LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w00 12/15 ts. 14-19
  • Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuso e e Molemo mo Bakoloseng
  • Tlhamalala fa o Rapela
  • Lwela go Nonotsha ba Bangwe
  • Epaforase—“Modiredi yo o Boikanngo wa ga Keresete”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Lo Eme lo Feletse ka Tlhatswegopelo e e Nitameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jehofa o ka go Naya Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
w00 12/15 ts. 14-19

Thusa ba Bangwe go Tsamaya Kafa go Tshwanetseng Jehofa

“[Ga re a kgaotsa] go lo rapelela le go kopa gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo jaaka lo tswelela lo ntsha maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.”—BAKOLOSA 1:9, 10.

1, 2. Tota ke eng se e ka nnang motswedi wa boipelo le kgotsofalo?

“RE NNA mo kharabeneng mo polasing. Ka go tshela botshelo jo bo motlhofo re nna le nako e ntsi ya go rerela batho dikgang tse di molemo. Re ile ra segofadiwa thata ka go nna le tshiamelo ya go thusa batho ba le bantsi go neela botshelo jwa bone mo go Jehofa.”—Banyalani bangwe ba e leng badiredi ba nako e e tletseng mo Afrika Borwa.

2 A ga go boammaaruri gore go thusa batho ba bangwe go dira gore motho a itumele? Batho bangwe ba leka gore ka metlha ba thuse batho ba ba lwalang, ba ba sotlegang, kana ba ba tshelang ba le nosi—ba kgotsofadiwa ke go ba direla jalo. Bakeresete ba boammaaruri ga ba na pelaelo gore go abela ga bone batho ba bangwe kitso ya go itse Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke thuso e kgolo e ba ka e abelang ba bangwe. Go dira jalo ke gone fela go ka dirang gore ba bangwe ba dumele thekololo ya ga Jesu, ba nne le botsala jo bomolemo le Modimo mme go tswa foo ba bo ba tshwanelegela go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Ditiro 3:19-21; 13:48.

3. Ke mokgwa ofe wa go thusa o re tshwanetseng go o ela tlhoko?

3 Le fa go ntse jalo, go tweng ka go thusa batho ba e setseng e le badiredi ba Modimo, ba ba latelang “Tsela”? (Ditiro 19:9) Ga go pelaelo gore o sa ntse o ba kgatlhegela fela jaaka pele, mme gone, o ka tswa o sa bone kafa o ka oketsang seo ka teng kana go tswelela pele o ba thusa. Kana o ka nna wa bo o sa kgone go ba thusa go le kalo ka ntlha ya maemo a gago, e leng se se dirang gore o se ka wa kgotsofala sentle. (Ditiro 20:35) Malebana le dintlha tseno ka bobedi, re ka ithuta sengwe go tswa mo bukeng ya Bakolosa.

4. (a) Maemo a ne a ntse jang fa Paulo a kwalela Bakolosa? (b) Epaforase o ile a nna le seabe jang?

4 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba Kolosa, o ne a le kwa Roma a tshwerwe mo ntlong le mororo a ne a letliwa go etelwa. Jaaka fa o ne o ka lebelela, Paulo o ile a dirisa kgololesego eo e nnye e a neng a na le yone go rera kaga Bogosi jwa Modimo. (Ditiro 28:16-31) Paulo o ne a ka etelwa ke Bakeresetekaene, gongwe e bile ba bangwe e le ba ba kileng ba latlhelwa mo kgolegelong le ene. (Bakolosa 1:7, 8; 4:10) Mongwe wa bone e ne e le Epaforase yo e neng e le moreri yo o tlhagafetseng yo o neng a nna kwa motseng wa Kolosa kwa Feregia, kwa nageng ya setlhaba e e kwa botlhaba jwa Efeso kwa Asia Minor (e gompieno e leng Turkey). Epaforase o ile a nna le seabe mo go tlhomeng phuthego ya Kolosa, e bile o ile a thusa thata diphuthego tse di bapileng le yone e leng Laodikia le Hierapolise. (Bakolosa 4:12, 13) Ke eng fa Epaforase a ile a tsaya mosepele go ya go bona Paulo kwa Roma mme re ka ithuta eng go tswa mo tseleng e Paulo a ileng a arabela ka yone?

Thuso e e Molemo mo Bakoloseng

5. Ke eng fa Paulo a ile a kwalela Bakolosa se a ileng a se kwala?

5 Epaforase o ile a tsaya mosepele o o lapisang go ya kwa Roma go ya go ikgolaganya le Paulo kaga maemo a phuthego ya Kolosa. O ile a mmegela ka tumelo, lorato le tiro ya go rera ya Bakeresete bao. (Bakolosa 1:4-8) Le fa go ntse jalo, o tshwanetse a bo a ile a mmolelela le kafa a tshwenyegileng ka teng ka dilo tse di sa siamang tse di neng di ka baya bomoya jwa Bakolosa mo kotsing. Paulo o ile a tsibogela seo ka go kwala lekwalo le le tlhotlheleditsweng le le neng la itebaganya le mengwe ya megopolo e barutisi ba maaka ba neng ba e anamisa. O ne a remelela thata mo seabeng se se botlhokwa se Jesu Keresete a tshwanetseng go nna le sone.a A thuso eo ya gagwe e ne ya akaretsa fela go gatelela dithuto tsa konokono tsa Baebele? Ke tsela efe e nngwe e a neng a ka thusa Bakolosa ka yone, mme ke thuto efe e re ka ithutang yone malebana le go thusa ba bangwe?

6. Paulo o ne a gatelela eng thata mo lekwalong la gagwe le le yang go Bakolosa?

6 Paulo mo lekwalong la gagwe o simolola fela ka go re naya lesedinyana malebana le mofuta wa thuso e re ka nnang ra e tlhaetsa matlho. E ne e le kgang ya go thusa batho ka tsela e e molemo le fa ba le kgakala, e re ka Paulo le Epaforase ba ne ba le kgakala thata le Kolosa. Paulo o ile a tlhomamisa jaana: “Re leboga Modimo Rra Morena wa rona Jesu Keresete ka metlha fa re lo rapelela [“re rapela ka metlha,” mokwalo o o kwa tlase mo go NW].” Ee, tseno e ne e le dithapelo tsa go rapelela Bakeresete ba Kolosa ka tlhamalalo. Paulo o ile a oketsa jaana: “Gape ke gone ka moo rona, go tloga ka letsatsi le re neng ra utlwalela ka lone, re sa kgaotsang go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso e e leng yone ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya.”—Bakolosa 1:3, 9.

7, 8. Gantsi dithapelo tsa motho ka namana le tsa phuthego di akaretsa eng?

7 Re a itse gore Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo,” ka jalo re ka tshepa gore o iketleeleditse go reetsa dithapelo tsa rona tse di dumalanang le thato ya gagwe. (Pesalema 65:2; 86:6; Diane 15:8, 29; 1 Johane 5:14) Le fa go ntse jalo, dithapelo tsa rona di ntse jang fa re rapelela batho ba bangwe?

8 Gantsi re ka nna ra akanya ka ‘lesomo lotlhe la bakaulengwe ba rona mo lefatsheng’ le go ba rapelela. (1 Petere 5:9) Kana re ka nna ra bolelela Jehofa ka Bakeresete le batho ba bangwe ba ba nnang mo kgaolong e e ganyaotsweng ke masetlapelo kana kotsi. Fa barutwa ba mafelo a mangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba utlwalela gore go na le leuba kwa Judea, ba tshwanetse ba bo ba ile ba rapelela bakaulengwe ba bone thata tota le pele ba ba romelela dithuso tsa namolo. (Ditiro 11:27-30) Mo motlheng wa rona, gantsi lesomo lotlhe la bakaulengwe kana setlhopha sa bakaulengwe se a rapelelwa kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete, koo batho ba bantsi ba tshwanetseng go utlwa sentle teng le go re “Amen.”—1 Bakorintha 14:16.

Tlhamalala fa o Rapela

9, 10. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore go siame go rapelela batho bangwe ka tlhamalalo? (b) Paulo o ile a rapelelwa jang ka tlhamalalo?

9 Le fa go ntse jalo, Baebele e re neela dikai tsa dithapelo tse mo go tsone go neng go buiwa ka tlhamalalo fa go rapelelwa batho bangwe. Akanya ka mafoko a Jesu a neng a a bua a a kwadilweng mo go Luke 22:31, 32. O ne a dikaganyeditswe ke baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11. Botlhe ba ne ba tlhoka go engwa nokeng ke Modimo mo dinakong tse di thata tse di neng di sa ntse di tla mme ka jalo Jesu o ne a ba rapelela. (Johane 17:9-14) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a rapelela Petere, a umaka morutwa yoo ka tlhamalalo. Dikai tse dingwe: Elisha o ne a rapela Modimo gore a thuse motho mongwe, modiredi wa gagwe. (2 Dikgosi 6:15-17) Moaposetoloi Johane o ne a rapelela gore Gaio a tswelele pele a na le botsogo jo bontle jwa mmele le jwa semoya. (3 Johane 1, 2) Mme mo dithapelong tse dingwe go umakwa ditlhopha tse di rileng ka tlhamalalo.—Jobe 42:7, 8; Luke 6:28; Ditiro 7:60; 1 Timotheo 2:1, 2.

10 Lekwalo la ga Paulo le gatelela kgang ya go rapela dithapelo tse di tlhamaletseng. O ne a kopa gore a rapelelwe kana go rapelelwe ene le bapati ba gagwe. Bakolosa 4:2, 3 e balega jaana: “Tshwarelelang mo thapelong, lo ntse lo tsogile mo go yone ka go ntshiwa ga ditebogo, mo godimo ga moo gape lo re rapelela, gore Modimo o re bulele setswalo sa puo, gore re bue sephiri se se boitshepo kaga Keresete, se, tota e bile, ke leng mo dikgoleng tsa kgolegelo ka ntlha ya sone.” Gape akanya le ka dikai tseno: Baroma 15:30; 1 Bathesalonika 5:25; 2 Bathesalonika 3:1; Bahebera 13:18.

11. Fa Epaforase a ne a le kwa Roma, o ne a rapelela bomang?

11 Go ne go ntse jalo le ka mopati wa ga Paulo yo o neng a le kwa Roma. “Epaforase, yo o tswang kwa go lona, . . . o lo romelela ditumediso tsa gagwe, ka metlha a iteka mo boemong jwa lona mo dithapelong tsa gagwe.” (Bakolosa 4:12) Lefoko le le ranotsweng e le “iteka” le ka kaya go “kgaratlha,” fela jaaka mojiminasi wa metshameko ya metlha ya bogologolo. A Epaforase o ne a rapela jalo ka tlhoafalo e le fela gore o rapelela badumedi mo lefatsheng lotlhe kana baobamedi ba boammaaruri mo Asia Minor yotlhe? Paulo o ile a bontsha gore Epaforase o ne a rapelela Bakolosa ka tlhamalalo. Epaforase o ne a itse seemo se ba neng ba le mo go sone. Ga re ba itse botlhe ka maina, e bile ga re itse mathata a ba neng ba lebane le one, le fa go ntse jalo, akanya ka dilo dingwe tse go ka diregang gore e ne e le bothata. Gongwe Lino yo mmotlana o ne a lwantshana le tlhotlheletso e e neng e aname ya difilosofi, Rufase ene a ka tswa a ne a tlhoka nonofo ya go gana go tlhotlhelediwa ke ditlwaelo tsa nako e e fetileng tsa Bojuda. E re ka Peresise a ne a na le monna yo o sa dumeleng, a a ka tswa a ne a tlhoka boitshoko le botlhale jwa go godisetsa bana ba gagwe mo Moreneng, mme Asinkerito yo o neng a lwala bolwetse jo bo masisi, a a ka tswa a ne a tlhoka kgomotso e kgolo? Ee, Epaforase o ne a itse batho ba phuthego ya gaabo, mme o ne a ba rapelela ka tlhoafalo ka gonne ene le Paulo ba ne ba batla gore batho bano ba ba ikanyegang ba tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa.

12. Re ka bua jang ka go tlhamalala fa re ithapelela?

12 A o bona sekai mono—tsela e re ka thusang batho ba bangwe ka yone? Jaaka fa go boletswe, gantsi ga go ke go umakwa dilo ka tlhamalalo fa go rapelwa dithapelo tsa phatlalatsa kwa dipokanong tsa Bokeresete ka gonne go tla bareetsi ba ba farologaneng. Mme gone, fa re ithapelela kana re rapelela lelapa, re ka bua ka go tlhamalala. Le fa ka dinako tse dingwe re ka kopa Modimo gore a kaele le go segofatsa balebedi botlhe ba ba etang kana badisa ba semoya, a ka dinako tse dingwe re ka se tlhamalale go sekae? Ka sekai, ke eng fa o sa umake molebedi wa potologo yo o etelang phuthego ya lona ka leina kana motshwari wa lona wa Thuto ya Buka ya Phuthego? Bafilipi 2:25-28 le 1 Timotheo 5:23 di bontsha kafa Paulo a neng a amegile ka teng ka botsogo jwa ga Timotheo le Epaforodito. A le rona re ka bontsha go amega jalo ka batho ba ba lwalang ka go ba umaka ka maina?

13. Ke maemo afe a go seng phoso go a akaretsa fa re ithapelela?

13 Ke boammaaruri gore, ga re a tshwanela go itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe, mme gone, ga go phoso fa mo dithapelong tsa rona re bontsha kamego ya mmatota ka batho ba re ba itseng le ba re ba ratang. (1 Timotheo 5:13; 1 Petere 4:15) Mokaulengwe a ka tswa a latlhegetswe ke tiro mme re ka se kgone go mo naya e nngwe. Le fa go ntse jalo, re ka mo umaka ka leina le go umaka mathata a a ka tswang a lebane le one fa re ithapelela. (Pesalema 37:25; Diane 10:3) A re itse kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang yo o setseng a godile mme a sena monna le bana ka gonne a ikemiseditse go nyalwa “mo Moreneng fela”? (1 Bakorintha 7:39) Fa o ithapelela ke eng fa o sa kope Jehofa gore a mo segofatse le go mo thusa gore a tswelele pele a ikanyega mo tirelong ya gagwe? Sekai se sengwe e ka nna gore, bagolwane ba babedi ba ka tswa ba ile ba kgalema mokaulengwe mongwe yo o dirileng phoso nngwe. Ke eng fa nako le nako mongwe le mongwe wa bone a sa mo umake ka leina fa a ithapelela?

14. Go rapela ka tlhamalalo go amana jang le go thusa ba bangwe?

14 Go na le ditshono tse dintsi tse ka tsone o ka akaretsang batho bangwe ba o ba itseng fa o ithapelela ba ba tlhokang kemonokeng ya ga Jehofa, kgomotso, botlhale le moya o o boitshepo kana lengwe la maungo a one. Ka ntlha ya sekgala le maemo a mangwe, o ka nna wa bo o sa kgone go ba thusa go le kalo ka dilo tse di bonalang kana go ba thusa ka tlhamalalo. Mme gone, o se lebale go rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. O a itse gore ba batla go tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa, le fa go ntse jalo ba ka tswa ba tlhoka go thusiwa gore ba dire jalo go ya go ile. Tsela e e botlhokwa e o ka ba thusang ka yone ke go ba rapelela.—Pesalema 18:2; 20:1, 2; 34:15; 46:1; 121:1-3.

Lwela go Nonotsha ba Bangwe

15. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela karolo e e konelang ya Bakolosa?

15 Ke boammaaruri gore, go rapela ka tlhoafalo le ka tlhamalalo ga se yone fela tsela e re ka thusang ba bangwe ka yone, segolobogolo ba ba nnang gaufi le rona le ba re ba ratang. Buka ya Bakolosa e senola seno sentle. Bakanoki ba le bantsi ba bolela gore fa Paulo a sena go ntsha kaelo le kgakololo e e molemo malebana le dithuto tsa motheo, o ne a oketsa ka ditumediso fela tse di sa reng sepe. (Bakolosa 4:7-18) Go na le moo, re setse re bone gore karolo eno ya bofelo ya buka ya gagwe e na le kgakololo e e botlhokwa, mme go na le dilo tse dintsi tse re ka ithutang tsone mo karolong eno.

16, 17. Re ka reng ka bakaulengwe ba ba umakilweng mo go Bakolosa 4:10, 11?

16 Paulo o ile a kwala jaana: “Arisetareko motshwarwammogo le nna o lo romelela ditumediso tsa gagwe, le Mareko ntsalaa Barenabase o dira jalo, (yo lo neng lwa amogela ditaolo kaga gagwe tsa gore lo mo amogele fa go direga gore a tle kwa go lona,) le Jesu yo o bidiwang Juseto, bano e le ba ba ba rupileng. Bano ke bone fela ba e leng badirimmogo le nna ba bogosi jwa Modimo, e bile bone bano ba nnile thuso e e nonotshang mo go nna.”—Bakolosa 4:10, 11.

17 Paulo fano o umaka bakaulengwe bangwe ba ba neng ba tshwanelwa ke go tsewa tsia thata. A re ke bangwe ba ba ba rupileng, ba ba godiseditsweng mo Bojudeng. Go ne go na le Bajuda ba bantsi ba ba rupileng kwa Roma, mme jaanong bangwe ba bone e ne e le Bakeresete. Le fa go ntse jalo, bano ba Paulo a ba umakang, ba ile ba mo tswa thuso. Go ka direga gore ba ne ba sa okaoke go itsalanya le Bakeresete ba Baditšhaba, mme ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumelela go thusa Paulo mo tirong ya go rerela Baditšhaba.—Baroma 11:13; Bagalatia 1:16; 2:11-14.

18. Paulo o ile a akgola jang batho bangwe ba ba neng ba na le ene?

18 Ela tlhoko mafoko ano a ga Paulo: “Bano ba nnile thuso e e nonotshang mo go nna.” O dirisitse lefoko la Segerika le le tlhagang fano fela mo Baebeleng. Baranodi ba bantsi ba le ranola ka go re “kgomotso.” Le fa go ntse jalo, go na le lefoko le lengwe la Segerika (pa·ra·ka·le’o) le gantsi le ranolwang ka go re “kgomotso.” Paulo o ne a dirisa leo golo gongwe mo go lone lekwalo leno mme e seng mo go Bakolosa 4:11.—Mathaio 5:4; Ditiro 4:36; 9:31; 2 Bakorintha 1:4; Bakolosa 2:2; 4:8.

19, 20. (a) Mafoko a Paulo a tlhalositseng bakaulengwe ba ba neng ba mo thusa kwa Roma ka one a kaya eng? (b) Bakaulengwe bao ba ka tswa ba ile ba thusa Paulo jang?

19 Batho bano ba Paulo a ileng a ba umaka ba ka nna ba bo ba ile ba se ka ba mo nametsa fela ka mafoko. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re “thuso e e nonotshang” mo go Bakolosa 4:11 ka dinako tse dingwe le ne le dirisiwa mo dibukeng tse di sa bueng ka dilo tsa semoya go tlhalosa molemo wa kalafi o o alafang go ngomoga pelo. New Life Version e balega jaana: “A bo ba nthusitse ka tsela e e molemo jang ne!” Today’s English Version e dirisa mafoko a a reng: “Ba nthusitse thata.” Bakaulengwe bao ba Bakeresete ba ba neng ba nna gaufi le Paulo ba ka tswa ba ile ba mo thusa ka eng?

20 Paulo o ne a ka etelwa, mme gone go ne go na le dilo tse dintsi tse a neng a sa kgone go di dira, tse di jaaka go ithekela dilo tsa botlhokwa tse a di tlhokang—dijo le diaparo tsa mariga. O ne a tla bona kae memeno e a neng a ka ithuta ka yone kana go reka dilo tsa go kwala? (2 Timotheo 4:13) A ga o akanye gore bakaulengwe bao ba ile ba thusa Paulo ka dilo tse a di tlhokang, ba mo direla dilo tse di jaaka go mo ela mabenkeleng kana go mo direla dilo tse dingwe? A ka nna a batla go lekola phuthego nngwe le go e aga. E re ka a ne a tswaletswe o ne a ka se kgone go dira jalo, ka jalo bakaulengwe bao ba ka tswa ba ile ba ela Paulo teng, ba isa melaetsa ya gagwe le go mmusetsa dipego tsa teng. A bo go ne go mo nonotsha jang ne!

21, 22. (a) Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela mafoko a Bakolosa 4:11? (b) Dingwe tsa ditsela tse re ka dirisang sekai sa batho ba ba neng ba na le Paulo ka tsone ke dife?

21 Se Paulo a ileng a se bua malebana le go nna “thuso e e nonotshang” se re naya lesedinyana malebana le kafa re ka thusang batho ba bangwe ka teng. Ba ka tswa ba tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa malebana le melao ya gagwe ya boitsholo, go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera. Re tshwanetse go ba akgolela seo. Le fa go ntse jalo, a re ka se dire se se fetang seo, re nna “thuso e e nonotshang” mo go bone fela jaaka bakaulengwe bale mo go Paulo?

22 Fa o itse kgaitsadi mongwe yo ka botlhale a ileng a ikobela 1 Bakorintha 7:37 mme gone jaanong a se na ba lelapa ba ba atamalaneng le ene, a o ka se mo akaretse mo ditirong dingwe tsa lelapa la gago, gongwe o mo laletsa go tla go ja le lona kana go lo etela fa lo itisitse le ditsala kana ba losika? Go tweng ka go mo laletsa gore a tsamaye le lelapa la gago fa lo ya kopanong kana malatsing a boikhutso? Kana go mo kopa gore a tsamaye le lona fa lo ya go reka dijo kwa mabenkeleng fa e le gore nako eo e mo siametse. Go ntse jalo le ka batlholagadi kana baswagadi kana gongwe batho ba jaanong ba sa tlholeng ba kgona go kgweetsa. O ka nna wa kgothadiwa thata ke go utlwa maitemogelo a bone kana wa anya kitso e ba nang le yone ka dilo tse di tlwaelegileng tse di jaaka go tlhopha maungo kana go tlhopha diaparo tsa bana. (Lefitiko 19:32; Diane 16:31) Seno se ka dira gore lo nne le botsala jo bogolo. Ka gone ba ka nna ba ikutlwa ba gololesegile go go kopa thuso fa ba tlhoka melemo kwa khemising, jalo le jalo. Bakaulengwe ba ba neng ba na le Paulo kwa Roma ba tshwanetse ba bo ba ile ba mo thusa ka dilo tse a di tlhokang, ba nna thuso e e nonotshang, fela jaaka le wena o ka dira. Molemo o o neng wa nna teng ka nako eo le o o tla nnang teng gone jaanong ke gore go tla nonotsha lorato lwa rona le go ikemisetsa ga rona gore re tla direla Jehofa mmogo ka boikanyegi.

23. Go ka nna molemo fa mongwe le mongwe wa rona a ka ipha nako ya go dira eng?

23 Mongwe le mongwe wa rona a ka akanya ka maemo a a umakilweng mo setlhogong seno. Ke dikai fela, mme gone, di ka re lemotsha maemo a mmatota a mo go one re ka nnang “thuso e e nonotshang” bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Ga re bolele gore re itire badirediloago. Seo ga se se bakaulengwe ba ba umakwang mo go Bakolosa 4:10, 11 ba neng ba se dira. E ne e le ‘badirimmogo ba bogosi jwa Modimo.’ Go nna ga bone thuso e e nonotshang go ne go amana ka tlhamalalo le tiro eo. A go nne jalo le ka rona.

24. Lebaka la konokono la go bo re rapelela ba bangwe e bile re batla go ba nonotsha ke lefe?

24 Re umaka ba bangwe ka maina fa re ithapelela le go leka go ba nonotsha ka ntlha ya gore: Re dumela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba batla go ‘tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa gore ba mo itumedise ka botlalo.’ (Bakolosa 1:10) Kgang eno e amana le selo se sengwe gape se Paulo a ileng a se umaka fa a ne a kwala kaga se Epaforase a neng a se rapelela Bakolosa, gore ba tle ba ‘eme ba feletse le ka tlhatswegopelo e e nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.’ (Bakolosa 4:12) Re ka kgona go dira seo jang rona ka namana? A re boneng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 490-1, le “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” ditsebe 226-8, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

A o Etse Tlhoko?

• Re ka thusa ba bangwe jang fa re ithapelela?

• Bakeresete bangwe ba ile ba nna jang “thuso e e nonotshang” Paulo?

• Re ka nna “thuso e e nonotshang” mo maemong afe?

• Ke eng fa re rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le go batla go ba nonotsha?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o ka akaretsa Mokeresete yo mongwe fa lelapa la gago le intsha?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of Green Chimney’s Farm

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela