LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 22
  • Iketleeletse Letsatsi la ga Jehofa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Iketleeletse Letsatsi la ga Jehofa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Akgola le go Kgothatsa
  • Nnang Lo Tsogile Semoyeng!
  • Buka ya Bibela ya bo 52—1 Bathesalonia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Nna o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Buka ya Bibela ya bo 53—2 Bathesalonia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Lo Se Ka Lwa Lapa mo go Diheñ Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 22

Iketleeletse Letsatsi la ga Jehofa!

Dintlhakgolo go tswa go Bathesalonia wa Ntlha

LETSATSI la ga Jehofa! Bakeresete ba kwa Thesalonika wa bogologolo ba ne ba akanya gore le ne le setse le atametse. A ba ne ba bua boammaaruri? Le ne le tla tla leng? Eo ke nngwe ya dikgang tse di botlhokwa thata tseo moaposetoloi Paulo a neng a bua ka tsone mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha lo a neng a lo kwalela Bathesalonia, le le neng la romelwa go tswa kwa Korintha mo e ka nnang ka ngwaga wa bo 50 wa Motlha wa rona O O Tlwaelegileng.

Paulo le Silase ba ne ba tlhoma phuthego kwa Thesalonika, eo e neng e le koo porofensi ya Roma ya Makedonia e neng e laolwa go tswa gone. (Ditihō 17:1-4) Moragonyana, mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha lwa Bathesalonia, Paulo o ne a ba kgothatsa, a bo a tlotla ka letsatsi la ga Jehofa. Lokwalo lono le rona lo ka re solegela molemo, segolobogolo ka letsatsi la ga Jehofa le le gaufi jaana.

Akgola le go Kgothatsa

Sa ntlha, Paulo o ne a akgola Bathesalonia. (1:1-10) Ba ne ba tshwanetse go akgolelwa go dira ga bone ka boikanyegi le go itshoka ga bone. Ba ne ba tshwanetse go akgolelwa gape gore ba “amogetse lehoko mo pogishoñ e kgolo, mmōgō le boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō.” A o akgola ba bangwe jaaka Paulo a ne a dira?

Moaposetoloi o ne a tlhomile sekao se se molemo. (2:1-12) Lemororo a ne a tshwarwa makgwakgwa kwa Filipi, o ne a ‘shoshologela mo Modimong go bua mafoko a a molemo’ le Bathesalonia. O ne a ile a tila go itlotlomatsa ka tsela e e sa tshwanelang, bogagapa, le go batla go galalediwa. Paulo ga a ka a nna morwalo a batla dilo tse di kwa godimo mme o ne a le bonolo mo go bone jaaka moamusi a ka nna ka ngwana wa gagwe. Abo seo e le sekao se sentle jang ne mo bagolwaneng gompieno!

Mafoko a a latelang a ga Paulo a ne a kgothatsa Bathesalonia go nna ba nonofile fa ba bogisiwa. (2:13–3:13) Ba ne ba itshoketse go bogisiwa ke batho ba naga ya bone, mme Timotheo o ne a tletse Paulo pego e e molemo tota kaga boemo jwa bone jwa semoya. Moaposetoloi o ne a rapela gore lorato lwa bone lo tote le gore dipelo tsa bone di nonotshiwe. Ka mo go tshwanang, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba rapelela badumedi ba bangwe ba ba bogisiwang, ba ba kgothatsa fa go kgonega, mme ba a itumela fa ba begelwa ka go ikanyega ga bone.

Nnang Lo Tsogile Semoyeng!

Morago Bathesalonia ba ne ba newa kgakololo. (4:1-18) Ba ne ba tshwanetse go tsamaya ka botlalo mo tseleng e e itumedisang Modimo, ba supa lorato lo lo oketsegileng lwa bokaulengwe mme ba dira ka diatla tsa bone go bona dilo tse ba di tlhokang. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanetse go gomotsana ka tsholofelo ya gore fa Jesu a setse a le gone badumedi ba ba tsetsweng ka moya ba tla tsosiwa pele mme ba kopanngwe le ene. Morago ga foo, batlodiwa ba ba tla bong ba santse ba tshela fa ba swa ba ne ba tla tsosediwa go ya go kopana le Keresete mmogo le bao ba tla bong ba setse ba tsoseditswe kwa botshelong jwa selegodimo.

Morago Paulo o ne a tlotla ka letsatsi la ga Jehofa a bo a ba naya kgakololo e nngwe gape. (5:1-28) Letsatsi la ga Jehofa le ne le tla jaaka legodu, ka tshenyego ya tshoganyetso fela fa go sena go tlhaelediwa jaana: “Kagishō le thagamō.” Ka jalo Bathesalonia ba ne ba tshwanetse go nna ba tsogile semoyeng, ba sireleditswe ke letlatla la sehuba la tumelo le lorato le tsholofelo ya poloko e e jaaka tlhoro ya phemelo. Ba ne ba tshwanetse go tlotla bao ba okametseng phuthego mme ba ne ba tshwanetse go ithiba mo boikepong fela jaaka le rona re tshwanetse go dira.

Lokwalo lwa ntlha lwa ga Paulo le le yang kwa go Bathesalonia lo tshwanetse go re dira gore re akgole le go kgothatsa badumedi ka rona. Gape le tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re tlhome sekao ka boitsholo le ka boikutlo jwa rona. Mme eleruri kgakololo ya lone e ka re thusa gore re iketleeletse letsatsi la ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Letlatla la Sehuba le Tlhoro ya Phemelo: Paulo o ne a kwala jaana a ba kgothaletsa go nna ba tsogile: “A re nneñ boitekanèlō, re apere letlatla ya sehuba ya tumèlō le loratō; me a cholohèlō ea polokō e nnè eōna tlhoro ea phemèlō.” (1 Bathesalonia 5:8) Letlatla la sehuba le ne le sireletsa lesole le le apereng diaparo tsa go itshireletsa mo sehubeng, le ne le na le makakaba, diketane, kana tshipi e e thata. Ka mo go tshwanang letlatla la sehuba la tumelo le lone le re sireletsa semoyeng. Mme go tweng ka tlhoro ya phemelo ya bogologolo? Gantsi e ne e dirwa ka tshipi, mme e ne e le seaparo sa bosole sa mo tlhogong seo se neng se diretswe go sireletsa motho fa ntwa e lowa. Fela jaaka tlhoro e ne e sireletsa tlhogo ya lesole, ka jalo tsholofelo ya poloko e sireletsa maatla a rona a go akanya, ka gone e kgonisa Mokeresete go boloka bothokgami. Abo go le botlhokwa jang ne gore batho ba ga Jehofa ba apare ditlhabano tse di ntseng jalo tsa semoya!—Baefeso 6:11-17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela