LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 2/15 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Batsofe ba Tla bo ba Nna Basha Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tuelo ya ga Jobe—Motswedi wa Tsholofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 2/15 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ Yobe 33:24 e bua ka “thekololō” eo e neng ya bonelwa Jobe, eo e neng e dira gore a se ka a swa. Ke mang yo o neng a tshwanetse a nna thekololo eo e neng e ntshetswa Jobe?

Jobe ga a ka a ntshediwa setlhabelo sepe sa thekololo sa motho ka nako eo, mme Modimo o ne wa bipa, kana wa itshwarela phoso ya ga Jobe.

Satane o ne a bakela Jobe mathata a le mantsi, go akaretsa le “dishō tse di boshula, go simolola ka sebete sa lonaō go ea phugoñ ea gagwè.” Boemo jwa ga Jobe bo ne bo le maswe fela thata mo e leng gore mosadi wa gagwe o ne a mo kgothaletsa gore a “itatolè Modimo, me [a] shwè.” Tota le eleng ene Jobe o ne a ipotsa gore a loso le ne le se botoka go na le pogo.—Yobe 2:7-9; 3:11.

Fa go ne go bonala ekete Jobe a ka nna a swa, Elihu o ne a lekanyetsa boemo jo bo kotsi jwa ga Jobe mme a mo neela motheo wa tsholofelo, a bolela jaana: “Nama ea gagwè e tlhorège, . . . mōea oa gagwè o atamèla kwa moletiñ, le botshelō yoa gagwè kwa disenyiñ. Ha go na le moengele moñwe naè, e le mophutholodi, e le motho a le moñwe hèla mo go ba makgolo a le shomè, gore a kaèlè motho se se mo siametseñ; Hoñ o nna pelo chweu kwa go èna, me o re, Mo gololè, gore a se ka a hologèla mo moletiñ, ke bonye thekololō. Nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana, o tla boèla mo malatsiñ a bokau yoa gagwè.”—Yobe 33:21-25.

Re a itse gore Jesu Keresete o ne a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka motho yo o itekanetseng go nna thekololo e e lekalekanang ya batho ba ba sa itekanelang. Setlhabelo sa gagwe se ne se lekalekanya seo se neng sa latlhegela Adame, a duela tlhotlhwa e e neng e batlega ya go golola batho mo boleong. (Baroma 5:12-19; 1 Timotheo 2:5, 6) Lefa go ntse jalo, mono ga se gone fela fa go buiwang ka “thekololō” gone mo Bibeleng. Lefoko la Sehebera leo le fitlhelwang mo go Yobe 33:24 totatota le bolela “go bipa.” (Ekesodo 25:17) Fa Modimo o ne o dirisana le Iseraela wa bogologolo, o ne a na le thulaganyo ya go bipa, kana go tlosa maleo—ditlhabelo tseo di neng di bipa maleo, di tlhamalatsa dilo fa gare ga batho le Modimo.—Ekesodo 29:36; Lefitiko 16:11, 15, 16; 17:11.

Lefa go ntse jalo, pelenyana, Modimo o ne o rata go amogela ditlhabelo e le dilo tseo di bontshang malebogo kana go kopa go itshwarelwa le go amogelwa. (Genesise 4:3, 4; 8:20, 21; 12:7; 31:54) Jobe o ne a tlhaloganya kafa ditlhabelo tseno di neng di le botlhokwa ka gone. Re bala jaana: “A phakèle, a ise dichupèlō tse di hisiwañ kaha paloñ ea bōnè botlhe [bana ba gagwe]; gonne Yobe a re, E ka re goñwe bomorwaake ba bo ba leohile, me ba itatotsè Modimo mo peduñ tsa bōnè. Yobe a nna a diha yalo ka metlha eotlhe.” (Yobe 1:5) Ereka a ne a leka go itumedisa Modimo ebile go phepafetse gore o ne a utlwa botlhoko ka ntlha ya boleo bongwe jo bo dirilweng, ditlhabelo tsa gagwe di ne di na le botlhokwa mo matlhong a Modimo.—Pesalema 32:1, 2; 51:17.

Mme moragonyana Jobe o ne a lwala bolwetsi jo bo neng bo lebega bo tshosetsa botshelo jwa gagwe. Ebile gape o ne a leba tshiamo ya gagwe ka tsela e e phoso, ka jalo o ne a tlhoka go siamisiwa, eleng selo seo Elihu a neng a se dira. (Yobe 32:6; 33:8-12; 35:2-4) Elihu o ne a bolela gore Jobe o ne a sa tshwanela go tswelela a le mo boemong jwa gagwe jo bo bosula go fitlhelela a tsena mo losong le mo phuphung (Sheol, kana lebitla le le tlwaelegileng). Fa e le gore Jobe o ne a ka ikotlhaya, “thekololō” e ne e tla bonwa.—Yobe 33:24-28.

Ga re a tshwanela go akanya gore ka “thekololō” eo Elihu o ne a bolela ka motho mongwe ka nako eo yo o neng a ka swela Jobe. Ka ntlha ya ditlhabelo tseo baobamedi ba boammaaruri ba neng ba tlwaetse go di ntsha, mofuta wa setlhabelo seo Elihu a neng a bua ka sone mo kgannyeng ya ga Jobe e tshwanetse ya bo e ne e le setlhabelo sa phologolo. Ka mo go kgatlhisang, moragonyana Modimo o ne wa bolelela ditsala tse tharo tsa ga Jobe tse di ganetsang jaana: “Lo ikisetsè chupèlō e e hisiwañ; me Yobe motlhanka oa me o tla lo rapèlèla.” (Yobe 42:8) Go sa kgathalesege gore e ne e tla nna thekololo ya mofuta mang, ntlhakgolo ya ga Elihu e ne e le gore Jobe o ne a tla bipiwa phoso ya gagwe mme a ipelela melemo eo e neng e tla tlisiwa ke seo.

Ke sone seo se neng sa diragala. Jobe ‘o ne a ikwatlhaya a le mo loroleng le molora.’ Mme morago ga moo go ne ga direga eng? “Yehofa a bosa bochwarō yoa [ga Jobe]: Yehofa a ba a okeletsa Yobe ka sebedi bogolo go tse o kileñ a bo a na nacō galè. . . . Me moragō ga mouō Yobe a tshela ka dinyaga di le lekgolo le mashomè manè, me a bōna bomorwawè, le bomorwa bomorwawè, eboñ dikokomana di le nnè.” Gone ke boammaaruri gore thekololo eo ga e a ka ya golola Jobe mo boleong, ka jalo kgabagare o ne a swa. Lefa go ntse jalo, go oketsega ga boleele jwa botshelo jwa gagwe go bontsha gore, ‘nama ya gagwe e ne ya nna nts̆ha go gaisa ya bokau, mme o ne a boela kwa malatsing a gagwe a bosha.’—Yobe 33:25; 42:6, 10-17.

Masego ano ao a neng a nna gone ka ntlha ya go dirisa thekololo e nnye mo go Jobe a re thusa go bonela kwa pele go sa le gale masego a mantsintsi ao a tla tlang mo lefatsheng le lesha a tlela batho botlhe ba ba nang le tumelo. Ka jalo he, molemo o o feletseng wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu o tla nna gone, o tlosetsa ruri ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa boleo le go sa itekanela. Abo re tla bo re na le lebaka le le molemo jang ne la go ‘goa ka boitumelo,’ jaaka fa Elihu a ne a bua!—Yobe 33:26.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela