LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 3/15 ts. 4-7
  • Go Ipolela Dibe—Ka Tsela ya Motho Kana ya Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ipolela Dibe—Ka Tsela ya Motho Kana ya Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Dikopololō tsa Bogosi”
  • “Se U Tla Se Bōhañ mo Lehatshiñ”
  • “Lo Ipolèlèlanè Dibe”
  • Boipolelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Ipolela Dibe—A go Na le Sengwe Se Se Phoso ka Gone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Modimo yo o ‘Ikemiseditseng go Itshwarela’
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 3/15 ts. 4-7

Go Ipolela Dibe—Ka Tsela ya Motho Kana ya Modimo?

GO IPOLELA dibe go ile ga fetoga thata mo bathong ba Katoliki go ralala makgolo a dingwaga. Mo dingwageng tsa fa Kereke ya Katoliki e ne e santse e simologa, go ipolela dibe le go di ikwatlhaela go ne go batlega fela fa e le gore motho o dirile dibe tse di masisi. Malebana le seno, buka ya Religion in the Medieval West e bolela jaana: “Go tla go fitlha mo lekgolong la borataro la dingwaga thulaganyo ya go ikwatlhaela dibe e ne e le makgwakgwa eletota: nako ya go ja selalelo e ne e bonwa gangwe fela mo botshelong jwa motho, go ipolela dibe go ne go dirwa botlhe ba utlwa, go ikwatlhaela dibe go ne go tsaya nako e telele ebile go le botlhoko.”

Go ikwatlhaela dibe goo go ne go le botlhoko go le kana kang? Ka 1052 motho mongwe yoo a neng a ikwatlhaela dibe go ne go batlega gore a tsamaye ka dinao a sa rwala ditlhako go tloga kwa Bruges kwa Belgium go ya go fitlha kwa Jerusalema! “Batho ba Katoliki ba ne ba santse ba ka bonwa ka bo 1700 kwa didibeng tse di boitshepo le kwa metsweding e e boitshepo, ba khubame mme ba apesitswe ke metsi a a suleng dikgapetla go ya go fitlha mo dithamong tsa bone gore ba bolele dithapelo tsa bone tsa go ikwatlhaela dibe,” go bolela jalo buka ya Christianity in the West 1400-1700. Ereka ka nako eo go itshwarelwa dibe tsotlhe go ne go sa dirwe go fitlhela motho a sena go fetsa go ikwatlhaela dibe, ba le bantsi ba ne ba itiya go ipolela dibe tsa bone go fitlhela fa ba setse ba le gaufi le go swa.

Mokgwa wa sesheng wa go ipolela dibe o simologile leng? Religion in the Medieval West e bolela jaana: “Mokgwa o mosha wa go ikwatlhaela dibe o ne wa simololwa kwa Fora mo boaphelong jwa lekgolo la borataro la dingwaga o simololwa ke baitlami ba Ba-Celtic. . . . Seno e ne e le go ipolela dibe ga mo sephiring, eleng goo motho yo o ikwatlhaelang dibe a neng a ipolela dibe tsa gagwe mo moruting kwa sephiring, mme seno e ne e le go adima mokgwa wa baitlami wa go neela kgakololo ya semoya.” Go ya ka mokgwa wa bogologolo wa baitlami, baitlami ba ne ba bolelelana dibe tsa bone gore ba ke ba bone thuso ya semoya gore ba ke ba fenye makoa a bone. Lefa go ntse jalo, mo mokgweng ono o mosha wa go ipolela dibe mo sephiring kereke e ne ya naya moruti “maatla kana taolo” e kgolwane go feta ba bangwe “ya go itshwarela dibe.”—New Catholic Encyclopedia.

A tota Jesu o ile a naya bangwe ba balatedi ba gagwe maatla a a ntseng jalo? Ke eng seo a neng a se bolela seo se ileng sa dira gore bangwe ba dire tshwetso eno?

“Dikopololō tsa Bogosi”

Mo lekgetlong lengwe, Jesu Keresete o ne a raya moaposetoloi Petere a re: “Ke tla gu neèla dikopololō tsa bogosi yoa legodimo: me se u tla se bōhañ mo lehatshiñ, se tla bo se bohilwe kwa legodimoñ: me se u tla se bohololañ mo lehatshiñ, se tla bo se boholocwe kwa legodimoñ.” (Mathaio 16:19) Jesu o ne a bolelang ka “dikopololō tsa bogosi”? Re ka tlhaloganya seno botoka fa re tlhatlhoba lekgetlo le lengwe leo mo go lone Jesu a neng a dirisa lefoko “sekopololō.”

Jesu o kile a raya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda bao ba neng ba itse Molao wa ga Moshe thata a re: “Go latlhèga lona ba molaō: ka lo tlositse sekopololō sa kicō; lona ka losi ga loa ka loa tsèna, me le ba ba rileñ baa tsèna, lo ba kgoreleditse.” (Luke 11:52) Ba ne ba ‘kgoreletsa ba bangwe go tsena’ kae? Jesu o a re bolelela mo go Mathaio 23:13: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo cwaletse batho bogosi yoa legodimo: gonne, go le lona ga lo tsene, le ba ba reñ baa tsèna, ga lo ba leseletse go tsèna.” Bajuda ba ne ba tswalela ba le bantsi mojako, jaaka go ka tualo, ka go ba tseela tshono ya go ka nna le Jesu Keresete kwa legodimong. “Sekopololō” seo baeteledipele bao ba bodumedi ba neng ba se “tlositse” se ne se sa amane ka gope le go itshwarelwa dibe. E ne e le sekopololo sa kitso eo e neelwang ke Modimo.

Ka tsela e e tshwanang, “dikopololō tsa bogosi” tseo di neng tsa neelwa Petere ga di emele maatla a go itsise legodimo gore ke dibe tsa ga mang tseo di tshwanetsweng go itshwarelwa kana tseo di sa tshwanelwang go itshwarelwa. Go na le moo, di emela tshiamelo e kgolo eo Petere a neng a na le yone ya go bula tsela ya go ya legodimong ka go anamisa kitso eo e neelwang ke Modimo a e anamisa ka bodihedi jwa gagwe. O ne a dira seno pele mo Bajudeng le mo basokologela Sejudeng, mme morago mo Basamarieng, mme ya re kgabagare ya nna mo Baditšhabeng.—Ditihō 2:1-41; 8:14-17; 10:1-48.

“Se U Tla Se Bōhañ mo Lehatshiñ”

E ne ya re morago ga moo, Jesu a boeletsa seo a neng a se boleletse Petere a se boeletsa mo barutweng ba bangwe. “Amarure kea lo raea,” Jesu o ne a bolela jalo, “Leha e ka ne e le dilo dihe tse lo di bōhañ mo lehatshiñ, di tla bo di bohilwe kwa legodimoñ: le gōna leha e ka ne e le dilō dihe tse lo tla di bohololañ mo lehatshiñ, di tla bo di boholocwe kwa legodimoñ.” (Mathaio 18:18) Ke maatla afe a go laola ao Keresete a neng a a neela barutwa ba gagwe fano? Kgang eo go buiwang ka yone fano e bontsha gore o ne a bua ka go rarabolola mathata ao badumedi ka bongwe ba nang le one mmogo le go boloka phuthego e le phepa e sena badirabosula ba ba sa ikwatlhaeng.—Mathaio 18:15-17.

Mo dikgannyeng tseo di kopanyeletsang go tlolwa go go masisi ga molao wa Modimo, banna ba ba nang le boikarabelo mo phuthegong ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba atlhole mo dikgannyeng tseo mmogo le go dira tshwetso ya gore a modiraphoso yoo o tshwanetse a ‘bofiwa’ (a lebiwa jaaka yo o molato) kana a ‘bofololwe’ (a itshwarelwe). A seno se bolela gore legodimo le ne le tla latela ditshwetso tseo di dirilweng ke batho? Nnyaa. Jaaka fa mokanoki mongwe wa Bibela ebong Robert Young a supa, tshwetso lefa e ka nna efe eo barutwa ba e dirang e ne e tla latela tshwetso eo e dirilweng kwa legodimong, eseng gore e ne e tla e etelela pele. O bolela gore temana ya bo 18 e tshwanetse ya balega jaana fa e tsewa fela jaaka e ntse: Seo lo se bofang mo lefatsheng “e tla bo e le seo se [setseng] se bofilwe” kwa legodimong.

Tota ruri, ga go utlwale go akanya gore go na le motho ope yo o sa itekanelang yoo a neng a ka dira ditshwetso tseo di neng di tla tlama bao ba leng kwa dikgotlatshekelong tsa selegodimo gore ba di latele. Ke selo se se utlwalang thata go bolela gore baemedi ba ba tlhophilweng ba ga Keresete ba ne ba tla latela ditaolo tsa gagwe gore ba ke ba boloke phuthego ya gagwe e le phepa. Ba ne ba tla dira seno ka go dira tshwetso eo e thailweng mo melaometheong eo e setseng e tlhomilwe kwa legodimong. Jesu ka boene o ne a tla ba etelela pele mo go direng seno.—Mathaio 18:20.

A go na le motho ope yoo a ka kgonang go “emela Keresete jaaka moatlhodi yo o tshwanang le rre” go ya bokgakaleng joo a ka kgonang go dira ditshwetso tseo di amang isagwe ya bosakhutleng ya baobamedi ka ene? (New Catholic Encyclopedia) Mo e ka nnang baruti botlhe bao ba reetsang batho ba ba ipolelang dibe mo go bone ba a ba itshwarela mo go tsone tsotlhe, le eleng fa e le gore “go lebega go na le tumelo eo go senang yo o tswang molomo ka yone [mo baruting ba Katoliki] ya gore ke selo sa sewelo gore go nne le motho yoo ruri a ikwatlhaelang dibe tsa gagwe.” (The New Encyclopædia Britannica) Eleruri, o sale o utlwa moruti a gana go itshwarela modiraphoso dibe kana a gana go tsholola kgetsi ya gagwe labofelo leng? Go ka diragala gore, seno ke ka gonne moruti ka boene a sa akanye gore o na le kgono ya go ka atlhola gore a moleofi o a ikwatlhaya kana nnyaa. Mme fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa a iphaka gore o na le maatla a go itshwarela dibe tsotlhe?

A o ke o akanye fela ka kgotlatshekelo ya molao eo mo go yone moatlhodi mongwe yo o kutlwelobotlhoko ka metlha a neng a aga a itshwarela dinokwane, le eleng batlolamolao bao ba lemaletseng go dira jalo, fela ka gonne ba ne ba latetse mokgwa wa seomodiro wa go dumela gore ba dirile ditlolomolao tseo le go bolela gore ba ne ba ikwatlhaela seo. Lemororo seno se ne se ka kgotsofatsa batlolamolao, tsela eo e e phoso ya go dirisa kutlwelobotlhoko e tla dira gore tsamaiso ya boatlhodi e se ka ya tlotliwa tota. A gongwe go ka diragala gore go ipolela dibe ka tsela eo go dirwang ka yone mo Kerekeng ya Katoliki tota ke sone selo seo se dirang gore batho ba lemalele go dira boleo?—Moreri 8:11.

“Go ipolela dibe ga go dire batho gore ba ganelele mo go batleng go leka go tila go dira boleo mo isagweng,” go bolela jalo Ramona, a bolela seo go tswa mo boitemogelong jwa gagwe jwa fa a ne a ipolela dibe jaaka motho wa Katoliki fa esale go tloga ka nako ya fa a ne a na le dingwaga di le supa. O oketsa ka go re: “Go ipolela dibe go dira gore motho a nne le mogopolo wa gore Modimo o itshwarela ka dinako tsotlhe le wa gore le fa e ka nna eng seo nama ya gago e e sa itekanelang e go tlhotlheletsang gore o se dire o tla go itshwarela. Ga go dire gore o nne le keletso e e boteng ya go dira se se siameng.”a

Mme lefa go ntse jalo go tweng ka mafoko a ga Jesu ao a begilweng mo go Yohane 20:22, 23? Moo o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Amogèlañ Mōea o o Boitshèpō: Leha e le bomañ ba dibe tsa bōnè lo di ichwarèlañ, ba di ichwarecwe; me ba dibe tsa bōnè lo di èmisañ, di eme.” A fano Jesu ga a neele barutwa ba gagwe maatla ka tlhamalalo a go itshwarela dibe?

Fa temana eno ya Bibela e tsewa ka boyone fela e ka nna ya lebega e bolela jalo. Lefa go ntse jalo, fa mafoko ano a tlhatlhobiwa mmogo le pego eo e leng mo go Mathaio 18:15-18 le sengwe le sengwe se sele seo Bibela e se rutang malebana le go ipolela dibe le go itshwarelwa, ke tshwetso efe eo re tshwanetseng ra e dira? Ke ya gore mo go Yohane 20:22, 23, Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe maatla a gore ba leleke bao ba tlhotlheletsang moya wa go dira dibe tse di masisi kwantle ga go ikwatlhaya ba ba leleka mo phuthegong. Mo godimo ga moo, Keresete o ne a naya balatedi ba gagwe maatla a gore ba bontshe badiraboleo ba ba ikwatlhayang kutlwelobotlhoko mmogo le go ba itshwarela. Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a sa bolele gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba ipolela boleo bongwe le bongwe mo moruting.

Ka gone ba ba ikarabelang mo phuthegong ba ne ba newa maatla a go dira tshwetso ya kafa go ka dirisannngwang ka gone le bao ba dirang dibe tse di masisi. Ditshwetso tse di ntseng jalo di ne di tla dirwa go ya ka kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo le tumalanong le dikaelo tsa Modimo tseo a di neelang ka Jesu Keresete mmogo le ka Dikwalo tse di Boitshepo. (Bapisa Ditihō 5:1-5; 1 Bakorintha 5:1-5, 11-13.) Batho bao ba ba ikarabelang ka gone ba ne ba tla reetsa kaelo e e tswang kwa legodimong, eseng go pateletsa legodimo gore le dire go ya kafa ditshwetsong tsa bone.

“Lo Ipolèlèlanè Dibe”

Ka gone, he, ke leng go tshwanetseng gore Bakeresete ba ipolelelane dibe? Mo kgannyeng ya fa go dirilwe boleo jo bo masisi (eseng phosonyana nngwe le nngwe e nnye), motho o tshwanetse a e ipolela mo balebeding ba ba tlhokometseng ba phuthego. Le eleng fa e le gore boleo ga se jo bo masisi mme lefa go ntse jalo segakolodi sa yo o leofileng yoo se mo tshwenya thata, go mosola thata gore a bo ipolele mmogo le go senka thuso ya semoya.

Mo ntlheng eno mokwadi wa Bibela ebong Jakobe o bolela jaana: “A moñwe mo go lona oa bobola [semoyeng]? a a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya Morèna: Me thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me Morèna o tla mo kakatlolola; me ha a leohile, o tla go ichwarèlwa. Me ke gōna lo ipolèlèlanè dibe, me lo rapèlèlanè.”—Yakobe 5:14-16.

Mo mafokong ano, ga go na sepe se se akantshang gore go ipolelwe dibe ka mokgwa o o rileng o o tlhomilweng, wa seomodiro, mo sephiring. Go na le moo, fa Mokeresete a imelwa ke boleo mo a ikutlwang a sa kgone go rapela, o tshwanetse a bitsa bagolwane ba ba tlhophilweng, kana balebedi, ba phuthego, mme ba tla rapela le ene. Go mo thusa gore a nne le botsogo jo bo siameng gape semoyeng, gape ba tla dirisa leokwane la Lefoko la Modimo.—Pesalema 141:5; bapisa Luke 5:31, 32; Tshenolō 3:18.

Se se kgatlhisang mo go seno ke tlhagiso ya ga Johane Mokolobetsi ya gore “uñwañ louñō lo lo chwanetseñ boikwatlhaō.” (Mathaio 3:8; bapisa Ditihō 26:20.) Motho yo o dirileng phoso yoo a ikwatlhayang ka mmatota o latlha tsela ya gagwe ya go dira boleo. Jaaka Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo, moleofi yo o ikwatlhayang yoo a ipolelang boleo jwa gagwe mo Modimong o tla bona boitshwarelo. Dafide o ne a kwala jaana: “Ke ne ka gu ipolèlèla boleo yoa me, le boikèpō yoa me ga kea bo hitlha: ke rile, Ke tla ipolèlèla Yehofa ditlolō tsa me, me ua ichwarèla molato oa boleo yoa me.”—Pesalema 32:5.

Ditiro tsa go ikwatlhaela boleo ga di kake tsa dira gore motho a itshwarelwe ka tsela e e ntseng jalo. Ke Modimo fela yoo a ka itshwarelang jalo. Ga a lebale dilo tseo di tlhokegang go dirwa gore go dirwe tshiamiso ka botlalo, mme lefa go ntse jalo o a itshwarela go bontsha kafa a ratang batho ka gone. Boitshwarelo jo a bo fang batho bo bontsha gape kafa a nang le bopelonomi jo bo sa tshwanelang ka gone joo bo thailweng mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete mme bo fiwa fela baleofi bao ba ikwatlhayang bao ba kgaoganeng le se se bosula mo matlhong a Modimo. (Pesalema 51:7; Isaia 1:18; Yohane 3:16; Baroma 3:23-26) Ke bao ba itshwaretsweng ke Jehofa Modimo fela bao ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng. Mme gore re bone boitshwarelo jo bo ntseng jalo, re tshwanetse ra ipolela dibe ka tsela eo Modimo o batlang ka yone, eseng ka tsela eo motho a batlang ka yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go farologana le seno, bona Mareko 3:29; Bahebera 6:4-6; 10:26. Mo dikwalong tseno, bakwadi ba Bibela ba bontsha gore Modimo eleruri ga o itshwarele maleo otlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Dafide o ne a ipolela dibe tsa gagwe mo go Jehofa, mme a mo itshwarela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela