LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/1 ts. 16-17
  • Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • B15 Khalendara ya Sehebera
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ngwaga mo ‘Lefatsheng le le Molemo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Thuto ya bo 2—Nako le Dikwalo Tse Di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/1 ts. 16-17

A o Tla Ithuta Sengwe ka Dipaka?

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

JEHOFA o kile a re: “E tla re ka metlha eotlhe lehatshe le sa nntse le leeō, ga go ketla go khutla letsema le thōbō, . . . lotlhabula le mariga.” (Genesise 8:22) Ka gone o ne a gatelela dipaka tsa temo.

Ke eng se o se itseng ka dipaka le kafa di amanang ka gone le temo? Le eleng lefa o nna mo toropokgolong kana o sa leme, o tshwanetse wa ithuta ka dipaka tsa Baiseraele le se ba neng ba se dira fa ba lema. Ka ntlhayang? Ka gonne fa o di itse, o tla tlhaloganya Lefoko la Modimo botoka.

Balemi ba lema mmu, ba jala peo, ba bo ba kotula le go photha dijalo tsa bone. Mme go tlhaloganya sentle seo Bibela e se bolelang, re tshwanetse go itse mo go oketsegileng, go akaretsa le gore ditiro tseo di ne di dirwa leng. Ka sekai tsaya go lema, jaaka go re go bonang go dirwa fa godimo mo masimong a kwa e neng e le Judea wa bogologolo.a O akanya gore setshwantsho seno se tserwe ka kgwedi efe? Nako e go lengwang ka yone mo nageng ya lona fa o e itse e ka go timetsa. Nako ya go lema kwa Hemisefereng e e kwa Bokone ga e tshwane le ya Hemisefere e e kwa Borwa; di farologana ka bogodimo le ka dipaka tsa tsone tsa dipula.

a Bona gape 1990 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

Seno se ka ama kafa o lebang ditiragalo tsa Bibela ka gone. O ka bala jaana fa Elija a ne a tlhopha yo a tla mo latelang: “A ea a hitlhèla Elisha morwa Shafate a lema, a na le dikgomo di le diyokwe di le shomè le bobedi ha pele ga gagwe.” (1 Dikgosi 19:19) O akanya gore seno se ne sa diragala ka kgwedi efe, mme naga e ne e lebega jang? Le jaaka Jesu a ne a bua jaana mo go Yohane 4:35: “A ga lo re, Go sa na le dikgwedi di le nnè, me go tle thōbō ea mabèlè? . . . Lebañ, lo bōnè masimo, ha a setse a le mashweu a go rōywa.” Lemororo a ne a bolela nako, a o tlhaloganya gore e ne e le leng?

Tšhate e re naya tshobokanyo e e molemo tota ya dipaka le ditiro tsa go lema tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. Mosako o o ka kwa ntle o re naya dikgwedi tsa khalendara e e boitshepo ya Bajuda.b Fa re di bapisa le dikgwedi tsa rona, o tlhokomela gore tse dingwe di fetelela mo go tse dingwe, jaaka Nisane (kana, Abibe) e e simololang fa March a ya kwa bofelong e felela kwa tshimologong ya April. Karolo e e latelang, go ya fa gare e supa nako eo dijalo di neng di butswa ka yone, seo se re thusang go lemoga nako e ditiro tse dingwe tsa temo di neng di dirwa ka yone, jaaka go kotula, le go photha. Karolo e e fa gare ya tšhate e go thusa gore o tshwantshanye kafa maemo a loapi a neng a fetoga ka gone mo ngwageng.

Dirisa tšhate eno go nonotsha kafa o tlhaloganyang le kafa o anaanelang dipego tsa Bibela ka gone, jaaka dikai tse pedi tse di setseng di umakilwe.

Elisha o ne a tshwaraganye le namane e tona ya tiro ya go lema fa a ne a tlhophiwa jaaka moperofeti. Seo go lebega e ne e le ka Tishri (September-October), fa letsatsi le sa tlhole le le mogote thata. Dipula tsa ntlha di ne di setse di simolotse go kolobetsa mmu, di kgonisa gore go lengwe, morago go bo go jwalwa peo.

Mme Jesu o ne a bua mafoko a a mo go Yohane 4:35 leng? Thobo e ne e saletswe ke dikgwedi di le nnè. Tlhokomela gore thobo ya barele e ne e simolola ka Nisane (March-April), mo e ka nnang ka nako ya Tlolaganyo. Balela dikgwedi tse nnè kwa morago. O fitlha mo go Chislev (November-December). Dipula di ne di oketsega, di ntse di na go feta ebile go tlile go nna tsididi. Ka gone go phepafetse gore Jesu o ne a kaya thobo ya tshwantshetso fa a ne a re: “Lebañ, lo bōnè masimo, ha a setse a le mashweu a go rōywa.”

Dipotso tse di latelang ke tse o ka di ithutang ka namana kana wa di ithuta mmogo le lelapa la gago:

▪ Mo tikologong ya Jeriko, lotlhaka lwa leloba lo ne lo kotulwa mo kgweding ya Adara; ka gone dintlha tse di mo go Yoshue 2:6 le 3:15 di supa jang gore Bibela e tlhomame?—Yoshue 4:19; 5:11.

▪ Go ne go phothiwa fa mabele a sena go kotulwa, ka jalo tsholofetso e e mo go Lefitiko 26:5 e supa go tswelela ga bone sentle jang?

▪ Ke jang 2 Samuele 21:10 e akantshang gore Risepa a ka tswa a ne a lebelela barwa ba gagwe ba babedi, bao ba neng ba bolawa gore bosula bo tlosiwe mo bathong ba Modimo ka lobaka lo loleele?

▪ Ke ka ntlhayang fa dikgadima le pula tse di umakiwang mo go 1 Samuele 12:17 di ka tsewa jaaka karabo ya Modimo?—Diane 26:1.

▪ Ruthe o ne a na le lebaka lefe la go konela gore kafa Boase a neng a mo tshwara ka gone e ne e se maikutlo a nakwana fela?—Ruthe 1:22; 2:23.

CHISLEV NISANE

25 Moletlo wa go Neela 14 Tlolaganyo

15-21 Moletlo wa Dinkgwe

tse di sa Bedisiwang

16 Go ntshiwa ga dineo

tsa mabutswapele

IYYAR ADAR

14 Tlolaganyo ya Morago 14, 15 Purim

(Dipalō 9:10-13)

SIVAN TISHRI

6 Moletlo wa Dibeke 1 Go lela ga Lonaka

(Pentekosete) 10 Letsatsi la Tetlanyo

15-21 Moletlo wa Diobo

22 Phuthego ya botlhe

[Dintlha tse di kwa tlase]

b Kgwedi (Veadar) e nngwe, kana e e neng e tsenngwa mo khalendareng e ne e tsenngwa ka makgetlo a le supa mo modikologong wa dingwaga tse 19.

Ke ka ntlhayang fa o sa bee tšhate eno fa gaufi fa o bala Bibela?

[Kerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

(For fully formatted text, see publication)

NISAN (ABIB)

March-April

Barele

IYYAR (ZIV)

April-May

Korong

SIVAN

May-June

Difeige tsa Ntlha

TAMMUZ

June-July

Diterebe tsa Ntlha

AB

July-August

Maungo a Selemo

ELUL

August-September

Ditatlele, Diterebe, Difeige

TISHRI (ETHANIM)

September-October

Go lema

HESHVAN (BUL)

October-November

Motlhware

CHISLEV

November-December

Matsomane mo Marigeng

TEBETH

December-January

Dijalo di a tlhoga

SHEBAT

January-February

Dithamane di a thunya

ADAR

February-March

Monamune

VEADAR

March

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Garo Nalbandian

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela