Dingwao tsa Bodumedi—A ke go Obamela Modimo ka Boammaaruri?
“SALGA, salga, salga” (“Tlaa kwano, tlaa kwano, tlaa kwano”). Leo ke lentswe le le hutsafetseng go tswa mo mabitleng a a lefifi kwa setlhaketlhakeng sa Janitzio kwa Lake Pátzcuaro, kwa Mexico. Ke koo Mo-India wa Mo-Tarasca a rapelang mongwe wa losika yo o tlhokafetseng ka thapelo e e kwadilweng. “A Rosari e e Boitshepo e kgaole dikgole tse di go bofileng,” o kopa jalo.
Ke Letsatsi la Baswi. Go tloga fela ka makuku, basadi le bana ba ne ba setse ba kgabisitse mabitla a balosika ka dithunya le dikota tse di kgabisitsweng. Ba beile dimpho tsa maungo le dikuku fa pele ga mabitla. Jaanong ba raletse bosigo jo ho tsididi go isa dithapelo tsa bone kana go tshwara ditebelelo mo leseding la diketekete tsa dikerese tse di neng di tshubetswe baswi.
Seo se lebegang se gakgamatsa ebile se sa tlwaelesega go mongwe yo o sa itseng ke seo mo bathong bano e leng ngwao ya bogologolo: Moletlo wa Makatoliki wa All Souls’ Day. Mo mafatsheng a mantsi a Latin America, ngwao eno e pateletsa diketekete tsa badumedi go thelesegela kwa mabitleng le go neela baswi ba bone dithapelo tse di kwadilweng le dimpho.
Latin America gape e na le dingwao di le dintsinyana tsa ditshwantsho tsa bodumedi. Ditshwantsho tsa ga Keresete le Maria di fitlhelwa gongwe le gongwe, mo magaeng le mo mabenkeleng a mantsi. Fa o tsena mo beseng o tla fitlhela ditshwantsho tse dintsi tse dinnye le tse dikgolo tsa ga Maria di pegilwe fa godimo ga setulo sa mokgweetsi. Ditshwantsho tsa ga Maria, tse di tshwantshitsweng ka mebala e e galalelang le mabone a mebalabala mo boemong jwa dikerese gantsi di bewa go lebagana le phasiki e e fa gare ga bese.
Kwa Colombia ditshwantsho tse dikgolo tsa ga Keresete le Maria di beilwe mo ditlhoeng tse di kwa godimo tsa dithaba go lebagana le metsemegolo e le mentsi. Go na le kereke e e tletseng ditshwantsho tse di tlotliwang thata kwa godimo ga setlhoa se se itsegeng thata sa Monserrate. Mo dibekeng tse di kgethegileng tse di boitshepo, diketekete tsa baagi ba Bogotá di palamela kwa godimo ga lentswe leo, bangwe ba gogoba ka mangole a a kgobogileng e bile a tswa madi.
Ditshwantsho, difapaano, mediro—tseno ke karolo ya dingwao tsa bodumedi tseo di fetogileng tsela ya batho ya botshelo mo lefatsheng lotlhe. Dingwao tseno di ne di ntse di dirwa go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya mo go e nngwe, mme batho ba di leba di le boitshepo.
A ke go Obamela ka Boammaaruri?
Lefa ba le bantsi ba itumelela go latela dingwao tseo kwantle ga ketsaetsego, mo Bakereseteng ba bantsi dingwao tseno ke sengwe se se tlhakanyang tlhogo. Mo godimo ga tseo tsotlhe, e ne e le Jesu Keresete ka boene yo o neng are: ‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka Moya le ka boammaaruri.’ (Yohane 4:23) Lefa go le jalo, dingwao di le dintsi tsa bodumedi di tswa go mediro ya bodumedi e e seng ya Bokeresete, kana, ka tsela e e gakgamatsang, di tshwana thata le yone. Ka sekai, AlI Souls’ Day e tshwana fela le modiro wa Ba-Buda wa “Ullambana,” eleng letsatsi le le beetsweng kwa thoko go “utlwela bagologolwane ba ba suleng botlhoko le go golola meya ya bone mo kgolegelong ya lefatshe leno.” (The New Encyclopædia Britannica, kgatiso ya 1976, Micropredia, Volume 1, tsebe 260) A batho ba ba latelang dingwao tseo eleruri ba obamela ka boammaaruri?
Bangwe ba tatalalela gore go bo kereke e amogela dingwao tseno go kaya gore di siame. Second Vatican Council e ne ya bua jaana ka 1965: “Kereke ga e tseye tlhomamiso ya dilo tse di senotsweng fela go tswa mo Dikwalong tse di boitshepo. Ka jalo dingwao tse di boitshepo le Dikwalo tse di boitshepo di tshwanetswe go amogelwa le go tlotliwa ka boineelo jo bo tshwanang le thapelo.”
Lefa go le jalo, go tweng he, fa dingwao tse di itiretsweng ke batho di sa dumalane le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo? Go araba seno, a re ko re sekasekeng dingwao tseno thata go ya kafa kgakololong ya Dikwalo.