LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/1 ts. 18-23
  • A O Eletsa go Dira Sengwe Se Segolwane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Eletsa go Dira Sengwe Se Segolwane?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Di Ka Nnang Kotsi mo Bagolwaneng
  • Keletso E E Tswang mo Modimong ya go Direla
  • Dira Ka Boitumelo Kafa Jehofa A Ratang Ka Gone
  • Leba Kwa Pele kwa Isagweng
  • Bakaulengwe—Jalelang Moya Mme lo Kgaratlhe!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Thapisa ba Bangwe Gore ba Leke go Tshwanelega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A o A ‘Kgaratlha’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A O Tshwanelegela go Direla?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/1 ts. 18-23

A O Eletsa go Dira Sengwe Se Segolwane?

“Ha motho a senka boèmō yoa mookami oa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.”—1 TIMOTHEO 3:1.

1. Ke mokgele ofe oo go o fitlhelela go leng botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa?

BASUPI BA GA JEHOFA ba na le maikaelelo a a molemo a a kaelwang ebile a dirwa ka tsela ya bomodimo. Seno ga se gakgamatse, ka go bo Modimo wa bone o na le mekgele e e kwa godimo ebile ka metlha o diragatsa boikaelelo jwa one. (Isaia 55:8-11) Batlhanka ba ga Jehofa ga baa tshwanela go nna jaaka bao ba senang mekgele e e molemo le ba ba senang sepe le ope mo botshelong ba sa direle ope molemo fa e se go itirela bone fela. Selo sa botlhokwa mo Basuping ba Modimo ke go diragatsa boikaelelo jo bogolo jwa go rera molaetsa wa Bogosi le go abalana le ba bangwe kitso e e bolokang botshelo ya Lefoko la Modimo.—Pesalema 119:105; Mareko 13:10; Yohane 17:3.

2. Paulo o ne a umaka mokgele ofe oo banna ba Bakeresete ba tshwanetseng go nna nao mo go 1 Timotheo 3:1?

2 Go na le mekgele e mengwe gape e e molemo mo phuthegong ya ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka o mongwe wa yone fa a ne a kwala jaana: “Go boikañō polèlō ea go re, Ha motho a senka boèmō yoa mookami oa phuthègō, o eletsa tihō e e molemō.” Monna yo o ntseng jalo o batla go fitlhelela sengwe se se tla solegelang ba bangwe molemo. O eletsa “tihō e e molemō,” eseng botshelo jwa go iketla le go galalediwa. Thanolelo e nngwe e bua jaana: “Go boammaaruri tota go bolela gore monna yo a tlhomang pelo ya gagwe mo go batleng boeteledipele o batla selo se se kwa godimo tota se se eletsegang.”—1 Timotheo 3:1, Phillips.

Dilo Tse Di Ka Nnang Kotsi mo Bagolwaneng

3, 4. Ke ka ntlhayang fa monna yo o eletsang go nna molebedi a tshwanetse go dibela pelo ya gagwe?

3 Monna yo o tlhomang pelo ya gagwe mo go batleng go nna molebedi wa Mokeresete o “batla selo se se kwa godimo” se se eletsegang jang? Mme kana, go batla sengwe se se kwa godimo ke go nna le keletso e e tlhaga tota ya go fitlhelela sengwe se se rileng. Ka boammaaruri, dilo dingwe tse di kwa godimo tse di batliwang ke tsa maemo a a kwa godimo mme tse dingwe ke tse di sa reng sepe. Mme fa monna a batla maemo a bolebedi ka boikokobetso boikaelelo jwa gagwe e le go batla go direla ba bangwe, o dira tiro ya gagwe ka maikaelelo a a tlhamaletseng mme seo se ka felela ka masego a semoya. Mme o tshwanetse go dibela pelo ya gagwe.—Diane 4:23.

4 Batho bangwe ba ba batlang dilo tse di kwa godimo ba a bo ba batla fela go tlotliwa. Ba bangwe ba batla go laola batho ba bangwe. Go nna bogagapa mo go batleng go nna kwa godimo kana maatla go tshwana le modi o o senyegileng o o ka dirang gore setlhare se se lebegang se itekanetse se we. Mokeresete le ene a ka nna a wela mo go batleng dilo tse di kwa godimo jalo mme a tlhotlhelediwa ka mo go sa siamang ke go batla go nna kwa godimo. (Diane 16:18) “Nkile ka kwalèla phuthègō lehoko leñwe,” moaposetoloi Johane o ne a bua jalo, “me Dioterefese, eo o eletsañ ea bo e le èna tlhōgō mo go bōnè, ga a re chole. Me ke gōna, ha ke ka ea koñ, ke tla gakologèlwa ditihō tsa gagwè tse o di dihañ, ka a nntse a re balabalèla ka mahoko a a boshula: me le mo, go bo go sa lekane; me go le èna, ga a chole bakauleñwe, le ba ba eletsañ go diha yalo oa ba itsa, me a ba lèlèke mo phuthegoñ.” (3 Yohane 9, 10) Keletso ya ga Dioterefese ya go nna yo o kwa godimo e ne e se ya Bokeresete. Go itseela kwa godimo le go batla go nna le taolo mo go ba bangwe ga go batlege mo balateding ba boammaaruri ba ga Jesu.—Diane 21:4.

5. Balebedi ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe fa ba dira tiro ya bone?

5 Molebedi wa Mokeresete yo o dirang ditiro tsa gagwe ka maikaelelo a a molemo ga a kake a ganelela mo go batleng dilo tse di kwa godimo ka bogagapa. O tla leba tiro e e molemo eno ya bolebedi jwa Bokeresete jaaka tshiamelo e a e filweng ke Modimo mme o tla tlhokomela letsomane la Modimo “e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ, kaha mokgweñ oa Modimo; e señ gore lo tlè lo bōnè khumō, me ka boikutlō yo bo itumèlañ; Leha e le ka mokgwa oa go rèna mo go ba lo ba chwaecweñ, ha e se ka go itiha dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:2, 3) Ee, balebedi ba tshwanetse go itisa gore ba se ka ba nna boikgodiso le go batla go dirisa maatla ba gatelela.

6. Ke ka ntlhayang fa mogolwane a sa tshwanela go rena mo bathong ba Modimo?

6 Mogolwane ga a tshwanela go rena mo Bakereseteng ba bangwe, ka go bo ke modiri mmogo le bone, eseng ‘morena wa tumelo ya bone.’ (2 Bakorintha 1:24) Jesu o ne a bua jaana fa baaposetoloi ba bangwe ba ne ba batla maemo a a kwa godimo: “Loa itse ha balaodi ba Badichaba ba bo ba le bogōma mo go bōnè, le bagolo ba bōnè ba gagamatsa taolō mo go bōnè. Ga go ketla go nna yalo mo go lona: me leha e le mañ eo o ratañ go tla a nna mogolo mo go lona, a a nnè modihedi oa lona; Le gōna leha e le mañ eo o ratañ go nna oa pele mo go lona, a a nnè motlhanka oa lona: Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:20-28) Mogolwane ga se Modisa yo Mogolo mme ke modisa yo mmotlana. Fa a rena mo letsomaneng, o supa moya wa boikgogomoso. Mme go tla nna le matswela a a botlhoko segolobogolo fa a ka dira gore ba bangwe le bone ba mo thuse mo go tswelediseng boikgogomoso jwa gagwe. Seane sa re: “Moñwe le moñwe eo o pelo e ikgodisañ o sehedisa pelo mo go Yehofa: leha seatla se chwaragana le seatla, èna ga a ketla a tlhōka pecō.”—Diane 16:5.

7, 8. (a) Ke ka ntlhayang fa bagolwane ba Bakeresete ba tlhoka go nna boikokobetso? (b) Naya sekai sa mogolwane mongwe yo o boikokobetso.

7 Ka gone, bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go ‘ikokobetsa fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo.’ Boikgogomoso bo thibela motho gore a nne mosola mo semoyeng, ka go bo ba ba ikokobetsang ke bone fela ba dipelo le dikakanyo tsa bone di leng mo boemong jo bo siameng jwa go dira go rata ga Modimo. “Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosañ, me ba ba ikokobetsañ o ba nèe tshegōhaco.” (1 Petere 5:5, 6) Ee, Jehofa o segofatsa ba megopolo e e boikokobetso. Bagolwane ba Bakeresete ba tlhophiwa mo banneng ba ba ntseng jalo ba ba tshwanelegang.

8 Hisitori ya segompieno ya Basupi ba ga Jehofa e tletse ka dipego tsa batho ba ba tshiamo ba ba dirang ka boikokobetso. Ka sekai, akanya ka W. J. Thorn yo o boikobo, yoo pele e neng e le motsamai, kana molebedi yo o etang, ebile a dirile ka lobaka lo loleele mo Bethele. Mokeresete mongwe o ne a bua jaana ka ene: “Ga nkitla le ka motlha ke lebala se se kileng sa buiwa ke Mokaulengwe Thorn se se neng sa nthusa le go fitlha gompieno. O ne a re, ke a mo tsopola, ‘Fa ke simolola go ikgopola thata, ke itsenya mo sekhutlhwaneng, jaaka go ka buiwa, ke bo ke re: “Wena lerolenyana ke wena. O na le eng se o ka ikgogomosang ka sone?”’” Abo eo e le nonofo e e molemo jang ne e bagolwane mmogo le ba bangwe ba tshwanetseng go nna nayo! Gakologelwa, “tuèlō ea boiñōtlō, le go boiha Yehofa ke khumō, le letlōtlō, le botshelō.”—Diane 22:4.

Keletso E E Tswang mo Modimong ya go Direla

9. Ke ka ntlhayang fa re ka re keletso ya go nna molebedi e tswa kwa Modimong?

9 A keletso ya go direla jaaka molebedi e tswa mo Modimong? Ee, moya wa ga Jehofa o a tlhotlheletsa, o a rotloetsa, ebile o naya maatla a go mo direla tirelo e e boitshepo. Ka sekai, go ne ga diragala eng fa balatedi ba ba neng ba bogisiwa ba ga Jesu ba ne ba kopa bopelokgale jwa go rera? “Helō ha ba phuthegetseñ gōna ga reketla; me botlhe ba tlala Mōea o o Boitshèpō, me ba nna ba bua lehoko ya Modimo ka pelokgale.” (Ditihō 4:27-31) Ereka moya o o boitshepo o ne wa dira selo se se ntseng jalo, o ka tlhotlheletsa motho gore a eletse go dira sengwe se segolwane.

10. (a) Lebaka lengwe la go bo monna wa Mokeresete a ka tswa a sa eletse go dira sepe se segolwane ke lefe? (b) Ke eng seo re ka tlhomamisegang ka sone fa Modimo o re naya tshiamelo nngwe ya tirelo?

10 Ke ka ntlhayang fa Mokeresete yo o godileng a ka nna a se ka a eletsa go dira sengwe se segolwane? E ka nna ya bo e le motho wa semoya mme a ikutlwa a tlhaela. (1 Bakorintha 2:14, 15) Mme gone, re tshwanetse go ikokobetsa, re lemoga ditlhaelo tsa rona. (Mika 6:8) Go na le gore ka boikgogomoso re akanye gore re tshwanela sentle go dira tiro nngwe, go molemo go gakologelwa gore “botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ.” (Diane 11:2) Mme re tshwanetse ra lemoga gape gore fa Modimo o re naya tshiamelo nngwe ya tirelo, o tla re naya gape le nonofo ya go e dira. Jaaka Paulo a ne a re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:13.

11. Mokeresete yo a sa eletseng go dira sepe se segolwane a ka dira eng fa a ikutlwa gore ga a na botlhale jo bo lekaneng go ka naya kgakololo?

11 Mokeresete a ka nna a se ka a eletsa go dira sengwe se segolwane ka gonne a ikutlwa gore ga a na botlhale jo bo lekaneng go ka naya kgakololo. Gone mme, gongwe a ka bona botlhale ka go nna moithuti yo o tlhaga tota wa Lefoko la Modimo, mme eleruri o tshwanetse go rapelela botlhale. Jakobe o ne a kwala jaana: “Me ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa. Me a a lōpè ka tumèlō, a sa belaele sepè: gonne eo o belaèlañ o chwana le makhubu a lewatlè a a kgweediwañ, a phailakwa ke phehō. Ka go bo motho eouō a a se gopole, go re, o tla amogèla señwe mo Moreneñ; E le motho eo o maikutlō mabedi eo o akgaakgègañ mo mekgweñ eotlhe ea gagwè.” (Yakobe 1:5-8) Modimo fa o araba thapelo ya ga Solomone o ne wa mo naya “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyañ” eo e neng ya mo kgonisa gore a lemoge se se molemo le se se bosula fa a atlhola. (1 Dikgosi 3:9-14) Se se neng sa diragalela Solomone se ne se kgethegile, mme banna ba ba neetsweng boikarabelo mo phuthegong ba ka kgona go neela ba bangwe kgakololo ka tshiamo ka go ithuta ka botlhaga le ka thuso ya Modimo. “Yehofa o aba botlhale; kicō e cwa mo molomuñ oa gagwè, le tlhaloganyō.”—Diane 2:6.

12. Fa ka ntlha ya go tshwenyega, monna mongwe a sa eletse go dira sengwe se segolwane, a ka thusiwa ke eng?

12 Go tshwenyega thata go ka dira motho gore a ikgogone mo go batleng go dira sengwe se segolwane. A ka nna a akanya gore a ka se ka a kgona go sikara boikarabelo jo bogolo jwa go nna mogolwane. Le eleng Paulo o ne a dumela jaana: “Go na le mo go nkimèlañ ka malatsi aotlhe, ke raea tlhobaèlō kaga diphuthègō cotlhe.” (2 Bakorintha 11:28) Mme moaposetoloi o ne a itse se a tshwanetseng go se dira fa a ne a tshwenyegile, ka go bo o ne a kwala jaana: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ee, o ka kgona go nyeletsa go tshwenyega ka go rapela le go ikanya Modimo.

13. Monna yo o etsaetsegang kaga go dira sengwe se segolwane a ka rapela jang?

13 Fa go tshwenyega go sa nyelele, motho yo o etsaetsegang kaga go dira sengwe se segolwane a ka rapela jaana jaaka Dafide: “Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me: nteka, me u itse megopolō ea me: Me u bōnè ha go na le mokgwa moñwe oa boikèpō mo go nna; me u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.” (Pesalema 139:23, 24) Go sa kgathalesege gore re na le dikgopolo tse di re “tshwenyang” kana “tse di sa jeseng monate” tsa mofuta ofe, Modimo a ka re thusa gore re dirisane le tsone gore re kgone go dira botswelelopele jwa semoya. (Bona The New International Version.) Mme seo se boletswe sentle jaana mo pesalemeng eno e nngwe: “E rile ke re, Lonaō loa me loa rèlèla, boutlwèlō botlhoko yoa gago, Yehofa, yoa ntshegetsa. Mo bontsiñ yoa megopolō ea me e e mo teñ ga me, dikgomocō tsa gago di tle di yese mōea oa me monate.”—Pesalema 94:18, 19.

Dira Ka Boitumelo Kafa Jehofa A Ratang Ka Gone

14. Ke ka ntlhayang fa monna yo a sa eletseng go dira sengwe se segolwane a tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo wa Modimo?

14 Fa monna wa Mokeresete a palelwa ke go dira sengwe se segolwane ka ntlha ya go tshwenyega, go ikutlwa a tlhaela, kana a sa rotloediwe ke sepe go dira jalo, o tla bo eleruri a tshwanela go rapelela moya wa Modimo. Jesu o ne a re: “Ha lona, lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō; bogolo yañ Rra eno oa legodimo o tla naea ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.” (Luke 11:13) Ereka kagiso le boikgapo e le mangwe a maungo a moya, moya ono o ka re thusa gore re dirisane le matshwenyego ape fela kana maikutlo ape fela a go ikutlwa re tlhaela.—Bagalatia 5:22, 23.

15. Ke dithapelo tsa mofuta mang tseo di ka thusang bao ba sa tlhotlheletsegeng go ithaopela ditshiamelo tsa tirelo?

15 Go tweng ka go tlhoka go rotloetsega? Jaaka Bakeresete ba ba kolobeditsweng, re tshwanetse go rapela gore Modimo o re thuse gore re dire se se mo itumedisang. Dafide o ne a kopa jaana: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; . . . Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè.” (Pesalema 25:4, 5) Dithapelo tse di tshwanang le tseno di tla re thusa go tila tsela e e phoso, mme re ka rapela ka tsela e e tshwanang fa re sa tlhotlheletsege go batla go dira dilo tse dikgolwane. Re ka kopa Jehofa gore a re thuse gore re batle go amogela ditshiamelo tsa tirelo. Ebile tota, fa re rapelela moya wa Modimo mme re ineela mo kaelong ya one, ga go belaetse gore re tla amogela ditshiamelo tsa tirelo fa re di newa. Mo godimo ga tsotlhe, batlhanka ba Modimo ga ba kake ba dira kgatlhanong le moya wa gagwe.—Baefesia 4:30.

16. Ke boikutlo bofe jo bo dirang gore motho a tlhotlheletsege go batla go nna le boikarabelo mo phuthegong?

16 Re ipelela go dira go rata ga Modimo fa re na le “mogopolō oa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Jesu o ne a na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa mopesalema yo a neng a re: “Ke itumèla thata go diha go rata ga gago, Modimo oa me; E, molaō oa gago o mo teñ ga pelo ea me.” (Pesalema 40:8) Keresete o ne a re: “Bōna, ke tsile go diha go rata ga gago,” mme o ne a go dira go fitlha a swela mo mokgorong wa pogisetso. (Bahebera 10:9, 10) Keletso ya go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa e re tlhotlheletsa tota go batla go nna le boikarabelo mo phuthegong.

Leba Kwa Pele kwa Isagweng

17. (a) Ke ka ntlhayang fa banna ba jaanong ba sa direleng ka botlalo jaaka ba ne ba dira pele ba sa tshwanela go kgobega marapo? (b) Tshiamelo e e di fetang tsotlhe ke efe?

17 Bangwe bao pele ba neng ba dira ditiro tsa botlhokwa mo phuthegong ga ba tlhole ba na le tshiamelo ya go dira jalo ka ntlha ya go sa itekanele sentle mo mmeleng kana ka mabaka a mangwe. Bano ga ba a tshwanela go kgobega marapo. Re itse banna ba bantsi ba ba ikanyegang ba ba sa tlholeng ba kgona go dira ka botlalo jaaka ba ne ba tlhola ba dira mme ba santse ba tiile ba bolokile bothokgami. (Pesalema 25:21) Eleruri, bogolwane ba ba boikobo ba ba sa bolong go direla ka lobaka lo loleele ba ka tswelela ba thusa ka boitemogelo jwa bone ka go nna mo setlhopheng sa bagolwane. Lemororo ba sa tlhole ba kgona go dira ka ntlha ya botsofe kana makoa mangwe, ga baa tshwanela go tlogela bogolwane. Fa go ntse jalo, a Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa a tlhokomele tshiamelo e e di fetang tsotlhe, eleng ya ‘go bua ka kgalalelo ya bogosi jwa Modimo’ jaaka ba ba goletsang leina la gagwe le le boitshepo.—Pesalema 145:10-13.

18. (a) Fa mogolwane mongwe kana motlhanka wa bodihedi a tlositswe, ke eng se se ka tswang se tlhokwa go dirwa? (b) Mogolwane mongwe yo a neng a tlositswe o ne a bontsha boikutlo bofe jo bo molemo?

18 Fa e le gore ka nako nngwe o ne o le mogolwane kana motlhanka wa bodihedi mme jaanong o sa tlhole o direla mo boemong joo, tlhomamisega gore Modimo o santse a amega ka wena, mme gongwe o tla go naya ditshiamelo dingwe tse o sa di lebelelang mo isagweng. (1 Petere 5:6, 7) Fa o tlhoka go dira diphetogo dingwe, iketleetse go dumela phoso mme o e baakanye ka thuso ya Modimo. Bangwe ba bao ba neng ba tlosiwa mo bogolwaneng ba ne ba nna le boikutlo jo e seng jwa Bokeresete, mme ba sekae ba bone ba ne ba tsidifala kana ba tlogela boammaaruri. Mme abo go le botlhale jang ne go tshwana le bao ba ileng ba supa moya o montle! Ka sekai, fa mogolwane mongwe wa kwa Central America yo a neng a sa bolo go direla ka dingwaga tse dintsi a ne a tlosiwa mo go nneng mogolwane, o ne a re: “Ke utlwa botlhoko thata go bo ke latlhegetswe ke tshiamelo e ke sa bolong go e somarela ka dingwaga tse dintsi jaana. Mme ke tlile go dira ka natla mo go sepe fela seo bakaulengwe ba ka ntirisang mo go sone le go dira gore ke bone tshiamelo ya me ya tirelo gape.” Fa nako e ntse e tsamaya, mokaulengwe yono o ne a bona tshiamelo ya go nna mogolwane gape.

19. Ke kgakololo efe e e tshwanetseng eo e newang mokaulengwe yoo a tlositsweng mo go nneng mogolwane kana motlhanka wa bodihedi?

19 Fa o ne o tlositswe mo go nneng mogolwane kana motlhanka wa bodihedi, nna o ntse o na le moya wa boikobo. Tila go nna le boikutlo jo bo sa siamang jo bo tla dirang gore le mo isagweng o se ka wa tshwanelegela ditshiamelo dipe. Moya wa bomodimo o dira gore motho a tlotliwe. Go na le go kgobega marapo, akanya kafa Jehofa a segofatsang bodihedi jwa gago kana lelapa la gago ka gone. Aga lelapa la gago mo semoyeng, etela balwetsi, o bo o kgothatse ba ba bokoa. Mo godimo ga moo, itumelele tshiamelo ya gago ya go baka Modimo le ya go rera mafoko a a molemo jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.—Pesalema 145:1, 2; Isaia 43:10-12.

20. Setlhopha sa bagolwane se ka kgona go thusa yoo e neng e le mogolwane pele kana motlhanka wa bodihedi jang?

20 Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse go lemoga gore molebedi kana motlhanka wa bodihedi yo o tlositsweng a ka tshwenyega thata mo boikutlong, le eleng lefa a tlogetse tshiamelo eo ya gagwe ka boene. Fa a sa kgaolwa, mme bagolwane ba bona gore mokaulengwe o tshwenyegile thata mo boikutlong, ba tshwanetse go mo naya thuso e e lorato ya semoya. (1 Bathesalonia 5:14) Ba tshwanetse go mo thusa go lemoga gore phuthego e a mo tlhoka. Le eleng le fa a ne a tlhoka kgakololo, go ka nna ga se ka ga tsaya lobaka gore monna yo o jalo yo o boikokobetso le yo o nang le tebogo yoo a bone ditshiamelo tse dingwe tse di oketsegileng mo phuthegong.

21. Ke bomang ba ba neng ba leta pele ba bona ditshiamelo tsa tirelo, mme ke eng se se akantshiwang ka go leta ga bone?

21 Fa o eletsa go dira sengwe se segolwane, o ka nna wa bo o tshwanela go leta lobakanyana pele o ka bona ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo. O se ka wa fela pelo. Moshe o ne a leta dingwaga di le 40 pele Modimo o mo dirisa fa o ne o golola Baiseraele mo botshwarong kwa Egepeto. (Ditihō 7:23-36) Joshua o ne a dira ka lobaka lo loeele jaaka mothusi wa ga Moshe pele a ka tlhophiwa jaaka motlhatlhami wa gagwe. (Ekesodo 33:11; Dipalō 27:15-23) Dafide o ne a leta lobakanyana pele a ka tlhongwa mo setulong sa bogosi sa Iseraele. (2 Samuele 2:7; 5:3) Go lebega Petere le Johane Mareko ba ne ba tshwanelwa ke go baakanngwa maikutlo mo lobakeng longwe. (Mathaio 26:69-75; Yohane 21:15-29; Ditihō 13:13; 15:36-41; Bakolosa 4:10) Ka jalo fa o sena ditiro dipe tse o di dirang mo phuthegong jaanong, Jehofa a ka tswa a santse a go letlile gore o betliwe ka go nna le boitemogelo jo bo oketsegileng. Lefa maemo a gago a ka tswa e le afe, kopa thuso ya Modimo fa o batla go dira sengwe se segolwane, mme a ka nna a go naya ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo. Fa go ntse jalo, dira ka natla gore o tshwanelegele go nna le boikarabelo mo phuthegong mme o bontshe moya wa ga Dafide, yoo a neng a bua jaana: “Molomo oa me o tla bua pakō ea ga Yehofa: me a nama eotlhe e bakè leina ya gagwè ye le boitshèpō ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—Pesalema 145:21.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le dikotsi dife?

◻ Ke eng seo se ka thusang bao ba sa eletseng go dira sengwe se segolwane ka ntlha ya go tshwenyega kana ka ntlha ya go ikutlwa ba tlhaela?

◻ Ke eng se se ka tlhotlheletsang motho gore a iketleetse go rwala boikarabelo mo phuthegong?

◻ Bao e neng e le bagolwane kana e le batlhanka ba bodihedi pele ba tshwanetse go leba isagwe ka boikutlo jo bo ntseng jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

W. J. Thorn o ne a tlhoma sekao se se molemo jaaka mogolwane yo o boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jaaka Jesu a o iketleeditse go dira sengwe le sengwe se se gone mo tirelong ya ga Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela