A o Ka Dumela Baebele?
BATHO ka bontsi ba sa ntse ba dumela mo Baebeleng, tota le mo lefatsheng leno la segompieno. Ka sekai, mo patlisisong nngwe ya bosheng ya Gallup ya Baamerika, batho ba le diperesente tse 80 ba ne ba bolela fa ba dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Le fa e ka tswa e le gore mo lefelong la gaeno go na le palo e kgolo jalo ya ba ba e dumelang kana nnyaa, ga go pelaelo gore badumedi ba ba ntseng jalo ba lebeletse gore ba rutiwe Baebele kwa kerekeng. Mme gantsi ga ba e rutiwe. Ka sekai, akanya ka thuto ya go tlhokofadiwa ga moya morago ga loso.
A go rutiwa ka pakatori kana ka molelo wa dihele gope fela mo Baebeleng? Gompieno, bakanoki ba le bantsi ba Labokeresete ba tla araba ka gore nnyaa. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Mafoko a makgaolakgang ke gore, thuto ya Katoliki ya pakatori e theilwe mo ngwaong e seng mo Dikwalong Tse di Boitshepo.” A Dictionary of Christian Theology e akgela jaana malebana le dihele: “Mo [Tesetamenteng] e [Ntšha] ga go na gope mo molelo wa dihele e neng e le karolo ya thero ya bogologolo teng.”
Tota e bile, bosheng jaana bakaedi ba Kereke ya Engelane ba ne ba gakgamatsa bontsi jwa batho fa ba ne ba akantsha gore go phimolwe thuto ya dihele gotlhelele. Dr. Tom Wright, yo e leng mookamedi wa Kerekekgolo ya Litchfield, o bolela gore kgopolo ya nako e e fetileng kaga dihele, “e dirile gore batho ba tseye Modimo a le setlhogo thata e bile e tlogetse mabadi a a sa foleng mo ditlhaloganyong tsa batho ba le bantsi.” Pego ya bakaedi bao e ile ya tlhalosa dihele e le selo “se gotlhelele se seng gone.”a New Catholic Encyclopedia le yone e bolela jaana malebana le pono ya Bakatoliki: “Thutabodumedi ya segompieno e tlhalosa kgang ya dihele e le go ikgaoganya le Modimo.”
Tota se Baebele e se rutang malebana le moya se thulana le dithuto tsa pakatori le molelo wa dihele. Gantsi Baebele e bua ka meya e e swang. “Moya o o leofang—go tla swa one.” (Esekiele 18:4; bapisa dithanolo tsa King James le Douay ya Katoliki.) Go ya ka Baebele, baswi ga ba utlwe sepe, ga ba utlwe botlhoko. “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe.” (Moreri 9:5) Tsholofelo e e mo Baebeleng ka baswi ke ya gore ba tla tsosiwa mo isagweng. Fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro a swa, Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko. Kgaitsadie Lasaro e bong Maratha o ne a bontsha fa a na le tsholofelo e go rutiwang ka yone mo Baebeleng fa a ne a bolela jaana: “Ke a itse gore o tla tsoga ka tsogo ya baswi mo letsatsing la bofelo.” Fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo baswing, o ne a tlhomamisetsa batho tsholofelo eo.—Johane 5:28, 29; 11:11-14, 24, 44.
Borahisitori ba tlhalosa gore thuto ya gore motho o na le moya o o sa sweng o o kgaoganeng le mmele, ga e tswe mo Baebeleng go na le moo e tswa mo botlhajaneng jwa Segerika. New Catholic Encyclopedia e bolela gore Bahebera ba bogologolo ba ne ba sa akanye ka motho a na le mmele wa nama le moya o o sa bonaleng. E bolela jaana malebana le se Bahebera ba se dumelang: “Fa moya wa botshelo o tsena mo mothong wa ntlha yo Modimo a mmopileng ka mmu, o ne a nna ‘motho yo o tshelang’ (G[enesise] 2.7). Ba ne ba sa tseye loso e le selo se se kgaoganyang dikarolo dingwe mo mothong tse di sa tshwaneng, jaaka go ntse ka botlhajana jwa Segerika; moya wa botshelo o a tswa mme motho o sala e le ‘motho yo o sa tsheleng’ (L[efitiko] 21.11; D[ipalo] 6.6; 19.13). Mo maemong ano otlhe lefoko ‘motho’ le emela lefoko la Sehebera [neʹphesh] le gantsi le ranolwang e le ‘moya’ mme totatota le kaya motho.”
Yone saetlopedia eo e bolela gore bosheng jaana bakanoki ba Katoliki “ba ile ba bolela gore [Tesetamente] e [Ntšha] ga e rute gore moya ga o swe go ya ka tsela ya Tlhotlheletso ya Segerika.” E konela jaana: “Tsela ya makgaolakgang ya go rarabolola bothata jono ga se ka diphopholetso tsa botlhajana mme ke ka mpho ya Tsogo ya Baswi e e tla tlang ka mongwe yo o fetang motho ka maatla.”
Baebele Kana Ngwao?
Gone mme, dikgopolo tse di sa tsweng mo Baebeleng di ile tsa tsena jang mo thutong ya kereke? Dikereke di le dintsi di bolela gore Baebele ke kaelo ya tsone e kgolo. Ka sekai, maloba jaana Mopapa John Paul II o ne a bolela gore go tlhokega gore “baikanyegi ba tseye [Dikwalo] di le boammaaruri e bile e le tsone motheo wa tumelo ya rona.” Le fa go ntse jalo, gompieno batho ka kakaretso ba a itse gore dithuto tsa Labokeresete ga di tshwane le tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Dikereke di le dintsi di tsaya gore diphetogo tseno ke tsela ya go tlhabologa ga thuto ya kereke kgato ka kgato. Mo godimo ga moo, Kereke ya Katoliki e tsaya gore ngwao ya kereke e na le maatla a a tshwanang le a Dikwalo. New Catholic Encyclopedia e bolela gore kereke e “dumela gore Dikwalo ka botsone fela ga di boammaaruri kwantle ga ngwao mme ngwao le yone ga e boammaaruri ka boyone fela kwantle ga Dikwalo.”
Go ya ka hisitori, dikereke di ile tsa emisetsa dithuto tsa Dikwalo ka dithuto tse di theilweng mo ngwaong. Tota e bile, dikereke tse dintsi di dumela gore dithuto tsa Baebele di phoso. Ka sekai, New Catholic Encyclopedia e bolela gore go “phepafetse gore dipolelo tse dintsi tse di tswang mo Baebeleng ga di boammaaruri fa di sekasekwa go ya ka kitso ya segompieno ya saense le hisitori.” E oketsa jaana fa e bua ka thuto ya Baebele ya gore baswi ga ba ikutlwe: “Tota le mo dikgannyeng tsa bodumedi, [Tesetamente] e [Kgologolo] e senola go nna le kitso e e tlhaelang . . . malebana le botshelo morago ga loso.” Saetlopedia eno e umaka Pesalema 6:5 (mo Dibaebeleng tse dingwe ke temana 6) e le sekai sa seno: “Gonne mo losong ga o umakiwe; mo Bobipong [kana Hadese] e mang yo o tla go bakang?” Diseminari dingwe le dikholetšhe tsa Porotesetanta ga di tlhole di ruta gore Baebele ga e na diphoso. Kafa letlhakoreng le lengwe, Kereke ya Katoliki e dumela gore e na le taolo ya go ruta e ka yone e ka tlhalosang dithuto tsa Baebele. Mme gone, o ka ipotsa gore, ‘Go tweng fa ditlhaloso tseo di bonala di sa dumalane le Dikwalo?’
Botlhokwa Jwa Dikwalo
Jesu o ne a umaka Dikwalo gangwe le gape e le tsone motheo wa se a se buang, gantsi a simolola mafoko a gagwe ka go bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe.” (Mathaio 4:4, 7, 10; Luke 19:46) Ee ruri, fa Jesu a ne a bua ka boemo jwa motho jwa lenyalo, ga a ka a dirisa ditlhaloso tsa botlhajana jwa Segerika, mme o ne a dirisa pego ya Genesise ya popo. (Genesise 1:27; 2:24; Mathaio 19:3-9) Ga go na pelaelo gore Jesu o ne a tsaya Dikwalo di tlhotlheleditswe ke Modimo e bile di le boammaaruri. Fa a ne a rapela Modimo, o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.”—Johane 17:17.b
Baebele e bega jaana malebana le kafa Jesu a neng a kgalemela baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka teng: “Ka botlhajana lo beela kwa thoko taolo ya Modimo e le gore lo tshegetse ngwao ya lona. . . . Ka gone lo dira lefoko la Modimo lefela ka ngwao ya lona.” (Mareko 7:6-13) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a gana go ineelela go tswakanya botlhajana jwa Segerika kana dingwao tse di sa siamang le dithuto tsa gagwe. O ne a tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka thopo ya gagwe ka botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.” (Bakolosa 2:8; 1 Bakorintha 1:22, 23; 2:1-13) Go ne go na le dingwao kana dithuto dingwe tse Paulo a neng a kgothaletsa Bakeresete gore ba di boloke mme di ne di theilwe mo Dikwalong e bile di dumalana sentle le tsone. (2 Bathesalonika 2:13-15) Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola . . . gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.”—2 Timotheo 3:16, 17.
Paulo o ne a bonela pele gore batho ba tla fapoga Dikwalo. O ne a tlhagisa Timotheo jaana: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanedisang, . . . mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring.” O ne a kgothaletsa Timotheo jaana: “Mme wena, nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe.” (2 Timotheo 4:3-5) O ne a tla dira seo jang? Tsela e nngwe ke ka go nna le “mogopolo o o tsalegileng bogolo.” Thanolo nngwe ya Segerika e tlhalosa polelwana eno ya Baebele e le “go rata go ithuta le go sekaseka selo sentle.” Luke o ne a dirisa polelwana eno go tlhalosa tsela e bareetsi ba ga Paulo ba Berea wa lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba le ka yone. Dithuto tsa ga Paulo di ne di le disha mo go bone mme ba ne ba sa batle go tsiediwa. Fa Luke a ba akgola o ne a kwala jaana: “[Baberea] ba ne ba na le mogopolo o o tsalegileng bogolo go gaisa ba ba kwa Thesalonika, gonne ba ne ba amogela lefoko ka phisego e kgolo thata ya mogopolo, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” Go nna le mogopolo o o tsalegileng bogolo go ne go sa bolele gore Baberea ba ne ba tletse dipelaelo, ba etsaetsega go dumela sengwe le sengwe. Go na le moo, matswela a go bo ba ne ba batlisisa ka boikanyegi e ne ya nna gore “ba le bantsi ba bone ba ne ba nna badumedi.”—Ditiro 17:11, 12.
Melemo ya go Tshela Go ya Ka Baebele
Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itsege ka go latela ga bone Baebele le lorato lwa bone lwa go intsha setlhabelo. Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba le bantsi ba na le “sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Timotheo 3:5) Mofuta ope fela wa Bokeresete jwa segompieno jo bo sa tsamaisaneng le jwa ntlhantlha o ka se ka wa kgona go tlhotlheletsa batho go nna molemo mo matshelong a bone. A seno se ka thusa go tlhalosa lebaka la go bo re bona bontsi jwa mafelo a Labokeresete a tlala ka thubakanyo, boitsholo jo bo sa siamang, go thubega ga malapa, le go rata dikhumo? Mo dinageng dingwe tsa “Bokeresete” go nna le dintwa tsa merafe tse di setlhogo tota le e leng mo bathong ba bodumedi jo bo tshwanang.
A go nna le mogopolo o o tsalegileng bogolo ga Baberea go fedile? A go na le setlhopha sengwe gompieno se se dumelang le go tshela tumalanong le Baebele?
Encyclopedia Canadiana e bolela jaana: “Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ke go tsosolosiwa le go tlhomiwa sesha ga Bokeresete jwa bogologolo jwa ga Jesu le barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga la motlha wa rona.” Fa New Catholic Encyclopedia e bua ka Basupi ya re: “Ba tsaya Baebele e le yone fela motheo wa tumelo ya bone le wa boitsholo jwa bone.”
Ga go pelaelo gore leno ke lone lebaka le legolo la go bo Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba itsege e le batho ba ba gatelang pele mo semoyeng ba ba nang le kagiso le ba ba itumetseng. Ka jalo re kgothaletsa babadi ba rona gore ba ithute go le gontsi ka dithuto tsa Baebele tse di molemo tsa semoya. Go itse go le gontsi go ka thusa motho go ikanya Baebele thata le go nna le tumelo e kgolwane mo Modimong. Melemo e e nnelang ruri ya go nna le tumelo e e ntseng jalo ga se matsapa a lefela.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a National Public Radio—“Morning Edition”
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa Baebele e ikanyegang ka teng, bona boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Moaposetoloi Paulo le ba bangwe ba ne ba rera mo marekisetsong
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Basupi ba ga Jehofa “ba tsaya Baebele e le yone fela motheo wa tumelo ya bone le wa boitsholo jwa bone”