LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/15 ts. 30-31
  • Epaforase—“Modiredi yo o Boikanngo wa ga Keresete”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Epaforase—“Modiredi yo o Boikanngo wa ga Keresete”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moefangele wa Kwa Mokgatšheng wa Lycus
  • Pego ya ga Epaforase
  • Monna yo o Neng a Tsaya Thapelo e le Botlhokwa
  • Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Lo Eme lo Feletse ka Tlhatswegopelo e e Nitameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Fa lo Itse Dilo Tseno, lo a Itumela Fa lo Di Dira”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/15 ts. 30-31

Epaforase—“Modiredi yo o Boikanngo wa ga Keresete”

KE MANG yo o neng a tlhoma diphuthego tsa Bokeresete kwa Korintha, kwa Efeso, le kwa Filipi? Gongwe ga o kitla o okaoka go araba o re: ‘Ke Paulo, “moaposetoloi mo merafeng.”’ (Baroma 11:13) O tla bo o nepile.

Le fa go ntse jalo, ke mang yo o neng a tlhoma diphuthego kwa Kolosa, Hierapolise, le Laodikea? Le fa re ka se ka ra tlhomamisega ka seno, e ka tswa e ne e le monna yo o neng a bidiwa Epaforase. Le fa go ntse jalo, gongwe o ka rata go itse go le gontsi ka ga moefangele yono, e re ka a bidiwa “modiredi yo o boikanngo wa ga Keresete.”—Bakolosa 1:7.

Moefangele wa Kwa Mokgatšheng wa Lycus

Leina Epaforase ke khutshwafatso ya leina Epaferodito. Mme Epaforase ga a tshwanela go tsewa gore ke Epaferodito wa kwa Filipi. Epaforase o ne a tswa kwa Kolosa, lengwe la mafelo a mararo a diphuthego tsa Bokeresete di neng di le mo go one mo mokgatšheng wa Noka ya Lycus, kwa Asia Minor. Kolosa e ne e le dikilometara di le 18 fela go tswa kwa Laodikea le dikilometara di le 19 go tswa kwa Hierapolise, mo kgaolong ya bogologolo ya Feregia.

Baebele ga e bolele ka phepafalo gore mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a fitlhile jang kwa Feregia. Le fa go ntse jalo, batho ba kwa Feregia ba ne ba le gone kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., gongwe bangwe ba bone ba ne ba tswa kwa Kolosa. (Ditiro 2:1, 5, 10) Mo nakong ya bodiredi jwa ga Paulo jwa kwa Efeso (mo e ka nnang ka 52-55 C.E.), bosupi jo bo neng bo neelwa mo lefelong leo e ne e le jo bo neng bo dirwa ka matlhagatlhaga e bile bo na le matswela mo e leng gore ga ya ka ya nna Baefeso fela mme gape le “botlhe ba ba nnang mo kgaolong ya Asia ba ne ba utlwa lefoko la Morena, ka bobedi Bajuda le Bagerika.” (Ditiro 19:10) Go bonala Paulo a sa ka a rera mafoko a a molemo mo Mokgatšheng otlhe wa Lycus, e re ka bontsi jwa ba e neng ya nna Bakeresete mo kgaolong eo ba ne ba ise ba ko ba mmone.—Bakolosa 2:1.

Go ya ka Paulo, motho yo o neng a ruta Bakolosa ka ga “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo ka boammaaruri” e ne e le Epaforase. Lebaka la go bo Paulo a bitsa modirimmogo le ene yono “modiredi yo o boikanngo wa ga Keresete mo boemong jwa rona,” le bontsha gore Epaforase e ne e le moefangele yo o tlhaga mo lefelong leo.—Bakolosa 1:6, 7.

Moaposetoloi Paulo le moefangele Epaforase ba ne ka bobedi ba tshwenyegile fela thata ka boitekanelo jwa semoya jwa badumedimmogo le bone ba kwa Mokgatšheng wa Lycus. Jaaka “moaposetoloi mo merafeng,” Paulo o tshwanetse a bo a ne a itumela fa a utlwa dikgang tsa go gatela pele ga bone. Paulo ga a ka a utlwa ka ga bomoya jwa Bakolosa ka ope fa e se ka Epaforase.—Bakolosa 1:4, 8.

Pego ya ga Epaforase

Bakolosa ba ne ba lebane le mathata a a masisi tota a a neng a patelela Epaforase gore a tseye loeto lo loleele go ya kwa Roma ka boikaelelo jo bo kgethegileng jwa go ya go a tlotla le Paulo. Go bonala pego e telele e e neng ya tlisiwa ke Epaforase e ne e le yone e e neng ya tlhotlheletsa Paulo go kwalela bakaulengwe bao makwalo a mabedi le fa a ne a sa ba itse. Le lengwe e ne e le lekwalo le le yang go Bakolosa. Lekwalo le lengwe, le go bonalang le sa ka la bolokwa, le ne la romelelwa Balaodikea. (Bakolosa 4:16) Go a utlwala go akanya gore boikaelelo jwa diteng tsa makwalo ao e ne e le go naya Bakeresete bao dilo tse ba neng ba di tlhoka tse di neng di lemogilwe ke Epaforase. Ke eng se a neng a bone ba se tlhoka? Mme seno se re bolelela eng ka botho jwa gagwe?

Lekwalo le le neng le ya go Bakolosa le bonala le supa gore Epaforase o ne a tshwentswe ke gore Bakeresete ba kwa Kolosa ba ne ba beilwe mo kotsing ke difilosofi tsa boheitane tse di akaretsang botshelo jwa boitlami, tirisabadimo, le tumelabotlhodi ya go obamela medimo ya disetwa. Mo godimo ga moo, thuto ya Bojuda ya go itima dijo le go boloka malatsi mangwe e ka nna ya tswa e ne e tlhotlheleditse maloko mangwe a phuthego.—Bakolosa 2:4, 8, 16, 20-23.

Lebaka la go bo Paulo a kwala ka dikgang tseno le re bontsha kafa Epaforase a neng a ntshitse matlho dinameng ka gone e bile a tsibogela dilo tse di neng di tlhokwa ke Bakeresetemmogo le ene. O ne a bontsha go amega ka tsela e e lorato ka ga boitekanelo jwa bone jwa semoya, a tshwenyega ka dikotsi tsa tikologo e ba neng ba nna mo go yone. Epaforase o ne a kopa kgakololo mo go Paulo, mme seno se bontsha gore o ne a le boikokobetso. Gongwe o ne a utlwa gore o tlhoka go amogela kgakololo e e tswang go mongwe yo o nang le maitemogelo a a fetang a gagwe. Le fa go ntse jalo, Epaforase o ne a tshotse kgato e e botlhale.—Diane 15:22.

Monna yo o Neng a Tsaya Thapelo e le Botlhokwa

Fa a konela lekwalo le a neng a le romelela Bakeresete ba Bakolosa, Paulo a re: “Epaforase, yo o tswang kwa go lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o lo romelela ditumediso tsa gagwe, ka metlha a iteka mo boemong jwa lona mo dithapelong tsa gagwe, gore kwa bofelong lo eme lo feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo. Eleruri ke naya bosupi kaga gagwe gore o ipha matsapa a magolo mo boemong jwa lona le jwa ba ba kwa Laodikia le jwa ba ba kwa Hierapolise.”—Bakolosa 4:12, 13.

Ee, le e leng fa a ne a le “motshwarwammogo” le Paulo kwa Roma, Epaforase o ne a akanya ka bakaulengwe ba gagwe ba ba rategang ba kwa Kolosa, kwa Laodikea, le kwa Hierapolise e bile o ne a ba rapelela. (Filemone 23) Ruri ‘o ne a ba kgaratlhela’ ka thapelo. Go ya ka mokanoki D. Edmond Hiebert, lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le bolela “tiro e e bokete le ya go intsha setlhabelo,” sengwe se se tshwanang le ‘botlhoko jo bo ngomolang pelo’ joo Jesu Keresete a neng a bo utlwa mo mogopolong fa a ne a rapela mo tshimong ya Gethesemane. (Luke 22:44) Epaforase o ne a eletsa ka tlhoafalo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya ba nitame ba bo ba fitlhelele kgolo e e feletseng ya Bokeresete. A bo diphuthego tse mokaulengwe yono yo o ratang dilo tsa semoya a neng a le kwa go tsone di ne di le lesego jang ne!

E re ka Epaforase a ne a bidiwa “motlhankammogo le rona yo o rategang,” ga go kitla go nna le pelaelo epe gore o ne a dira gore Bakeresetemmogo le ene ba mo rate. (Bakolosa 1:7) Fa maemo a letla, maloko otlhe a phuthego a tshwanetse go intsha setlhabelo ka botsalano le ka lorato. Ka sekai, ba ka akanya ka go thusa ba ba lwalang, ba ba godileng, kana bangwe fela ba ba tlhokang tlhokomelo e e kgethegileng. Go ka tswa go na le maikarabelo a a sa tshwaneng a a tlhokang go tlhokomelwa mo phuthegong, kana go ka kgonega go thusa mo ditirong tsa go aga tsa puso ya Modimo.

Go rapelela ba bangwe, jaaka fa Epaforase a ne a dira, ke mofuta wa tirelo e e boitshepo e botlhe ba ka e dirang. Dithapelo tse di ntseng jalo di ka akaretsa go bontsha go amega ka baobamedi ba ga Jehofa ba ba lebaneng le dikotsi tse di farologaneng kana mathata a semoya kana a mmatota. Re ka tshwana le Epaforase ka go iteka ka natla ka tsela eno. Mongwe le mongwe wa rona a ka nna le tshiamelo le boitumelo jwa go itshupa a le “motlhankammogo le rona yo o rategang” mo lelapeng la batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela