Kgankgolo Eno ke Eng?
KGANKGOLO e e lebaneng mongwe le mongwe wa rona eno ke eng? A ke go gogomoga ga mawatle le boemo jo bo sa tlhomamang jwa loapi joo bo bakiwang ke go gotela ga lefatshe? A ke go senyega ga ozone, goo go dirang gore re nne mo kotsing ya go fitlhelelwa ke marang a a mogote thata a letsatsi? A ke go ntsifala thata ga baagi, goo go oketsang mathata a mangwe a mo lefatsheng jaaka leuba le bokebekwa? Kana a ke tebelelo ya go senngwa ga dimilione tse di senang palo mo ntweng ya nuklea, eo bafalodi ba tshenyego eo kgabagare ba swang botlhoko ke serame, tlala, kana marang a a bolayang?
Ka 1989 lokwalopaka lwa Scientific American lo ne lwa konela jaana fa lo sena go tlotla ka dintlha tseno le tse dingwe: “Lebaka la go bo ntwa ya nuklea e ka nna ya tlhagoga kwantle ga pelaelo fela ke kotsi e e masisi tota e e tshosetsang . . . botshelo.” A ntwa ya nuklea ke yone kgankgolo e e re lebaneng?
Kgankgolo E E Di Fetang Tsotlhe
Phetogo e e nnileng gone mo maemong a dipolotiki go tloga ka 1989 e dira gore go belaetse gore a ntwa ya nuklea e ka nna gone. Le eleng lefa go ntse jalo, fa dibetsa tsa nuklea di santse di le gone, di tshosetsa batho fela thata. Lefa go ntse jalo, tshedimosetso e e mo go 1990 Britannica Book of the Year e umaka kgang nngwe e e botlhokwa thata. Go ya ka buka eno e e go isang kwa go tse dingwe go bona tshedimosetso, baagi ba ba fetang dimilione di le 230 ba lefatshe ke balatolamodimo. Dibuka tse dingwe di bontsha gore go na le dimilione tse dingwe gape tseo di tlhotlheleditsweng ke boramatlhale ba Botlhaba bao ba latolang bogone jwa Mmopi. Mo godimo ga moo, lemororo ba bangwe ba le dimilione di le makgolokgolo ba dumela gore go na le Mmopi, dikgopolo tsa bone di farologana fela thata. Mme mo makgetlong a mantsi, ditiro tsa bone di tlontlolola Ene yoo ba bolelang fa ba mo obamela.—2 Petere 2:1, 2.
Fa e le gore Modimo o gone—mme tota ebile o gone—eleruri he o tshwanetse a bo a amiwa ke kgankgolo eno e e leng gone gompieno. Ke ka ntlha yang fa a ile a bopa batho? Re na le boikarabelo bofe mo go ene? O tlile go dira eng ka tsela eo motho a senyang lefatshe ka yone? Mme o tlile go dira eng ka tsela eo batho ba bantsi ba mo gwetlhang ka yone ka go gana go dumela mo go ene kana go ineela go dira go rata ga gagwe? Ebile tota, kgankgolo eo e lebaneng mongwe le mongwe wa rona ke ya gore a re amogela kana re gana bolaodi jwa Modimo, ‘yoo eleng ene fela leina la gagwe e leng Jehofa.’—Pesalema 83:18.
Tshimologo ya Lobopo
Ke boammaaruri gore batho ba ba sa dumeleng mo Modimong ga ba tseye boikarabelo jo re nang najo mo go ene jaaka selo sepe se se botlhokwa. Mme mongwe le mongwe yo ka boammaaruri a lebang popego le bontle jwa legae leno la rona la lefatshe o patelesega go dumela gore go tshwanetse ga bo go na le Motlhami mongwe yo mogolo. Ke boammaaruri gore borasaense ba bantsi fa ba tlhalosa dikgakgamatso tsa tlholego tse re tshelang gareng ga tsone ga ba umake Modimo ka gope. Ka sekai, bontsi bo bolela gore lobopo lo ne lwa gola go fitlha lo nna legolo jaaka lo ntse gompieno lo tswa mo selong se sennye tota se sennye go feta tlhogwana ya nnalete, gore le ne la itlhagela fela “ka tlholego,” ka kotsi fela, le sa tlhoke Mmopi ope. Lefa go ntse jalo, moitseanape yo o ithutang ka dilo tsa tlholego, Hanbury Brown, mo bukeng ya gagwe The Wisdom of Science, o dumela jaana morago ga go tlhalosa kgopolo e ntšha ya kafa lobopo lo nnileng gone ka teng: “Ke akanya gore, mo bathong ba bantsi go tla lebega jaaka leano go na le gore go lebege jaaka tlhaloso.” Porofesa Brown o konela ka gore “tshimologo ya lefatshe le boikaelelo jwa lone” ke “masaitseweng a magolo” ao go lebegang saense e sa kgone go a rarabolola.
Borasaense ba ile ba bontsha gore sere le maatla di amana thata le gore sere se ka fetolwa go nna maatla le maatla a ka fetolwa go nna sere. Jaaka go bonwa fa go thuntshiwa nuklea, sere se sennye se emela maatla a magolo tota. Jalo he, motho yo o dirileng maatla ao a emelwang ke dimilione di le 100 000 tse di mo losagaripeng lwa rona, mmogo le masagaripa a a fetang dimilione di le 1 000 a a dirang lobopo lo lo bonalang ke mang?
Bibela e bolela jaana: “Kalèlañ matlhō a lona godimo, me lo bōnè eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ ha go se sepè se se tlhōkahalañ.” Yoo ke mang? Rekoto ya Bibela e araba jaana: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele.”—Isaia 40:26; 42:5, 8.
Go akanya fela gore lefatshe mmogo le lobopo lotlhe di itiragaletse fela ka kotsi ka bogone fela ke go sa tlotle Mmopi, Jehofa Modimo kafa a tshwanetseng go tlotliwa ka gone. (Tshenolō 4:11) Gape go dira gore batho ba se ka ba nna le sepe se se ba tlhotlheletsang ka maatla go tshwara lefatshe sentle. Fa e le gore batho ba ne ba lemoga gore Modimo o tlile go ba sekisetsa seo ba se dirang ka popo ya gagwe, ba ne ba tla nna kelotlhoko thata gore ba se ka ba kgotlela lefatshe le go senya ozone moo go dirang gore le gotele.
Tshimologo ya Botshelo
Tlhokomela gape potso eno: Botshelo bo simologile jang? Batho ba ile ba rutiwa gore ga se Modimo yo o dirileng botshelo mme bo itlhagetse fela. Mme seno se ganetsa molaomotheo o o supilweng fa o le boammaaruri wa saense. Ka nako nngwe go ne go dumelwa gore dikhukhwane di ne di tswa mo bolokong jwa dikgomo, diboko di tswa mo nameng e e senyegileng, dipeba di tswa mo seretseng. Le eleng mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, borasaense ba ne ba ruta gore ditshenekeginyana tse dinnye di tswa mo direng tse di sa tsheleng. Mme Redi, Pasteur, le borasaense ba bangwe ba ne ba ganetsa dikgopolo tse di tshwanang le tseno. The World Book Encyclopedia (kgatiso ya 1990) e bolela jaana: “Morago ga dipatlisiso tsa ga Pasteur, ba ba ithutang ka ditshedi ba ne ba dumela kgopolo ya gore botshelo bo tswa mo ditsheding tse di leng gone.”
Lefa go ntse jalo, borasaense ba bolela gore bogologolo kwa morago kwa, dilo di ne di farologane. Ba bolela gore setshedinyana sengwe se se neng se na le selenyana e le nngwe se ne sa nna gone fela ka kotsi se tswa mo motswakong o o senang botshelo o ba o bitsang sopo ya bogologolo, eo e neng e na le dikhemikale tse di neng di tlhokega gore botshelo bo nne gone. “Kotsi, kotsi e le yone fela, e ne ya dira seo, go tloga mo sopong ya bogologolo go fitlha motho a nna gone,” go bolela jalo Christian de Duve go A Guided Tour of the Living Cell.
Bibela e bolela jaana fa e bua ka Modimo: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau.” (Pesalema 36:9) Polelo eno e dumalana sentle le seo se setseng se lemogilwe—gore botshelo bo ka tswa fela mo ditsheding tse di ntseng di le gone. Lefa go ntse jalo, ereka borasaense ba bagolo ba tlhopha go leba nngwe ya dimpho tsa boemo jo bo kwa godimo thata tsa Modimo, eleng botshelo gore bo itletse fela, batho ba bantsi ga ba ikutlwe ba ikarabelela mo Modimong ka tsela eo ba tshelang matshelo a bone ka yone. Ka gone, ba tlola melao ya Modimo, ba a gatelelana, ba a utswelana, ba a bolaana, le go senya madi a mantsi, nako e ntsi, le botlhale jwa bone jwa go dira dilo mo go tlhameng dibetsa tse di bolayang le go senya ka matsetseleko ka tsela e e boifisang.
Go Fedisa Kgang
Kwantle ga balatolamodimo le boramatlhale ba segompieno, go na le ba bangwe gape ba ba senang palo ba ba kgatlhanong le gore Modimo ke molaodi. Palo e ntsi ya batho gompieno ke e e ipolelang gore e dumela mo Modimong, mme ba ba fetang dimilione di le 1 700 ba ipitsa Bakeresete. Go ile ga feta makgolokgolo a dingwaga Dikereke tsa Labodumedi di ntse di baka Modimo phatlalatsa mo ditirelong tsa tsone tsa kereke. Mme tota bontsi jwa batho bano ba ba dimilione di le 1 700 ba eme mo letlhakoreng lefe mo kgannyeng ya bolaodi jwa Modimo?
Batho ka bongwe mmogo le merafe ka kakaretso ba ile ba bontsha gore ga ba na kgatlhego mo go jone ka go tlola melao mengwe e e kgethegileng ya Modimo. Merafe e e ipolelang fa e le Bakeresete e ile ya dira ditiro tse eseng tsa bomodimo tsa thubakanyo go akaretsa le dintwa tse pedi tsa lefatshe tse di maswe thata mo hisitoring—mme baruti ba “Bakeresete” ba ile ba segofatsa dintwa tseno go tswa mo matlhakoreng oomabedi! Mme ba ile ba se ka ba emela Modimo sentle tota ka go dira boitimokanyi jo bo ntseng jalo. Ke fela jaaka Bibela e bolela jaana: “Ba re, ba itse Modimo; me ba o itatole ka ditihō tsa bōnè.”—Tito 1:16.
Lefa go ntse jalo, Modimo “ga a kake a iitatola.” (2 Timotheo 2:13) Nako e tla tla ya gore a rarabolole dikarolo tsotlhe tsa kgang eno ya bolaodi go dumalana le boikaelelo jono jwa gagwe jo a bo boletseng: “Ba tla itse ha ke le Yehofa.” (Esekiele 38:23) Mme ke ka ntlha yang fa a tsere lobaka jaana? Kgang eno kgabagare e tla rarabololwa jang? Mme o ka dira ditshwetso tse di siameng jang mo kgannyeng e e botlhokwa eno?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover background: U.S. Naval Observatory photo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Background: U.S. Naval Observatory photo