Tlhomamang mo Kgololesegong ya Bokeresete!
Dintlhakgolo go Tswa go Bagalatia
JEHOFA ke Modimo wa kgololesego. (2 Bakorintha 3:17) Morwawe, Jesu Keresete o ne a bua jaana: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Mme moaposetoloi Paulo o ne a etsa Keresete ka go rera mafoko a a molemo a kgololesego.—Baroma 6:18; 8:21.
Paulo o ne a tlhoma diphuthego kwa Galatia (porofensi ya Roma kwa Asia Minor) mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa (47-48 C.E.) ka go bolela molaetsa o o gololang oo. Bagalatia ba ne ba itse ka tshwetso ya setlhopha se se laolang ya gore Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa. (Ditihō 15:22-29) Mme Bajuda ba ne ba batla go ba tsenya mo botlhankeng ka go gatelela gore ba rupisiwe. Ka jalo, Paulo o ne a gatelela gore Bakeresete ba gololesegile mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Bagalatia a le kwa Korintha kana kwa Siria wa Antioka mo e ka nnang ka 50-52 C.E. Ka sekai, o ne a bolela jaana: “Keresete o re golotse ka kgololō: me ke gōna tlhomamañ, me lo se ka loa tlhōla lo ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.”—Bagalatia 5:1.
Paulo O Femela Boaposetoloi jwa Gagwe
Sa ntlha, Paulo o ne a bontsha pele gore o ne a dirilwe moaposetoloi ke “Yesu Keresete, le Modimo Rara.” (1:1–2:14) Paulo (a na le Barenabase le Tito) o ne a ya kwa Jerusalema mabapi le kgang ya go rupisiwa, ka a ne a senoletswe jalo. Koo Jakobe, Kefase (Petere), le Johane ba ne ba lemoga gore o ne a neilwe nonofo ya go nna moaposetoloi wa baditšhaba. Mme moragonyana fa Petere a ne a ikgogona mo badumeding ba Baditšhaba kwa Antioka ka gonne a ne a boifa Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba tswa kwa Jerusalema, Paulo o ne a mo kgalemela.
Ba Bolelwa Jang Gore Ba Siame?
Moaposetoloi o ne a bua ntlha e e nonofileng ya gore motho a ka bolelwa a siame fela ka go dumela mo go Jesu Keresete. (2:15–3:29) Bagalatia ba ne ba amogela moya wa Modimo, eseng ka ntlha ya ditiro tsa molao, mme ka gonne ba ne ba amogela mafoko a a molemo ka tumelo. Barwa ba boammaaruri ba ga Aberahame ba na le tumelo, mme batho bao ba lekang go itshupa ba siame ka “ditihō tsa molaō ba mo phucoñ.” Ka ntlha yang? Ka gonne ga ba kake ba tshegetsa Molao ka botlalo. Ebile tota, Molao o ne o dira gore ditlolo di bonale mme e ne e le “mogōga banyana mo go rona, go re gōgèla kwa go Keresete.”
Tlhomamang!
Keresete o ne a ‘rekolola botlhe ba ba mo molaong’ ka loso lwa gagwe. Mme balatedi ba gagwe ba tshwanetse go tlhomama mo kgololesegong ya Bokeresete. (4:1–6:18) Ka jalo Bagalatia ba ne ba tshwanetse gore ba se ka ba reetsa ope yo a neng a batla gore ba tsene mo jokweng ya botlhanka. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanetse go dirisa kgololesego ya bone sentle mme ba ile “ditihō tsa nama” mme ba supe loungo lwa moya wa Modimo. Bao ba neng ba batla go ba dira batlhanka ba Molao ba ne ba batla “go lebèga sentlè mo nameñ,” go tila go bogisiwa, le gore ba nne le seo ba ka ipelafatsang ka sone. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a bontsha gore go sa rupisiwe le go rupisiwa ga se sepe. Go na le moo, “ha e se sebopiwa se sesha hèla.” O ne a rapelela gore Baiseraele ba semoya, bao e neng e le sebopiwa se sesha, ba bone kagiso le boutlwelobotlhoko.
Lokwalo lo Paulo a neng a lo kwalela Bagalatia lo ne lwa ba thusa gore ba kgone go emelana le bao ba neng ba batla go ba tsenya mo botlhankeng jwa semoya. Ekete le rona lo ka re thusa gore re supe maungo a moya mme re tlhomame mo kgololesegong ya Bokeresete.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]
Matshwao a Methisa: “A go se tlhole go le motho opè eo o nchwenyañ: gonne ke chwailwe methisa ea ga Yesu mo mmediñ oa me.” (Bagalatia 6:17) Baheitane ba bogologolo ba ne ba tshwaya batlhanka ba bone gore ba bonale gore ke ba bomang. Nama ya bone e ne e tshwaiwa ka go tshujwa ka ditsela tse di farologaneng kana e kwalwa. Ga go belaetse gore tsela eo Paulo a neng a itewa ka yone a iteelwa tirelo ya gagwe ya Bokeresete e ne ya tlogela mabadi a a neng a supa tota gore ka boammaaruri ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Keresete yo o neng a bogisiwa ka ntlha ya Gagwe. (2 Bakorintha 11:23-27) Tseno e ka tswa e ne e le ‘matshwao a methisa’ ao Paulo a neng a bua ka one, kana a ka tswa a ne a akantse ka botshelo jo a neng a bo tshela jaaka Mokeresete, a supa maungo a moya wa Modimo le go tsweletsa bodihedi jwa gagwe.
[Setshwantsho]
Batlhanka ba Baroma ba ne ba tshwanetse go direla beng ba bone, mme Paulo e ne e le motlhanka yo o iketleeditseng le yo o itumetseng wa ga Jesu Keresete