LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 12/1 ts. 4-7
  • Fa Ngwao e Thulana le Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Ngwao e Thulana le Boammaaruri
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Leswefatsa Metsi a Boammaaruri
  • Labokeresete o Oketsa Leswe
  • Diphelelo Tsa go Leswefala Semoyeng
  • Tlhatlhoba Dingwao
  • A Ngwao e Tshwanetse go Thulana le Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dingwao tsa Bodumedi le Bibela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A o Ka Dumela Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 12/1 ts. 4-7

Fa Ngwao e Thulana le Boammaaruri

KOTSI—METSI A GA A SIAMELA GO NOWA. Re ka tswa re tlwaetse go bona ditlhagiso tse di tshwanang le eo. Mo dikgaolong di le dintsi batho ba ela tlhoko metsi a ba a nwang ka gonne ba a itse gore mabolokelo mangwe a metsi a kgotlelwa ka se se bidiwang “motswako o o botlhole” o o leswefaditsweng ka botlhole. Pego nngwe e ne ya bolela gore ka ntlha ya go leswefala mono, mo boemong jwa gore metsi a “boloke botshelo le go bo sireletsa,” a ka “anamisa ditshedinyana tsa malwetse le . . . dilo tse di leswefatsang tsa dikhemikale.”—Water Pollution.

Go Leswefatsa Metsi a Boammaaruri

Dingwao tse di thulanang le boammaaruri di tshwana le mabolokelo a a leswe a metsi. Re ka nna ra tshegetsa dingwao dingwe re sa lemoge—tshedimosetso, dikgopolo, ditumelo, kana mekgwa e e tswang mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe—le gore tota di kgotletswe ka “motswako o o botlhole” wa dikgopolo le difilosofi tse di tsietsang batho tsa maaka. Fela jaaka metsi a a leswe di ka nna tsa baka kotsi e e seng kana ka sepe—e leng go koafala semoyeng.

Lefa tota re akanya gore dilo tse re di dumelang tsa ngwao di tswa mo Baebeleng, rotlhe re tshwanetse go ipha nako gore re di tlhatlhobe ka kelotlhoko. Gakologelwa, fa Martin Luther a ne a dumela mo ngwaong mo motlheng wa gagwe le go kgala Copernicus, o ne a dumela gore Baebele e mo ema nokeng. Lefa go ntse jalo, Luther o ne a palelwa ke go latela sekao se se molemo sa Baberea ba bogologolo ba ba ‘neng ba tsalegile bogolo, ba lotolotsa mo dikwalong ka malatsi otlhe, fa dilo tse di ntse jalo.’—Ditiro 17:10, 11.

A o ko o akanye ka mathata a a neng a nna teng mo Bajuteng bangwe ba motlha wa ga Jesu ka ntlha ya go dumela dingwao. Ba ne ba dumela ka tlhoafalo gore dingwao tsa bone di boammaaruri. Fa ba ne ba kgala barutwa ba ga Jesu ka gore ga ba boloke dingwao, Jesu o ne a ba gwetlha ka potso eno: “Ke go reng fa le lona lo tlola molao wa Modimo ka ntlha ya mekgw[a] ya lona?” (Mathaio 15:1-3) Bothata bo ne bo le kae? Jesu o ne a ba bontsha bothata joo fa a ne a nopola mafoko ano a ga moperofeti Isaia: “Ba [obamelela Modimo] lefela, ka e a tle e re ba ruta, dithuto tsa bone e be e le dipolelo tsa batho fela.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Mathaio 15:9; Isaia 29:13.

Ee, ba ne ba tsaya megopolo e e neng e tswa mo bathong kana, se se maswe le go feta, e e neng e tswa mo badimoneng, ba e tsenya mo boemong jwa boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong. Ka sekai, Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 506, e tlhalosa jaana: “Ka nako eo Bafarisai ba ne ba ruta gore fa motho a ne a bolela gore dithoto tsa gagwe ke ‘korebana,’ kana a re ke mpho e e neetsweng Modimo, o ne a ka se ka a di dirisa go tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, go sa kgathalesege gore ba ne ba ka tlhoka go le kana kang, le mororo a ne a ka kgona go dirisa dithoto tseo ka boene go fitlha a swa fa a ne a batla go dira jalo.” Botlhale jwa motho jo bo neng jwa leswefatsa metsi a boammaaruri bo ne jwa nna le diphelelo tse di bosula mo bomoyeng jwa Bajuta. E bile bontsi jwa bone bo ne jwa tlogela Mesia yo ba neng ba sa le ka ba mo solofetse.

Labokeresete o Oketsa Leswe

Go koafala semoyeng mo go ntseng jalo go ne go le teng morago ga loso lwa ga Jesu. Batho ba le bantsi ba ba neng ba bolela gore ke balatedi ba gagwe ba ne ba dira gore ngwao e e sa kwalwang e laole dithuto tse disha. Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature ka McClintock le Strong e bolela go re, batho bangwe ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba dumela gore ngwao eo e ne e le “thuto e e neng e boleletswe dikereke tsa ntlha tsa Bokeresete ke baaposetoloi, mme ya nna ya fetisiwa go tloga mo motlheng wa baaposetoloi, mme e ntse e sa tswakanngwe le sepe go fitlha mo motlheng wa bone.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Tota bontsi jwa dingwao tseno bo ne bo se phepa, e le megopolo e e phoso. Fela jaaka Cyclopedia e tlhalosa, difilosofi tseno tse disha di ne di “sa farologane le dingwao tse dingwe fela, mme gape di ne di farologana le yone mekwalo ya baaposetoloi e ba neng ba na le yone tota.” Tota go ne go lebeletswe gore seno se diragale. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisitse Bakeresete jaana: “Lo itise e se be kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Gape, gompieno dilo di le dintsi tse di dumelwang tsa dingwao di ‘farologane le yone mekwalo ya baaposetoloi tota.’ Labokeresete o tsentse botlhole mo metsing a boammaaruri ka megopolo e mentsi e e tlhotlheleditsweng ke badimona, e e jaaka Tharonngwe, molelo wa dihele, go sa sweng ga moya wa motho, bosetšhaba le kobamelo ya medimo ya disetwa.a (1 Timotheo 4:1-3) Ditiragalo di supela gore batho ba ba neng ba ineela mo dithutong tsa badimona tse di neng tsa nna dithuto tsa ngwao ya Labokeresete ba ne ba koafala semoyeng.—Bapisa Isaia 1:4-7.

Tota e bile, go leswafatsa boammaaruri ka tsela eo go sa le ka go le teng go tloga kwa tshimologong ya motho. Satane o tsweledisitse mokgwa o a neng a o simolola kwa Etena wa go tsenya botlhole mo megopolong ya batho ka maaka le ka tsietso. (Johane 8:44; 2 Bakorinthe 11:3) Jaaka batho ba ne ba anama le lefatshe morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, kitso e kgolo ya batho ba ditso tsotlhe e ne ya tsenngwa botlhole ka boomo ka difilosofi le dikgopolo tse di tlhotlheleditsweng ke badimona.

Diphelelo Tsa go Leswefala Semoyeng

Ke kotsi efe e e ka bakiwang ke go leswafala semoyeng jalo? Re ka go bapisa le diphelelo tsa metsi a a leswe mo boitekanelong jwa rona jwa mmele. Moitse mongwe o bolela jaana: “Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 200 ba bolawa ke bolwetse jwa schistosomiasis (e leng belihasia) [bolwetse jwa snail fever, jo bo dirwang ke metsi a a leswe a a tsenang mo letlalong la motho jo bo bakang anemia, ditlhabi, go sa tsoga sentle fela, le loso tota]. Makgolo a matlhano a dimilione tsa batho a na le bolwetse jwa trachoma, jo gantsi bo bakang bofofu, ka ntlha ya go tlhapa ka metsi a a leswe. . . . Batho ba ka nna dikete tsa dimilione tse pedi ga ba na metsi a a siametseng go nowa.” (Our Country, the Planet) Dimilione tsa batho di ntse di koafala semoyeng, di foufala, e bile di swa ka ntlha ya go latela dingwao tse di leswefaditsweng ka dithuto tsa maaka, le tsa badimona.—1 Bakorinthe 10:20, 21; 2 Bakorinthe 4:3, 4.

Ka sekai, batho ba le bantsi ba etsaetsega kana ga ba kgone go lemoga kamano e e leng teng fa gare ga ga Jesu Keresete le Rraagwe, Jehofa Modimo. Batho bangwe ba ba neng ba bolela gore ke Bakeresete ba ne ba tlwaela go tlogela leina la Modimo le le boitshepo, Jehofa, mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete. George Howard o bolela jaana mo makasineng wa Journal of Biblical Literature: “Go tlogelwa ga Thaterakera[matone], go ya ka fa re bonang ka teng, go ne ga dira gore Bakeresete ba bogologolo ba Baditšhaba ba se ka ba tlhola ba itse gore ‘Morena Modimo’ le ‘Morena Keresete’ ba amana jang.”

A o ko o akanye gape ka ketsaetsego e e leng teng, tumelobotlhodi le go boifa mo go bakiwang ke ngwao e e seyong mo Dikwalong ya gore moya wa motho ga o swe. (Bapisa Moreri 9:5; Esekiele 18:4.) Ke batho ba le kae ba ba leng mo bokgobeng jwa kobamelo ya bagologolwane kana ba ba nnang ba tshogile ka dinako tsotlhe gore baswi ba tla boa ba tla go ba gobatsa? Tumelo eno e ile ya ba ya kgothaletsa batho gore ba ipolaye le go bolaya ba bangwe.

Bajapane ba le bantsi ba dumela gore fa ba swa meya ya bone e tla boa e kopana gape morago ga loso. Ka gone, batsadi bangwe ba ba ipolayang ba ne ba akanya gore go botoka thata gore ba bolaye le bana ba bone. An English Dictionary of Japanese Ways of Thinking e tlhalosa jaana: “Ga se gantsi go ipolaya go nyadiwang kwa Japane, mme ka dinako tsotlhe go tsewa e le tsela e e amogelwang ya go kopa maitshwarelo fa motho a dirile phoso e e masisi . . . Tota le malapa a a ipolayang a begwa go dirisiwa mafoko a a bontshang kutlwelobotlhoko.”

Tlhatlhoba Dingwao

Ke eng se re tshwanetseng go se dira ka ntlha ya dikotsi tse di nnang teng fa motho a dumela mo ngwaong le mo mekgweng mengwe a sa lemoge? Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Johane o ne a gakolola Bakeresetekaene jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe fela, mme lo tlhotlhomise mewa, [fela jaaka o ka leka metsi gore a phepa] bo ke ya Modimo; ka baperofeti ba le bantsi ba e seng bone ba tswetse mo lefatsheng.” (1 Johane 4:1; bona gape 1 Bathesalonika 5:21.) O ka itse jang gore ngwao e kotsi? O tlhoka gore o neelwe taolo nngwe, molaomotheo wa bophepa, gore o tlhatlhobe se o se dumelang.

Baebele e na le taolo eo. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Gape o ne a bolela jaana: “Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:23) O tla bona metsi a a phepa a boammaaruri ka go dirisa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e seng metsi a a leswe a filosofi ya batho le ya badimona.—Johane 8:31, 32; 2 Timotheo 3:16.

Gakologelwa gore le tsone dilo tse dipotlana tse di leswefatsang di ka nna le diphelelo tse di kotsi. Ka dinako tse dingwe go ka feta dingwaga pele diphelelo tsa teng di bonala. Shridath Ramphal, yo pele e neng e le poresidente ya World Conservation Union o bolela jaana: “Metsi a a leswe ke one a a bolayang batho thata mo lefatsheng. Mo e ka nnang batho ba le dikete tse masomeamabedi le botlhano ba swa ka go bo ba dirisa metsi a a leswe letsatsi le letsatsi.” Dingwao tse di kgotletsweng semoyeng di kotsi le go feta.

A o pelokgale mo o ka kgonang go tlogela go dumela dingwao tse o ka tswang o ne wa di latela ka dingwaga di le dintsi fa go bonala gore di thulana le boammaaruri? Reetsa ditlhagiso. Itshireletse o bo o sireletse lelapa la gago ka go tlhomamisa gore dingwao tsa lona di dumalana le Lefoko le le itshekileng la Modimo la boammaaruri.—Pesalema 19:8-11; Diane 14:15; Ditiro 17:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona buka ya Go Fetolana ka Dikwalo go bona bosupi jwa gore dithuto tse di ntseng jalo ga di tswe mo Baebeleng. Buka eno e gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Lefoko la Modimo le tshwana le noka e e nang le metsi a a phepa, a a itshekileng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela