Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boammaaruri jwa Bibela bo Fenya Dingwao
NGWAO ya bodumedi e ka ikepela tota. Dimilione tse dintsi tsa batho di akanya gore go phoso go fetola bodumedi jwa gago. Go lebega Saule yo a neng a nna moaposetoloi Paulo a ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang, gonne o ne a bolela jaana: “Ke ne ke tlhagafaletse dingwao tsa borraetsho ka mo go feteletseng [go feta bankane ba me]. Mme erile fa a sena go bontshiwa boammaaruri, a fetoga mo Bayudeng go nna Mokeresete.” (Bagalatia 1:13-16, NW) Batho ba bantsi gompieno ba setse ba lemogile gore boammaaruri jwa Bibela bo tswa mo motsweding o o fetang wa dingwao. Tlhokomela kafa boammaaruri jwa Bibela bo neng jwa fenya ka gone kwa Italy.
Mosadi mongwe o tlhalosa jaana: “Nna le morwadiarre re godiseditswe mo lelapeng le legolo ka dingwao tsa Katoliki, mme re ne re le Bakatoliki ba ba ineetseng tota. Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka nyalwa. Morago monna wa me o ne a tlhokafala, mme ke ne ka tshela jaaka motlholagadi ka dingwaga tse dintsi ke le esi le bana ba me. Setlogolo sa me se ne se ruta katekasima, mme o ne a tlhola a botsa moruti dipotso tsa Bibela, mme o ne a sa bone dikarabo dipe fela tse di kgotsofatsang.
“Fa ke ne ke etetse toropo ya kwa gae, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa la ntlha mme ka dumela go tshwarelwa thuto ya Bibela. Ditsala tsotlhe tsa me tsa pele tsa Bakatoliki di ne tsa ntshotla tota ka go bo ke ne ke ithuta Bibela. Lefa go ntse jalo, ke ne ka se ka ka kgobega marapo. E ne e le la ntlha ke nna le Bibela, mme go ne go se ope yo a neng a tlile go e nkamoga. Morwadiarre le ene o ne a emela Jehofa, mme ka bobedi jwa rona re ne ra kolobediwa go ise go fete dingwaga tse pedi.
“Ke ne ka lela fa ke ne ke tlogela kereke la ntlha gonne ke ne ke boifa go tlogela dingwao tse di neng di ikepetse ka medi mo go nna ka dingwaga di le 76. Mme jaanong ke itumetse go bo ke tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa mme ke dira bojotlhe jwa me go thusa ba bangwe go tswa mo lefifing la semoya!”—Bapisa 1 Petere 2:9.
Mmeodi O Baakanya Kakanyo E E Phoso
Mmeodi mongwe kwa Japane o ne a rata go bua ka badimona le di-UFO fa a ntse a beola meriri ya batho. Lefa go ntse jalo, fa a sena go simolola go ithuta Bibela o ne a lemoga bodiphatsa jwa go dira seno. Ka jalo go na le go dira jalo o ne a laletsa batho ba a neng a ba beola go kopanela le ene mo thutong ya Bibela. Ba babotlana o ne a ba bolelela ka popo. Mo bekeng nngwe le nngwe o ne a otora Bibela le dikaelo tsa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mo Mosuping yo a neng a ithuta le ene gore a kgone go di naya batho bano.
Lemororo e ise e nne Mosupi, o setse a tsamaisitse disete tse 30 tsa Dibibela le dibuka tsa Tshelela Ruri mo ngwageng wa gagwe wa ntlha a ntse a ithuta. Batho ba ba fetang 25 ba ne ba simolola go ithuta Bibela ka ntlha ya bosupi jono jwa gagwe jo eseng jwa ka tlwaelo. Ka dinako dingwe go ne go nna le batho ba le 10 ba ba neng ba nna gone mo thutong ya gagwe ya Bibela. Jaanong ba le supa ba bao a neng a bua le bone fa a ntse a ba beola meriri ba ile ba fetola tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone mme ke Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa!