Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Samaria—Motsemogolo wa Metsemegolo E E kwa Bokone
BABELONA, Ninefe, le Roma. E ne e le metsemegolo mo metlheng ya Bibela. Lefa go le jalo, go ya ka Bibela, kwantle ga Jerusalema, motsemogolo o o neng o gogela thata e ne e se ope wa eno, go na le moo e ne e le Samaria. E ne e le motsemogolo wa ditso tse di lesome tsa puso ya Iseraele ka dingwaga tse 200, mme melaetsa ya boperofeti ka bontsi e ne e lebisitswe go Samaria. Mme ke eng se o se itseng ka Samaria? Ebile ke ka ntlha yang fa e ne e le motsemogolo o mogolo mo metsemegolong e e kwa bokone?
Fa o tlhatlhoba mmapa ono, ikgakolole ditiragalo dingwe tsa fa ditso tse di lesome tsa Iseraela di sena go tlogela kgosi ya ga Jehofa le tempele ya kwa Jerusalema. Jeroboame, yo a ileng a etelela pele mo go tlhomeng bogosi jwa kwa bokone, o ne a busa Shekema ka nako e khutshwane. Moragonyana Jeroboame o ne a fudusetsa motsemogolo wa gagwe kwa Tiresa, eo e neng e le kwa pele ga Wadi Far‛ah. Tsela e e tswang kwa Mokgatsheng wa Joredane e feta ka Tiresa e bo e kopana le tsela e e mo dithabeng. A o ne o itse gore Tiresa e ne e le motsemogolo wa bogosi jwa ditso tse di lesome fa go ne go busa Nadabe, Baashe, Ela, Simeri, le eleng Omeri tota?—Genesise 12:5-9; 33:17, 18; 1 Dikgosi 12:20, 25, 27; 14:17; 16:6, 15, 22.
Lefa go le jalo, morago ga dingwaga tse thataro, Omeri o ne a aga motsemogolo o mosha. Kae? O ne a reka thaba e o e bonang kafa letlhakoreng la molema, ebong Samaria. (1 Dikgosi 16:23-28) Lemororo jaanong e na le naga e kgolo ya temothuo, go lebega Omeri a ile a e tlhopha ka go bo go ne go le motlhofo go femela thabana e e sebatla kwa godimo e e tlhagogang mo dipoeng tseno. Morwawe Ahabe o ne a tswelela go aga Samaria, go lebega a ne a e godisa ka go dira marako a makima a a nonofileng. Gape o ne a agela Baale tempele mme ene le mosadi wa gagwe wa Mofonekia ebong Jesebele ba ne ba ikagela ntlo ya segosi. Fa go fatololwa go ne ga bonwa marope a ntlo ya ga Ahabe ya segosi, jaaka e bontshitswe mo tsebeng e e latelang. Ntlo eo ya segosi e ne e itsege ka manobonobo le bosula jo bo feteletseng. (1 Dikgosi 16:29-33) Akanya o bona moperofeti Elija a tlhatlogela kwa motseng ono mme a tsamaya ka tsela e e atlhameng e e yang kwa ntlong eo ya segosi, a ya koo go kgala bosula jwa ga Ahabe jo bo mabapi le Baale.—1 Dikgosi 17:1.
Ka 1910 baithutamarope ba ile ba fitlhela dikapetla tsa dipitsa tsa letsopa tse di kwadilweng koo, di bega ka beine le lookwane lwa motlhware lo lo neng lo romelwa kana makgetho a a neng a duelwa. Mme baʹal e ne e le karolwana ya bontsi jwa maina a batho a a neng a le mo go tsone. O ka nna wa kgatlhegela go itse gape gore baithutamarope ba ile ba ribolola dikapetla tsa dinaka tsa tlou di tlhometswe mo gare kana di tlhomagantswe sentle jaaka go bontshitswe fano. Gakologelwa, 1 Dikgosi 22:39 e ne e sa bolo go umaka gore Ahabe o ne a aga “ntlo ea naka tsa tlou.” Gongwe seno se ne se kopanyeletsa le fenitšhara e e kgabisitsweng ka dinaka tsa tlou tse di betlilweng di tsentswe fa gare, jaaka ‘malao a dinaka tsa ditlou’ a mantlentle ao moperofeti Amose a neng a bua ka one dingwaga di le lekgolo moragonyana. (Amose 3:12, 15; 6:1, 4) Mo mekgabisong e e mo go tsone go ne go na le bodimo ba ba diphuka le ditshwantsho tse dingwe tsa ditlhamane tsa Egepeto.
Fa Ahabe le Jesebele ba umakiwa o ka gakologelwa kafa ba neng ba swa ka gone. Ahabe o ile a swa mo ntweng e a neng a e lwa go sa tlhokege le Siria. Fa kara ya gagwe e ne e tlhatswiwa fa “lekadibeñ ya Samaria . . . dinca tsa tlhabuketsa madi a gagwe,” ka boammaaruri fela jaaka Elija a ne a boletse. (1 Dikgosi 21:19; 22:34-38) Mohumagadi Jesebele o ne a swa ka go latlhelwa kwa ntle ga ntlo ya segosi ka fensetere. A e ne e le kwa ntlong eno ya segosi ya kwa Samaria? Nnyaa. Ahabe o ne a na le ntlo e nngwe ya segosi kwa bokone mo mokgatsheng wa Jesereela. O ne a eletsa tshimo e e neng e le gaufi nae ya mofine ya ga Nabothe. Balebedi ba ba neng ba lebile botlhabatsatsi ba le kwa godimo ga ntlo eo ya bogosi ba ne ba bona Jehu a kgweetsa ka kgakalo e kgolo a tlhatloga mokgatsha oo. Mme ke gone koo yoo e neng e le mohumagadi wa Samaria a neng a phatlakanela gone ka tsela e e setlhogo mme e le se se neng se mo tshwanetse.—1 Dikgosi 21:1-16; 2 Dikgosi 9:14-37.
Lemororo Samaria e ne ya tswelela e ntse e le motsemogolo, Modimo o ne o sa e amogele ebile o sa e segofatse. Go na le moo, o ne wa gaisana le go ila motsemogolo wa gagwe o o kwa borwa, ebong Jerusalema. Jehofa o ne a romela baperofeti ba bantsi go tlhagisa dikgosi tsa Samaria le batho ba tsone ka kobamelo ya bone ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo sa siamang, le go sa tlotle melao ya gagwe, mme ga se ka ga thusa sepe. (Isaia 9:9; 10:11; Esekiele 23:4-10; Hosea 7:1; 10:5; Amose 3:9; 8:14; Mika 1:1, 6) Ka jalo Samaria e ne ya ikarabedisetswa seo ka go senngwa ke Baasiria, ka 740 B.C.E. Bontsi jwa batho ba one ba ile ba isiwa botshwarwa, mme go ne ga nna basele mo go one.—2 Dikgosi 17:1-6, 22-24.
Moragonyana, segolobogolo mo motlheng wa ga Herode yo Mogolo, Bagerika le Baroma ba ne ba dira gore Samaria e boe e tlotlomale. Ka jalo le eleng Jesu le baaposetoloi ba ne ba itse motsemogolo ono wa metsemegolo e e kwa bokone.—Luke 17:11; Yohane 4:4.
[Mmapa mo go tsebe 16]
(For fully formatted text, see publication)
Jesereela
Tiresa
Samaria
Shekema
Jerusalema
Noka ya Joredane
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
Garo Nalbandian
Inset: Israel Department of Antiquities and Museums; photograph from Israel Museum, Jerusalem