LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/15 ts. 15-20
  • Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jerusalema le Metlha ya Baditšhaba
  • Jerusalema wa Selefatshe O Emisediwa ka Motse O Mogolwane
  • Lebaka la Go Bo O Bidiwa Jerusalema wa Selegodimo
  • Metlha ya Baditšhaba E Ne E Tla Nna Lobaka Lo Lo Kae?
  • Gompieno go Tlhokega Phetogo
  • Tsamaiso ya Jaanong E Tla Nama E Diegile Goleele Go le Kae?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/15 ts. 15-20

Itumeleng—Bogosi jwa ga Jehofa jwa Bomesia Bo A Busa

“Re gu ntshetsa malebogō Morèna Modimo, Mothataeotlhe, . . . ha u itsetse thata ea gago e kgolo, me ua busa.”—TSHENOLŌ 11:17.

1. Mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a bua eng morago ga loeto lwa gagwe lwa kwa Yuropa ka 1911?

MOOKAMEDI wa Mokgatlho wa Watch Tower, C. T. Russell, o ne a neela metseletsele ya dithuto tsa Bibela mo metseng e megolo ya Yuropa bogologolo ka 1911. Russell o ne a kwala mafoko a a latelang fa a ne a akgela ka loeto loo lwa gagwe mo go The Watch Tower, ya May 15, 1911: “Re ne ra gakgamadiwa ke go bona tswelelopele gongwe le gongwe . . . Babadi ba rona ba ne ba setse ba itse gore ga re bolo go lebelela gore Motlha ono o tla khutla ka nako e e maswe thata ya mathata, mme re lebeletse gore o tla fela ka bonako le ka maatla ka bonako fela morago ga October, 1914, eleng ngwaga oo go ya kafa re tlhaloganyang Dikwalo ka gone, eleng letlha leo Metlha ya Baditšhaba—nako eo Baditšhaba ba neng ba letlilwe go busa ka yone—e tla khutlang ka lone; ka gone, ke yone nako eo bogosi jwa ga Mesia bo tla simololang go dirisa maatla a jone ka yone.” A selo se ba neng ba se lebeletse seno se ne sa diragala?

2. Kagiso e ne ya senyega jang ka 1914, mme ka matswela afe a a botlhoko?

2 Go ne go sa lebege go ka nna le ntwa mo lefatsheng mo karolong ya ntlha ya 1914. Mme kagiso e ne ya senyega fa mojaboswa wa puso ya Austria a ne a bolawa ke Mo-Serbia ka June 28, 1914. Austria-Hungary e ne ya bolela fa e tlile go lwa le Serbia. Russia e ne ya ema Serbia nokeng, ka jalo ka August 1, Jeremane e ne ya bolela fa e tlile go lwa le Russia. Morago ka August 3; Jeremane e ne ya bolela fa e tlile go lwa le Fora; ka August 4; Great Britain e ne ya bolela fa e tlile go lwa le Jeremane; ka August 7; Montenegro ya bolela fa e tlile go lwa le Austria-Hungary; ka August 23; Japane ya bolela fa e tlile go lwa le Jeremane; ka August 28, Austrian-Hungary ya bolela fa e tlile go lwa le Belgium. Ba bantsi ba ne ba dumela gore ntwa e tla tloga e khutla. Go na le moo e ne ya nna ntwa e e maswe go gaisa epe e e neng e kile ya nna gone, ka dinaga tse dingwe gape tse 19 di ne tsa nna le seabe mo tshololong ya madi ya meraferafe e go neng ga swa masole le batho fela ba feta 13 000 000, le ba ba neng ba gobala ba feta 21 000 000.

3, 4. Go ne ga diragala eng kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho mo mosong wa Labotlhano, ka October 2, 1914?

3 Russell o ne a itsise maloko a kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn kwa New York jaana mo mosong wa Labotlhano ka October 2, 1914: “Metlha ea Baditšhaba e fedile; dikgosi tsa bone di busitse.” Lelapa la Bethele, kwa “ntlong ya Modimo” le ne la opa diatla ka boitumelo.

4 C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba na le mabaka afe a go itumela thata jaana mo mosong oo wa October? Polelwana “Metlha ea Badichaba” e tswa kae? Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Metlha ya Baditšhaba e ne ya khutla ka October 1914? Mme seo se tshwanetse go go ama jang?

Jerusalema le Metlha ya Baditšhaba

5. Polelwana “Metlha ea Badichaba” e tswa kae?

5 Polelwana “Metlha ea Badichaba,” kana “metlha e e tlhomilweng ya baditšhaba,” e tswa mo boperofeting jo bogolo jwa ga Jesu jo bo mabapi le go senngwa ga Jerusalema. (Luke 21:5-36, King James Version) Jesu o ne a bolelela baagi ba Jerusalema gore ke ene Mesia wa bone malatsi a le mabedi pele a bo ba bolelela. Fa a ntse a palame esele ka boikokobetso a lebile kwa motseng, boidiidi jwa Bajuda bo ne bo goa ka boitumelo, fela jaaka Sekaria 9:9 e ne e boleletse pele. “Go bakwè Kgosi e e tlañ ka leina ya ga Yehofa,” ba ne ba tlhaeletsa jalo.—Luke 19:28-40.

6, 7. Batho ba Judea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba iteretse molato ofe o mogolo wa madi, mme go ne ga felela jang?

6 Mme Jesu o ne a itse gore baeteledipele ba ba letlhoo bao ba babolai ba Jerusalema ba ba tlhotlhelediwang ke rraabo, Diabolo, ba tlile go dira gore bao ba nne kgatlhanong le nae. (Genesie 3:15; Yohane 8:44) Ka bonako fela morago ga foo, ka Nisane 14, boidiidi jwa Bajuda bo ne bo bolela fa bo batla go bolaya Jesu. “Madi a gagwè a a nnè mo go rona, le mo baneñ ba rona,” ba ne ba tlhaeletsa jalo ba bua le mmusi wa Moroma yo a neng a sa batle go dira jaaka ba ne ba batla. (Mathaio 27:24, 25) Go na le gore ba amogele Jesu jaaka Kgosi ya Bomesia, baperesiti ba bagolo ba ne ba bua jaana: “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.” (Yohane 19:15) Mesia wa boammaaruri o ne a kokotelwa mo koteng ya pogisetso gore a swe, a sena go latofadiwa ka maaka a gore o tsuologela Roma le gore o ne a sa tlotle Modimo wa Bajuda.—Mareko 14:61-64; Luke 23:2; Yohane 18:36; 19:7.

7 Modimo o ne o tlile go supa bogale jwa one mo baaging ba Judea ka ntlha ya molato wa bone o mogolo wa madi. Jerusalema le tempele ya yone e ntle, di ne di ka se tlhole di bidiwa “motse oa Kgosi e kgolo,” Jehofa. (Mathaio 5:35; Luke 13:33-35) Malatsinyana pele ga loso lwa ga Jesu, barutwa ba gagwe ba ne ba bua ba kgatlhiwa ke motse le tempele. Fa a ba araba Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Kaga dilō tse lo di bonañ, metlha e tla tla e go se ketlañ go tlogèlwa lencwè lepè ha, le tlhatlaganye le ye leñwe, le sa digwa.”—Luke 21:5, 6.

8. Jesu o ne a kopanyeletsa le eng gape fa a ne a ba naya “seshupō” sa ditiragalo tseo di neng di tla felela ka go senngwa ga Jerusalema?

8 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa jaana ba gakgametse: “Moruti, ana dilō tse di tla dihala leñ?” (Luke 21:7) Fa a araba Jesu o ne a bolelela pele ka tlhomamo ditiragalo tseo di neng tsa dira gore Jerusalema e senngwe, a bo a oketsa ka polelwana eno ya botlhokwa: “Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.” (Luke 21:8-24) Ka gone Jesu o ne a bua ka selo se se neng se tla diragala fa Jerusalema e sena go senngwa—sengwe seo se neng se tla ema “go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.” Jesu o ne a bua jaana kaga “seshupō”: “Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:31) Ka gone, sesupo seno se ne se tla diragadiwa gabedi. La ntlha, se ne se tla diragadiwa ka selekanyo se sennye, seo se neng se tla bontsha gore ‘tshwafalo ya Jerusalema e atametse.’ (Luke 21:20) Tiragatso ya bobedi ebile e le e kgolwane e ne e tla diragala fa Metlha ya Baditšhaba e khutla, mme e ne e tla supa gore “bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Bapisa Mathaio 24:3.

Jerusalema wa Selefatshe O Emisediwa ka Motse O Mogolwane

9. Jerusalema wa selefatshe o ne a latlhegelwa ke boemo jwa yone jo bo rategang jang, mme e ile ya tseelwa sebaka ke eng?

9 Fa Jesu a ne a re “Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè,” a o ne a akantsha gore e tla re kwa bokhutlong motse ono wa selefatshe o amogelwe gape ke Modimo? Nnyaa. Jerusalema wa selefatshe o ne a latlhegelwa ruri ke boemo jo bo kgethegileng fa Morwa wa Modimo yo o rategang a sena go bolawa mme o ne wa tseelwa sebaka ke ‘motse wa Modimo o o tshedileng, Jerusalema wa selegodimo.’—Bahebera 12:22; Mathaio 23:37, 38; 27:50, 51.

10. Polelwana “Yerusalema oa selegodimo” e kaya eng?

10 Bibela e dirisa polelwana “Yerusalema oa selegodimo” go tlhalosa Bogosi jwa selegodimo jo bo ka se kang jwa senngwa joo Bakeresete ba ba tloditsweng ba bilediwang kwa go one.a (Bahebera 11:10; 12:22, 28) Bajuda ba ne ba santse ba rata motse wa selefatshe le tempele ya one thata fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala seno. Ke gone ka moo Paulo a neng a gakolola Bakeresete ba Bahebera gore “ga re na motse o o tlhōmameñ, me re batla ōna motse o o tla tlañ.”—Bahebera 13:14.

Lebaka la Go Bo O Bidiwa Jerusalema wa Selegodimo

11. Jerusalema ya selefatshe e ne e emela eng pele e ise e latlhegelwe ke kamogelo ya ga Jehofa?

11 Jerusalema e ne e sa bolo go nna motsemogolo wa morafe wa Iseraele, oo dikgosi tsa one go neng go twe di “dula mo setuloñ sa bogosi sa ga Yehofa.” (1 Ditihalō 29:23) Gape Jehofa o ne a dira kgolagano le Dafide ya gore bogosi bo tla nna mo lelapeng la gagwe ka bosakhutleng. Fela jaaka metsemegolo ya motlha wa segompieno, e e ntseng jaaka Washington, Moscow, Canberra, le Pretoria, di dirisiwa go supa dipuso tsa tsone tse di farologaneng, ka jalo Jerusalema e diriswa mo Bibeleng go emela bogosi jwa ga Dafide.—2 Samuele 7:16; Luke 1:32.

12. Lereo “Metlha ea Badichaba” le tshwanetse go dirisiwa jang?

12 Bogosi jwa ga Dafide bo ne bo busa lefelo le lennye, bo fitlha fela mo melelwaneng e e neng e boletswe ke Modimo kwa Iseraeleng wa bogologolo. Ka gone Jerusalema wa selefatshe o ne a tshwantshetsa Bogosi jwa Bomesia joo bo neng bo tla busa lefatshe lotlhe go tswa kwa legodimong. (Pesalema 2:2, 7, 8; Daniele 7:13, 14; 2 Timotheo 4:18) Ke gone ka moo buka The Time Is At Hand, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower ka 1889, e neng ya bolela jaana ka phepafalo: “Lereo ‘Metlha ya Baditšhaba’ le ne la dirisiwa ke Morena wa rona fa a bitsa nako ya hisitori ya lefatshe e e fa gare ga go tlosiwa ga Bogosi jwa Modimo jwa tshwantshetso, eleng Bogosi jwa Iseraele (Esek. 21:25-27), le go simololwa ga jwa mmatota le go tlhomiwa ga jone, eleng Bogosi jwa Modimo jwa boammaaruri.”

Metlha ya Baditšhaba E Ne E Tla Nna Lobaka Lo Lo Kae?

13. Metlha ya Baditšhaba e ne ya simolola leng, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo?

13 Bogosi jwa tshwantshetso jwa Modimo bo ne jwa digiwa ke kgosi ya Babelona, Nebukadenesare ka 607 B.C.E. Mo kgweding ya bosupa ya Sejuda, eleng mo e ka nnang mo gare ga October, naga eo e ne e setse e sena baagi.b (2 Dikgosi 25:8, 9, 22, 25, 26) Jehofa Modimo o ne a lorisa Nebukadenesare toro, go supa gore seno se ne se diragala jaana se letlilwe ke Modimo. E ne e kopanyeletsa setlhare se se neng sa kgaolwa mme sa letlwa go tlhoga gape morago ga lobaka lwa “metlha e shupa.” Toro eno e ne ya diragadiwa la ntlha fa Nebukadenesare a ne a busediwa mo setulong sa gagwe sa bogosi fa a sena go nna lobakanyana a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong.—Daniele 4:10-17, 28-36.

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore ke ka ntlha yang fa seno se ne se supa go simologa ga Metlha ya Baditšhaba, bona kgaolo 14, ya “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

14. Toro ya ga Nebukadenesare e ne e supa eng se segolo?

14 Lefa go ntse jalo, setlhogo sa toro ya ga Nebukadenesare se ne sa bontsha gore go diragadiwa ga yone go ne go kopanyeletsa bogosi jwa Modimo jwa tshwantshetso, joo kgosi eo ya Moditšhaba e neng e letlilwe go bo ‘rema.’ Toro eo e ne e felela ka polelo eno e e nang le boikaelelo: “Go re, batshedi ba tlè ba itse ha Mogodimodimo a busa mo bogosiñ yoa batho, me o tla a bo nee moñwe hèla eo o mo ratañ, a bo tlhomèle motho eo o nyatsègañ hèla.”—Daniele 4:17.

15. Jesu Keresete o ne a tshwanela jang jaaka “motho eo o nyatsègañ hèla”? (Mathaio 11:29)

15 Ke motho a le mongwe fela yo a neng a tshwanelega tota go bidiwa “motho eo o nyatsègañ hèla.” Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a itshupa a ntse jalo ka go itlhophela go tlogela kgalalelo ya gagwe ya selegodimo mme a tle go tsholwa jaaka motho, jaaka Jesu, yo a neng a swa loso lo lo nyatsegang tota le lo lo setlhogo a bolawa ke Satane. (Bafilipi 2:3, 5-11) Fa a sena go tsosediwa gape kwa kgalalelong ya selegodimo, Jesu o ne a tshwanela go leta lobaka lwa metlha e supa lwa puso ya Baditšhaba gore lo fete, pele a tlhomiwa jaaka Kgosi ya Bomesia ya batho.—Bahebera 10:12, 13.

16. Buka ya Tshenolō e thusa Bakeresete go bala nako eo metlha e e supa e khutlileng ka yone jang?

16 Mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaloganya lobaka lwa metlha e supa jang? Bibela e senola gore “motlha le metlha, le ntlha e ñwe ea motlha,” kana metlha e meraro le sephatlo, e lekana le malatsi a le 1 260. (Tshenolō 12:6, 14) Ka gone, palo fa e menaganngwa sebedi, kana metlha e supa, e tla nna malatsi a le 2 520. Fa re ikaega ka kaelo ya seperofeti ya gore “letsatsi leñwe le leñwe le tla èmèlwa ke ñwaga,” metlha e supa e ne e tla lekana le dingwaga di le 2 520. (Dipalō 14:34; Esekiele 4:6) Fa re bala dipalo jaana, Metlha ya Baditšhaba, eo e neng ya simolola ka October 607 B.C.E, e ne ya khutla dingwaga tse 2 520 moragonyana ka October 1914.

17. Ke kitsiso efe e e itumedisang eo e neng e tshwanetse go itsisiwe ka 1914?

17 Jehofa Modimo o ne a tlhoma Morwa wa gagwe yo o rategang, Morena Jesu Keresete, mo setulong sa Bogosi jwa selegodimo. Kgabagare, ponatshegelo ya moaposetoloi wa Mokeresete Johane e ne ya simolola go diragala mme go ne go ka buiwa jaana: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona [Jehofa], le yoa ga Keresete oa gagwe: me [Jehofa] o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Tshenolō 1:10; 4:1; 11:15) Abo seno e le dikgang tse di kgatlhang jang ne ebile abo baruaboswa botlhe le babusiwa ba Bogosi joo ba na le lebaka la go itumela thata jang ne!—Tshenolō 11:17.

18. Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba nna mo maemong a a botlhoko go tloga ka 1914?

18 Ke boammaaruri gore batho ba bantsi mo lefatsheng ga ba ise ba ko ba itumele go le kalo fa esale ka 1914. Mme maemo a a utlwisang botlhoko mo lefatsheng ke bosupi jwa gore puso ya ga Satane e tla tloga e fela. Re itse seno jang? Buka ya Tshenolō e ne ya bontsha gore go ne go tla nna le ntwa kwa legodimong fa Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa. Satane le badimona ba gagwe ba ne ba tla ntshiwa kwa legodimong mme ba nne fela mo tikologong ya lefatshe leno la rona. Fa a sena go bona phenyo eno mo ponatshegelong ya seperofeti, Johane o ne a utlwa lentswe le legolo le bua jaana: “A lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhega lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:1-12.

19. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go leboga go bo ba tshela ka nako eno?

19 Maemo a a ntseng a senyegela kwa pele fa esale ka 1914 ke bosupi jwa gore ponatshegelo ya ga Johane e a diragala le gore bokhutlo jwa batho bao ba ganang go ineela mo bolaoding jwa Modimo bo ntse bo atamela ka tsela e e boifisang. (Luke 21:10, 11, 25-32) Abo go itumedisa jang ne go tshela mo nakong eno e e kgatlhang, eo mo go yone, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe, a tlang go fedisa kganetsano e kgolo ya go nna ga gagwe molaodi wa lefatshe! Morago ga foo, lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise e ntle, mme batho ba ba siameng ba ba tla falolang ba tla dirwa gore ba itekanele. Baswi le bone ba tla tsosiwa mme ba newa tshono ya go dira gore ba tshwanele go tshelela ruri.—Tshenolō 20:1-3, 12, 13; 21:3-5.

Gompieno go Tlhokega Phetogo

20. (a) Ke bomang bao ba ileng ba itshupa gore ke batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa pele ga 1914? (b) Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba iketleeditse go dira phetogo efe?

20 Dingwaga di le 38 pele ga 1914, Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, ba ne ba supa letlha leo e le leo Metlha ya Baditšhaba e tla khutlang ka lone.c Abo seo e ne e le bosupi jo bo tlhomologileng jang ne jwa gore e ne e le batlhanka ba boammaaruri ba ga Jehofa! Lefa go le jalo le bone jaaka batlhanka ba Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le ditebelelo tse di phoso. Ka sekai, ba ne ba lebeletse gore palo e e tletseng ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne e tla tsosediwa kwa legodimong ka October 1914. Ba ne ba akanya gore ntwa e e neng ya simolola ka 1914 e ne e tla felela ka tlhamalalo ka go khutla ga lefatshe la ga Satane.

21. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba diragalelwa ke eng ka Ntwa ya Lefatshe I?

21 Lefa go le jalo, fa nako e ntse e tsamaya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba lemoga gore go na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira mo lefatsheng. Babusi ba bopolotiki, bao ba neng ba tlhotlhelediwa ke baruti ba Labodumedi, ba ne ba ba bogisa botlhoko ka Ntwa ya Lefatshe I, ka ntlha ya fa ba ne ba ganeletse mo go neeleng bosupi phatlalatsa. (Pesalema 2:1-6) Tiro ya Bakeresete bao ba boammaaruri e ne ya tlhaselwa ka June 21, 1918, fa baeteledipele ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba latlhelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka.

22, 23. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ile ba dira eng go tloga ka 1919, mme seo se ne sa dira gore go nne le karabo efe e e sebedi? (b) Jerusalema wa segompieno wa mmatota o o sa ikanyegeng ke eng?

22 Ntwa ya Lefatshe I e ne ya khutla ka bonako fela ka November 1918. Mme morago ga foo, baeteledipele ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba gololwa mo kgolegelong ka March 25, 1919. Moragonyana ditatofatso tsa bone di ne tsa tlosiwa gotlhelele. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang bao ba ne ba tsena mo pakeng eo ba neng ba sa e lebelela ya kagiso, e e tshwanang fela le ditshono tseo barutwa ba pele ba ga Keresete ba neng ba nna le tsone fa ba sena go nonotshiwa ka moya o o boitshepo ka 33 C.E.—Ditihō 2:17-21, 41.

23 Fa esale go tloga ka 1919, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang jaaka setlhopha ba ile ba reetsa taolo eno e e kopanyelediwang mo mafokong a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:14: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Go ne ga felela ka gore “dinku di sele” tsa ga Keresete tse di ka nnang dimilione di le nnè di neele matshelo a tsone go direla Jehofa ka kutlwano le masalela a a tloditsweng. (Yohane 10:16) Labodumedi e ntse e tswelela go gana molaetsa wa Bogosi, ka e tlhotlhelediwa ke baruti ba yone. Go rata ga yone dithulaganyo tsa batho tsa bopolotiki le go bogisa ga yone Basupi ba ga Jehofa go tshwana fela le tsela e e tshosang eo baagi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Judea ba neng ba tshwara Keresete ka yone. Fela jaaka Jehofa a ne a atlhola Jerusalema, o tla dira fela jalo ka Jerusalema wa mmatota o o sa ikanyegeng, Labodumedi. Gape fela jaaka kokomana e e neng ya utlwa molaetsa wa katlholo wa ga Keresete e ne ya bona tshenyego e e neng e boleletswe pele eo, fela jalo kokomana ya go tloga ka 1914 ‘ga e kitla e feta’ pele “sepitla se segolo” se se boleletsweng pele se tla.—Mathaio 24:21, 22, 34.

24. Re tshwanetse go dira eng gore re tle re falolele mo lefatsheng le lesha la Modimo?

24 Re tshwanetse go dira eng gore re falole sepitla se segolo mme re tshele mo lefatsheng le lesha la Modimo? Go sa kgathalesege ditebelelo tse di phoso tseo ope wa rona a ka tswang a ne a na le tsone, re tshwanetse go itisa gore re seka ra robala mo ditirong tsa rona tsa Bokeresete. (Habakuke 2:3; 1 Bathesalonia 5:1-6) Bao ba santseng ba gakologelwa ditiragalo tsa go tloga ka 1914 ba ntse ba fokotsega go ya pele. Ka gone, re tshwanetse go nna podimatseba; ga re a tshwanela go senya nako. (Mathaio 24:42) Botlhe ba ba batlang go falola bokhutlo jwa lefatshe le le boikepo leno la ga Satane ba tshwanetse go tsaya kgato jaanong ka tsela e e bontshang gore ba dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Re gu ntshetsa malebogō Morèna Modimo, Mothataeotlhe, . . . ka e le ha u itsetse thata ea gago e kgolo, me ua busa.”—Tshenolō 11:17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

b Bona The Watchtower ya March 15, 1983, tsebe 22.

c C. T. Russell o ne a kwala setlhogo se se reng “Metlha ya Baditšhaba: E Khutla Leng?,” seo se neng sa gatisiwa mo makasineng Bible Examiner, ka October 1876. Setlhogo seo se ne sa bua jaana mo tsebeng ya 27: “Metlha e e supang eo e tla khutla ka A.D. 1914.”

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Jerusalema wa bogologolo o ne a tshwantshetsa eng, mme o ne a latlhegelwa jang ke boemo jwa one jo bo tlotlegang?

◻ Metlha ya Baditšhaba e ne ya simolola leng mme e ne ya khutla leng, mme e ne ya khutla ka matswela afe a a neng a bolelelwa pele?

◻ Go senngwa ga Jerusalema e e ikanyegang go ne go tshwantshetsa eng se se kwa pele?

◻ Re itse jang gore sepitla se segolo se gaufi, mme re tshwanetse go dira eng go se falola?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa latlhegelwa ke boemo jwa tsone jo bo tlotlegang mme Modimo o ne wa tswelela go segofatsa Morwa wa ona, ebile o ne wa bua le ene ka tlhamalalo fela go tswa kwa legodimong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela