Laola Moya wa Gago!
“NGAKA nngwe ya moithutatlhaloganyo e ne ya fitlhela gore batho ba ba galefang, ba ba tshwayatshwayang diphoso ba na le makgetlo a le matlhano a gore ba ka swa ba ise ba fitlhe mo dingwageng tse 50 go feta ba ba ritibetseng le ba ba ikanyang ba bangwe.” Go ne ga bega jalo The New York Times ya January 17, 1989. Dr. Redford B. Williams, yo e leng porofesa kwa Duke University Medical Center kwa Durham, kwa North Carolina, “o ne a thaile dilo tse a neng a di lemoga mo dipatlisisong di le dintsi.” “O ne a re, dipelo tse di ikanyang di tshela lobaka, ka gonne di sireleditswe mo go tlhaselweng ke matlhoko a a bakiwang ke tirisanommogo ya ditshikana,” go ne ga bega jalo Times.
Bogale bo ka oketsa go pompiwa ga madi, bo ka tsosa mathata a go hema, jwa dira dikotsi tse dingwe tse di maswe. Tšhakgalo e ka dira gore motho a seka a akanya sentle, mme gantsi go felela ka go tshwenyega thata ka lobaka lo loleele mo boikutlong. Se se kotsi gape ke kafa bogale bo amang boitekanelo jwa motho jwa semoya ka gone. Ga go gakgamatse go bo Bibela e bua jaana: “Pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō yoa nama.” (Diane 14:30) Ee go laola boikutlo go sireletsa boitekanelo. Mme tlhokomela mabaka a mangwe gape a gore o dire seno.
Latelela Tsela ya Botlhale
Mongwe le mongwe yo o itekanetseng sentle mo tlhaloganyong o batla go dira ka botlhale. Tsela nngwe ya go dira seno ke go supa boikgapo. Diane 29:11 e bua jaana mabapi le seno: “Seeleele se tle se bulele moya otlhe wa sona, mme yo o botlhale o a o kganela a o didimatse.”—NW.
Gantsi mo Bibeleng lefoko “moya” le raya boikutlo jo bo tlhotlheletsang motho go dira ka tsela nngwe. “Seeleele” se bulela moya otlhe wa sone, ka gonne se sa kgone go o laola. O phatloga ka bogale a sa akanye gore seo se ka felela ka eng. Moya wa motho yo o seeleele o ka mo dira gore a supe sefatlhego se se shakgetseng. Morago moya wa gagwe o ka itshupa ka puo e e gagolang le ditiro tsa boeleele.
Lefa go ntse jalo, motho yo o botlhale o boloka moya wa gagwe o ‘didimetse.’ O a o laola mme o sekaseka ka kelotlhoko seo se ka diragalang fa a ka itesa a galefa. Le eleng lefa a na le lebaka le le molemo la go galefa, o lemoga gore go tsaya kgato ka bonako fa tlhaloganyo ya gagwe e santse e shakgetse go ka tlhagisa kotsi. Ka gone, o a ikgapa mme o a itshwara gore a seka a supa bogale ka tsela e e botlhaswa, a sa ithibe. O leba kwa go Jehofa gore a mo thuse, a rapela ka bokhutshwane a didimetse. Fa nako e ntse e tsamaya, motho yo o botlhale o kgona go tima bogale jwa gagwe le go baya mabaka ka phepafalo tumalanong le Dikwalo le thato ya Modimo, mme ebile e le gore a kgotsofatse botlhe ba ba amegang. Mo godimo ga moo, motho yo o botlhale o lemoga gore ga aa tshwanela go nna bogale a bo a sala a ntse a le jalo ka gonne seo se ka nna sa mo thatafatsa pelo mme sa mo dira gore a tseye kgato e e seng botlhale a bo a leofe.
Motho yo o botlhale gape o dirisa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha: a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale: Le gōna lo se ka loa naea diabolo sebaka.” (Baefesia 4:26, 27) Fa e le gore o ka galefisiwa ke sengwe, o se ka wa nna o ntse o galefile, letsatsi la phirima o ntse o le mo boemong joo. Ka ntlhayang? Ka gonne fa o dira jalo o tla bo o naya Satane Diabolo sebaka sa gore a go dirise, gongwe a go dira gore o dire sengwe se se maswe mme wa seka wa tlhola o amogelwa ke Modimo. (Pesalema 37:8, 9) Go na le moo, laola moya wa gago mme tsaya kgato ka bonako go rarabolola mathata a a ka tswang a go galefisitse.—Mathaio 18:15-17.
Nna O Ritibetse mo Moyeng
Seane se sengwe se bua jaana: “Eo o rèkègèlañ mahoko a gagwè o na le kicō: le eo o mōea o o tsididi ke motho oa tlhaloganyō.” (Diane 17:27) Motho yo o itseng Lefoko la Modimo o ‘rekegela mafoko a gagwe’ ga a buele ruri, a sa fetse, segolobogolo fa a tlhakatlhakane maikutlo. Ga a kitla a letla gore bogale bo mo fekeetse, ka a nna a ntse a akantse ka kamano ya gagwe le Jehofa le boemo jwa gagwe mo phuthegong ya Modimo. Go na le go dira jalo, “motho oa tlhaloganyō” o leka go nna le kgopolo e e ritibetseng le e e lekalekaneng. Boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka go thusa le wena gore o laole maemo a a ka dirang motho yo o seeleele gore a leofe.
Re bala jaana mabapi le seno: “Èna eo o bonya go galeha o na le tlhaloganyō e kgolo: me eo o mōea o potlakañ o godisa bosilo.” (Diane 14:29) Go fela pelo fa o kgoberegile maikutlo go ka go dira gore o dire ditiro tsa boeleele. Abo go le botoka jang ne go akanya ka seo puo e e sa laolweng kana boitsholo di ka felelang ka sone! Go sa nneng jalo, motho a ka fela pelo mme a dira ka tsela e e seng botlhale, ka jalo a “godisa bosilo.” Ka gone, nna “bonya go galeha,” jaaka Modimo, mme o tla tila go dira dilo ka ntlha ya go fela pelo kana ka go tlhoka botlhale.—Ekesodo 34:6.
Tila Boikgogomoso
Motho a ka nna a se akanyetse ba bangwe a bo a nna bogale ka ntlha ya boikgogomoso. Ka jalo re bala jaana: “Motho eo o bogale o cosa kgañ, le motho eo o gakalañ o tletse ditlolo.” (Diane 29:22) Fa motho a sa kgone go laola maikutlo a gagwe mme a nna “bogale,” a ka nna a ‘tsosa kgang,’ le eleng mo gare ga ditsala. Mme motho yo o “gakalañ o tletse ditlolō.” Ee, o tla dira boleo—sengwe se motho yo o botlhale le wa bomodimo a tla batlang go se tila.
O seka wa lebaka le ka motlha gore Jehofa ga a rate boikgogomoso le go phatloga ka bogale. (Diane 16:18) Go botoka thata go batla thuso ya ga Modimo le go itshoka fa o lekwa mme o ikokobeditse go na le go ineela gore o supe bogale kana tšhakgalo ka ntlha ya boikgogomoso.—Diane 29:23.
Dira Dilo O le Bonolo
Motho o tshwanetse go ikokobetsa fa go diragala gore mongwe yo a mo laolang a mo kgalemele. O ka nna wa itshwara jang ka nako eo? Gongwe o ka araba ka bonako ka mafoko a a seng monate. Mme Bibela e gakolola jaana: “Ha mōea oa molaodi o gu cogologèla, u se ka ua tlogèla helō ga gago; gonne boinèlō bo ñōtla ditlolō tse dikgolo.” (Moreri 10:4) Abo go le botlhale jang ne go araba ka bonolo! Eleruri, “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Go tlhoka boikgapo gore o arabe ka bonolo, mme tsela eno e e botlhale e tlosa mathata mme e dira gore go nne le kagiso.
Fa e le gore o a kgalengwa mme e le ka phoso, re solofela gore motho yo o go laolang yoo o tla go letla gore o tlhalose kgang. Gone go boammaaruri gore o tshwanetse wa tlhalosa ka bonolo ka tsholofelo ya gore pono e e phoso eo e tla siamisiwa. Motho yo o go okametseng o tla laola bogale jwa gagwe mme a go letle gore o tlhalose, mme seno se tla supa gore o botlhale le gore o nonofile.
Fa Mokeresete e le ene a okametseng ba bangwe kana nnyaa, o tshwanetse go gakologelwa gore “motho eo mōea oa gagwè o senañ boithibō, o chwana le motse o o thubegileñ, me o sena lorakō.” (Diane 25:28) Motho yo o seng bonolo le yo a sa laoleng bogale jwa gagwe a ka nna le megopolo e e sa siamang e e ka mo dirang gore a dire dilo ka tsela e e phoso. Jesu Keresete yo a neng a tlhoma sekao se se itekanetseng, o ne a le “bonōlō le boiñōtlō mo peduñ.” (Mathaio 11:29) Mo godimo ga moo, bonolo ke loungo lwa moya wa Modimo o o boitshepo, oo Bakeresete ba tshwanetseng go o rapelela.—Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23.
Ke Ka Ntlhayang Fa O Tshwanetse go Laola Moya wa Gago?
Re rata go buisiwa ka mafoko a a bonolo, mme gantsi ga re itse seo se re dirang gore re phatloge ka bogale. Ebu, motho yo o sa siamang a ka kgona go fitlha bogale jwa gagwe le maikaelelo a go ipusolosetsa mo mothong yo mongwe yo o mo diretseng phoso tota kana yo a akanyang gore o e dirile! A ka nna a itshwara ka boitimokanyo a letetse gore a tle a bone sebaka sa go bua sengwe se se maswe ka motho yo a mo tlhoileng yono. Eleruri, Bakeresete ga ba a tshwanela go itesa gore ba nne le moya o o ntseng jalo, ka go bo moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Me eo o ilañ mogagabō, o mo lehihiñ, o bile o tsamaea mo lehihiñ, me ga a itse kwa o eañ gōna, gonne lehihi le mo houhaditse matlhō.” Johane o ne a bua gape jaana: “Eo o ilañ mogagabō ke mmolai: me lo itse ha go se mmolai opè eo botshelō yo bo sa khutleñ bo nntseñ mo go èna.”—1 Yohane 2:11; 3:15.
Fa o fitlhile boikgogomoso, boitimokanyi, kana mokgwa ope fela o e seng wa Bokeresete, fa o itira se o seng sone ga o kake wa tsietsa Modimo. Tota le eleng gone go ipolela o le molemo kana go itshupa o le jalo ga go kake ga fitlhela Modimo se se leng mo pelong. Diane 16:2 e bua jaana: “Ditsela cotlhe tsa motho di dintlè mo matlhoñ a gagwè: me Yehofa o lekanya bokete yoa meōea.” Modimo ga o ke o tsiediwa le ka motlha.
Gore o tle o tshele o itekanetse le ka ntlha ya mabaka a Dikwalo, he, nna jaaka Jesu le batho ba bangwe ba ba botlhale bao ba ileng ba tila boikgogomoso mme ba dira ka bonolo. Dira ka ditsela tsotlhe go laola moya wa gago!