LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 226-228
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO BAKOLOSA
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Jehofa o ka go Naya Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Nnang Lo Ntse Lo Dumela mo Modimong le mo go Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Epaforase—“Modiredi yo o Boikanngo wa ga Keresete”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 226-228

Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa

Mokwadi: Paulo

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 60-61 C.E.

1. Motse wa Kolosa o ne o le kae?

FA BA sena go tswa mo Efeso, banna bangwe ba le babedi ba leba kwa botlhabatsatsi go ralala Asia Minor go bapa le Noka ya Maeander (Menderes). Fa ba tsena fa modutelong mongwe o o bidiwang Lycus, mo nageng ya Feregia, ba fapogela kwa borwabotlhaba ba iphaphathile ka noka ba tlhatloga ka mokgatšha o o dikaganyeditsweng ke dithaba. Kwa pele ga bone go ne go tletse bontle fela: go na le mafulo a matalana a a nonneng ao mo go one go fulang matsomane a le mantsi a dinku. (Batho ba kgaolo eo ba ne ba bona papadi e kgolo ka boboya.a) Fa ba ntse ba tlhatloga le mokgatšha, batsamai bano ba feta kafa mojeng wa bone, motse wa Laodikea o batho ba one ba nang le khumo e le ntsi, oo ebileng e le motsemogolo wa kgaolo eo e e busiwang ke Roma. Kafa molemeng wa bone, kafa moseja wa noka, ba ne ba kgona go bona Hierapolise, motse oo o neng o itsege ka ditempele tsa one le metswedi ya metsi a a molelo. Metse eno ka bobedi e ne e na le diphuthego tsa Bokeresete mme e le gone gape le mo motsaneng o mmotlana wa Kolosa, o o neng o ka nna dikilometara di le 16 fa o tlhatlogela kwa pele le mokgatšha.

2. (a) Ke barongwa bafe ba babedi ba ba neng ba rongwa ke Paulo kwa Kolosa? (b) Ke eng se se itsegeng kaga phuthego ya kwa Kolosa?

2 Baeti bano ba ne ba etetse kwa Kolosa. E ne e le Bakeresete boobabedi. Mongwe wa bone o ne a itse kgaolo eno sentle, ereka ga bone e ne e le mo Kolosa. O ne a bidiwa Onesimo, mme o ne a le lekgoba leo le neng le boela kwa go mong wa gagwe, yo le ene e neng e le leloko la phuthego ya koo. Tsala ya ga Onesimo e ne e le Tukiko, yo o neng a se lekgoba, mme boobabedi e ne e le barongwa ba ba tswang kwa go moaposetoloi Paulo, ba tshotse lekwalo la gagwe le a le kwaletseng “bakauleñwe ba ba ikanyègañ mo go Keresete, ba ba kwa Kolosa.” Kafa re itseng ka teng, Paulo ga a ise a ko a etele kwa Kolosa. Phuthego eno e bontsi jwa yone e neng e le batho ba e seng Bajuda, go bonala fa e ne ya thaiwa ke Epaferase, yo o neng a ile a dira ka natla mo go bone mme jaanong a na le Paulo kwa Roma.—Bakol. 1:2, 7; 4:12.

3. Ke eng seo lokwalo lwa Bakolosa lo se senolang kaga mokwadi wa lone, mmogo le nako le lefelo leo le kwaletsweng kwa go lone?

3 Moaposetoloi Paulo e ne e le ene a kwadileng lokwalo lono, jaaka fa a tlhalosa ka mafoko a gagwe a a mo tshimologong le a a digelang. (1:1; 4:18) Tsela eo a le digelang ka yone le yone e tlhalosa gore o ne a le kwala a le mo kgolegelong. Eno e ka nna nako eo a neng a tshwerwe mo lekgetlong la ntlha mo Roma, 59-61 C.E., fa a ntse a kwala dikwalo di le mmalwa tse di kgothatsang, mme le le yang kwa go Bakolosa le romelwa le le le yang kwa go Filemone. (Bakol. 4:7-9; File. 10, 23) Go bonala gore le ne la kwalwa ka nako e le nngwe fela le lokwalo lo lo neng lo kwaletswe Baefesia, ereka dintlha tsa lone le dipolelwana ka bontsi di tshwana fela.

4. Ke eng seo se fang bosupi jwa gore lokwalo lwa Bakolosa ke lwa boammaaruri?

4 Ga go na mabaka ape a a dirang gore ope a belaele boammaaruri jwa lokwalo lwa Bakolosa. Go nna gone ga lone mmogo le dikwalo tse dingwe tsa ga Paulo go Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46) ya mo e ka nnang ka 200 C.E. go bontsha gore le ne le amogelwa ke Bakeresete ba pele jaaka lengwe la dikwalo tsa ga Paulo. Bonnete jwa lone bo supelwa ke bakwadi ba bangwe botlhe ba pele ba ba supelang gore dikwalo tse dingwe tsa ga Paulo di boammaaruri.

5. (a) Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Paulo gore a kwalele Bakolosa? (b) Ke eng seo lokwalo lono lo se gatelelang?

5 Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Paulo gore a kwalele Bakolosa lokwalo lono? Lebaka le lengwe ke gore, Onesimo o ne a boela kwa Kolosa. Epaferase o ne a sa tswa go bonana le Paulo, mme kwantle ga pelaelo dilo tsotlhe tse a neng a di mmegela kaga maemo a kwa Kolosa di ne tsa tswelela go mo tlhotlheletsa gore a kwale lokwalo lono. (Bakol. 1:7, 8; 4:12) Go ne go na le kotsi nngwe eo e neng e tshosetsa phuthego ya Bokeresete ya koo. Ditumelo tsa nako eo di ne di ntse di tsweletse ka go swa, mme nako le nako go ntse go thaiwa tse disha ka go di kopanya le tse dikgologolo. Go ne go na le matlhajana a mangwe a seheitane a a etsang a go itima ditshwanelo, tirisabadimo, le tumelabotlhodi ya kobamelo ya medimo ya disetwa, mme dilo tseno, fa di kopanngwa le go itima dijo ga Bajuda le go tlhokomela malatsi, di ka nna tsa bo di ile tsa ama dipelo tsa batho bangwe mo phuthegong. Lefa bothata e ka tswa e ne e le bofe, go bonala fa mabaka ano a ka ne a dirile gore Epaferase a tseye loeto lo loleele lwa go ya kwa Roma go ya go bonana le Paulo. Lefa go ntse jalo, go supa gore phuthego eo ka kakaretso e ne e se mo kotsing thata ke ka go bo Epaferase a ne a tlisa pego e e kgothatsang kaga lorato lwa bone le go tia ga bone. Fa Paulo a sena go utlwa pego eno, o ne a bua dintlha tseo di femelang kitso e e tlhomameng fela thata mmogo le kobamelo e e phepa ka go kwalela phuthego ya Kolosa lokwalo lono. Lo ne lo gatelela bogolo jwa ga Keresete jo a bo neilweng ke Modimo fa bo bapisiwa le matlhajana a seheitane, kobamelo ya baengele, le dingwao tsa Bajuda.

SEO SE LENG MO GO BAKOLOSA

6. (a) Ke thapelo efe eo Paulo a e rapelelang Bakolosa? (b) Ke eng seo Paulo a se tlhalosang malebana le boemo jwa ga Jesu le bodihedi jwa gagwe mo phuthegong?

6 Nna le tumelo mo go Keresete, tlhogo ya phuthego (1:1–2:12). Morago ga a sena go simolola ka go romela ditumediso tsa gagwe le Timotheo, Paulo o ntsha malebogo ka ntlha ya tumelo ya Bakolosa mo go Keresete le ka ntlha ya lorato lwa bone. Ba ile ba bapala kitso kaga bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo ka ntlha ya mafoko a a molemo ao ba a reretsweng ke Epaferase. Fa e sale a utlwalela pego kaga bone, Paulo ga a ise a ke a tlhoke go ba rapelela gore ba ke ba tladiwe ka “kicō ea mo e leñ go rata ga gagwè, mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea, le mo tlhaloganyoñ, Gore [ba] tsamaeè mo go chwanetseñ Morèna” le go nna ‘pelotelele yotlhe le boitshoko ka boitumelo.’ (1:9-11) Rara o ba tsentse mo “bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna,” yo e leng setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng, le yo ka ene le ka ntlha ya gagwe dilo di ileng tsa bopiwa. Ke ene Tlhogo ya phuthego le motsalwapele wa baswi. Ka ntlha ya madi a ga Jesu, Modimo o ne a bona fa go tshwanetse gore a boele a busetse dilo tsotlhe mo go ene, ee, go akaretsa le Bakolosa bao pele ba neng ba tlhobosegile, ‘fa fela ba nnela ruri mo tumelong.’—1:13, 23.

7. Ke eng seo Paulo a rerang kaga sone, mme ka ntlhayang?

7 Paulo o itumelela go bogela Keresete ka ntlha ya phuthego, eo a ileng a nna modihedi wa yone. Seno e ne e le gore ka ntlha ya bone a tle a rere lefoko la Modimo ka botlalo malebana le ‘bosaitsiweng, letlotlo ja kgalalelo jo go kgatlhileng Modimo gore a bo senolele baitshepi.’ ‘Ke Keresete yo re mmolelang,’ go bua Paulo, ‘re laya motho mongwe le mongwe le go ruta motho mongwe le mongwe ka botlhale jotlhe, gore re tle re beye motho mongwe le mongwe a itekanetse mo go Keresete.’—1:26-28.

8. Ke ka ntlhayang fa Paulo a kgaratlhela bakaulengwe ba gagwe?

8 Lebaka leo Paulo a kgaratlhelang Bakolosa, Balaodikea, le ba bangwe, ke gore ba tle ba gomodiwe le go kopanngwa mmogo ka kutlwano le lorato, gore ba tle ba bone ‘boitlhomamiso jo bo tletseng jwa tlhaloganyo jwa bosaitsiweng jwa Modimo, ebong Keresete, yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fitlhilweng mo go ene.’ Ga a batle go bona ba tsiediwa ka ntlha ya bohatshwa jwa puo, mme, go na le moo, ba ne ba tshwanetse go tsamaya kafa mokgweng wa ga Keresete, ba ‘namile metswe, ba bile ba agilwe mo go ene mme ba tlhomamisitswe mo tumelong.’ Paulo jaanong o ntsha tlhagiso. “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana yo e leñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ, kaha melaōaneñ ea batho.”—2:2, 3, 7, 8.

9. Paulo o tlhagisa kgatlhanong le kobamelo ya mofuta ofe, mme ke ka ntlhayang fa Bakolosa ba sa tshwanela go ipaya kafa tlase ga Molao?

9 Lo nne ba ba suleng kafa ditirong tsa nama mme lo tshele mo go Keresete (2:13–3:17). Lemororo ba ne ba sule mo ditlolong tsa bone le ka ntlha ya go sa rupa, Modimo o ba tshedisitse mmogo le Keresete, a nyeletsa lekwalo le le kwadilweng ka seatla la Molao, oo o neng o le kgatlhanong le Bajuda. “Me ke gōna a opè a se ka a [ba] nyatsa” kaga Molao kana go bolokiwa ga one, mo e seng sepe fela fa e se moruti wa dilo tsa mmannete, ebong Keresete. Gape, fa e le gore ba ne ba sule le Keresete kaga dilo tsa dinyana tsa lefatshe, ke ka ntlhayang fa ba ineela mo melawaneng e e reng: “Se chwareñ se ka diatla, se lekeñ se ka molomo, se ameñ sele,” go ya ka ditaolo le dithuto tsa batho? Mofuta wa kobamelo wa go ipaya botoka, boikokobetso jo e seng jwa nnete, go tshwara mmele bosetlhogo—dilo tseno ga di thuse ka sepe mo go lwantsheng dikeletso tsa nama.—2:16, 21.

10. Motho o ka tswelela jang a ntse a batla dilo tse di kwa godimo le go apara botho jo bosha?

10 Go na le moo, Paulo o gakolola ka go re: “Batlañ dilō tse di kwa godimo, kwa Keresete o nntseñ gōna, a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo. Tlhōmañ mogopolō oa lona mo diloñ tse di kwa godimo, e señ mo diloñ tse di mo lehatshiñ.” Seno se ka dirwa ka go apola botho jo bogologolo le go apara botho jo bosha, joo go ya ka kitso e e tlhomameng bo sa farologanyeng Mojuda le Mogerika, gonne “Keresete ke èna boyotlhe, o bile o mo go botlhe hèla.” Go raya go apara pelotlhomogi, pelonomi, boikokobetso, bonolo, le bopelotelele “yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo.” Moaposetoloi a re: “Hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhè tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” Ka mafoko le ka ditiro, sengwe le sengwe se tshwanetse gore se direlwe “mo ineñ ya Morèna Yesu, lo nntse lo leboga Modimo Rara ka èna.”—3:1, 2, 11-14, 17.

11. (a) Ke kgakololo efe e e neelwang malebana le lelapa le dikamano tse dingwe? (b) Ke ditumediso dife tse di romelwang kwa bofelong?

11 Dikamano le ba bangwe (3:18–4:18). Mo dikamanong tsa lelapa, a basadi ba ineele mo banneng ba bone mme banna bone ba rate basadi ba bone, a bana bone ba utlwe batsadi ba bone mme borre bone ba se gakatse bana ba bone. Batlhanka ba tshwanetse go utlwa beng ba bone ka go boifa Jehofa, mme beng ba tshwanetse go tshwara batlhanka ba bone ka tshiamo. A botlhe ba nnele ruri mo thapelong mme ba nne ba itshware ka tsela e e botlhale mo go ba ba ka kwa ntle. Tukiko le Onesimo ba ne ba tla ba anela dilo tse di amanang le Paulo ka sebele sa bone le badirikaene mo Bogosing jwa Modimo. Ba romela ditumediso kwa Kolosa, mme Paulo o dumedisa gape le bakaulengwe ba Laodikea, a ba kopa gore ba arabe dikwalo tse a di ba romelelang. Paulo o kwala tumediso e e konelang ka seatla sa gagwe ka sebele: “Gopolañ dikgolegō tsa me. Tshegōhaco e nnè le lona.”—4:18.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

12. Ke boammaaruri bofe jo bo kgothatsang joo lokwalo lwa ga Paulo go Bakolosa lo bo tlhalosang, mme seo se na le mosola ofe mo phuthegong?

12 Re ka akanya fela kafa dikgang tsa go goroga ga bakaulengwe ba babedi bano ba ba tswang kwa Roma di neng tsa anama ka gone ka bofefo mo bakaulengweng ba Kolosa. Ka go ba tlhologelelwa thata ba ne ba tla phuthega, gongwe e le kwa ntlong ya ga Filemone, go tla go utlwa go balwa ga lokwalo lwa ga Paulo. (File. 2) Abo le ile la tlhalosa boammaaruri jo bo kgatlhisang jang ne kaga boemo jo bo tlhomameng jwa ga Keresete le kafa kitso e e tlhomameng e tlhokafalang ka teng! Abo go ne ga latofadiwa ka phepafalo jang ne matlhajana a batho le dingwao tsa Sejuda, mme ga tlotlomadiwa kagiso le lefoko la ga Keresete! Seno ruri se ne se boloka mogopolo o montle le pelo mo go botlhe ba ba mo phuthegong—balebedi, banna, basadi, borre, bana, beng, batlhanka. Kwantle ga pelaelo Filemone le Onesimo ba ne ba filwe kgakololo e e molemo fa ba boela gape mo seemong sa bone sa gore yo mongwe a nne mong mme yo mongwe e le motlhanka. Abo balebedi ba ne ba filwe sekao se se molemo jang ne mo go tsosolosetseng letsomane go ya tumelong e e siameng ya motheo! Abo mafoko a ga Paulo a ile a thusa Bakolosa jang ne go lemoga tshiamelo eo ba neng ba na nayo ya go dira ka pelo yotlhe jaaka ekete ba direla Jehofa! Mme kgakololo e e agelelang e e neng ya fiwa Bakolosa ya go ikgolola mo megopolong le mo ditlwaelong tse di golegang tsa lefatshe e ntse e le molaetsa o o maatla mo phuthegong le gompieno.—Bakol. 1:9-11, 17, 18; 2:8; 3:15, 16, 18-25; 4:1.

13. Ke kgothatso efe eo Paulo a e fang mabapi le go bua ka bopelonomi, go rapela, le bokopano jwa Bokeresete?

13 Kgakololo e e molemo thata ya modihedi wa Mokeresete e tlhalosiwa go Bakolosa 4:6: “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tlè lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” Mafoko a mantle a boammaaruri a kgona go itumedisa batho ba ba dipelo tse dintle mme a tla ba kgonisa gore ba solegelwe molemo ka dinako tsotlhe. Mme gape, thapelo eo Mokeresete a e rapelang ka mogopolo otlhe, a e rapela ka pelo e e tletseng kanaanelo, e tla tlisa masego a magolo a a tswang kwa go Jehofa: “Cwèlèlañ ka tlhōmamō mo thapeloñ, lo nntse lo lebeletse mo go eōna ka go ntsha malebogō.” Mme a bo go ka bonwa boitumelo jang ne le kgothatso e e agelelang mo phuthegong ya Bokeresete! “Lo nntse lo rutana, lo laana,” Paulo o a bolela, “lo ōpèlèla Modimo ka tshegōhalō mo peduñ tsa lona.” (4:2; 3:16) O tla fitlhela dilo di le dintsi tse dingwe tse di mosola thata tsa kgakololo e e utlwalang, le e e dirang fa o ntse o tlhatlhoba lokwalo lwa Bakolosa.

14. (a) Ke bonnete bofe jo bo tlhalosiwang go Bakolosa? (b) Tsholofelo ya Bogosi e gatelelwa jang?

14 Malebana le go boloka Molao, lokwalo lono lo tlhalosa ka go re: ‘Dilo tseo ke moruti wa dilo tse di tlang, mme mmele ke wa ga Keresete.’ (2:17) Ke Keresete ka sebele yo o tlhalosiwang mo go Bakolosa. Lokwalo lono lo nna lo ntse lo bua ka tsholofelo e e molemolemo eo e boloketsweng botlhe ba ba kutlwanong le Keresete kwa legodimong. (1:5, 27; 3:4) Batho bao ba ka leboga thata go bo Rara a setse a ba golotse mo thateng ya lefifi mme a ba fuduseditse kwa “bogosiñ yoa Morwa loratō loa ōna.” Ka jalo ba ile ba nna kafa tlase ga Ene yo e leng “sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ, e le èna motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe; Gonne dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ, dilō tse di bōnalañ, le dilō tse di sa bōnaleñ, leha e ka ne e le mannō a magosi, kgotsa magosi, kgotsa magōsana, kgotsa mebushō.” Motho yono o tlhomologile thatathata jaaka yo o tshwanelegelang go busa ka tshiamo mo Bogosing jwa Modimo. Ka gone, ke sone se Paulo a kgothatsang Bakeresete ka go re: “Ke gōna, a e re ha lo cosicwe mmōgō le Keresete, batlañ dilō tse di kwa godimo, kwa Keresete o nntseñ gōna, a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.”—1:12-16; 3:1.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a The New Westminster Dictionary of the Bible, 1970, tsebe 181.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela