LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 12/1 ts. 4-7
  • Dingwao tsa Bodumedi le Bibela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dingwao tsa Bodumedi le Bibela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gololwa mo Dingwaong tse di Kotsi
  • Dingwao tsa Bodumedi—A ke go Obamela Modimo ka Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Fa Ngwao e Thulana le Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A Ngwao e Tshwanetse go Thulana le Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Modimo O Amogela Kobamelo Ya Bomang?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 12/1 ts. 4-7

Dingwao tsa Bodumedi le Bibela

“LO DIHA lehoko ya Modimo lolea hèla ka mekgwa [“dingwao,” NW] ea lona.” Ano e ne e le mafoko a e seng a ga ope fela fa e se Jesu Keresete. (Mareko 7:13) Jaaka batho ba bantsi gompieno, Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba kgomaretse thata metlhala e e raraaneng ya melawana le mekgwa. Mme fela jaaka baruti ba bantsi gompieno, baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ne ba leba dingwao tseno di le botlhokwa go feta Bibela.

Go tshwantshetsa seno: Lefoko la Modimo le ne la laela ka tlhamalalo gore bana ba tlotle batsadi ba bone. (Ekesodo 20:12) Seno ka phepafalo se ne se akareletsa le go thusa batsadi fa ba ne ba tlhoka madi thata. Lefa go ntse jalo, ngwao e e neng e dirilwe ke Bajuda e ne e ba naya tsela ya go tila taolo eno ya Bibela. Motho yo o bogagapa o ne a ka bolela fela gore dithoto tsa gagwe di ne di abetswe gore moragonyana a di ise kwa tempeleng, mme a di beela kwa thoko jaaka “Korebana.” Lefoko leno le ne le raya ‘mpho e e abetsweng Modimo.’ Lefa moobamedi wa Mojuda a ne a kgona go tswelela a dirisa korebana ka kgololesego go bona poelo nngwe ya botho, o ne a ka kganela batsadi ba gagwe go e dirisa ka ntlha ya bodumedi.—Mareko 7:9-12.

Lefa go le jalo, Jesu o ne a ganetsa sena le ‘dingwao tse dingwe tse di boitshepo’ tsa Bajuda fa are: “Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentlè kaga lona, are, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; mme dipelo tsa bonè di kgakala le nna. Mme ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithutō tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.”—Mathaio 15:3-9.

Fa go tlhokomelwa se se builweng ke Jesu, a Mokeresete ruri a ka lekanya ngwao epe ya bodumedi le Bibela? Legoka. Go sa kgathalesege gore ngwao e e ntseng jalo e kopanyeletsa go tlhotlheletsega le go tseega maikutlo jang, seo Mokeresete a amegileng ka sone ke gore a e dumalana le Lefoko la Modimo kana nnyaa. Go fa sekai ka seno, a ko o tlhatlhobe dingwe tsa ditiro tsa dingwao tsa bodumedi jaaka di tlhalosiwa mo bukeng ya Katoliki Liturgy—An Elementary Course, e e kwadilweng ke Maria A. Lombillo Clark, T.D. Dingwao tseno di dumalana go le kana kang le seo tota Bibela e se buang?

[Setshwantsho]

MELAWANA YA KOBAMELO LEFOKO LA MODIMO

“Re bontsha kobamelo ya rona mo “Banyana ba me, ikiheñ mo

Modimon gka ditiro tsa bodumedi.” medimoñ ea disètwa.”

—1 Yohane 5:21.

“Modimo ke Mōea; me ba ba

ōbamèlañ ba na le go o

ōbamèla ka mōea le ka

boamarure.”—Yohane 4:24.

“Re sepela ka tumèlō, e señ

ka pōnō.”—2 Bakorintha 5:7.

“Ke Nna Yehofa; ke

yeōna leina ya me: me

kgalalèlō ea me ga

nketla ke e naea o

sele, leha e le pakō ea

me dichwanchō tse di

setilweñ.”—Isaia 42:8.

“Re tshwanetse go direla “U seka ua itihèla sechwanchō

sepè Lekgarebane le le sepè se se setilweñ, leha e

Boitshepo Maria, baengele, sechwanō sa sebopègō

le baitshepi ditiro tse di sepè se se kwa legodimoñ

boitshepo. kwa godimo, leha e le sa

Mme ditiro tse di [ntseng jalo] se se mo lehatshiñ . .

tsa bodumedi . . . U se ka ua di ikōbèla,

kgabagare di fitlha leha e le go di

kwa Modimong, ka tsela dihèla.”—Ekesodo 20:4, 5.

e e tshwanang le fa “Nna Yohane . . .

kgosi e tlotliwa ka wèla ha hatshe,

ka go tlotla badihedi ka re, ke ōbamèla

ba yone.” ha dinaoñ tsa moengele

. . . Me a nthaea, a re, U

se ka ua ba ua go diba

mouō: . . . ōbamèla

Modimo.”—Tshenolō 22:8, 9.

“Go Modimo o le moñwe hèla,

go bile go motsereganyi le

ene a le moñwe hèla ha gare

ga Modimo le batho, motho

ka esi.”—1 Timotheo 2:5.

“Sefapaano se tshwanetse go “Modimo o o dihileñ lehatshe

nna mo aletareng ka le dilō cotlhe tse di mo go

metlha yotlhe; kwantle yeōna, ōna, ka o le Morèna

ga sone ga go kake ga oa legodimo le lehatshe,

ketekwa Misa o o Boitshepo. ga o nne mo ditempeleñ tse

Go tlhokega gape di agiwañ ke

le matsela a mararo diatla.”—Ditihō 17:24

a aletare, ditlhomo ‘Ga re lebe dilo tse

tse di nang le dikerese, di bonalang, mme

le dimatsana tsa maikano.” eleng dilo tse di sa

bonaleng.’

—2 Bakorintha 4:18.

“November 1 . . . go ketekwa ga “Bashwi ga ba bake Yehofa,

All Saints Day. Leno ke Letsatsi leha e le opè eo o

le le Boitshepo hologèlañ mo tuulaloñ.”

la meya yotlhe e e tshelang —Pesalema 115:17.

ka boitumelo kwa legodimong, “Bashwi ga ba itse

mme lone letsatsi sepè.”—Moreri 9:5.

le lengwe fela leo “Moya mongwe le mongwe o o

e tla nna la rona.” se kitlang o reetsa

moperofeti yoo o

tla senyediwa ruri.”

—Ditihō 3:23,

Douay Version.

“Go thusa meya eno [Kereke] e ne “Ga go na tihō, leha e le

ya tlhoma ‘Segopotso maanō,leha e le kicō,

sa baswi ba ba ikanyegang’ leha e le botlhale

ka November 2. Ka letsatsi leno mo Bobipoñ,

Baperisiti ba keteka kwa u eañ gōna.”

Misa gararo go golola —Moreri 9:10.

meya eno e e segofaditsweng “Lo seka lwa ikanya

dipogisong tsa pakatori [motho;] . . .o tla

le go akofisa yone boela kwa mmung wa gagwe:

go tsena ga maikaelelo a gagwe a tla nyelela

yone kwa ka lone letsatsi leo.”

legodimong.” —Pesalema 145:2-4, Douay Version.

“Kwa bofelong, thuto ya

motheo ya Katoliki ya pakatori

e thailwe mo ngwaong eno,

eseng mo Dikwalong tse

di Boitshepo.”—New Catholic

Encyclopedia, Volume 11, tsebe 1034.

Go Gololwa mo Dingwaong tse di Kotsi

Ka jalo dingwao tse dintsi tse di tlwaelesegileng tsa bodumedi ga di itumedise Modimo mme ka jalo di kotsi. Lefa go le jalo, ka mo go kgatlhisang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Jaanong ke lo baka mo dilong tsotlhe . . . lo tshegeditse dingwao thata-thata jaaka fela ke di lo neetse.” (1 Bakorintha 11:2, NW) Lefa go ntse jalo, dingwao tseno, e ne e le ditlwaelo tse di siameng, tse di molemo tse di theilweng mo Lefokong la Modimo—eseng ditlwaelo fela, tse di sa reng sepe, tse di itiretsweng ke motho. Di ne di tsere sebaka sa ‘mekgwa ya boithamako ya boitsholo eo ba neng ba e amogetse ka ngwao’ eo ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba neng ba e dirisa pele ba fetoga Bakeresete.—1 Petere 1:18.

Ka mo go tshwanang gompieno, motho yo o boifang Modimo o tshwanetse go batlisisa sentle le go gana dingwao dipe fela tseo di seng kafa Dikwalong. Eleruri, kamano ya motho le Modimo e botlhokwa go gaisa mofuta ope fela wa kobamelo o o dirilweng ke motho! Legale, go ganana le dingwao tse di seng kafa Dikwalong ga go motlhofo. Gantsi go tlhoka gore go fetolwe mekgwa ya bogologolo ya boitshwaro. Ka sekai, lekawana lengwe kwa Colombia, le ne le tseneletse thata mo dingwaong tsa bodumedi. Go tswa kwa bonnyaneng o ne a na le keletso e kgolo ya go nna moruti wa Mokatoliki. Gantsi o ne a dira motshameko wa go ‘tsamaisa Misa’ le bokgaitsadie, le eleng go amogela “mai polelo” a bone. Dingwaga moragonyana o ne a kgona go tsena mo sekolong sa pele ga go tsenela boruti, mme morago a fetela kwa unibesithing ya Katoliki. Koo, dingwao tsa bodumedi di neng tsa gatisediwa thata mo botshelong jwa gagwe.

Letsatsi lengwe, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a etela legae la gagwe. Lefa batsadi ba gagwe ba ne ba sa letlelela Mosupi go bua lefa e le sepe, bonnye jo a bo utlwileng bo ne jwa kgatlha mosha yono yo o ratang bodumedi. Moragonyana o ne a rulaganyetsa go ithuta Bibela ka sephiri le Mosupi yono. “Keletso ya me e kgolo,” o a gakologelwa, “e ne e le go itse Bibela ka tsela e sele kwantle ga go fetola bodumedi jwa me. Ke ne ke na le keletso e e nonofileng ya go direla Modimo jaaka moruti, gore ke leke go fetola dipelo tsa batho. Morago ga go ithuta Bibela ka kgwedi fela, ke ne ka simolola go akanya thata, fa ke bona gore dingwao le mekgwa ya bodumedi jwa me di ne di sa dumalane le ditekanyetso tse di tlhomameng tsa Dikwalo.”

Balelapa la gagwe ba ne ba mo pateletsa go emisa go ithuta Bibela, mme kgabagare ba mo koba mo gae. Lefa go le jalo, o bua jaana: “Morago ga dikgwedi tse pedi ke ntse ke ithuta Bibela, ke ne ka tlhatswega pelo gore ke ne ke le phoso, mme ke ne ka tlogela unibesithi le tiro ya me jaaka morutabana mo kholetsheng ya bodumedi mme ka dirisa nako ya me mo go rereng ka ntlo le ntlo. Jaanong ke fetotse botshelo le dingwao tsa me. Ke ne ka ikutlwa ke itumetse thata ka letsatsi le ke sa kakeng ka le lebala la fa ke ne ke tshwantshetsa boineelo jwa me kwa go Jehofa ka kolobetso.” Lekawana leno jaanong le mo tirelong ya nako e e tletseng go thusa ba bangwe go tlogela dingwao tse di tlontlololang Modimo.

Fa e le gore o tlhoafaletse dingwao tsa bodumedi, o ka nna wa bona go le botlhokwa go dira diphetogo tse di tshwanelang. Gakologelwa gape seo Jesu a neng a se bolelela mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng. Ene le morafe otlhe ba ne ba na le ngwao ya bogologolo ya go rapela Modimo kwa Thabeng ya Gerisima. Lefa go ntse jalo, Jesu, o ne a mmontsha gore ngwao eno e ne e sena mosola, fa are: “Mosadi, ntumèla, lobaka loè tla, lo lo se ketlañ lo ōbamèla Rara ka lōna mo thabeñ e, leha e le mo Yerusalema. . . . baobamedi ba amarure ba tla [obamela] Rara ka . . . Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.”—Yohane 4:19-23.

A o mongwe yo ‘Rara a mmatlang’? A o na le keletso e kgolo ya go rapela Modimo ka boammaaruri? Jalo tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go Bakolosa 2:8 eleruri e a tshwanela: “Lo itise gore go se nne ope yo o tla lo tsietsang ka matlhajana, ka maithamako a a tswang mo dingwaong tsa batho.” (The Holy Bible, Ronald A. Knox) Go na le moo, latela, dithuto tsa Bokeresete jwa boammaaruri, tseo di ka go lebisang kwa botshelong jo bo sa khuUeng!—Yohane 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela