Baka Leina Le Le Boitshepo la ga Jehofa!
“Molomo oa me o tla bua pakō ea ga Yehofa: me a nama eotlhe e bakè leina ya gagwè ye le boitshèpō ka bosakhutleñ.”—PESALEMA 145:21.
1, 2. (a) Satane o ile a gwetlha puso ya Modimo ka tsela efe? (b) Ke dipotso dife tse di tsogang mabapi le Pesalema 145:11-21?
JEHOFA kwantle ga pelaelo ke Molaodi wa Lobopo. Mme Satane o ne a gwetlha tshiamo ya Modimo le tshwanelo ya gagwe ya go busa. (Genesise 2:16, 17; 3:1-5) Diabolo gape o ne a belaela bothokgami jwa batlhanka botlhe ba Modimo ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng. (Yobe 1:6-11; 2:1-5; Luke 22:31) Ka jalo Jehofa o ne a lesa nako e feta gore dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di bone maungo a a sa itumediseng a go tsuologela puso ya gagwe le go supa gore ba kafa letlhakoreng lefe mo dikganetsanong tseno.
2 Pesalema 145 e re thusa go emela puso ya Modimo re nonofile. Jang? Ke eng seo Dafide a se buang kaga Jehofa jaaka kgosi? Mme Modimo o dirisana le baemedi ba gagwe jang? Go na le dikarabo tse di thusang tota mo go Pesalema 145:11-21.
Bua ka Jehofa Jaaka Kgosi
3. Ke eng seo re tla se dirang fa e le gore re rata Jehofa jaaka kgosi?
3 Dafide o ne a amega tota ka puso ya ga Jehofa, jaaka a ne a re: “Ba tla bua kaga kgalalèlō ea bogosi yoa gago, ba bua kaga thata ea gago; Go itsise bana ba batho ditihō tsa gagwè tsa bonatla, le kgalalèlō ea borèna yoa bogosi yoa gagwè.” (Pesalema 145:11, 12) Batho ba bua ka dilo tseo di ba kgatlhang. Ka jalo monna a ka bua ka lelapa la gagwe, legae la gagwe, le dijalo tsa gagwe. “Motho eo o molemō o ntsha se se molemō mo lohumoñ lo lo molemō loa pelo ea gagwè,” Jesu o ne a bua jalo. (Luke 6:45) Fa e le gore dipelo tsa rona di rata puso ya Modimo, re tla rapelela Bogosi jwa gagwe gore bo tle, ebile re tla bolelela ba bangwe ka tshiamiso, kagiso, le tshiamo tseo di tla nnang gone fa bo busa. Re tla baka Jehofa jaaka “Kgosi ea metlha,” mme re tla bua kafa a tla supang bolaodi jwa gagwe ka gone ka Bogosi jwa Bomesia joo Morwa wa gagwe yo o rategang, Jesu Keresete a tla busang mo go jone. (Tshenolō 15:3; Isaia 9:6, 7) Abo e le tshiamelo jang ne go bua ka kgalalelo ya selegodimo ya ga Jehofa jaaka kgosi, eo e tla tlogang e bonala mo bontleng jwa paradaise ya selefatshe e e tletseng ka dibopiwa tse di itumetseng ka botlalo!—Luke 23:43.
4. Re bona nako ya go bua ka “bonatla” jwa ga Jehofa leng, mme re tshegediwa jang mo tirong e e ntseng jalo?
4 Kanaanelo le yone e tla re tlhotlheletsa go bua ka “thata” ya ga Jehofa. Lemororo a “tlotlometse mo thateñ,” ga a ke a e dirisa kafa go sa tshwanelang. (Yobe 37:23) O ne a dirisa thata ya gagwe go bopa lefatshe le batho mme o tla e dirisa go senya baikepi. Re kgona go bua ka bonatla jwa Modimo fa re rera mafoko a a molemo. Mme a ga re leboge go bo Motswedi o mogolo ono wa nonofo o re naya maatla a go dira tiro eno? (Isaia 40:29-31) Ee, jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshegediwa ke maatla a Modimo le moya wa gagwe mo tirelong e e boitshepo. Tsela eno ke yone fela e molaetsa wa Bogosi o bolelwang ka katlego mo lefatsheng ka bophara.—Pesalema 28:7, 8; Sekaria 4:6.
5. Ereka bontsintsi jwa batho bo sa itse ‘ditiro tsa bonatla’ tsa ga Jehofa, re tshwanetse go dira eng?
5 Re tlhoka go bolelela barwa ba batho ‘ditiro tsa bonatla’ tsa ga Jehofa, fela jaaka Baiseraele ba ne ba bolelela bana ba bone ka tsela eo Modimo o neng wa ba golola mo botshwarong jwa kwa Egepeto ka gone. (Ekesodo 13:14-16) Batho ba agela batho bao ba lebang ditiro tsa bone di le botlhokwa difikantswe, mme ke ba ba kae ba ba itseng ditiro tsa Modimo tsa bonatla? Jaaka mokanoki mongwe a ne a bua: “Ba kwala ditiro tsa bagale ba bone mo koporong, mme ditiro tse di galalelang tsa ga Jehofa di kwalwa mo motlhabeng, mme fa nako e ntse e tsamaya di a tloga mo dikgopolong tsa bone.” Ditiro tseo tota ga di tloge, lemororo bontsintsi jwa batho bo sa di itse. Ka jalo fa re dira ka ntlo le ntlo, fa re tshwere dithuto tsa mo magaeng tsa Bibela, le ka dinako tse dingwe, a re bueng ka botlhaga ka ditiro tsa Modimo tsa bonatla.
6. (a) Moya wa botlhaga o re dirang bodihedi jwa rona ka one o ne wa bontshiwa sentle leng dingwaga tse dintsi tse di fetileng? (b) Totatota, ke eng seo se neng sa buiwa kaga go itsise Bogosi ka 1922?
6 Re tshwanetse gape ra itsise kgalalelo ya Modimo jaaka kgosi ka botlhaga. Botlhaga jo bo ntseng jalo mo tirong ya Bogosi eleruri bo ne jwa bonala ka 1922 fa poresidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, J. F. Rutherford, a ne a bua le ba ba neng ba tlile kopanong kwa Cedar Point, kwa Ohio, jaana: “Kgosi ya kgalalelo e sale e simolola go busa ka 1914 . . . Bogosi jwa legodimo bo atametse; Kgosi e a busa; Puso ya ga Satane e a wa; dimilione tse jaanong di tshelang ga di kitla di swa gope. A o dumela seno? . . . Jaanong boelang kwa tshimong, Lona barwa ba Modimo mogodimodimo! Tsayang dibolao tsa lona! Nnang le mogopolo o o lekalekaneng, lo nne botlhale, lo nne tlhaga, lo nne pelokgale. Nnang Basupi ba ba ikanyegang le ba boammaaruri ba Morena. Tswelelang mo ntweng go fitlha fa karolo nngwe le nngwe ya Babelona e sentswe. Bolelang molaetsa go fitlha kwa kgakala. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi le le a gaisang otlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lona lo baphasalatsi ba yone. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le Bogosi jwa yone.”
7. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka bodihedi jwa rona jaaka baboledi ba Bogosi?
7 Abo go itumedisa jang ne go ‘akanya ka leina la Modimo,’ go bolelela ba bangwe ka puso ya gagwe, le go itsise Bogosi jwa Bomesia jwa Morwawe yo o rategang! (Malaki 3:16) Jaaka baboledi ba Bogosi le babueledi ba jone, re rata tshiamelo ya go bolela mafoko a a molemo le go retolosetsa dipelo tsa ba bangwe mo Modimong, mo go Keresete, le mo Bogosing. Re tshwanetse go nna le keletso e kgolo ya go bolelela ba bangwe ka kgalalelo e e phatsimang ya puso ya ga Jehofa.—Bapisa Yeremia 20:9.
8. (a) Puso ya ga Jehofa e emelwa ke eng gompieno? (b) Ke ka ntlhayang fa go ka twe Modimo o na le taolo “go ea ditshikatshikeñ cotlhe”?
8 Re tshwanetse go tlhotlheletsega go itsise Bogosi jwa Modimo ka tlhagafalo e kgolo, ka go bo Dafide morago o ne a bua jaana: “Bogosi yoa gago ke bogosi yo bo senañ bokhutlō, le pushō ea gago e eme go ea ditshikatshikeñ cotlhe.” (Pesalema 145:13) Jaaka mopesalema a ne a ntse a tswelela a tlhatlhanya ka Jehofa jaaka kgosi, o ne a tlogela go dirisa leemedi “gagwe” a dirisa “gago,” a lebisa mafoko a gagwe a thapelo ka tlhamalalo go Modimo. Gone ke boammaaruri gore puso ya ga Jehofa jaaka e emelwa ke Bogosi jwa Bomesia ga e tseye sebaka sa go nna kgosi ga Modimo ka bosakhutleng. Ebile, fa batho ba ba kutlo ba sena go dirwa boitekanelo, Keresete o tla naya Rraagwe Bogosi. (1 Bakorintha 15:24-28) Ka jalo Modimo o na le taolo “go ea ditshikatshikeñ cotlhe.” Jehofa e ne e le Kgosi fa Adame a ne a bopiwa mme o tla busa batho ba ba siameng ka bosakhutleng.
9. Ke eng se se ka buiwang ka temana e e simololang ka tlhaka ya Sehebera nun mo go Pesalema 145?
9 Mo pesalemeng eno ya mafoko a a lekanang ka boleele, temana ya Masora ga e na temana e e simololang ka tlhaka ya Sehebera nun. Mme tumalanong le Septuagint ya Segerika, Peshitta ya Se-Syriac, le Vulgate ya Selatini, mokwalo mongwe wa Sehebera o balega jaana: “Jehofa o ikanyega mo mafokong otlhe a gagwe, o na le bopelonomi jo bo lorato mo ditirong tsotlhe tsa gagwe.” (New World Translation of the Holy Scriptures—With References, ntlhanyana e e kwa tlase) Modimo o diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe mme ‘o a ikanyega, o lorato ebile o pelonomi’ mo go botlhe ba ba anaanelang bomolemo jwa gagwe.—Yoshue 23:14.
Jehofa O Tshegetsa Ka Metlha
10. Modimo o re ‘tshegetsa’ jang?
10 Kgosi ya Metlha ga e ke e itlhokomolosa dilo tse batlhanka ba yone ba di tlhokang. Ke gone ka moo Dafide a neng a ka bua jaana: “Yehofa o tshegetsa botlhe ba ba wañ, o topalatsa botlhe ba ba ōbameñ.” (Pesalema 145:14) Jehofa o sale a ntse a tshegetsa baobamedi ba Gagwe go tloga ka metlha ya ga Abele. Fa re ne re ka tlogelwa re le rosi, re ne re tla wa gantsintsi ka ntlha ya mekgweleo ya rona. Re tlhoka nonofo e e lekaneng go itshokela mathata otlhe a botshelo le pogiso e e re tlelang jaaka batho ba Modimo, mme Jehofa o a re goletsa. Mofuta wa lediri la Sehebera le le dirisitsweng fano o supa gore Modimo o re ‘tshegetsa’ ka metlha. Go ka tlhokomelwa gore Johane Mokolobetsi le Morwa Modimo ba ne ba kgona go tlhabolola baleofi ba ba boitsholo jo bo sa siamang. Fa batho bano ba ne ba ikwatlhaya mme ba nna batlhanka ba ga Jehofa, ba ne ba ipelela masego a a molemolemo a go tshegediwa ke Modimo.—Mathaio 21:28-32; Mareko 2:15-17.
11. Jehofa o ‘topalatsa botlhe ba ba obameng’ ka tsela efe?
11 Go a gomotsa go itse gore ‘Jehofa o topalatsa botlhe ba ba obameng’ ka ntlha ya diteko tse di farologaneng. O dira gore ba ba tshwenyegileng mo boikutlong ba itumele, o gomotsa ba ba lelang, ebile o re thusa go bua lefoko la gagwe ka bopelokgale fa re bogisiwa. (Ditihō 4:29-31) Ga a ke le ka motlha a letla mekgweleo ya rona go re diga fa fela re sa gane thuso ya gagwe. (Pesalema 55:22) Ka jalo, jaaka “morwadia Aberahame” yo a neng a “hutaganye” yo a neng a fodisiwa ke Jesu, re tshwanetse go “galaletsa Modimo” fa o re kakatlolola mo semoyeng ka lorato. (Luke 13:10-17) Batlodiwa ba ba neng ba hutagantswe mo botshwarong jwa Sebabelona ba ne ba leboga fa Modimo o ne o ba kakatlolola ka 1919, mme o ile a nna a tsosa ba ba anaanelang ba “dinku di sele” fa esale ka 1935.—Yohane 10:16.
12. “Matlhō a dilō cotlhe a lebeletse” kwa Modimong jang?
12 Jehofa ga a ke a tlhoka go thusa batlhanka ba gagwe, jaaka Dafide a phepafatsa seo ka go bua jaana: “Matlhō a dilō cotlhe a lebeletse wèna: me u tlu u di he diyō tsa cōna mo metlheñ e e lebanyeñ. U huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” (Pesalema 145:15, 16) Go ntse jaaka ekete matlho a dibopiwa tsotlhe tse di tshelang a lebile ka tsholofelo mo Molaoding wa Lobopo. Baengele ba leba kwa Modimong gore ba tswelele ba tshela. Mme fela jaaka ngwana a leba motsadi wa gagwe gore a mo neye dilo tse a di tlhokang, re lebelela jalo kwa go Rraarona wa selegodimo. Ebile, batho mmogo le diphologolo ka go tshwana ba amogela dijo mo go ene. Ga go ope yo mongwe yo a ka di nayang dilo tse di tlhokegang. Modimo o di naya “diyō tsa cōna mo metlheñ e e lebanyeñ,” ke gore ka nako ya fa di tlhokega.
13. Jehofa o ‘huporolola seatla sa gagwe a kgorisa keletso ea ditshedi tsotlhe’ ka ditsela dife?
13 Modimo o ‘huporolola seatla sa one mme o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe.’ (Pesalema 104:10-28) Ke boammaaruri gore diphologolo tse dingwe di a swa ka ntlha ya go tlhoka dijo. Batho ba bantsi ba bolawa ke tlala ka ntlha ya bogagapa, go gatelelwa, le go sa dirisiweng sentle ga dilo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bolelela pele gore “meshwèle” e tla nna karolo ya “seshupō” sa gore o gone mo metlheng eno ya bofelo. (Mathaio 24:3, 7) Mme ga go sepe sa tseno se se diragalang ka gonne Jehofa a ngotlile letsogo la gagwe kana a sa kgone go aba sepe. Akanya ka dimilione tse di diketekete tsa dibopiwa tse di fepiwang! Mo godimo ga moo, pesalema eno e re tlhomamisetsa gore fa Bogosi bo busa, ‘motho ga a kitla a busa yo mongwe go mo utlwisa botlhoko,’ Modimo o tla re naya dilo tse re di tlhokang tsa nama mmogo le tsa semoya. (Moreri 8:9; Isaia 25:6) Le eleng gompieno ga re a tshwanela go tshwarwa ke tlala ya dijo tsa semoya, ka gonne Modimo o di re naya di le dintsi tota mo motlheng wa tsone ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47; 1 Petere 2:2) Fa re bua ka tsela ya semoya, Basupi ba ga Jehofa ke bone batho ba ba fepiwang sentle go gaisa mo lefatsheng. A o supa kanaanelo e e boteng tota ka letlepu leno?
Jehofa O Disa Ba Ba Mo Ratang
14. Ke ka ntlhayang fa Dafide a ne a ka re “Yehofa o tshiamō mo ditseleñ cotlhe tsa gagwè, o pelochweu mo ditihoñ cotlhe tsa gagwè”?
14 Boeleele jwa rona bo ka ‘theola tsela ya rona’ mme jwa re tlisetsa mathata, mme ga re a tshwanela gore le ka motlha re pege Modimo molato ka mathata ano. (Diane 19:3) Dafide o bontsha gore ke ka ntlhayang fa go ntse jalo fa a bua jaana: “Yehofa o tshiamō mo ditseleñ cotlhe tsa gagwè, o pelochweu mo ditihoñ cotlhe tsa gagwè.” (Pesalema 145:17) Modimo ka metlha o dira ka tsela e e tlhomameng, ya tshiamo, le ya boutlwelobotlhoko. Mme boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo bonala sentle segolobogolo ka poloko e a e re nayang ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (Ditihō 2:21; 4:8-12) Jehofa gape o “pelochweu mo ditihoñ cotlhe tsa gagwè,” ka metlha o a ikanyega, o lorato, ebile ga a tlhaole. Jaaka “baetsi ba Modimo,” he, a re tlhomameng, re nne tshiamo, boutlwelobotlhoko, re se ka ra tlhaola, re bo re ikanyege.—Baefesia 5:1, 2; Duteronome 32:4; Pesalema 7:10; 25:8; Isaia 49:7; Ditihō 10:34, 35.
15. Re ile ra ‘bitsa Jehofa ka boammaaruri’ jang, mme go dira jalo go ile ga felela ka eng?
15 Re gogelwa gore re atamalane le Modimo gonne o tshiamo ebile o a ikanyega. Mo godimo ga moo, Dafide o re tlhomamisetsa jaana: “Yehofa o gauhi le botlhe ba ba mmitsañ, eboñ botlhe ba ba mmitsañ ka boamarure.” (Pesalema 145:18) Fa re ne re kolobediwa jaaka badumedi ba ba ineetseng, re ne ra bitsa leina la ga Jehofa. (Ditihō 8:12; 18:8; Baroma 10:10-15) Ereka re ne ra atamalana le Modimo, le ene o ne a re atamela. (Yakobe 4:8) Re ‘mmitsa ka boammaaruri’ ka gonne re dira jalo ka tsela ya boammaaruri, ka Jesu Keresete. Mme Jehofa o tla nna a le gaufi le rona fa re mo obamela ka “mōea le ka boamarure,” re supa “tumèlō e e senañ boitimokanyō,” mme re ‘itshoka jaaka ekete re tlhomile matlho mo go ene yo o sa bonaleng.’ (Yohane 4:23, 24; 1 Timotheo 1:5; Bahebera 11:27) Ka gone ga re kitla re rapelela lefela kana re tshwanela go lwa le lefatshe la ga Satane re le rosi, mme re tla tswelela re ipelela thuso ya bomodimo le kaelo. (Pesalema 65:2; 1 Yohane 5:19) Abo seo se kaya polokesego jang ne!
16. Ke ka ntlhayang ebile ke jang Jehofa a ‘diragatsang keleco ea ba ba mmoifang’?
16 Gape, re bolokesegile tota ka boammaaruri ka ntlha ya dilo tse dingwe tse Jehofa a di re direlang. Dafide o ne a bua jaana: “O tla dihatsa keleco ea ba ba mmoihañ: le gōna o tla utlwa picō ea bōnè, a ba boloka.” (Pesalema 145:19) Jehofa o ‘diragatsa keletso’ ya rona ka gonne re mo tlotla tota ebile re boifa go dira dilo tse di sa mo itumediseng. (Diane 1:7) Dipelo tsa rona tse di boikobo di ile tsa re tlhotlheletsa go ineela mo go Jehofa, boikutlo jwa rona ke gore, “Go rata ga gago a go dihwè.” Ereka go rata ga gagwe e le gore molaetsa wa Bogosi o bolelwe, o kgotsofatsa keletso ya rona ya go dira tiro eo. (Mathaio 6:10; Mareko 13:10) Modimo o ‘diragatsa keletso’ ya rona ka gonne ga re rapele ka bogagapa mme re kopa dilo tse di dumalanang le thato ya gagwe. O naya fela se se dumalanang le thato ya gagwe le se se ka re solegelang molemo.—1 Yohane 3:21, 22; 5:14, 15; bapisa Mathaio 26:36-44.
17. Ke ka ntlhayang fa re ka re Modimo o tla utlwa “picō” ya rona?
17 Jaaka Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa a re tlhomamisegeng gape gore “pitso ya rona” e tla utlwiwa. Modimo o ne wa golola Dafide mo masetlapelong mme wa boloka Jesu, le eleng go mo tsosa mo baswing. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re golola fa re tlhaselwa ke baba segolobogolo ka nako ya tlhaselo ya ga Goga. (Esekiele 38:1–39:16) Ebile, re ka rapela jaana jaaka Dafide ka tsholofelo nako le nako fa re na le mathata: “Nkutlwèla botlhoko, Yehofa, gonne ke mo khutsahaloñ . . . Ke utlwile go gobolola ga batho ba le bantsi, go poicho ka ntlha cotlhe; ka ba gakololana mmōgō kaga me, ba loga maanō a go mpolaea. Me ke ne ka ikanya wèna, Yehofa: ka re, U Modimo oa me.”—Pesalema 31:9-14.
18. Re solegelwa molemo jang ke go itse gore Jehofa o ‘boloka botlhe ba ba mo ratang’ a bo a senya “baikepi botlhe”?
18 Jehofa Modimo ka metlha o iketleeditse go re thusa. Jaaka Dafide a bua jaana: “Yehofa o boloka botlhe ba ba mo ratañ; me baikepi botlhe o tla ba senya.” (Pesalema 145:20) Ee, fa re rata Modimo, o tla re segofatsa le go re boloka. (Dipalō 6:24-26) O ‘duela ka botlalo yo o dirang ka bopelompe’ me o sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba boikobo, a sa letle gore ba diragalelwe ke sepe se se ka ba gobaletsang ruri. A re nneng pelokgale gonne Jehofa o na le rona. (Pesalema 31:20-24; Ditihō 11:19-21) ‘Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka rona se se tla segofalang.’ (Isaia 54:17; Pesalema 9:17; 11:4-7) Seo ke se se diragalelang bao ba supang lorato lwa bone mo Modimong jaaka batlhanka ba ba ineetseng ba ba ikanyegang. Basupi ba ga Jehofa ba tla falola ‘pitlagano e kgolo’ e e tlisediwang baikepi, ba babalesegile jaaka setlhopha. (Tshenolō 7:14) Mme abo go fedisiwa ga kganetsano e kgolo ya puso ya ga Jehofa ya lobopo e tla bo e le lesego jang ne mo go “botlhe ba ba mo ratañ”!
Tswelelang Lo Baka Leina Le Le Boitshepo la ga Jehofa
19. Ke ka ntlhayang fa re “bua pakō ea ga Yehofa” ka melomo ya rona?
19 Dafide o konela pesalema e e tshikinyang maikutlo eno ka mafoko ano: “Molomo oa me o tla bua pakō ea ga Yehofa: me a nama eotlhe e bakè leina ya gagwè ye le boitshèpō ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Pesalema 145:21) Jaaka Basupi ba ga Jehofa re anaanela bogolo jwa Modimo, bomolemo jwa gagwe, go bo e le kgosi le rre, tshegetso ya ka metlha, le go re disa ka go re tlhokomela a sa lape. Ka jalo, jaaka Dafide, melomo ya rona e baka Modimo. Re tlhotlheletsega go ineela ka botlalo mo go ene, re mo lebogela masego a gagwe a mantsi, le go baka “leina ya gagwè ye le boitshèpō.”—1 Ditihalō 29:10-13; Ekesodo 20:4-6.
20. Re tshwanetse go ikemisetsa eng jaanong re akantse thata ka bosakhutleng?
20 Ereka Jehofa a re segofatsa letsatsi le letsatsi, a re mmakeng ka metlha, kana re mmue molemo. A re bakeng Modimo ka go rera mafoko a a molemo ka botlhaga, re bolelele ba bangwe gore go ise go e kae ‘nama yotlhe e tla baka leina la gagwe le le boitshepo.’ Abo go tla bo go le molemo thata jang ne go tshela ka nako ya fa baagi botlhe ba lefatshe—eleruri, dibopiwa tsotlhe tse di botlhale mo lobopong—di tla bong di opelela Rraarona wa selegodimo dipako! (Pesalema 148:1-13) A Jehofa a bakwe ka go bo o senotse leina la gagwe ebile o re neile tshiamelo ya go nna Basupi ba gagwe. (Pesalema 83:18; Isaia 43:10-12) A re itshwareng ka mokgwa o o tshwanelang bao ba tsholang leina la gagwe le le boitshepo le ba ba rapelelang gore le itshekisiwe. (Luke 11:2) A re direleng Modimo ka boikanyego, gore mantswe a rona a utlwale mo pineng ya ba ba tla bakang leina le le boitshepo la ga Jehofa ka bosakhutleng mo tsamaisong ya gagwe e ntšha.
O Ka Akgela Jang?
◻ Re tla dira eng fa e le gore re rata Jehofa jaaka kgosi?
◻ Modimo o emetswe jang jaaka kgosi gompieno?
◻ Jehofa o ‘topalatsa botlhe ba ba obameng’ jang?
◻ Modimo o ‘huporolola seatla sa gagwe mme a kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe’ ka ditsela dife?
◻ Re ka baka leina le le boitshepo la ga Jehofa jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Mafoko ano ‘itsiseng Kgosi le Bogosi’ a ne a tlhotlheletsa babueledi ba puso ya ga Jehofa gore ba dire tiro e kgolo, ka 1922