LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/1 ts. 5-7
  • O Tshwanetse go Obamela Modimo Ofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tshwanetse go Obamela Modimo Ofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Se Itikeditseng ka Medimo Yotlhe ya Maaka
  • Maungo A Kobamelo E E Phoso
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Direla Jehofa Modimo?
  • Tsala ya Rona e Kgolo e Kwa Lefelong la Moya
    Tsogang!—1996
  • Ke Bomang ba ba Nnang Kwa Lefelong la Moya?
    Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone?
  • Modimo O Amogela Kobamelo Ya Bomang?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ke Modimo Ofe O O Tshwanetseng wa Obamelwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/1 ts. 5-7

O Tshwanetse go Obamela Modimo Ofe?

SA NTLHA Modimo oo e leng one fela o tshwanetseng go obamelwa ke mang? Bibela e araba ka tsela e e tlhamaletseng tota. Buka ya Tshenolō e bolela jaana: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.” (Tshenolō 4:11) Ee, Jehofa, Mmopi wa rona, ke ene Modimo fela yo re tshwanetseng go mo obamela. Ka ntlha yang? Re tla boela kwa potsong eo mo nakong e khutshwane. Mme la ntlha, a re bueng ka medimo e mengwe e e obamelwang ke batho.

Seo Se Itikeditseng ka Medimo Yotlhe ya Maaka

Lemororo batho ba direla medimo e mentsi, boammaaruri ke gore kobamelo e merafe e e nayang medimo mo merafeng yotlhe—kwantle ga kobamelo e e newang Jehofa, ebong Mmopi—e kgotsofatsa modimo o le mongwe fela. Ka tsela efe? Bala mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a neng a a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha. Go ne go rapelwa medimo e mentsi mo motseng oo, go tloga ka Aphrodite o o senang boitsholo go ya go Aesculapius, modingwana wa bone wa kalafi. Lefa go le jalo, Paulo o bontsha gore, eleruri go na le maatla mangwe ao eleng one fela a a bosula a a tlhotlheletsang medimo eo. O ne a kwala jaana: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo.” (1 Bakorintha 10:20) Ee, Bakorintha ba baheitane ba ne ba rapela badimona.

Badimona ba nnile gone ka ntlha ya go tsuolola. Wa ntlha le yo mogolo mo go bone botlhe e ne e le sebopiwa sengwe sa moengele seo se neng sa raela Efa gore a tlole molao wa Modimo bogologolo kwa tshimong ya Edena. (Genesise 3:1-6; Yohane 8:44) Ka go dira jalo, setshedi seno se ne sa tsuologela bolaodi jwa Mmopi. Morago ga foo, se ne sa bidiwa Satane, seo se kayang “Moganetsi.” Moragonyana, dibopiwa tse dingwe tsa moya di ne tsa kopanela le ene mo botsuoloding jono. Le tsone di ne tsa nna badimona, mme Satane o bolelwa fa e le “kgōsana ea badimo.” (Mathaio 12:24, 26) Mo bukeng ya Tshenolō badimona bano ba bidiwa “baengele” ba ga Satane. (Tshenolō 12:7) Ka jalo go obamela badimona go tshwana fela le go obamela Satane.

Satane o tlhotlheletsa tota. Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “lehatshe yeotlhe” le kafa tlase ga maatla a gagwe, mme Paulo o ne a mmitsa “modimo oa lehatshe yeno.” (1 Yohane 5:19; 2 Bakorintha 4:4) Ka gone, go rapela modimo ope fela kwantle ga ga Jehofa tota ke go obamela Satane. Totatota e kgotsofatsa boikaelelo jwa ga Satane ka gonne mokgele wa gagwe ke go raela bana ba ga Adame le Efa gore ba tsuologele Jehofa. Ereka Satane e le “motsietsi oa lehatshe yeotlhe,” go phepafetse gore o ile a atlega tota mo makgetlong a mantsi. (Tshenolō 12:9) Mme eseng mo go otlhe. Go santse go na le dimilione tseo di ntseng di leka go obamela Jehofa. Ka ntlha yang?

Maungo A Kobamelo E E Phoso

Se sengwe se ba se itseng ke gore go obamela medimo e mengwe kwantle ga Jehofa go batla go le gontsi mo go bone go feta seo bone ba batlang go se dira. Fa baithutamarope ba ne ba fatolola kwa Carthage ya bogologolo e e kwa Bokone jwa Afrika ba ne ba fitlhela mabitla a bana. Mo go one go ne go na le matlhotlholo a banyana bao ba neng ba iseditswe modimo wa Bafonekia, ebong Baale ditlhabelo. Go isa bana ditlhabelo e ne e le tlhotlhwa e kgolo eo Ba-Carthage ba neng ba e duela ka go obamela Baale. Bokatoliki jwa metlha ya bogare le jone bo ne bo batla go intsha setlhabelo go go kwa godimo fa bo ne bo baka pogo e e seng kana ka sepe ka ditlhopha tsa Botlhabanelatumelo tseo di neng di nyoretswe go tsholola madi mmogo le ka Kgotlatshekelo e e setlhogo ya go Lwantsha Boikeodi. Kobamelo ya medimo ya Inca ya nako ya pele ga fa Columbus a ne a fitlha kwa Amerika e ne e kopanyeletsa go bolawa ga diketekete mo meletlong.

Mo metlheng ya bosheng jaana, mefuta e e farologaneng ya dikobamelo e ile ya nna le seabe mo go bolayeng batho ka bontsi kwa India, mme di ile tsa oketsa mathata a a masisi a dipolotiki a a leng kwa Botlhabagare le Ireland e e kwa Bokone. Botlhokakitso, tumelabotlhodi, le poifo le tsone di tshwanetse tsa balelwa mo lenaaneng leno jaaka karolo ya seo motho a se duelang ka go obamela medimo ya gagwe e mentsi.

Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Direla Jehofa Modimo?

Kafa letlhakoreng le lengwe, kobamelo ya ga Jehofa e lere melemo fela. Selo se sengwe ke gore ke “eo o tshelañ ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae, eo o tlhodileñ legodimo le dilō tse di mo go yeōna, le lehatshe le dilō tse di mo go yeōna, le lewatlè le dilō tse di mo go yeōna.” (Tshenolō 10:6) Ka gone, re tshwanetse go mo obamela gonne ke Mmopi wa rona.

Mo godimo ga moo, re tshwanetse go obamela Jehofa Modimo gonne dinonofo tsa gagwe di re gogela gore re mo obamele. Moaposetoloi Johane o ne a bolela gore “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Monna yo o ikanyegang Jobe o ne a bolela gore “[Modimo] o botlhale mo peduñ, o thata mo nonohoñ.” (Yobe 9:4) Moshe o ne a opela jaana ka ene: “Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” (Duteronome 32:4) Ke mang yo a ka etsaetsegang go direla Modimo o o ntseng jalo?

Mo godimo ga moo, Bibela e bolela jaana: “Poihōmodimo e molemō kaga dilō cotlhe, ka e na le choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno, le kaga yōna yo bo tla tlañ.” (1 Timotheo 4:8) Abo seno se le boammaaruri jang ne! Jehofa o batla gore batho ba bone molemo. O ne a naya popo ya gagwe lefatshe go nna legae la yone le lentle, mme o ne a e naya dilo tse dintsi gore botshelo bo nne monate. Lemororo motho a ile a tsuologa, Modimo o ile a tswelela a ntse a tshegeditse botshelo mo lefatsheng a naya batho dilo tseo ba di tlhokang jaaka a “tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.”—Mathaio 5:45.

Mme “choloheco kaga botshelō yoa gompiyeno” ga e felele fano. Go direla Modimo go a itumedisa ebile go a kgotsofatsa. Ke seo re neng re diretswe go se dira. Mme Modimo o thusa bao ba mo direlang ka boikanyegi gore ba atlege mo botshelong. O naya batho ba ba sa nyalang, banyalani, bana—batho ba mefuta yotlhe kaelo ka Bibela. O re naya botlhale jo re ka bo ikanyang jo bo nang le mosola gore re kgone go rarabolola mathata a go tshela jaaka batho ba ba sa itekanelang mo lefatsheng le le tlhotlhelediwang ke Satane. Fa re obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang, re ka ipelela “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.”—Bafilipi 4:7.

Seo re se tlhokomelang gape ke “choloheco kaga botshelō . . . yo bo tla tlañ.” Jesu o ne a raya Mofarisai Nikodemo a re: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Botshelo jo bosakhutleng! Ke modingwana ofe kwantle ga Jehofa o o ka solofetsang selo se se ntseng jalo mme wa bo wa diragatsa tsholofetso ya one? Tshenolō e tlhalosa gore bao ba tla amogelang neo e e molemolemo eo kgabagare ba tla nna mo boemong jono: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:4, 5) Ka boammaaruri tebelelo ya botshelo jo bo tlang e tshwanetse go re dira gore re batle go direla Jehofa!

Jalo he, re tshwanetse go obamela Modimo ofe? Jehofa fela, Mmopi. Mo medingwaneng yotlhe, mafoko ano a dira fela mo go ene: “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morèna, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamō le boamarure, Kgosi ea metlha. Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne o boitshèpō u le wesi: gonne merahe eotlhe e tla tla e ōbamèla ha pele ga gago; gonne ditihō tsa gago tsa tshiamō di bōnadicwe.” (Tshenolō 15:3, 4) Abo bao ba reetsang kgothatso eno ya mopesalema ba le botlhale jang ne: “A lo ko lo tleeñ, re ōbamè, re inamè: a re khubameñ ha pele ga Yehofa Mmopi oa rona”!—Pesalema 95:6.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mengwe ya medimo eo Satane a ileng a tlhotlheletsa batho go e obamela

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tebelelo ya botshelo jo bo tlang e tshwanetse ya re tlhotlheletsa gore re batle go direla Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela