ba ya kwa boemelakepeng koo sekepe seo se neng se tlile go tsewa ke mapodisi gone. Moragonyana, ke ne ka tsamaya ka seketswana sa go tshwara ditlhapi go batla dibuka tseno, mme moragonyana gape ka paka ya go tshwara ditlhapi tsa salmon, ke ne ka rulaganya le bakaulengwe gore ba di tseye mo bathong ba ba kgatlhegang bano. Fa nako e ntse e tsamaya dibuka tseno di ne tsa tlisiwa kwa Vancouver go tla go tsamaisiwa, di fitlhilwe mo dikepeng tsa go tshwara ditlhapi.
Re ne ra amogela dikgang tsa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhole ba thibetswe fa re setse re lebile kwa bokhutlong jwa 1943. Lefa go ntse jalo, e ne e sa tlosiwa mo Mokgatlhong wa Watch Tower. Ka jalo re ne ra tswelela pele fela jaaka pele, re dirisa Bibela fela mo bodiheding jwa ntlo le ntlo. Mme jaanong re ne re kgona go ipolela phatlalatsa gore re Basupi ba ga Jehofa. Ka nako ya fa re ne re thibelwa, re ne re na le Basupi ba ka nna 6 700; fa re sena go gololwa, re ne re le 11 000 ka palo!
Botshelo Jaaka Molebedi Yo O Etang
Ke ne ka tsamaya dikilometara tse dintsi tse di ka se kang tsa balwa jaaka moemedi yo o etang wa Mokgatlho mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, ke dira le diphuthego ebile ke di kgothatsa. Fa go le mariga, ke ne ke tsamaya le bakaulengwe mo koloing e e bidiwang selei. Seno ke selei se se khurumeditsweng kwa godimo se se gogwang ke dipitse, se se nang le setofo sa dikgong se se nang le sentshamosi. Gantsi re ne re tloga mo mosong pele letsatsi le tlhaba re ka nna barataro mo koloing, mme re tsamaye mo semathaneng dikilometara di le 35 le go feta, re etela dipolasi fa re ntse re tsamaya. Mokgweetsi o ne a tshwanetse go nna kelotlhoko thata ka ditotoma tsa semathana di ne di ka phunya selei seno mo matlhakoreng, mme se ka tsholola bapagami le magala go tswa mo setofong sa molelo wa dikgong.
Ke ne ka tlhophiwa jaaka molebedi wa kgaolo ya ntlha ya naga, eo e neng e akaretsa naga yotlhe ka 1947. Ke ne ke nna mo dikopanong tsa potologo mo e ka nnang beke nngwe le nngwe. Dikopano di ne di tshwarelwa mo dikagong tsa batshameki ba ba relelang mo semathaneng, mo mabaleng a kgwele ya dinao, mabala a mabelo, diholo tsa mekgatlho, le diholo tsa loago. Dikopano tseno di ne di tlhoka go baakanyediwa tota pele thulaganyo e ka simolola. Frank Franske o ne a tlhophiwa jaaka molebedi wa bobedi wa kgaolo mo Canada ka 1950, mme moragonyana re ne ra okediwa ka balebedi ba bangwe ba batlhano.
Go ralala dingwaga, ke ile ka tsamaya ka difofane tse dinnye, mekorwana ya go tshwara ditlhapi, dikoloi tse ditona tsa semathane, koloi ya semathane ya sekasefofane (dikoloi tse di nang le lefetlho kwa morago le tshipi e e reledisang kwa pele go e kgweetsa), le ka tse dingwe gape tse di tlwaelegileng—terena, bese, le kara. Ka dinako dingwe fa re le mo sefofaneng re ne re tlhola re feta gaufi le ditlhoa tsa Rocky Mountains, re bo re leba kwa tlase mo mekgatšheng e e kwa tlase e e sa bonaleng go ya kwa ditlhopheng tsa bakaulengwe ba ba gasaneng koo.
Ke ile ka kgabaganya Canada ka makgetlo a le mantsi. Ke ne ka nna mo matlwaneng a logong a a tsididi tota mo, fa go le mo mosong, o neng o kgona go bona mohemo wa gago le mo matlong a dipolasi a a neng a sena dilo tsa segompieno. Lefa go le jalo, mo dilong tsotlhe tseno ke ne ka ikutlwa ke kgotsofetse tota, ke itse gore ke dira tiro ya ga Jehofa, ke kgothatsa batho ba ga Jehofa.
Ditshiamelo tse di Oketsegileng tsa Tirelo
Mo dingwageng tse 33 tse di fetileng ke ile ka nna le tshiamelo ya go nna leloko la lelapa la Bethele ya Canada, mmogo le go direla jaaka sebui mo dikopanong kwa Ennyelane, Yuropa, Afrika, Australia, New Zealand, le kwa Botlhaba jo bo Kgakala. Ke ne ka kopana le morwadia Mokaulengwe James yo a neng a nkgothatsa thata fa ke le kwa India, kwa Australia. Mokaulengwe James ga a ise a ko a nne morongwa, mme o ne a naya lelapa la gagwe boswa jo bo molemo jwa semoya.
Gompieno ke dikologilwe ke banna le basadi ba babotlana mo Betheleng ya Canada. Tsela eo ba dirisang maatla a bone a bosha mo tirong ya ga Jehofa e a kgothatsa ebile e tlhotlheletsa tota. Matlho a me ga a tlhole a bona sentle, mme basha bano ba mpalela dibuka. Maoto a me a bokoa, mme ba tsamaya le nna fa ba ya kwa bodiheding jwa tshimo. Bangwe ba mpotsa gore ke kgona jang mathata a boitekanelo a botsofe. Selo se segolo ke gore ke ithuta Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. Seno se boloka tlhaloganyo ya me le pelo ya me mo dilong tsa semoya.
Eleruri ke ile ka nna le tshiamelo e kgolo ya go tsamaya le go bua le Rre wa me wa selegodimo, Jehofa, ka dingwaga di le 69 tse ke ineetseng ka tsone, tseo tse 67 tsa tsone ke neng ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. Jehofa o sale e ntse e le Modimo o o lorato, o o boutlwelobotlhoko, o o itshwarelang batho makoa a bone le go naya ba ba ikanyang mo go ene maatla le nonofo ka metlha. Tsholofelo ya me ke go boloka bothokgami jwa me le boikanyego jwa me mo go Jehofa le phuthego ya gagwe go fitlha kwa bokhutlong, ke ikantse thata tsholofelo ya gore ka nako e e tshwanetseng ke tla kopanngwa le Morena wa me yo o lorato, Jesu Keresete, mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba bangwe ba bantsi ba ba ikanyegang mo kgalalelong ya selegodimo.—Pesalema 84:12.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Dikoloi tsa semathane tsa dikadifofane di ne di ralala naga ka lobelo lwa dikilometara tse di fitlhang go 80 ka ura
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fa go le mariga, selei se se gogwang ke dipitse se ne se dirisiwa fa go neelwa bosupi mo mafelong a a senang dikgwa a Canada