Go Anaanela Lebaka la go bo Mesia A Ne A Tshwanetse go Tla
“Re bonye Mesia.”—YOHANE 1:41.
1. Ke kitsiso efe e e gakgamatsang e e kwadilweng mo Bibeleng, mme e ne ya itsisiwe leng?
MOJUDA mongwe yo o bidiwang Anderea o ne a bua mafoko a a gakgamatsang ao a a bolelela morwarraagwe dingwaga tse di fetang 1 950 tse di fetileng. A o kgona go utlwa kafa a neng a itumetse ka gone mo mafokong ano a gagwe a a kwadilweng ke moaposetoloi wa Mokeresete Johane? Raditiragalo wa Mokeresete ebong Luke, o ne a bolela gore ngwaga o o ka se kang wa lebalwa oo e ne e le “ñwaga oa leshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio.” Ngwaga wa bo 15 wa ga Tiberio oo a neng a tlhomiwa ka one jaaka mmusimogolo wa Roma o ne wa simolola ka September 28 C.E. mme o ne wa khutla ka September 29 C.E.—Luke 3:1-3, 21, 22; Yohane 1:32-35, 41.
2. Boperofeti jwa ga Daniele bo ne jwa lebisa jang mo ngwageng wa 29 C.E.?
2 Ngwaga oo Mesia a neng a tla tla ka one o ne o boleletswe pele fela ka tlhomamo. Go ne go fetile dingwaga tse 483 fa esale kgosi ya Moperesia ebong Aretaserese a newa taolo ya go tsosolosa Jerusalema, mme e ne e le mo ngwageng wa bo 20 wa puso ya gagwe ka 455 B.C.E.a (Nehemia 2:1-8) Moperofeti Daniele o ne a bolelela pele gore go tloga ka “go thaèga ga go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema go ea go hitlha mo go eo o tlodicweñ, eboñ kgōsana, e tla nna diweke di shupa: le diweke di mashomè marataro le bobedi.” (Daniele 9:25) Ka gone ditiragalo tse pedi tseno tse dikgolo di ne di tla kgaoganngwa ke lobaka lwa dibeke tsa boperofeti di le 7 + 62 = 69. Dibeke tse 69 tota ke malatsi a le 483. Go ya ka molawana wa seperofeti o o reng “letsatsi leñwe le leñwe le lebaganye le [le emelwa ke, NW] ñwaga,” Mesia o ne a tla tla dingwaga di le 483 moragonyana, ka 29 C.E.—Esekiele 4:6.
3. (a) Leina “Mesia” le kaya eng? (b) Mesia o ne a tshwanela go diragatsa boperofeti bofe?
3 Kafa tshwanelong, ‘batho ba ne ba lebeletse’ Mesia ka 29 C.E. (Luke 3:1, 5) “Mesia” le “Keresete” di kaya selo se le sengwe mo Segerikeng; tsotlhe di kaya “Yo o Tloditsweng.” (Yohane 1:41) Potso ya botlhokwa eo Bajuda ba neng ba e botsa e ne e le gore, ‘Ke mang yo Jehofa a tlileng go mo tlotsa jaaka kgosi go busa eseng Iseraele fela mme le batho botlhe?’ Go ya ka boperofeti, go ne go tlile go tlhophiwa fela setlogotlogolwana sa ga Juda, setlogolo sa ga Aberahame. Mo godimo ga moo, Mesia o ne a tla nna mo setulong sa kgosi ya Judea ebong Dafide mme o ne a tla tsholelwa mo motseng wa ga Dafide, Bethelehema.—Genesise 17:5, 6; 49:10; Pesalama 132:11; Daniele 7:13, 14; Mika 5:2; Yohane 7:42.
Go Bona Sentle ka Phepafalo Gore ke Mang
4, 5. (a) Go ne ga diragala eng ka ngwaga wa 29 C.E.? (b) Yoo a neng a tlhophilwe jaaka Mesia o ne a supiwa ka tsela efe e e phepafetseng?
4 Go ne ga diragala seno mo ngwageng oo wa 29 C.E.: “Lehoko ya Modimo ya tla kwa go Yohane, morwa Sakarie, a le mo nageñ. Me a tla mo lehatshiñ yeotlhe ye le mo tikologoñ ea Yoredane, a rèra kolobeco ea boikwatlhaō yo bo bōnañ boichwarèlō yoa dibe.” (Luke 3:2, 3) Bodihedi jwa ga Johane bo ne bo baakanyetsa Bajuda ba ba ikwatlhaileng go amogela Mesia yoo a neng a setse a le gaufi thata le go tla. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a neile Johane sesupo. O ne a tshwanetse go leba yoo a tla “bonañ Mōea o hologèla mo go èna, o nna go èna.”—Yohane 1:33.
5 Fa a sena go kolobetsa Jesu wa Nasaretha, Johane o ne a bona ka phepafalo fa a ne a tlodiwa. Jesu ga a ka a tlodiwa ka lookwane, jaaka rraagwemogolo wa selefatshe ebong Dafide, mme e ne e le ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo. (1 Samuele 16:13; Ditihō 10:38) Ka nako e e tshwanang, lentswe la Modimo le ne la re: “Eo, ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:16, 17) Go ntse fela jaaka Johane a ne a supa moragonyana jaana: “Ke bonye Mōea o hologa yaka lephoi, o cwa legodimoñ; me oa nna mo go èna. Me ke bonye, ka ba ka shupa ha eo e le Morwa Modimo.”—Yohane 1:32, 34.
6. Anderea le Johane ba ne ba re tlhomela sekao sefe se se molemo?
6 Johane Mokolobetsi o ne a itsise Jesu ka boikanyegi ka mafoko ao mo balateding ba gagwe, gape a mmitsa “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.” (Yohane 1:29) Barutwa ba babedi ba ne ba arabela ka bonako. Ba ne ba tlhatswega pelo fela fa ba sena go nna le Jesu letsatsi le le lengwe fela. Yo mongwe o ne a bidiwa Anderea, yoo a neng a ya go batla morwarraagwe Simone Petere. Go akanngwa gore morutwa yo mongwe e ne e le Johane morwa Sebedee, yoo a neng a nna moaposetoloi yo Jesu a neng a mo rata thata. Fa a sena go neela bosupi kaga Mesia ka dingwaga tse di ka nnang 70, Johane o ne a tlhotlheletsega go re kwalela tshedimosetso e e fa godimo e e neng e tla re solegela molemo. A sekao sa gagwe mmogo le Anderea se ama maikutlo a gago? A wena jaaka bone le jaaka ‘baaposetoloi ba ga Kwana’ o tlhagafaletse go bolela boammaaruri jo bo kgatlhang kaga Mesia?—Tshenolō 1:9; 21:14; Yohane 1:35-41; Ditihō 5:40-42.
O Tloditswe Jaaka Kgosi le Moperesiti yo Mogolo
7. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ka se ka a direla jaaka moperesiti kwa tempeleng ya kwa Jerusalema?
7 Jesu o ne a “tsalecwe mo molaoñ” ereka a ne a tsholetswe mo morafeng wa Sejuda. (Bagalatia 4:4) Ka gone, ereka e ne e le wa lotso lwa Juda, o ne a ka seka a direla jaaka moperesiti mo tempeleng ya ga Jehofa ya tshwantshetso, eo baperesiti ba yone e neng e le ditlogolwana tsa ga Arone wa lotso lwa ga Lefi. “Gonne goa bōnala ha Morèna oa rona a dule mo go Yuda; e le locō lo Moshe o se kañ oa bua sepè kaga lōna kaga baperisiti,” moaposetoloi o ne a gakolola Bakeresete ka ene jalo.—Bahebera 7:14.
8. Tempele ya ga Jehofa ya selefatshe e ne e tshwantshetsa eng?
8 Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lesedi ye le bonesañ motho moñwe le moñwe, me ya bo le tla mo lehatshiñ.” (Yohane 1:6-9) E ne e kete tempele e kgolo ya semoya e gone fa Jesu a ne a kolobediwa ereka jaanong go ne go na le moperesiti yo mogolo wa semoya yoo a neng a ka golola batho mo botlhankeng jwa lefifi la semoya la lefatshe la ga Satane.—Bahebera 8:1-5; 9:24.
9, 10. (a) Mafoko a ga Jesu a a reng, “U ganne setlhabèlō le chupèlō,” le a a reng “me ua mpaakanyetsa mmele” a ne a kaya eng? (b) Jesu ka boene o ne a ikutlwa jang ka seno?
9 Jesu o ne a rapela ka nako ya fa a ne a kolobediwa. Bibela e bega mangwe a mafoko ao moaposetoloi Paulo a neng a a tsopola moragonyana jaana: “U ganne setlhabèlō le chupèlō, me ua mpaakanyetsa mmele; Ga ua ka ua diha le kgatlhègō epè mo dichupeloñ tsa phishō di le boleka, leha e le mo dichupeleloñ tsa boleo: Hoñ ka bua, ka re, Bōna, ke tsile go diha go rata ga gago, Modimo, yaka go kwadilwe ga me mo kaboñ ea lokwalō.”—Bahebera 10:5-7; Luke 3:21.
10 Ka gone, Jesu o ne a supa fa boperofeti jo bo mo go Pesalema 40:6-8 bo raya ene, boperofeti joo bo neng bo bolelela boikaelelo jwa ga Jehofa pele jwa go khutlisa ditlhabelo tseo di neng di dirwa ke baperesiti ba losika lwa ga Arone kwa tempeleng ya Jerusalema. Jehofa o ne a sa ‘kgatlhiwe’ ke ditshupelo tseo, ereka di ne di tshwantshetsa fela mme di sa kgone go letlanya maleo a batho. Ke gone ka moo, Jehofa a neng a baakanyetsa mmele o o itekanetseng wa ga Jesu setlhabelo. Modimo o ne wa tsenya botshelo jwa Morwawe wa selegodimo mo popelong ya lekgarejana lengwe la Mojuda. Ka gone, Jesu o ne a tsholwa a sena boleo jwa ga Adame. E ne e le Morwa Modimo yo o itekanetseng wa motho, yoo botshelo jwa gagwe bo neng bo ka letlanya maleo a batho. (Luke 1:30-35) Fela jaaka Pesalema 40:8 e ne e boleletse pele, Jesu o ne a rata thata go dira thato ya ga Rraagwe. “Re itshepisicwe ke go rata mo ga Modimo, ka mmele oa ga Keresete go ntshediwa setlhabèlō rure gañwe hèla.”—Bahebera 10:10, 11.
11. Loso lwa ga Mesia lo ne lwa diragatsa boperofeti bofe, mme bo ne jwa ‘khutlisa setlhabelo’ jang?
11 Setlhabelo sa botshelo jwa ga Jesu jwa motho se ne sa khutlisetsa rure go dirwa ga ditlhabelo kwa tempeleng ya tshwantshetso ya Jerusalema. Mo godimo ga moo, o ne a swa ka Letsatsi la Tlolaganyo la 33 C.E. E ne e le morago ga dingwaga tse tharo le sephatlo a sena go kolobediwa, mme di ne di dira dingwaga di le tharo le sephatlo, kana halofo ya beke ya boperofeti. (Dipalo 14:34) Ka jalo dilo di ne tsa diragala fela jaaka Daniele a ne a boleletse pele jaana mabapi le go kgaolwa ga Mesia: “Me ka bontlha ñwe yoa weke e tla khutlisa setlhabèlō le seromololō.” (Daniele 9:26, 27) Lemororo boperisiti jwa tshwantshetso bo ne jwa tswelela bo dira go fitlha fa tempele ya Jerusalema e senngwa ka 70 C.E., ditlhabelo tse baperesiti bao ba neng ba di dira mo dingwageng tseo di ne di sa tlhole di le botlhokwa, ereka di ne di tseetswe sebaka ke setlhabelo se segolo sa ga Jesu.—Mathaio 23:37, 38.
12. Boperesiti jwa ga Jesu bo kwa godimo ga jwa ga Arone jang?
12 Arone e ne e nnile ene wa ntlha mo tlhatlhamanong ya baperesiti ba bagolo ba Iseraele. Fa a sena go tlodiwa ka lookwane lo lo boitshepo, o ne a tshwanela go leta malatsi a supa pele a ka newa thata ya go direla jaaka moperesiti. (Lefitiko 8:12, 33) Ka mo go tshwanang, Jesu le ene o ne a ema lobaka pele a newa maatla a go nna motsereganyi mo boemong jwa batho. Seo e ne e le go tloga ka nako ya fa a sena go tlodiwa jaaka Moperesiti yo Mogolo go fitlha fa a tsosiwa mo baswing. Go farologana le Arone, Morwa yo o sa sweng wa Modimo ga a tlhoke batlhatlhami, mme o direla jaaka Moperesiti mmogo le Kgosi “kaha mokgweñ oa ga Melekisideke.”—Pesalema 110:1-4; Genesise 14:18-20; Bahebera 6:20; 7:1-3, 11–17, 23-25.
13. (a) Baperesiti ba bagolo ba kwa Iseraele ba ne ba na le boikarabelo bofe jo bogolo? (b) Jesu Keresete o ne a sikara le boikarabelo jo bogolo go feta joo jang?
13 Kwa Iseraeleng wa bogologolo, moperesiti yo mogolo ke ene a neng a na le boikarabelo jo bogolo jwa go ruta dithuto tse di tlhomameng tsa tumelo. (Lefitiko 10:8-11; Malaki 2:7) Jesu ka mo go tshwanang o ne a itsise botlhe ba ba batlang go rua Bogosi le go bona botshelo jo bosakhutleng dilo tse di siameng tseo Jehofa a di batlang mo go bone. (Mathaio 6:9, 10, 33; 7:28, 29; 11:12; 25:34, 46) Jesu o ne a bala a bo a bolela fa boperofeti jono bo ne bo raya ene, fa a ne a le kwa sinagogeng kwa Naseretha a re: “Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō.” Morago ga foo, o ne a bua jaana fa a sena go tlhola malatsinyana mo Kaperenama: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” (Luke 4:18, 19, 43; Isaia 61:1, 2) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe ba ba 70 kafa ba ka atolosang tiro eno ya go rera ka Bogosi ka gone, mme o ne a bolelela pele gore ba ne ba tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseo a neng a di dirile. (Luke 10:1-9; Yohane 14:12) Seno se ne sa thaya motheo wa tiro ya go ruta Bibela mo lefatsheng lotlhe eo Jesu a neng a tla e kaela ka ‘motlhanka yo o boikango,’ yoo o bopilweng ke balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.—Mathaio 24:45-47; 28:19, 20.
Mogoletsi yo Mogolo wa Bolaodi jwa ga Jehofa
14. (a) Ke ka ntlha yang fa moperesiti yo mogolo wa Iseraele a ne a tsena mo felong fa Boitshepo jwa Maitshepo mo Letsatsing la ngwaga le ngwaga la Tetlanyo? (b) Maswalo a a nkgang monate a ne a tshwantshetsa eng?
14 Lebaka le legolo la go bo Morwa Modimo a ne a tla mo lefatsheng e ne e se go tla go boloka batho. Go na le moo, e ne e le go fedisa dikganetsano tsa pateletso tse di neng di tsositswe ke Satane kaga bolaodi jwa ga Jehofa. Re ka lemoga seno ka go akanya ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga la Baiseraele, fa moperesiti yo mogolo a ne a tsena mo felong ga Boitshepo jwa Maitshepo ka makgetlo a mantsinyana. Lantlha o ne a tsena ka maswalo a a nkgang monate, a a neng a a tshela mo setlhomong sa maswalo se se nang le magala a a shang. (Lefitiko 16:12-16) Seno se ne se emela sentle seo Moperesiti yo Mogolo tota a neng a tla se dira mo lefatsheng pele a tlhatlogela kwa legodimong go ya go tlhaga fa pele ga Jehofa ka boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa motho.b (Bahebera 9:24) Jaaka seo se ne sa supiwa ka go dirisiwa ga maswalo, Jesu o ne a supa boikanyegi jwa gagwe ka go rapela ka tlhoafalo, a tlhagafetse tota mo kobamelong e e itshekileng, ebile a na le lorato lo lo boteng tota mo go Jehofa. (Pesalema 141:2; Mareko 1:35; Yohane 2:13-17; 12:27, 28; 14:30, 31; Bahebera 5:7) Jesu o ne a atlega mo go bolokeng bothokgami a sa dire phoso epe fa a ne a lekwa ka maretshwa, a kgalwa, le fa Satane le batshegetsi ba gagwe ba ne ba mmogisa botlhoko.—Diane 27:11; Mathaio 22:15-18; Mareko 14:60-65; 15:16-32; Luke 4:13, 29; Yohane 8:44, 59.
15. Re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa go bo a re neile mopereseti yo o molemo thata jalo? (Bahebera 10:21-26)
15 Jesu o ne a duelwa ka go tsosediwa kwa botshelong jwa bosasweng kwa legodimong ka ntlha ya go bo a ne a goletsa bolaodi jwa ga Jehofa. Abo re tshwanetse go leboga Jehofa jang ne ka a re neile Moperesiti yo Mogolo yo o molemo thata jalo! “Me ke gōna, ereka re na le moperisiti eo mogolo bogolo, eo o raletseñ magodimo, eboñ Yesu Morwa Modimo, a re tshegetseñ boipolèlō yoa rona ka thata.” (Bahebera 4:14) A o eletsa ka tlhoafalo go latela sekao sa ga Jesu sa bothokgami, go sa kgathalesege seo Diabolo a ka se dirang? Fa go ntse jalo, o ka lebelela gore o tla go thusa, ebile o ka atlega. Seo ke ka gonne go na le thuso e e molemo go gaisa. “Gonne moperisiti eo mogolo eo re nañ naè, ga se eo o sa kakeñ a añwa ke go utlwana le rona makōa a rona; me ke eo o kileñ a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo. Ke gōna rona, a re atameleñ setuloñ sa bogosi sa tshegōhaco ka botlhōkapoihō, gore re tlè re amogèlè butlwèlō botlhoko, re bōnè tshegohaco e e tla re thusañ mo motlheñ o go tlhōkwañ ka ōna.”—Bahebera 4:15, 16; 5:7-10; Bafilipi 4:13; 1 Yohane 2:1, 2.
Botlhokwa jwa go Fetoga
16. Barutwa ba pele ba ga Mesia ba ne ba lebeletse eng mabapi le puso ya Bogosi?
16 Anderea le Johane ba ne ba lemoga Mesia wa boammaaruri ka bonako mme bone le balatedi ba bangwe ba pele ba ne ba tshwanetse go ithuta go le gontsi. (Yohane 16:12, 13) Jaaka Bajuda ba bantsi ba badumedi ba nako eo, ba ne ba solofela gore Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tla simolola go busa gone ka nako eo le gore bo ne bo tla golola morafe wa Iseraele le motsemogolo wa bone, Jerusalema, mo pusong ya Baditšhaba. (Luke 2:38; 3:15; 19:11; 23:51; 24:21) Lefa go le jalo, seo se ka bo se lereditse batho ba ba boleo molemo ofe wa goyagoile?
17, 18. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a neela setshwantsho kaga “Mogolwane moñwe”?
17 Mesia o ne a tshwanetse go kgaolwa pele jaaka kwana ya setlhabelo gore a tlose boleo le loso mo bathong ba a neng a tla ba busa mo Bogosing jwa gagwe mo isagweng. (Yohane 1:29; Isaia 53:7, 12) Petere o ne a araba jaana, fa Jesu a ne a bolelela pele gore seno se ne se tla diragala jang le kafa a neng a tla tsosiwa mo baswing ka gone: “A go nnè kgakala nau, Morèna: mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” (Mathaio 16:21, 22) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ‘ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a gagwe.’—Mareko 9:31, 32; bapisa Mathaio 17:22, 23.
18 Jesu o ne a itlhalosa ka phepafalo mo loetong lwa gagwe lwa bofelo kwa Jerusalema. (Mathaio 20:18, 19) O ne a bontsha gape molemo o mogolo oo loso lwa gagwe lo neng lo tla o lere a bolela jaana: “Hèla yaka Morwa Motho a na a sa tla go dihèlwa, me e le go . . . ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Barutwa ba gagwe ba ne ba palelwa ke go tlhaloganya seno ka ba ne ba solofetse sengwe se sele. Luke o bega jaana: “Ka go bo a le gauhi le Yerusalema, le gōna ka ba itlhoma bogosi yoa Modimo bo tla akoha bo bōnala.” Jesu o ne a baakanya pono ya bone ka go ba naya setshwantsho se a neng a itshwantsha le “Mogolwane moñwe” yoo pele a neng a tla “ètèla kwa lehatshiñ ye le kgakala, a ea go ikamogèlèla bogosi.” (Luke 19:11, 12) ‘Lefatshe’ leo e ne e le legodimo, gone koo Jesu a neng a tlhatlogela gone fa a sena go swa le go tsosiwa mo baswing.
19. (a) Ke eng se se phoso seo barutwa ba ga Jesu ba neng ba se supa fa a sena go tsosiwa mo baswing gore ba ne ba se lebeletse? (b) Ke phetogo efe mo kamanong ya Modimo le batho e e neng ya nna gone ka Pentekosete 33 C.E.? (Bahebera 8:7-9, 13)
19 Lefa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa jaana pele fela ga a tlhatloga: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” (Ditihō 1:6) A Jesu o ne a ba tlogela fa ba sena go botsa seno? Nnyaa, o ne a ba tlhalosetsa gore e ne e ise e nne nako le gore ba ne ba tshwanetse go dira tiro e e botlhokwa ya go neela bosupi kaga Mesia wa boammaaruri. (Ditihō 1:7, 8) Kgolagano ya Modimo le Baiseraele ba tlholego e ne e tla tloga e fela. Ka gone, Bogosi jwa Bomesia bo ne bo ka se ka jwa tsosolosediwa mo morafeng o o sa ikanyegeng oo wa selefatshe. Jesu o ne a raya baganetsi bao ba gagwe ba Bajuda a re: “Bogosi yoa Modimo lo tla bo tlosediwa, me bo tla nèwa morahe o o tla ntshañ mauñō a yōna.” (Mathaio 21:43) Morafe oo o ne wa tsholwa malatsi a le lesome fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong. Barutwa ba ga Jesu ba le 120 ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo mme ka gone ba ne ba tlodiwa go nna “baitshepi” ba Modimo le “baruaboshwa mmōgō le Keresete” mo Bogosing jo bo tlang jwa Bomesia.—Daniele 7:13, 14, 18; Baroma 1:7; 8:1, 16, 17; Ditihō 2:1-4; Bagalatia 6:15, 16.
20. Go na le go nna le ditebelelo tse di phoso, Bakeresere ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira eng?
20 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba santse ba na le ditebelelo tse di phoso fa ba sena go tlodiwa. (2 Bathesalonia 2:1, 2) Mme go na le gore ba kgobege marapo ba bo ba tlogele, ba ne ba baakanya diphoso ka boikokobetso. Ba ne ba amogela thomo ya go neela bosupi ka boitumelo le go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa,’ ka gonne ba ne ba neilwe maatla ka moya o o boitshepo wa Modimo.—Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8; Bakolosa 1:23.
21. Ke dipotso dife tse di tlang go arabiwa mo setlhogong sa rona se se latelang?
21 Go tweng ka lekgolo leno la rona la dingwaga la bo 20? A batlhanka ba segompieno ba ga Jehofa ba ne ba itse kaga go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia? Mme a ditebelelo tsa bone fela jaaka tsa ba lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di tlhoka go fetolwa ka ditsela dingwe?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Encyclopedia Americana mmogo le Great Soviet Encyclopedia di dumalana gore puso ya ga Aretaserese e ne ya khutla ka 424 B.C.E. E ne ya simolola leng? Ka 474 B.C.E. Go na le mokwalo mongwe wa baithutamarope o o tshegetsang seno wa letlha la ngwaga wa bo 50 wa ga Aretaserese; o mongwe o bontsha gore o ne a tlhatlhangwa ka ngwaga wa bo 51. Fa re balela dingwaga tse di tletseng tse 50 kwa morago, re fitlha mo letlheng la 474 B.C.E. eleng ngwaga oo a simolotseng go busa ka one. Ka gone ngwaga wa ga Aretaserese wa bo 20, wa fa a ne a newa taolo, e ne e tla nna dingwaga tse 19 tse di tletseng tsa puso ya gagwe, ke go re, ke 455 B.C.E. Go bona dintlha tse di oketsegileng bona Insight on the Scriptures, Volume 2, tsebe 616, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona The Watchtower ya April 1, 1974, tsebe 222.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Leina “Mesia” le kaya eng?
◻ Go ne ga diragala eng sa botlhokwa ka ngwaga wa 29 C.E.?
◻ Mesia o ne a ‘khutlisa setlhabelo ka bontlhabongwe jwa beke’ jang?
◻ Jesu o ne a nna le boikarabelo bofe fa esale ka a tlodiwa?
◻ Boikaelelo jwa ga Mesia fa a tla la ntlha e ne e le bofe mme seno se tshwanetse go re ama jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Fa moperesiti yo mogolo a ne a tsena la ntlha mo felong ga Boitshepo jwa Maitshepo o ne a tshwantshetsa sengwe se se botlhokwa go gaisa go bolokiwa ga batho