Nna le Tumelo le Segakolodi Se Se Molemo
Dintlhakgolo go Tswa go Timotheo wa Ntlha
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a tlhagisa bagolwane ba phuthego ya Efeso mo e ka nnang ka ngwaga wa 56 C.E. gore go ne go tla tsoga “diphiri tse di setlhogo,” mo gare ga bone mme di ne di ‘tla bua dilo tse di sokameng go itshadisa barutwa morago.’ (Ditihō 20:29, 30) Mo dingwageng di le mmalwa fela, dithuto tsa botenegi di ne di setse di tseneletse mo Paulo a neng a kgothatsa Timotheo gore a lwe ntwa ya semoya mo phuthegong gore e nne e ntse e le phepa le go thusa badumedi ba bangwe go nna mo tumelong. Leo ke lone lebaka le legolo la go bo Paulo a ne a kwalela Timotheo lokwalo lwa gagwe la ntlha a le kwa Makedonia mo e ka nnang ka 61-64 C.E.
Timotheo o ne a newa ditaolo kaga ditiro tsa mogolwane, le boemo jo basadi ba bo laoletsweng ke Modimo, dilo tse di tlhokwang mo bagolwaneng le mo batlhankeng ba bodihedi, le ka dikgang tse dingwe. Ditaolo tseo di mosola le mo go rona gape gompieno.
Go Kgothalediwa Tumelo
Paulo o ne a simolola ka kgakololo ya go nna le tumelo le segakolodi se se molemo. (1:1-20) O ne a kgothaletsa Timotheo go nama a ntse mo Efeso le gore a “laeè batho bañwe gore ba se ka ba ruta ka thutō e sele.” Paulo o ne a lebogela bodihedi jo a neng a bo neetswe, a dumela gore o ne a ile a dira ka botlhokakitso le ka go tlhoka tumelo fa a ne a bogisa balatedi ba ga Jesu. Moaposetoloi Paulo o ne a laela Timotheo gore a tswelele a ntse a lwa ntwa ya semoya, a “tshegeditse tumèlō le segakolodi se se molemō” mme a se ka a nna jaaka bao ba neng ba “sala ba senyèga kaga tumèlō.”
Kgakololo Kaga Kobamelo
Morago, Paulo o ne a ntsha kgakololo jaaka “moruti oa Badichaba mo tumeloñ le mo boamarureñ.” (2:1-15) Go ne go tshwanetse gore go rapelelwe bao ba neng ba na le maemo a a kwa godimo gore Bakeresete ba kgone go tshela ka kagiso. Modimo o rata gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe, mme thuto ya botlhokwa ke gore Keresete ‘o intshitse go nna thekololo ya botlhe.’ Paulo o ne a bontsha gore mosadi o tshwanetse go nna boikokobetso mme a se ka a laola monna.
Phuthego e tshwanetse go rulaganngwa sentle. (3:1-16) Ka jalo Paulo o ne a bolela dilo tse di tlhokwang mo bagolwaneng le mo batlhankeng ba bodihedi. Timotheo o ne a tla itse gore o tshwanetse go itshwara jang mo phuthegong, eo e neng e le “lekotwana le setshegeco sa boamarure,” ka dilo tseo moaposetoloi a neng a di kwadile.
Paulo o ne a naya Timotheo kgakololo ka namana go mo thusa gore a itise kgatlhanong le dithuto tsa maaka. (4:1-16) Moragonyana ba bangwe ba ne ba tla tlogela tumelo. Mme Timotheo o ne a tla ‘ipoloka a bo a boloka le ba ba mo utlwang’ ka go nna a itlhokometse ka metlha ebile a tlhokometse le go ruta ga gagwe.
Timotheo o ne a newa gape le kgakololo ya go dirisana le batho ba bangwe, ba bagolo le ba babotlana. (5:1-25) Ka sekai, go ne go tshwanetse gore go rulaganyediwe batlholagadi ba ba godileng bao ba neng ba itsege e le Bakeresete ba ba molemo. Batlholagadi ba babotlana ba ne ba tshwanetse go nyalwa le go nna le bana go na le gore ba nnele go seba. Banna ba bagolo bao ba neng ba okametse ka tsela e e molemo ba ne ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi.
Poifomodimo le Pelo E E Ritibetseng
Lokwalo lwa ga Paulo lo ne lwa konelwa ka kgakololo e e kaga poifomodimo. (6:1-21) “Poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ” ke papadi e kgolo, mme go batla go huma go felela ka tshenyego le go bola. Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go lwa ntwa e e molemo ya tumelo le go ‘tshwara botshelo jo bo sa khutleng.’ Go kgomarela botshelo joo jwa mmatota, bahumi ba ne ba sa tshwanela go “sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go Bolokiwa Ka go Tshola Bana: Paulo o ne a sa bue ka go bolokelwa mo botshelong jo bo sa khutleng mme o ne a bua ka seabe sa mosadi wa bomodimo fa a ne a kwala jaana: “Me o tla bolokwa ka pèlègō, ha [a] cwèlèla mo tumeloñ le mo loratoñ, le mo boitshepishoñ ka boikgapō.” (1 Timotheo 2:11-15) Mosadi fa a tshola bana, a tlhokomela bana ba gagwe, le go tlhokomela ntlo o ne a tla “bolokwa” gore a se ka a nna mosebi yo o senang tiro le motho yo o itshunyang mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. (1 Timotheo 5:11-15) Ditiro tsa gagwe tsa mo lapeng di ne di tla oketsa tirelo ya gagwe mo go Jehofa. Gone tota, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tlhokomela boitshwaro jwa bone mme ba dirise nako ya bone ka botlhale.—Baefesia 5:15, 16.