LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 26
  • Nnang Lo Ntse Lo Dumela mo Modimong le mo go Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang Lo Ntse Lo Dumela mo Modimong le mo go Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Anaanela Boemo jwa ga Keresete
  • Anaanela Modimo le Keresete
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Reka Gouta e e Ntlafaditsweng ke Molelo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Utlwa se Moya o se Buang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Jehofa o ka go Naya Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 26

Nnang Lo Ntse Lo Dumela mo Modimong le mo go Keresete

Dintlhakgolo go Tswa go Bakolosa

RE TLHOKA go dumela mo go Jehofa le mo go Jesu Keresete gore re bolokwe. Mme go boloka tumelo e e ntseng jalo ke kgwetlho. Go ne go ntse jalo mo Bakereseteng ba kwa Kolosa, eleng motsemogolo o o kwa botlhaba jwa Efeso kwa Asia Minor. Ka ntlha yang? Gonne baruti ba maaka ba koo ba ne ba bolela gore poloko e ikaegile ka go rupisiwa, seo motho a se jang, le fa a boloka melao mengwe.

Go a utlwala go bo moaposetoloi Paulo a ne a amegile ka boitekanelo jwa semoya jwa Bakeresete ba kwa Kolosa, mme eleruri o ne a batla gore ba nne ba ntse ba dumela mo Modimong le mo go Keresete. Ka jalo o ne a kwalela Bakolosa lokwalo lo lo neng lo ganetsa dipono tse di phoso tseo le go aga tumelo ya bone, go ya kwa bokhutlong jwa go tshwarwa ga gagwe la ntlha kwa Roma (mo e ka nnang ka 60-61 C.E.) A re boneng gore re ka solegelwa molemo jang ke mafoko a gagwe a a lorato.

Anaanela Boemo jwa ga Keresete

Kwa tshimologong ya lokwalo lwa gagwe, Paulo o ne a gatelela go anaanela boemo jwa ga Jesu. (1:1–2:12) O ne a akgolela Bakolosa tumelo ya bone mo go Keresete le go rata ga bone badumedi ka bone. Paulo o ne a bolela gore Keresete o mogolo gonne dilo tsotlhe di bopilwe ka Ene, ke Tlhogo ya phuthego, le leitibolo la baswi. Go boelana le Modimo go dirwa ka Keresete, yoo dikhumo tsotlhe tsa botlhale le kitso di fitlhilweng mo go ene. Ka ntlha ya seno sotlhe, Bakeresete ba tshwanetse go tsamaya ka kutlwano le Keresete mme ba se ka ba letla ope go ba thopa ka botlhale jwa motho.

Modimo o ne wa tlosa Molao ka Keresete. (2:13-23) O ne wa kokotelwa ka tsela ya tshwantshetso mo koteng fa Jesu a ne a swa. Dilo tseo di neng di le mo Molaong e ne e le “meruti ea dilō tse di tlañ; me mmele ke oa ga Keresete.” Go ne go se na motho ope yo a neng a ka ba amoga tuelo ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong fa ba ne ba ka ngaparela Keresete.

Anaanela Modimo le Keresete

Morago Paulo o ne a kgothatsa Bakolosa gore ba apare motho yo mosha mme ba ineele mo bolaoding jwa ga Jesu Keresete. (3:1-17) Ba ne ba tla supa fa ba baya dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a bone fa ba ne ba ka tlhoma megopolo ya bone mo dilong tse di kwa godimo. Seno se ne se batla gore ba tlogele go nna le maikutlo a a sa siamang le puo e e sa siamang. Abo ba ne ba tla nna lesego jang ne fa ba ne ba ka apara dinonofo tse di jaaka lorato, boikokobetso, le lorato! Kagiso ya ga Keresete e ne e tla laola dipelo tsa bone fa ba ne ba ka dira dilo tsotlhe ka leina la ga Jesu, ba leboga Modimo ka ene.

Go anaanela Jehofa Modimo le Jesu Keresete go tshwanetse ga tlhotlheletsa kamano ya rona le ba bangwe. (3:18–4:18) Basadi, banna, bana, batlhanka, le beng ba ne ba tshwanetse go dira ditiro tsa bone ka go boifa Modimo le ka go lemoga boemo jwa ga Keresete. Mme abo go le botlhokwa jang ne gore re ganelele mo thapelong le go tsamaya ka botlhale!

Lokwalo lwa ga Paulo lo lo yang kwa go Bakolosa lo ka re thusa go tila dithuto tsa maaka tseo di ka nnang tsa re amoga tuelo ya rona ya botshelo. Tsela eo moaposetoloi a gatelelang go tlhokomela bolaodi jwa ga Jehofa le Morwawe ka yone e ka tlhotlheletsa kafa re dirisanang le ba bangwe ka gone ka tsela e e siameng. Mme re tlhomamisediwa masego a a nonneng fa re ka nna re ntse re dumela mo Modimong le mo go Keresete.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lokwalo Lo Lo Yang kwa Laodikea: “Me e tla re lokwalō lo, lo sena go balwa mo go lona,” Paulo o ne a kwalela Bakolosa jalo, “lo dihè gore lo balwè le mo phuthegoñ ea Balaodikea; le gore lona lo balè lokwalō lo lo cwañ Laodikea.” (Bakolosa 4:16) Laodikea e ne e le motsemogolo o o neng o humile thata kafa bophirima jwa Asia Minor, mme o ne o tshwaragantswe ka ditsela le metsemegolo e e jaaka Filadelefia le Efeso. Go bonala tiro ya ga Paulo kwa Efeso e ne ya fitlha le kwa Laodikea, lemororo a ne a ise a ko a ye go rera koo. O ne a romelela Bakeresete ba kwa Laodikea lokwalo, lemororo bakanoki bangwe ba dumela gore e ne e le le le tshwanang le lo a neng a lo kwaletse Baefesia. Lokwalo lwa Balaodikea ga lo fitlhelwe mo Bibeleng, gongwe ke ka gonne le ne le sena tshedimosetso e re e tlhokang gompieno, kana gongwe lo ne lo boeletsa dintlha tseo di neng di akareditswe ke makwalo a mangwe ao e leng karolo ya Dikwalo.

[Setshwantsho]

Marope a Laodikea

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela